Go Thusa Bana ba ba Nang le Bothata Jwa go Ithuta
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO
Steven o na le bothata jwa go bala. Nako le nako fa a itse gore o tla kopiwa gore a balele kwa godimo mo tlelaseng, mala a gagwe a nna botlhoko.
Le fa morutabana wa gagwe a leka go mo kgothatsa, Maria ga a kgone go kwala sentle. Go mo tsaya nako e telele go fetsa tiro ya gagwe ya sekolo e a e direlang kwa gae.
Noah o nna a bala kgapetsakgapetsa ditiro tsa sekolo. Mme le fa go ntse jalo, o lebala se a se ithutileng e bile o nna le maduo a a kwa tlase.
STEVEN, Maria, le Noah, ba na le mathata a go ithuta, mme bothata jo bo tlwaelegileng thata bo akaretsa go sa kgone go bala. Ka sekai, batho ba ba nang le bothata jwa dyslexia, gantsi ba tlhakanya ditlhaka tse di lebegang di tshwana. Mathata a mangwe a go ithuta ke dysgraphia (bothata jo bo amang mokwalo) le dyscalculia (bothata jwa go tlhaloganya dipalo). Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba nang le bothata jwa go ithuta ba na le botlhale jo bo mo magareng kgotsa jo bo fetang jo bo mo magareng.
Matshwao a bothata jwa go ithuta a akaretsa go diega go kgona go bua, go nna le bothata ka mafoko a a nang le modumo o o tshwanang, go tlwaela go sa bitse mafoko sentle, go tswelela go bua ka puo ya bana, go nna le bothata jwa go ithuta ditlhaka le dinomoro, go sa kgone go bitsa ditlhaka mo mafokong a a motlhofo, go tlhakanya mafoko a a utlwalang a tshwana le go sa kgone go latela ditaelo.a
Go Thusa Ngwana wa Gago go Lepalepana le Bothata Jono
O ka dira eng fa ngwana wa gago a bonala a na le bothata jwa go ithuta? Sa ntlha, dira gore a tlhatlhobiwe ditsebe le matlho go tlhomamisa gore ga bo bakiwe ke gone.b Go tswa foo, dira gore dingaka di sekaseke seemo sa gagwe. Fa e le gore ngwana wa gago o na le bothata jwa go ithuta, o tla tlhoka kgomotso ya gago. Gakologelwa, go nna le bothata jwa go ithuta ga go amane le botlhale jwa ngwana.
Dirisa thulaganyo epe fela e e kgethegileng e e ka tswang e le teng kwa sekolong se ngwana wa gago a tsenang kwa go sone, jaaka ya go nna le motho yo o tla mo rutang ka tsela e e kgethegileng. Kopa morutabana wa gagwe gore a dirisane le wena mo maitekong a o a dirang. Gongwe ngwana wa gago a ka nna a letlelelwa go nna kwa pele mo tlelaseng le go nna le nako e e oketsegileng ya go fetsa tiro ya gagwe ya sekolo. Morutabana wa gagwe a ka nna a mo naya ditaelo tse di kwadilweng le go mmolelela ka molomo le go dira gore a dire tlhatlhobo ka go bua. E re ka gantsi bana ba ba nang le bothata jwa go ithuta ba lebala dilo e bile ba sa kgone go dira dilo ka thulaganyo, ba ka nna ba fiwa dibuka tse dingwe tse ba ithutang ka tsone gore ba di dirise kwa gae. Go ka dirwa gore go nne le khomputara e e kgonang go bona diphoso tsa mopeleto e e ka dirisiwang mo tlelaseng kgotsa fa go dirwa tiro ya sekolo kwa gae.
Dira gore ngwana wa gago a nne le dinako tse di khutshwane tsa go bala letsatsi le letsatsi. Go molemo gore ngwana yo o nang le dyslexia a balele kwa godimo gore wena motsadi o kgone go dira dikakantsho le go mo thusa mo a dirang diphoso gone. Simolola ka go balela kwa godimo mme o bo o dira gore ngwana wa gago a bale morago ga gago. Morago ga foo, balelang one mokwalo oo kwa godimo mmogo. Go tswa foo, dira gore ngwana a o bale a le nosi. Dira gore a dirise rulara kafa tlase ga mola mongwe le mongwe fa a ntse a bala le go dirisa pene ya mmala mo mafokong a a thata. Katiso eno e ka nna ya tsaya metsotso e le 15 fela ka letsatsi.
Ngwana a ka rutiwa go tlhaloganya dipalo ka go mmontsha ka ditsela tse di rileng, jaaka fa go lekanngwa selekanyo sa dilo mo diresepeng, fa lo ile mabenkeleng kgotsa ka go dirisa rulara mo tirong ya go betla. Dipampiri tsa kerafo le ditshwantsho di ka mo thusa fa a dira dipalo. Malebana le bothata jwa go kwala, leka pampiri ya mela e mekima le diphensele tse di nang le bontsho jo bo tseneletseng. Ditlhaka tsa makenete tse di beilweng mo godimo ga sengwe sa tshipi di ka thusa ngwana wa gago go peleta.
Go na le gape le ditsela tse di mosola tsa go lepalepana le bothata jwa ADHD. Pele ga o bua le ngwana yo o nang le bothata jwa go tlhoma mogopolo mo go se a se dirang, mo lebe mo matlhong. Tlhomamisa gore ngwana wa gago o nna mo lefelong le le didimetseng fa a dira tiro ya gagwe ya sekolo kwa gae, mme mo letle gore a ikhutse kgapetsakgapetsa. E re ka a na le matlhagatlhaga a a feteletseng, dira gore a dire ditiro tse di tla dirang gore a se ka a nna fela, tse di jaaka go tsamaisa ntša.
O ka Kgona go Atlega
Thusa ngwana wa gago go tokafatsa ka go mo kgothatsa mo go sengwe le sengwe se a nang le bokgoni kgotsa talenta mo go sone. Mo akgole kgotsa o mo atswe fa a kgonne go dira sengwe le fa se a se fitlheletseng se ka tswa se le sennye jang. Kgaoganya ditiro tsa gagwe gore di nne dinnye, e nne tse a ka kgonang go di dira botoka gore a kgone go nna le kgotsofalo ya gore o atlegile. Dirisa ditshwantsho tse di supang gore o tshwanetse go dira eng gore a tle a fetse tiro e e rileng.
Se se salang ke gore, go kgona go bala, go kwala le go kgona dipalo ke dilo tse di botlhokwa mo mothong yo mosha. Tlhomamisega gore fa ngwana wa gago a tlhotlhelediwa le go thusiwa ka tsela e e siameng o tla kgona go ithuta—a ka tswa a go dira fela ka tsela e e farologaneng le ya ba bangwe e bile a tsaya nako e e telelenyana.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gantsi bothata jwa go ithuta bo tsamaisana le Bokoa Jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe le go Nna Matlhagatlhaga a a Feteletseng (ADHD [Attention Deficit Hyperactivity Disorder]) jo bo bonalang ka go nna matlhagatlhaga thata, go phadimoga le go sa kgone go tlhoma mogopolo mo go sengwe se se rileng. Bona Tsogang! ya March 8, 1997, tsebe 25-31.
b Bana ba basimane ba na le selekanyo se se menaganeng gararo sa gore ba tlhalosiwe fa ba na le bothata jwa dyslexia le go nna matlhagatlhaga ka tsela e e feteletseng.
[Lebokoso mo go tsebe 11]
FA BOTHATA JWA GO ITHUTA E NNA SENGWE SE SE MOSOLA
“Fa ke leba mafoko mo tsebeng ya buka, e ne e le mela e e tlhakatlhakaneng fela. Go ne go tshwana le gore ke puo e sele. Ke ne ke sa tlhaloganye mafoko go fitlha mongwe a mpalela one kwa godimo. Barutabana ba ne ba akanya gore ke botswa kgotsa ga ke na maitseo kgotsa ga ke leke go dira maiteko kgotsa ga ke reetse se ke se rutiwang. Mme dilo tseno tsotlhe di ne di se boammaaruri. Ke ne ke reetsa e bile ke dira maiteko a magolo mme ke ne ke sa kgone gotlhelele go tlhaloganya se ke se balang le se ke se kwalang. Dirutwa tse dingwe tse di jaaka dipalo di ne di se thata. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ka ithuta ka bonako go tlhoma mogopolo mo dilong tse di jaaka metshameko, bokgoni jwa go rekisa, bokgoni jwa go dira dilo le sengwe le sengwe fela se se neng se amana le go dirisa diatla tsa me, fa fela go ne go sa amane le go bala le go kwala.
“Moragonyana, ke ne ka tlhopha go bereka ka diatla, mme ka nna motho yo o dirang ka diatla. Seno se ne sa dira gore ke nne le tshiamelo ya go bereka mo diporojekeng tsa go aga di le tlhano tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tse dingwe. E re ka ke tlhoka go dira maiteko a a oketsegileng go bala, go bonala ke kgona go gakologelwa bontsi jwa dilo tse ke di balang. Jaaka moithuti wa Baebele, ke fitlhetse seno se le mosola thata, segolobogolo mo bodireding jwa Bokeresete. Ka jalo, go na le gore ke tseye gore bothata jwa me ke bokoa, ke bo tsaya e le sengwe se se mosola.”—Peter, mongwe yo o nang le bothata jwa “dyslexia” yo e leng modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Bana ba ka nna le bokgoni jo bogolo jwa go dira “ditshwantsho tse di rileng mo mogopolong” fa ba ntse ba reeditse ka kelotlhoko