Thusa Difofu go Ithuta ka Jehofa
1. Jesu o ne a bontsha difofu kutlwelobotlhoko jang?
1 Jesu o ne a tloga a bolawa. Fa a tswa mo motseng wa Jeriko, difofu tse pedi di ne tsa goa jaana: “Morena, re utlwele botlhoko!” Le fa Jesu a ne a akanya ka teko e e boima e a neng a tla lebana le yone, o ne a ema, a biletsa banna bano kwa go ene a bo a ba fodisa. (Math. 20:29-34) Re ka etsa Jesu jang ka go utlwela difofu botlhoko?
2. Re ka rerela jang motho yo o sa boneng fa re kopana le ene mo tseleng?
2 Ba Thuse: Fa o kopana le sefofu mo tseleng, ikitsise o bo o kope go mo thusa. E re ka gantsi batho ba rata go ba tsietsa, a ka nna le dipelaelo kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, a ka wela dibete fa o nna botsalano e bile o mo kgatlhegela. Thuso e difofu di e tlhokang e ikaegile ka gore di foufetse go le kana kang. Gongwe fa o sena go mo thusa o ka mmolelela gore o nna le seabe mo tirong ya go ruta Baebele. Kopa go mmalela temana nngwe e e jaaka Pesalema 146:8 kgotsa Isaia 35:5, 6. Fa e le gore o kgona go bala Mokwalo wa Difofu, mmotse gore a o ka mo tlisetsa kgatiso ya Mokwalo wa Difofu e e tla mo thusang go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Gape o ka mo thusa go bona dilwana tse di rekotilweng tse di mo jw.org. Fa khomputara ya gagwe e kgona go balela kwa godimo mafoko a a tlhagang mo go yone, a ka nna a itumelela go reetsa ditlhogo dingwe mo jw.org/tn le go itseela dikgatiso dingwe ka RTF (Rich Text Format).—Bona lebokose le le reng “Fa o Thusa Sefofu . . . ”
3. Re ka batla jang difofu mo tshimong ya rona?
3 Batla Difofu: Ga se ka metlha re kopanang le difofu fa re rera ka ntlo le ntlo ka gonne ba le bantsi ba bone ga ba gololesege go bua le batho ba ba sa ba itseng. Ka jalo, go tlhoka maiteko go ‘batla’ batho ba ba ntseng jalo gore re ba rerele. (Math. 10:11) A o tsena sekolo kgotsa o bereka le sefofu? Leka go simolola motlotlo le ene. Fa e le gore go na le sekolo sa difofu mo tshimong ya lona, ithaopele go ba isetsa dikgatiso tsa Mokwalo wa Difofu tse ba ka di bolokang kwa laeboraring ya sekolo. A go na le lelapa le o itseng gore le na le sefofu? A mo tshimong ya lona go na le mekgatlho e e thusang difofu kgotsa e e tlhokomelang mafelo a go nnang difofu kwa go one? Tlhalosetsa mongwe mo lelapeng, motho yo o amogelang baeng kgotsa motsamaisi gore Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go thusa difofu le gore o ka rata go ba tlisetsa dikgatiso tsa Mokwalo wa Difofu kgotsa dilwana tse di rekotilweng. Mmalele se Baebele e se solofetsang, gore go ise go ye kae Modimo o tla dira gore difofu di bone. Gape o ka nna wa mmontsha bidio e e mo jw.org/tn ya setlhogo se se reng “Fa e Ne e Se ka Yone, Nka bo ke Latlhegile,” e e tlhalosang kafa monna mongwe a solegetsweng molemo ka gone ke go nna le Baebele ya Mokwalo wa Difofu. Fa o tlhalosa lebaka la go bo o etile, seo se ka go bulela tshono ya go ikgolaganya le difofu.
4. Se Janet a se dirileng se re ruta eng?
4 Kgaitsadi mongwe wa sefofu yo o bidiwang Janet o ne a etela lefelo la difofu. O ne a simolola go tlotla le lekgarebe lengwe. Janet o ne a mo raya a re, “Jesu o ne a fodisa difofu go bontsha se a tla se direlang botlhe ba ba sa boneng.” Ba ne ba tlotla ka Tshenolo 21:3, 4 mme Janet a mo tlhalosetsa kafa Bogosi Jwa Modimo bo tla dirang seno ka gone. Lekgarebe leno le ne la didimala go sekae le bo le re: “Ga ke ise ke ko ke akanye gore sefofu se ka bua kgang eno. Batho ba bantsi ba ba bonang ba dumela gore difofu ga di bone ka gonne bone kgotsa bagologolwane ba bone ba dirile sengwe se se phoso.” Janet o ne a romelela lekgarebe leo link ya buka ya Baebele e Ruta Eng? e bile jaanong ba ithuta Baebele gabedi mo bekeng.
5. Le fa re ka se kgone go fodisa difofu jaaka Jesu, ke masego afe a re ka nnang le one fa re kgatlhegela difofu?
5 Ke boammaaruri gore re ka se kgone go fodisa difofu jaaka Jesu a ne a dira, mme re ka kgona go thusa botlhe ba ba foufaditsweng megopolo ke modimo wa tsamaiso eno ya dilo le difofu tsa mmatota go itse boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. (2 Bakor. 4:4) Jesu o ne a fodisa banna ba babedi gaufi le Jeriko ka gonne a ne a ba ‘tlhomogela pelo.’ (Math. 20:34) Fa le rona re kgatlhegela difofu, re tla nna le tshiamelo ya go ba thusa go ithuta ka Jehofa yo o tla dirang gore difofu di bone.