LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/15 ts. 3-4
  • Go Na Le Tsholofelo Efe ka Difofu?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Na Le Tsholofelo Efe ka Difofu?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fodisa Difofumo Motlheng wa ga Jesu
  • Go Foufolola Matlho Gore A Bone Mafoko A A Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thusa Difofu go Ithuta ka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Bofofu Jwa Noka—Go Fenya Sebetso Seno se se Botlhoko
    Tsogang!—1995
  • Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/15 ts. 3-4

Go Na Le Tsholofelo Efe ka Difofu?

LE MORORO John Milton a ne a foufetse gotlhelele, o ne a tlhama maboko a gagwe a matelele a Paradise Lost le Paradise Regained. Helen Keller ga a ka a thibelwa ke go bo a le sefofu e bile a sa utlwe ka ditsebe gore a dire tiro ya gagwe ya go thusa batho ba ba nang le makoa mo mebeleng. Ee, batho ba le bantsi ba ba foufetseng ba lwantsha mathata a bone sentle. Mme lefa go ntse jalo a bo go ne go ka nna monate jang ne fa mongwe le mongwe a ne a ka kgona go bona sentle! O ka dumelana le seo bogolo jang fa e le gore mongwe yo o mo ratang kana tsala ya gago o foufetse kana ga a bone sentle.

Ke boammaaruri, mo dinageng dingwe batho ba ba sa kgoneng go bona ba rutiwa ditiro tse ba tlhokang go di dira mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi ka dithulaganyo tsa go ba tsosolosa. Mokwalo wa difofu wa Braille le dintša tse di rutilweng go goga difofu di thusa batho ba ba foufetseng gore ba dire dilo tse dintsi tse ba di tlhokang. Go ntse go le jalo, batho ba le bantsi ba bona bofofu e le bogole jo bo tshabegang thata. Mokwadi mongwe o ne a bolela jaana: “Go nna sefofu go tswalela motho kwantle ga karolo ya botlhokwa thata ya lefatshe la rona le le amanang thata le go lemoga dilo.” Ka nako e e tshwanang, bontsi jwa difofu bo tshwanelwa ke go ikaega thata ka batho ba bangwe.

O ka nna wa ipotsa gore ke eng fa bofofu bo atile thata jaana? Kana gone, a o kile wa utlwalela kaga trachoma? Ke yone e bakang bofofu jwa batho ba ka nna dimilione tse robong. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana kaga yone: “Bolwetsi jono bo a tshelanwa mme bo anama thata fa batho ba nna ba kgotlhaganye ka ditlhopha mo mafelong a a seng phepa. Letlhoko la metsi a a tlhapang, le dintsi tse dintsi tse di okiwang ke mantle a batho, le tsone di thusa go anamisa bolwetsi jono. Ka ditsela dingwe trachoma ke bothata jo bo amanang thata le loago go na le kalafi; fa batho ba ka tshela mo maemong a a botoka, ba sa pitlagana, dintsi le tsone tsa kganelwa, mme ga tlhomamisiwa gore batho ba bona metse a a lekaneng, trachoma e fokotsega ka bofefo.” Batho ba bangwe ba ka nna milione ba bolawa ke bofofu jwa noka. Mme go tweng ka xerophthalmia? Lefa leina leno le raraane jaana, ntlha ke gore ke boemo jo gantsi bo bakang bofofu. Bolwetsi jwa sukiri, dikodu, mmokwane, letshoroma le le maswe, le malwetsi a tlhakanelodikobo le one a ka foufatsa motho.

Fa re ntse re gola, matlho a rona a ka nna a koafala ka ntlha ya malwetsi a a tshwanang le go senyega ga macula lutea le glaucoma, mme re ka se lebale go sirwa ga thaka ya leitlho ke lotha. The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Go sirwa ga thaka ya leitlho ke letha e santse e le gone go bakang bofofu thata mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng, mme seno se botlhoko thata ka gonne go alafega motlhofo fela ka go ariwa.”

Lefa go ile ga lemogiwa dilo tse disha ka malwetsi a matlho, go fedisiwa ga bofofu go lebega go santse go le kgakala. Yone saetlopedia eo e bolela jaana: “Ditlhabololo tse di dirilweng malebana le go thibela bofofu le go bo alafa ka melemo le ka karo di ka solegela molemo fela batho ba ba kgonang go bona tlhokomelo ya kalafi. Fa ditsela tse batho ka bontsi mo lefatsheng ba fepiwang ka tsone le tse ba bolokang bophepa ka tsone di ka se ke di tokafadiwe, bofofu jo bo neng bo ka thibelwa bo tla tswelela pele bo le teng ka dipalo tse di kwa godimo fela jaaka go ntse gone jaanong.”

Lefa gone melemo le go ara di le mosola mo go lwantsheng bofofu, tsholofelo ya go fedisediwa ruri ga jone e amana le sengwe se se diragetseng mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng.

Go Fodisa Difofumo Motlheng wa ga Jesu

A ko o akanye ka monna yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo30 a tsamaya mo tseleng e e dithole. Fa banna ba babedi ba difofu ba ba fa thoko ga tsela ba utlwa gore o a feta, ba goeletsa ba re: “Re utlwèlè botlhoko.” Lefa batho bangwe ba ba foo ba leka go ba didimatsa, difofu tseno di goela kwa godimo le go gaisa pele: “Re utlwèlè botlhoko.” Monna yono o ba botsa jaana ka bopelontle: “Lo rata ka lo dihèla eñ?” Ba araba jaana ka tlhoafalo: “A matlhō a rona a hohuhololwè.” Jaanong a o ko o akanye: Monna yono o ama matlho a bone, mme gone fela foo ba simolola go bona!—Mathaio 20:29-34.

A bo banna bano ba pele ba neng ba foufetse ba itumela jang ne! Lefa go ntse jalo, bofofu bo ntse bo aname. Eno e ne e le tiragalo e le nngwe fela fela. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go e isa tlhogong? Ka gonne Jesu wa Nasaretha ke ene a neng a dira gore banna bao ba difofu ba kgone go bona. E bile tota, kwantle ga gore o ne a ‘tloleditswe go rerela bahumanegi mafoko a a molemo,’ Jesu o ne a ‘rometswe go foufolola ba ba foufetseng.’—Luke 4:18.

Batho ba ne ba gakgamadiwa ke go bona batho ba fodisiwa ka kgakgamatso jalo ka moya o o boitshepo o o maatla wa Modimo. Re bala jaana: “Bontsi yoa batho yoa ba yoa tla yoa gakgamala, ka ba boña dimumu di bua, le digōlè di golohologile, le batlhotsi ba tsamaea, le dihohu di bōna; me ba galaletsa Modimo oa Iseraela.” (Mathaio 15:31) Jesu o ne a sa dire madi lefa e le go ikgantsha ka dilo tse a kgonang go di dira kana go ipatlela kgalalelo fa a fodisa jalo, mme o ne a bontsha kafa Jehofa Modimo a leng lorato le pelotlhomogi ka teng. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a utlwela botlhoko le batho ba ba neng ba foufetse semoyeng ba sa kgone go itirela sepe semoyeng ba ba neng ba “patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.”—Mathaio 9:36.

Lefa hisitori eno e ka tswa e kgatlha jaana, o ka nna wa ipotsa gore, Jaanong gompieno gone? E re ka gompieno go sena ope yo o fodisang batho jaaka Jesu a ne a dira, a diphodiso tseo a neng a di dira di re ama ka tsela nngwe? A go na le tsholofelo epe ka ba ba foufetseng? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Fa ditsela tse batho ka bontsi mo lefatsheng ba fepiwang ka tsone le tse ba bolokang bophepa ka tsone di ka se ke di tokafadiwe, bofofu jo bo neng bo ka thibelwa bo tla tswelela pele bo le teng ka dipalo tse di kwa godimo fela jaaka go ntse gone jaanong.”—The New Encyclopædia Britannica

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela