LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 7/8 ts. 28-30
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Ithuta?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Ithuta?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgwetlho ya go Itepatepanya le Jone
  • Ithute go Tlhoma Mogopolo
  • Go Fokotsa go Tlhoatlhoega
  • Nna O Itlotla
  • A o Batla go Itse Nnete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Go Thusa Bana ba ba Nang le Bothata Jwa go Ithuta
    Tsogang!—2009
  • Nka Lebana Jang le Boemo Jwa go Palelwa?
    Tsogang!—2004
  • Ke eng se se Phoso ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 7/8 ts. 28-30

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Ithuta?

Jessica o gakologelwa jaana: “Ke ne ke sa batle go tla gae, go tla go lebagana le batsadi ba me. Ke ne ke reteletswe ke dirutwa di le mmalwa gape.”a Jessica o na le dingwaga tse 15, o botlhale e bile o montle. Mme jaaka basha ba bantsi, ga a kgone go falola dithuto kwa sekolong.

GO RETELELWA kwa sekolong gantsi go bakwa ke go bo motho a sa lebe morutabana kgotsa thuto ka tsela e e siameng. Mme ga go a nna jalo ka Jessica. Ke fela gore o palelwa thata ke go tshwara megopolo e e raraaneng. Ka gone, seno se dirile gore Jessica a retelelwe ke go falola mathematiki. Mme go bo a palelwa ke go bala sentle go dira gore a thatafalelwe ke go dira sentle mo dithutong tse dingwe.

Mo letlhakoreng le lengwe, Maria ga a kgone go peleta sentle. Ka metlha o fitlha dintlha tse a di kwalang kwa dipokanong tsa Bokeresete ka ntlha ya go bo a tlhabisiwa ditlhong ke diphoso tsa gagwe tsa go peleta. Lefa go ntse jalo, ga se gore Jessica le fa e le ene Maria ga ba botlhale. Jessica o na le bokgoni go dirisana le batho mo e leng gore o direla jaaka motsereganyi yo o tlhomilweng ke sekolo, kgotsa motho yo o rarabololang mathata fa a tsoga gareng ga barutwanakaene. E bile mo go tsa sekolo Maria o mo diperesenteng tse 10 tsa ba ba falolang sentle mo tlelaseng ya gagwe.

Bothata: Jessica le Maria ba na le mathata a go ithuta. Baitse ba dumela gore diperesente tse 3 go ya go tse 10 tsa bana botlhe di ka nna tsa bo di na le mathata a a tshwanang a go ithuta. Tania, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20, o na le se se bidiwang Bokoa Jwa go sa Kgoneng go Tlhwaya Tsebe ka Ntlha ya go Nna Matlhagatlhaga Thata (ADHD [Attention Deficit Hyperactivity Disorder]).b A re: “Ke nna le mathata kwa dipokanong tsa Bokeresete, mo thutong ya me ka namana le mo dithapelong ka lebaka la go bo ke palelwa ke go reetsa kgotsa go nna sentle ke sa tlhoatlhoege. Bodiredi jwa me bo a amega ka gonne ke bua ka dikgang tse di farologaneng ka nako e le nngwe mo go nnang thata gore ope fela a ntlhaloganye.”

Fa bokoa jono bo sa tswakana le matlhagatlhaga a a feteletseng, bo bidiwa Bokoa Jwa go sa Kgoneng go Tlhwaya Tsebe (ADD [Attention Deficit Disorder]). Batho ba ba nang le bokoa jono gantsi ba tlhalosiwa e le ba ba etang mogopolo. Ngaka e e alafang malwetse a ditshika, Dr. Bruce Roseman, o ne a bolela jaana ka batho ba ba nang le ADD: “Ba nna mo pele ga buka mme ka metsotso e le 45, ga go direge sepe.” Ka mabaka mangwe, ga ba kgone go tlhoma mogopolo mo go se ba se dirang.

Babatlisisi ba bongaka ba dumela gore ba simolotse go tlhaloganya se se bakang mathata ano. Lefa go ntse jalo, go santse go sa itsiwe mo gontsi. Mme ga go ise go tlhaloganngwe sentle pharologano gareng ga bogole le makoa a mefutafuta a a kgoreletsang motho go ithuta. Go sa kgathalesege gore bokoa jo bo rileng bo bakwa ke eng kgotsa gore ke eng fa bo teilwe leina—kgotsa e ka ne e le bothata jwa go bala, go gakologelwa, go tlhoma mogopolo mo dilong kgotsa go nna matlhagatlhaga a a feteletseng—bokoa jono bo ka kgoreletsa thuto ya motho e bile bo ka mmogisa thata. Fa e le gore o na le bothata jwa go ithuta, o ka itepatepanya jang le jone?

