LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/15 ts. 7-9
  • Go Tlhoka Pono

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhoka Pono
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thusa Difofu go Ithuta ka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Mokwalo o o Thusang Batho
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rerela Batho Ba ba Sa Boneng
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Go Foufolola Matlho Gore A Bone Mafoko A A Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 11/15 ts. 7-9
Paqui le monna wa gagwe

Go Tlhoka Pono

“Morago ga go tshelwa molemo wa matlho o o sa siamang ke santse ke le monnye, ke ne ka sa tlhole ke bona sentle. Fa ke le mo dingwageng tsa bosha, ke ne ka foufala gotlhelele mme ka tshwenyega thata mo maikutlong.”—Paqui, mosadi yo o mo dingwageng tsa bogare yo monna wa gagwe le ene a sa boneng.

GO FOUFALA kgotsa go sa bone sentle go ka bakwa ke dilo di le dintsi, jaaka kotsi kgotsa bolwetse. Dilo tseno di ka ama matlho, ditshika tsa matlho kgotsa boboko. Gantsi batho ba ba sa boneng sentle kgotsa ba ba sa boneng gotlhelele ga ba batle go dumela gore ga ba bone, ba utlwa botlhoko e bile ba tshela ka letshogo. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba kgona go itshokela maemo ao sentle le go itumelela botshelo.

Gantsi matlho ke one a a re thusang go nna le tshedimosetso ka dilo tse di diregang mo lefatsheng. Ka jalo, fa motho a foufala, o simolola go ikaega ka ditemosi tse dingwe—go utlwa, go dupa, go tshwara le go latswa.

Makasine wa Scientific American wa re patlisiso e e dirilweng ka neuroplasticity ya re boboko bo kgona “go fetoga fa motho a nna le maitemogelo.” O oketsa jaana: “Bosupi jo bontsi bo bontsha gore fa nngwe ya ditemosi e sa kgone go naya boboko tshedimosetso e e lekaneng, bo kgona go ithulaganya gore bo thuse le go tokafatsa ditemosi tse dingwe.” Ela tlhoko dintlha tse di latelang.

Go utlwa: Medumo yotlhe e ka kgona go bopa setshwantsho mo mogopolong. Monna mongwe yo o sa boneng e bong Fernando a re: “Ke ithutile go gopola batho ka mantswe a bone kgotsa ka tsela e ba gatang ka yone fa ba tsamaya.” Juan yo le ene a sa boneng a re: “Motho yo o sa boneng o kgona go itse batho ka mantswe a bone.” E bile fela jaaka rona rotlhe, batho ba ba sa boneng ba reetsa modumo wa lentswe ka kelotlhoko gore ba lemoge gore motho yo o buang o ikutlwa jang.

Gape modumo o kgona go thusa motho yo o sa boneng go nna le tshedimosetso ka lefelo le a mo go lone, ka pharakano, bogolo jwa phaposi e a mo go yone le dikgoreletsi dingwe.

Go dupa: Temosi ya go dupa le yone e ka kgona go re naya tshedimosetso, mme e seng ya monko o o monate fela. Ka sekai, fa motho yo o sa boneng a tsamaya mo tseleng e e rileng, temosi ya gagwe ya go dupa e ka mo thusa go itirela mmapa o o nang le mabenkele a a rekisang kofi, diresetšhurente, dimmaraka le dilo tse dingwe. Ke boammaaruri gore medumo e e tlwaelegileng le yone e ka mo thusa, fela jaaka dilo tse o ka di lemogang ka go di tshwara.

Go tshwara: Fransisco a re: “Menwana ya me ke matlho a me.” “Matlho” ao a ka okediwa ka thobane. Manasés yo o tshotsweng a sa bone a bo a ithuta go dirisa thobane a sa ntse a le monnye, o ne a re: “Ke itse sentle fa ke gone. Ke thusiwa ke ditemosi tsa me tse dingwe, go gopola, le mefuta ya ditselana tse ke tsamayang mo go tsone ke dirisa thobane ya me.”

Motho a bala makasine wa Tora ya Tebelo wa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng

Ke bala makasine wa Tora ya Tebelo ya Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng

Gape temosi ya go tshwara e thusa batho ba le bantsi ba ba sa boneng, gore ba kgone go bala dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng. Tota e bile, gompieno go tlwaelegile gore motho yo o sa boneng a kgone go dirisa dilo tse di farologaneng go tokafatsa tsela e a akanyang ka yone le kamano ya gagwe le Modimo. Kwantle ga dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng, go na le dilwana tse di rekotilweng le di-program dingwe tsa khomputara. Batho ba ba sa boneng ba kgona go dirisa dilo tseno go bala Baebele le dikgatiso tse dingwe tse di ba thusang go ithuta Baebele.a

Dilo tseo tse di thusang motho go atamalana le Modimo di ile tsa gomotsa Paqui le monna wa gagwe, ba go builweng ka bone kwa tshimologong, le go dira gore ba nne le tsholofelo. Gape ba ile ba tshegediwa ke lelapa le legolo e leng badumedimmogo ka bone, phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa. Paqui a re: “Gone jaanong re itumelela botshelo ka botlalo.”

Eleruri, go sa bone go na le dikgwetlho tsa gone. Mme go a itumedisa fa batho ba fetoga le maemo e bile ba itshokela maemo a ba lebanang le one ba bo ba itumelela botshelo!

a Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dikgatiso tsa go ithuta Baebele tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng ka dipuo di feta 25.

Le fa Ke sa Bone, ke Itumelela Botshelo

Marco Antonio le ntša ya gagwe e e mo kaelang e leng Dante

Marco Antonio o na le mosadi, o na le ngwana e bile o kopanetse kgwebo le mongwe. Gape o tshotswe a sa bone. O ne a bua le bakwadi ba Tsogang! ka dikgwetlho dingwe tse a kileng a lebana le tsone le dilo tse a di itumelelang.

O motsamaisi wa kgwebo. O dira seo jang?

Tiro ya me ke go araba founu, go kopana le bareki le barekisi le go ya bankeng.

O dira eng go itlosa bodutu?

Ke rata mmino. O a ntapolosa. Gape ke rata go letsa piano, le fa gone e le kgwetlho ka gonne ga ke kgone go bala mmino wa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng ke ntse ke letsa ka diatla tsoopedi. Fa ke simolola go tshameka mmino, ke o bala ka letsogo la moja ke bo ke tshameka piano ka la molema. Go tswa foo, ke bala ka la molema ke bo ke tshameka ka la moja. Fa ke setse ke itse dinnoto sentle, ke e tshameka ka diatla tsoopedi.

Ke dikgwetlho dife tse di tlhomologileng tse o kileng wa lebana le tsone?

Fa ke gola, batsadi ba me le bonnake ba ne ba ntlhokomela e bile ba ntshwara jaaka e kete ke a bona. Ke ne ke tle thule dilo thata le go wa mme ke ne ka tlwaela go itirela dilo di le dintsi tse motho yo o bonang a kgonang go di dira. Fa ke setse ke godile, ke ne ke tshwenngwa ke gore ga ke kgone go kgweetsa.

Gone jaanong ke nyetse e bile ke na le ngwana, ke na le lelapa le ke le tlhokomelang le le le ntlhokomelang. Ngwanake e bong David le ene o na le bolwetse jo ke nang le jone jwa optic nerve atrophy. Mme ke leka go mo tlhomela sekao se se molemo. Ke batla a itse gore a ka kgona go dira dilo di le dintsi fa a le pelotelele e bile a ikemiseditse go dira jalo.

Jaanong o na le ntša e e go kaelang. E go thusa jang?

Fa ke na le ntša ya me—Dante—ke kgona go tsamaya ka bonako e bile ke sireletsegile. Fa ke ya golo gongwe lekgetlho la ntlha, mosadi wa me yo o bonang e bong Loli, o tsamaya le rona gore nna le Dante re bone tsela. Tota kwa tshimologong go ne go le thata go tshepa ntša. Mme Dante o dirile gore ke mo tshepe. Go sa kgathalesege gore go diregang gaufi le rona, o tlhoma mogopolo mo tirong ya gagwe. Mme fa ke mmofolola o itshwara fela jaaka dintša tse dingwe.

E re ka o le Mosupi wa ga Jehofa, o ithuta Baebele jang o le nosi?

Loli o ne a mpalela Baebele le dikgatiso tsa go ithuta Baebele ka nako ya fa didirisiwa tsa thekenoloji tsa batho ba ba sa boneng di ise di nne gone. O ne a nthusa tota. Ka jalo, ke ne ke kgona le go neela dipuo kwa dipokanong tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, gompieno ke kgona go ipalela ka gonne ke na le Baebele le dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng. Gape ke kgona go tsena mo website ya Basupi ba ga Jehofa—jw.org—mo ke kgonang go itseela dikgatiso tse di rekotilweng gone. Gape ke na le motšhine wa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng (Braille display), o o nthusang gore ke kgone go bala se se mo sekirining sa khomputara. Motšhine oo o na le diphininyana tse di tlhagang ka ditlhopha gore di bope Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng. Ruri o a gakgamatsa!

Tshiamelo e e molemo e ke ileng ka e itumelela ke go thusa ka go fetolela ditlhaka mo Mokwalong wa Batho Ba ba Sa Boneng kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Madrid, Spain. Batho ba ba dirang dikgatiso tseo ba kopa dikgakololo mo bathong ba ba sa boneng e le gore ba kgone go tokafatsa dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng. Ka jalo, nka bua ke sa potapote gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba a nthata e bile ba itumelela go nna le nna.

A o itumelela go tlotla le batho ba bangwe?

Ee, segolobogolo le ba lelapa la me le badumedikanna, ba gape ke tsamayang le bone go ya go bolelela batho molaetsa wa Baebele ka ntlo le ntlo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ntshwara jaaka mongwe le mongwe. Tota e bile, ka dinako dingwe ba a lebala gore ga ke bone!

Gape nka re, go rera go nthusa gore ke bolelele ba bangwe ka tsholofelo e e molemo e e mo Baebeleng. Ka sekai, Isaia 35:5 ya re ka nako ya Bogosi jwa Modimo “matlho a difofu a tla bulwa.” Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa batho ba ba sa boneng, a re naya lemme la se se tla diregang mo nakong e e tlang. (Mathaio 15:30, 31) Ka jalo, go sa bone ke bothata jwa nakwana, fela jaaka bogole jotlhe. Mo lefatsheng le le larileng kwa pele la Paradaise, ga go ope yo o tla reng ‘ke a bobola kgotsa ke golafetse.’—Isaia 33:24; Luke 23:43.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela