Go Nna Le Bokoa Mo Go Ithuteng
David yo o dingwaga tse thataro o rata nako ya go anelwa dinaane thata. O itumela tota fa Mama a mmalela, mme o kgona go gakologelwa se a se utlwang. Lefa go ntse jalo, David o na le bothata. Ga a kgone go ipalela. Tota e bile, tiro epe fela e e tla batlang gore a lebe sengwe mo go yone e mmolaisa pelo.
Sarah o na le dingwaga tse tharo a tsena sekolo, mme mokwalo wa gagwe o maswe tota. Ga a kwale ditlhaka tsa gagwe sentle, e bile dingwe tsa tsone di kwalwa di lebile go sele. Selo se se gakatsang matshwenyego a batsadi ba ga Sarah ke gore ga a kgone go kwala le leina la gagwe.
Josh yo e leng mosha yo mmotlana o kgona dirutwa tsotlhe tsa sekolo kwantle ga mathemetiki. Go nnela go mekamekana le dipalo go mmolaisa pelo tota. Go leba dipalo fela ka bogone go tena Josh, mme fa a nna fa fatshe a dira tiro ya sekolo ya kwa gae ya mathemetiki o tlhakana tlhogo tota.
MATSAPA di a tsaya kae ka David, Sarah le Josh? A ke fela gore ba botshwakga, ba ditlhogo di thata gongwe ba ditlhaloganyo di metsi? Legoka. Mongwe le mongwe wa bana bano o na le botlhale fela jo bo lekaneng go ya go jo bo fetang jo bo magareng. Go ntse go le jalo, mongwe le mongwe wa bone o na le bokoa bongwe mo go ithuteng. David o na le bothata jwa dyslexia, e leng lefoko le le dirisiwang go tlhalosa mathata a sekae mo go baleng. Bothata jwa ga Sarah jo bo masisi mo go kwaleng bo bidiwa dysgraphia. Mme bokoa jwa ga Josh mo go tlhaloganyeng melao ya konokono ya mathemetiki bo bidiwa dyscalculia. Ano ke a le mararo fela a makoa mo go ithuteng. Go na le a mangwe a mantsintsi, e bile baitse bangwe ba fopholetsa gore palo yotlhe ya one e tshwara bobotlana diperesente di le 10 tsa bana ba United States.
Go Tlhalosa Bokoa mo go Ithuteng
Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe bontsi jwa basha ba go fitlhela go le thata go ithuta. Lefa go ntse jalo, gantsi seno ga se kaye gore ba na le bokoa mo go ithuteng. Go na le moo, go supa fela gore bana botlhe ba na le bokgoni le bokoa bongwe mo go ithuteng. Bangwe ba tsebe ntlha; ba kgona go tlhaloganya tshedimosetso sentle ka go reetsa. Ba bangwe ba matlho a bogale; ba ithuta dilo botoka ka go di ipalela. Lefa go ntse jalo, kwa sekolong baithuti ba tobelwa mo phaposing e le nngwe mme go bo go lebelelwa gore botlhe ba ithute go sa kgathalesege gore go dirisiwa mokgwa ofe wa go ruta. Ke gone ka moo bangwe ba nnang le mathata mo go ithuteng.
Lefa go ntse jalo, go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, go nna le mathata mo go ithuteng go farologana le go nna le bokoa mo go ithuteng. Go tlhalosiwa gore motho a ka kgona go fenya mathata mo go ithuteng ka go nna pelotelele le go dira maiteko. Go farologana le seo, go tlhalosiwa gore go nna le makoa mo go ithuteng gone ke selo se se nweleletseng thata. Bo-Dr. Paul le Esther Wender ba kwadile jaana: “Go bonala boboko jwa ngwana yo o nang le bokoa mo go ithuteng bo akanya, bo dira dilo, kana bo gakologelwa ditiro dingwe tsa tlhaloganyo ka tsela e e phoso.”a
Lefa go ntse jalo, ga se gore motho yo o nang le bokoa mo go ithuteng o a bo a golafetse tlhaloganyo. Fa Boora-Wender ba tlhalosa seno ba tshwantsha ka batho ba ba sa kgoneng go farologanya medumo ya mmino. Boora-Wender ba kwadile ba re: “Batho ba ba sa kgoneng go farologanya medumo ya mmino ga se gore ba gobetse tlhaloganyo e bile ga se gore ga ba kgone go utlwa. Ga go ope yo o ka reng batho bano ga ba kgone go farologanya medumo ya mmino ka gonne ba le botshwakga, ba sa rutwa sentle, kana ka go bo ba sa iteke ka natla.” Ba re go ntse fela jalo le ka batho ba ba nang le bokoa mo go ithuteng. Gantsi bokoa joo bo a bo bo remeletse fela mo karolong e e rileng ya go ithuta.
Seno se tlhalosa lebaka la go bo bana ba le bantsi ba ba nang le makoa mo go ithuteng ba na le botlhale fela jo bo lekaneng go ya go jo bo mo magareng; ee, ba bangwe ba botlhale tota. Gantsi seno ke sone se se dirang gore dingaka di lemoge gore ba ka tswa ba na le bokoa bongwe mo go ithuteng. Buka ya Why Is My Child Having Trouble at School? e tlhalosa jaana: “Ngwana yo o nang le bokoa bongwe mo go ithuteng o salela kwa morago ka dingwaga tse pedi kana go feta tsa ngwana wa dingwaga tsa gagwe le ka selekanyo se se kwa tlase ga sa tlhaloganyo ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe, bothata ga se fela gore ngwana yono o siiwa ke balekane ba gagwe. Go na le moo, ga a dire dilo ka selekanyo se se tsamaelanang le kgono ya gagwe.
Go Thusa ka Tsela e e Batlegang
Gantsi tsela e bokoa mo go ithuteng bo amang maikutlo a motho ka yone e raraanya bothata. Fa bana ba ba nang le bokoa mo go ithuteng ba palelwa kwa sekolong, barutabana le balekane, gongwe le ba malapa a bone tota, ba ka ba leba e le dieleele. Go utlwisa botlhoko go bo bontsi jwa bana ba ba ntseng jalo ba nna le maikutlo a go inyatsa a ba tswelelang ba na le one fa ba ntse ba gola. Selo seno se tlhobaetsa tota, ka gonne gantsi makoa mo go ithuteng a nnela ruri.b Dr. Larry B. Silver o kwadile a re: “Makoa mo go ithuteng a nnela ruri. One makoa a a kgoreletsang motho go bala, go kwala le go dira arethemetiki a santse a tla mo kgoreletsa le mo go tsa metshameko le mo ditirong tse dingwe, mo botshelong jwa lelapa le mo go dirisaneng mmogo le ditsala.”
Ka jalo, go botlhokwa thata gore batsadi ba bana ba ba nang le bokoa mo go ithuteng ba ba eme nokeng. Buka ya Parenting a Child With a Learning Disability ya re: “Bana ba ba itseng gore batsadi ba bone ba ba ema nokeng thata ba na le motheo wa go ikutlwa ba na le bokgoni e bile ba itlotla.”
Mme gore batsadi ba kgone go ba ema nokeng, ba tshwanetse go sekaseka maikutlo a bone ka namana pele. Batsadi bangwe ba ikutlwa ba le molato jaaka e kete ka tsela nngwe ke bone ba dirileng gore bana ba bone ba nne jalo. Ba bangwe ba tsenwa ke tsebetsebe, ba ikutlwa ba fekeediwa ke kgwetlho e e ba lebaneng. Maikutlo ano ka bobedi ga a siama. A dira gore batsadi ba se ka ba tsaya kgato epe e bile a dira gore ngwana a se ka a newa thuso e a e tlhokang.
Ka jalo, fa mankge mongwe a tlhomamisa gore ngwana wa gago o na le bokoa mo go ithuteng, se kgobege marapo. Gakologelwa gore bana ba ba nang le makoa mo go ithuteng ba tlhoka fela thuso e e oketsegileng mo karolong e e rileng ya go ithuta. Iphe nako ya go itse dithulaganyo tse di ka tswang di le gone mo lefelong la lona tse di diretsweng go thusa bana ba ba nang le bokoa mo go ithuteng. Dikolo di le dintsi di na le didirisiwa tse di botoka thata tse di thusang mo go seno go feta kafa di neng di le ka teng dingwaga tse di fetileng.
Baitse ba gatelela gore o tshwanetse go akgolela ngwana wa gago selo sepe fela se a se dirileng sentle, go sa kgathalasege bonnye jwa sone. Se itsemeletse go mo akgola. Lefa go ntse jalo, o se ka wa itlhokomolosa go mo otlhaya. Bana ba tlhoka go tlhamaladiwa, mme segolobogolo ba ba nang le bokoa mo go ithuteng. Dira gore ngwana wa gago a itse se o se batlang o bo o kgomarele melao e o mo e beetseng.
Sa bofelo, ithute go leba maemo a gago kafa a leng ka teng. Buka ya Parenting a Child With a Learning Disability e tshwantsha seno jaana: “Akanya fela o ya kwa resetšhurenteng e o e ratang thata o fitlha o batla sebeka sa nama ya kgongwana. Fa moamogelabaeng a baya sejana mo tafoleng o lemoga gore ke nama ya nku. Dijo tseno ka bobedi di monate tota, mme gone o ne o batla nama ya kgongwana. Batsadi ba le bantsi ba tlhoka go fetola tsela e ba akanyang ka yone. O ka nna wa bo o ne o sa batle nama ya nku, lefa go ntse jalo, o lemoga gore e monate. Go ntse fela jalo le fa o godisa ngwana yo o tlhokang go godisiwa ka tsela e e kgethegileng.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dipatlisiso dingwe di bolela gore go nna le makoa mo go ithuteng go ka tswa go amana thata le dijini kana dilo tse di amang tikologo, tse di jaaka go tsenwa ke botlhole jwa lloto kana go dirisa diokobatsi kana nnotagi ka nako ya boimana. Lefa go ntse jalo, go santse go sa itsiwe selo kana dilo tse tota di bakang seno.
b Ka dinako tse dingwe bana ba nna le bokoa bongwe jwa nakwana mo go ithuteng ka gonne karolo nngwe ya bone e le bonya go gola. Fa bana bano ba ntse ba gola, matshwao ao a a nyelela.