Kgwetlho ya go Itepatepanya le Jone

Akanya ka Jessica, yo o umakilweng kwa tshimologong. O ne a tswelela a leka go bala dibuka tse di farologaneng, a ititeile sehuba go fenya bokoa jwa gagwe jwa go retelelwa ke go bala. Dilo di ne tsa fetoga fela thata fa a ne a bona buka ya maboko e a neng a rata go e bala thata. O ne a kgona go nna le buka e e tshwanang le yone, e le yone a neng a rata go e bala. Moragonyana o ne a kgatlhegela dibuka tsa dikgankhutshwe, mme go nna le bothata jwa go bala go ne ga fokotsega ka bonya ka bonya. Thuto e e tshwanetseng go ithutiwa ke gore go itshoka go na le matswela. Le wena o ka fenya bokoa jwa go palelwa ke go ithuta kgotsa o ka kgona go dira kgatelopele e kgolo mo go seo fa o sa itlhoboge.—Bapisa Bagalatia 6:9.

Go tweng fa o na le bothata jwa go lebala? Selotlolo se se botlhokwa thata sa go rarabolola bothata jono se ikaegile ka seane seno: “Go boaboeletsa ke motswedi wa go tshwarelela.” Nicky o ne a bona gore go boaboeletsa se a se utlwileng le se a se badileng ka go se bua go ne ga mo thusa go gakologelwa dilo. Go leke. Le wena go ka nna ga go thusa. Selo se se kgatlhang ke gore, mo metlheng ya Baebele batho ba ne ba tle ba bale ba buela kwa godimo. Ka gone, Jehofa o ne a laela mokwadi wa Baebele Joshua jaana: “O akanye mo go lone [Molao wa Modimo] motshegare le bosigo.” (Jošua 1:8; Pesalema 1:2) Ke ka ntlha yang fa go bala o buela kwa godimo go ne go le botlhokwa jaana? Ke ka ntlha ya gore go dira jalo go ne go dirisa ditemosi tse pedi—go utlwa le go bona—mme go ne go thusa mmadi gore a nne a gakologelwa dilo tseo.

Jessica o ne a bona go ithuta mathematiki e le tiro e e bokete thata. Lefa go ntse jalo, o ne a leka go ithuta melawana ya mathematiki ka go e boaboeletsa—ka dinako tse dingwe a dirisa nako e e lekanang le halofo ya ura mo molawaneng o le mongwe. Maiteko a gagwe kwa bofelong a ne a duelwa. Ka jalo, boeletsa, boeletsa, boeletsa! Mokgwa o o botlhale ke go nna o tshwere pampiri le pensele fa o reeditse mo tlelaseng kgotsa o bala gore o tle o kgone go kwala dintlha.

Go botlhokwa gore o ineele mo go ithuteng. Itlwaetse go sala morago ga sekolo le go bua le barutisi ba gago. Ba tlwaele. Ba bolelele gore o na le bokoa jwa go ithuta le gore o ikemiseditse go bo fenya. Barutisi ba bantsi ba tla tlhoafalela go go thusa. Ka jalo kopa thuso ya bone. Jessica o ne a dira seo mme morutisi mongwe yo o kutlwelobotlhoko o ne a mo ema nokeng thata kafa a neng a tlhoka ka teng.

Ithute go Tlhoma Mogopolo

Go itirela mokgele le go iteboga le gone go a thusa. Go itirela mokgele o o rileng—gongwe wa go fetsa karolo nngwe ya tiro e e direlwang kwa gae—pele ga o tshuba thelebishene kgotsa o tshameka mmino wa gago o o ratang thata go ka go rotloetsa gore o tlhome mogopolo. Tlhomamisa gore mekgele e o e itlhomelang e a kgonega.—Bapisa Bafilipi 4:5.

Ka dinako tse dingwe go fetola tikologo ya gago ka tsela e e molemo go ka thusa. Nicky o ne a rulaganya gore a nne kwa pele mo tlelaseng gaufi le morutisi gore a tle a kgone go tlhoma mogopolo botoka. Jessica o ne a bona go thusa gore a dire tiro e e direlwang kwa gae le tsala nngwe e e tlhoafetseng. O ka nna wa bona go thusa go dira gore kamore ya gago e nne e e phuthologileng.

Go Fokotsa go Tlhoatlhoega

Fa e le gore o matlhagatlhaga ka tsela e e feteletseng, go ithuta e ka nna teko e e botlhoko tota. Lefa go ntse jalo, baitse bangwe ba bolela gore matlhagatlhaga a a feteletseng a ka nna a dirisediwa go itshidila mmele. U.S.News & World Report e bolela gore: “Bosupi bo a oketsega gore bokgoni jwa motho mongwe le mongwe jwa go tshwarelela tshedimosetso e ntšha le go gakologelwa e kgologolo bo tokafadiwa ke diphetogo tsa mmele tse di diregang mo bobokong jwa motho tse di bakwang ke go itshidila mmele.” Ka jalo, go itshidila mmele ka tsela e e lekanetseng—go shapa, go taboga, go tshameka bolo, go pagama baesekele, go tshamekela mo aeseng, le tse dingwe—go ka nna molemo mo mmeleng le mo tlhaloganyong.—1 Timotheo 4:8.

Batho ba ba nang le makoa a go ithuta ba a tle ba newe molemo. Go bolelwa gore diperesente tse 70 tsa basha ba ba tshwenngwang ke ADHD ba ba filweng diokobatsi tse di ritibatsang ba ile ba fola. Gore a ke o amogele kalafi ya diokobatsi ke kgang ya gago le batsadi ba gago gore le dire tshwetso fa le sena go akanyetsa kafa bothata bo leng bogolo ka teng, gore di ka nna tsa go ama jang le mabaka a mangwe.

Nna O Itlotla

Lefa gone bothata jwa go ithuta bo sa lejwe e le bothata jwa maikutlo, bo ka nna le diphelelo tse di amanang le maikutlo. Go tlhola o kgalwa le go tshwaiwa diphoso kgapetsakgapetsa ke batsadi le barutisi, maduo a a kwa tlase thata kgotsa a a sa reng sepe a kwa sekolong, le go tlhoka ditsala tse o atamalaneng natso go ka dira gore o se ka wa itlotla motlhofo fela. Basha ba bangwe ba fitlha boikutlo jo ka go nna bogale le go tshosetsa.

Mme ga go tlhokege gore o tlhoke boitlotlo ka ntlha ya mathata a go ithuta.c Porofeshenale mongwe yo o dirisanang le basha ba ba nang le mathata a go ithuta a re: “Maikaelelo a me ke go fetola tsela e ba lebang botshelo ka yone—go tswa mo go ‘Ke seeleele le ga ke kgone go dira sepe sentle’ . . . go, ‘Ke fenya bothata, le ke ka kgona go dira mo go oketsegileng go gaisa jaaka ke ne ke akantse.’”

Lefa gone o ka se ka wa kgona go dira sepe se se kalo ka maikutlo a batho ba bangwe, o ka tlhotlheletsa a gago. Jessica o ne a dira jalo. O bolela jaana: “Fa ke ne ke ikatlhola go ya ka se bana ba bangwe kwa sekolong ba neng ba se bua le go nthaakaka maina, ke ne ka batla go tshaba kwa sekolong. Mme jaanong ke leka go tlhokomologa se ba se buang mme ke tswelela ke leka go dira gotlhe mo ke ka go kgonang. Go thata, mme ke nna ke ikgopotsa, mme go a thusa.”

Jessica o ne a tshwanelwa ke go dirisana le bothata jo bongwe. Kgaitsadie e ne e le moithuti yo o falolang ka maduo a A fela. Jessica o bolela jaana: “Seo se ne se dira gore ke se ka ka itlotla, go fitlha ke tlogela go ipapisa le ene.” Ka jalo o se ka wa ipapisa le bana ba ga lona.—Bapisa Bagalatia 6:4.

Go bua le tsala e o e ikanyang le gone go tla go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. Tsala ya boammaaruri e tla go ngaparela fa o ntse o leka go tokafatsa. (Diane 17:17) Mo letlhakoreng le lengwe, tsala ya maaka e ka nna ya leka go go kgoba marapo kgotsa ya go dira gore o itebe ka tsela e e seng yone ya go ikgodisa. Ka jalo tlhopha ditsala tsa gago ka kelotlhoko.

Fa o na le bothata jwa go ithuta, o tla newa kgakololo thata go gaisa basha ba bangwe. Mme o se ka wa letla gore seo se dire gore o itebe ka tsela e e sa siamang. Tsaya kwatlhao ka tsela ya bomodimo, jaaka sengwe sa botlhokwatlhokwa. Gakologelwa gore, kwatlhao e o e fiwang ke batsadi ba gago ke bosupi jwa gore ba a go rata e bile ba go batlela dilo tse di molemo.—Diane 1:8, 9; 3:11, 12; Bahebere 12:5-9.

Nnyaa, mathata a gago a go ithuta ga a tshwanela go go kgoba marapo. O ka dira sengwe ka one wa bo wa tshela botshelo jo bo nang le matswela. Mme go na le lebaka le legolo la gore o nne le tsholofelo. Modimo o solofeditse go tlisa lefatshe le lesha la tshiamo le mo go lone kitso e tla bong e le ntsi le le mo go lone mofuta mongwe le mongwe wa bokoa jwa tlhaloganyo le jwa mmele o tla bong o baakantswe. (Isaia 11:9; Tshenolo 21:1-4) Ka jalo ititeye sehuba go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa Modimo le ka maikaelelo a gagwe, mme o dire go dumalana le kitso eo.—Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

b Tsweetswee bona motseletsele wa ditlhogo tse di buang ka bana ba ba opisang tlhogo mo tokololong ya Tsogang! ya December 8, 1994, le setlhogo se se reng “A Ngwana wa Gago o na le Mathata a go Ithuta?” mo tokololong ya May 8, 1983 (ka Seesemane).

c Bona setlhogo “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Itlotla Jang?” mo makasineng wa April 8, 1983, wa Tsogang! (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ineele mo go ithuteng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela