Go Bua ka Kgololesego—A ga go Dirisiwe Sentle?
RE TLOGA re tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga. Ga go na pelaelo gore lekgolo leo le lesha la dingwaga le tla lere ditsholofelo tse disha, mekgele, maitsholo, dikgopolo tsa ditegenoloji tse di gakgamatsang, le go lwela kgololesego e e oketsegileng. Megopolo eo dipuso, madumedi, le batho ba sa bolong go nna le yone e setse e fetolwa gore e dumalane le maikutlo a masha a batho le dikopo tsa bone. Mo mafelong a le mantsi go gatelelwa thata gore go tlosiwe dithibelo tse di iletsang go bua ka kgololesego, go sa kgathalesege matswela a a tla nnang gone!
Dilo tse pele di neng di bifelwa e bile di thibelwa ke bagasi ba radio le ba thelebishene le ke batlhatlhobi—puo ya matlhapa le ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le go tshikinya mmele ka tsela e e sa tshwanelang—ke dilo tse jaanong di fitlhelwang gongwe le gongwe mo dinageng di le dintsi, tse di balelwang mo go se go tweng ke tshwanelo ya go bua ka kgololesego!
Batho ba e leng bomankge mo go diriseng khomputara, bagolo le bana, jaanong ba ka kgona go romela ditshwantsho tse di bonalang sentle tsa ditiro tse di maswe tsa tlhakanelodikobo kwa dikontinenteng tse dingwe mo metsotswaneng e sekae fela ba bo ba tlotla le batho ba ba itsegeng ka go tlola molao wa boitsholo le ba ba sotlang bana ka go tlhakanela dikobo le bone ba ba kopang maina le diaterese tsa batho gore ba tle ba rulaganye koo ba ka yang go kopanela le bone mo sephiring gone. Mmino o o nang le mafoko a a akantshang e bile a kgothaletsa go ipolaya le go bolaya batsadi, mapodise, le badiredibagolo ba puso o tshamekiwa letsatsi le letsatsi mo radiong le mo thelebisheneng kgotsa mo dikhaseteng tse di reediwang ke bana.
Bontsi jwa batho ba ba batlang go bua ka kgololesego ba sa thibelwe ba tla dumalana le Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e bong Oliver Wendell Holmes, Jr., yo go feta halofo ya dingwaga di le lekgolo tse di fetileng a neng a kwala jaana mo tshwetsong ya gagwe e e itsegeng thata e e neng ya tlisa diphetogo tse dikgolo thata malebana le go bua ka kgololesego: “Molao o o gagametseng go gaisa yotlhe o o sireletsang kgololesego ya puo ga o kitla o letla motho go goeletsa mo holong e kgolo a bua maaka a re molelo o runtse, a dira gore batho ba tlalelwe.” Re a itse gore diphelelo tsa go dira jalo e tla nna eng. A bo e le botlhokatlhaloganyo jang ne, gore bone batho bano, ba se ka ba tsaya tsia polelo e e latelang ya tshwetso eo mme ba nna kgatlhanong le yone ka botlhogoethata. Holmes o ne a re: “Mo kgannyeng nngwe le nngwe potso ke gore, a mafoko a a dirisiwang a dirisiwa mo maemong a a ntseng jalo e bile a ke a mofuta o e leng gore a baka kotsi e e bonalang sentle e e leng teng gone jaanong mo e leng gore a tla lere bosula jo bo seng kana ka sepe jo Kongerese e nang le tshwanelo ya go bo thibela.”
Ditshwantsho Tsa Khomputara Tse di Tsosang Keletso ya Tlhakanelodikobo
Makasine wa Time o ne wa bega jaana: “Tlhakanelodikobo e fitlhelwa gongwe le gongwe mo malatsing ano, mo dibukeng, mo dimakasineng, mo difiliming, mo thelebisheneng, mo dibidiong tsa mmino le mo ditshwantshong tse di leng mo go emelwang dibese gone tse di phasalatsang dinkgisa monate. Go kwadiwa ka yone mo dikarateng tsa kgwebo ya go letsa mogala go bona dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse di tsenngwang kafa tlase ga dilo tse di phimolang fensetere e e kafa pele ya sejanaga. . . . Baamerika ba le bantsi ba setse ba tlwaetse thata ditshwantsho tse di mo pepeneneng tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo—le mabaka a go bo di na le maemo a a kgethegileng mo molawaneng wa First Amendment [go bua ka kgololesego]—mo e leng gore ga ba tlhole ba lemoga motlhofo gore di gone.” Lefa go ntse jalo, go na le sengwe malebana le go kopanngwa ga boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le dikhomputara se se fetotseng bokao le tsela e go lejwang “ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo” ka yone. Di setse di ratega, di tletsetletse gongwe le gongwe, e bile di fitlhelwa mo lefatsheng lotlhe.
Go ya ka patlisiso nngwe, batho ba ba ikgolagantseng le dithulaganyo tsa tshedimosetso ya khomputara e e kaga tlhakanelodikobo, ba ba neng ba ikemiseditse go duela madi a a kana ka R40 go ya go R120 kgwedi nngwe le nngwe, ba ne ba fitlhelwa mo “ditoropongkgolo tse di fetang 2000 mo dinageng tsotlhe tse 50 le dinaga tse dingwe di le 40 go dikologa lefatshe—go akaretsa le dinaga tse dingwe tse di jaaka China, koo o ka atlholelwang loso fa o ka fitlhelwa o na le ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.”
Makasine wa Time o ne wa tlhalosa mofuta mongwe wa ditshwantsho tsa dikhomputara tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo jaaka “kgetsana e e tsentseng dimpho tsa dilo tsa ‘maitsholo a a bodileng’ tse di akaretsang ditshwantsho tsa batho ba ba bofilweng mmogo gore ba ipelele monate wa tlhakanelodikobo, go ikgobatsa mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong, go tlhapologa, go ya ntle, le go tlhakanela dikobo le diphologolo tse di farologaneng.” Go bontshiwa ga dilo tse di tshwanang le tseno mo mafaratlhatlheng a dikhomputara a batho botlhe, tse di ka bonwang ke banna, basadi le ke bana mo lefatsheng lotlhe, go tsosa dipotso tse di masisi tota kaga go sa dirisiweng sentle ga go bua ka kgololesego.
Lekwalodikgang la kwa Boritane le ne la bolela jaana: “Fa fela di setse di bonwa le ke bana, ditshwantsho tseno tse di bontshang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse ga di fitlhelwe fela mo mafelong a go leng thata gore bana ba di bone, mo mabenkeleng a a rekisang makwalodikgang, mme go ka direga gore di bonwe motlhofo fela ke ngwana mongwe le mongwe, mo go bolelang gore ba ka di bona lefa ba le mo kamoreng ya borobalo ba sa bonwe ke ope.” Go bolelelwapele gore diperesente di le 47 tsa magae otlhe a kwa Boritane a a nang le dikhomputara a tla bo a golagantswe le mafaratlhatlha ano a dikhomputara mo bofelong jwa 1996. Lekwalodikgang leno le ne la re: “Batsadi ba le bantsi ba Baboritane ga ba a tlwaelana le metšhini ya tegenoloji e e kwa godimo e bana ba bone ba tlwaelaneng le yone. Mo dikgweding tse 18 tse di fetileng ‘go hukutsa Net’ e nnile sengwe sa dilo tse basha ba di ratang thata tsa go itlosa bodutu.”
Kathleen Mahoney, porofesa wa molao kwa Yunibesiti ya Calgary, kwa Canada, e bile e le mankge mo dikgannyeng tsa semolao malebana le ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, o ne a re: “Batho botlhe ba tshwanetse ba lemoga gore go na le motswedi mongwe wa phasalatso o o sa laolesegeng gotlhelele o o timetsang bana le go ba senya.” Modiredimogolo mongwe wa mapodise wa Canada o ne a re: “Go bonala sentle gore go tloga go runya dikgetsi tse dintsi thata tse di amanang le ditshwantsho tsa khomputara tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse bana ba di lebang.” Bontsi jwa ditlhopha tsa batho ba ba nayang malapa dikgakololo ba gatelela gore ditshwantsho tsa khomputara tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse bana ba di bonang le tsela e di ka ba tlhotlheletsang ka yone “di emela kotsi e e bonalang sentle e e leng teng gone jaanong.”
Dikgopolo Tse di sa Tshwaneng
Balwelakgololesego ba galefela maiteko ape fela a a dirwang ke Kongerese a go thibela dilo tse di tshwanang le ditshwantsho tsa khomputara tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, tumalanong le tshwetso e e neng ya dirwa ke Moatlhodi Holmes le Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States. Porofesa wa molao kwa Harvard o ne a re: “Seno ke go tlhasela molawana wa First Amendment ka tlhamalalo fela.” Makasine wa Time o ne wa bolela gore tota le batho ba e kileng ya nna basekisi ba a go nyatsa. Mongwe wa bone o ne a re: “Ga a kitla a itsetsepela fa a sekasekwa le e leng mo kgotlatshekelong e e dirisanang le diphoso tse di sa reng sepe.” Modiredimogolo wa Electronic Privacy Information Center o ne a re: “Seo se tshwana le kgang ya fa puso e iletsa batho boitsholo bongwe.” Makasine wa Time o ne wa mo nopola a re: “Molawana wa First Amendment o tshwanetse go dirisiwa le mo dilong tsa Internet.” Monna mongwe wa kongerese ya United States o ne a re: “Ka phepafalo seno ke go tlola molao wa go bua ka kgololesego, e bile ke go tlola molao wa tshwanelo ya bagolo ya gore ba buisane mmogo.”
Porofesa mongwe kwa New York Law School o tlhalosa gore go na le molemo mongwe mo go bueng ka tlhakanelodikobo ka ditsela tse di farologaneng, go sa nyadiwe ditshwanelo tsa batho le go bua ka kgololesego. Makasine wa Time o ne wa bega maikutlo a gagwe jaana: “Tlhakanelodikobo e e mo Internet e ka nna molemo tota mo bathong ba basha.” O ne a re: “[Cyberspace] ke sebaka se se sireletsegileng se mo go sone motho a ka hukutsang se se ileditsweng le se e leng moila . . . E dira gore motho a nne le metlotlo ya mmatota, e e sa tlhabiseng ditlhong kaga ditshwantsho tsa mmatota tsa tlhakanelodikobo le tse motho a di bopang mo mogopolong wa gagwe.”
Batho ba bangwe gape ba ba lwantshang go ilediwa ga ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tsa mafaratlhatlha a khomputara ke basha ba le bantsi, segolobogolo baithuti ba yunibesithi. Bangwe ba ile ba dira popelelo ba ngongoregela se ba se kayang e le go ngotliwa ga tshwanelo ya bone ya go bua ka kgololesego. Le mororo e se moithuti, ga go na pelaelo epe gore mafoko ano a monna mongwe yo o nopotsweng mo go The New York Times a dumalana le kafa ba le bantsi ba ba ganetsanang le kakantsho epe fela e e ka thibelang ditshwantsho tsa khomputara tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, ba ikutlwang ka gone: “Ke dumela gore tshwetso eno e tlile go tshegwa ke batho botlhe ba mo nageng eno ba ba dirisang Internet mme ba e tlhokomologe, mme badirisi botlhe ba lefatshe ba Internet, ba tlile go ja United States ditshego.”
U.S.News & World Report e ne ya akgela jaana fa e ne e bega se se neng sa buiwa ke modiredimogolo wa setlhopha sa batho ba ba lwelang kgololesego: “Cyberspace [mafaratlhatlha a dikhomputara] e ka kgona go naya go bua ka kgololesego nonofo e e oketsegileng go feta kafa molawana wa First Amendment o dirang ka gone. Eleruri, e ka tswa e setse ‘e le selo se se sa kgonegeng ka tsela ya mmatota gore puso e thibele batho go bua.’”
Kwa Canada go tsogile dikgang tsa moruthutha tse di malebana le se se ka nnang sa senya dipaakanyetso tsa gore batho ba bue ka kgololesego tse di mo go Charter of Rights and Freedoms. Bataki ba ba ileng ba dira ditshwantsho tseno tse di galefisitseng batshwayadiphoso le mapodise, a a di bitsang ditshwantsho tsa “matlhapa” ba ile ba tshwarwa. Bataki ba tsone le batho ba ba buelelang go bua ka kgololesego ba ile ba nna seoposengwe mo go direng popelelo ba ngongoregela gore go tshwarwa mono ga bone ke go ba amoga go bua ka kgololesego. Go fitlha mo e ka nnang dingwaga di le nnè tse di fetileng, dikhasete tsa bidio tse di bontshang ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo di ne di aga di tshwarwa ke mapodise kafa tlase ga molao wa kwa Canada o o kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang, e bile dikgetsi di ne di sekwa kwa kgotlatshekelong mme barekisi ba tsone ba ne ba bonwa molato.
Lefa go ntse jalo, sotlhe seo se ne sa fetoga ka 1992, fa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Canada e ne e dira tshwetso mo kgetsing nngwe e e neng ya lere diphetogo tse dikgolo thata gore ditshwantsho tseno di ne di sa tlhole di atlholelwa ka ntlha ya go tlhomamisediwa ga batho go bua ka kgololesego mo go Charter of Rights and Freedoms. Makasine wa Maclean’s o ne wa kwala o re tshwetso eno ya kgotlatshekelo “e lerile diphetogo tse di seng kana ka sepe mo setšhabeng sa Canada.” Makasine ono o ne wa re: “Jaanong go a kgonega mo ditoropongkgolo di le dintsi go bona dimakasine le dibidio tse di bontshang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse mo mabenkeleng a a fa dikhoneng. Le e leng tse kgotlatshekelo e dirileng tshwetso ya gore di ka nna tsa thibelwa di santse di bonwa ke batho ba ba di batlang.
Modiredimogolo mongwe wa mapodise o ne a re: “Ke a itse gore fa o tsena teng, o tla fitlhela dilo tse molao o ka tswang o sa di letlelele. Ruri ke dilo tse ka tsone re ka latofatsang batho ba ba di rekisang. Mme . . . ga re na nako ya go dira jalo.” Gape ga ba tlhomamisege gore a ditatofatso tsa bone e tla nna tse di utlwalang. Mo motlheng ono o mo go one dilo di letlelelwang fela, go buiwa thata ka kgololesego e e sa lekanyediwang e motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone, mme gantsi dikgotlatshekelo di utlwa ka batho. Mme go sa kgathalasege mabaka a a ntshiwang, go lwa ka kgang eno go tla nna go ntse go tsosa maikutlo a a boteng a a bakang go tlhoka kutlwano mo matlhakoreng oomabedi—bangwe ba dumalana le kgang mme bangwe ga ba dumalane le yone.
Nako nngwe, Japane e ne ya nna le dithibelo tse di boima tota malebana le go bua le go kwala ka kgololesego. Ka sekai, thoromo ya lefatshe ya selekanyo sa 7,9 mo sekaleng sa Richter, e e neng e bolaile batho ba ba fetang sekete e ne e sa begwe ka tshosologo. Ditiro tse di seng kafa molaong le go bolaana ga baratani di ne di sa begwe. Barulaganyi ba makwalodikgang ba ne ba boifa matshosetsi a puso e re ka go ne go utlwiwa fela ka yone le e leng mo dilong tse di neng di kaiwa e se tsa sepe. Lefa go ntse jalo, morago ga Ntwa ya Lefatshe II, dithibelo di ne tsa tlosiwa mme Japane ya ipelela kgololesego e e oketsegileng ya go bua le go kwala.
Eleruri, dilo di ile tsa fetoga fela thata jaaka fa dimakasine le dibuka dingwe tsa bana tsa dikhomiki di ne di tletse ka ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le tsa matlhapa. The Daily Yomiuri, lekwalodikgang le legolo la kwa Tokyo, le kile la akgela jaana: “Gongwe sengwe se e reng motswakwa yo o sa tswang go goroga mo Japane a garogang pelo fa a se bona ke go bona banna ba kgwebo ba bala dibuka tsa dikhomiki tsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mo ditereneng tsa Tokyo tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe. Jaanong go bonala seemo seno se simolola go tshwaetsa bontlhanngwe jo bongwe jwa baagi, jaaka fa dibuka tsa basadi tsa dikhomiki ‘tse di bontshang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse’ di fitlhelwa mo dishelofong tsa mabenkele a dibuka le mo marekisetsong a magolo.”
Ka 1995 lekwalodikgang le le itsegeng thata le le bidiwang Asahi Shimbum le ne la bitsa Japane “Paradaise ya Ditshwantsho Tse di Tsosang Keletso ya Tlhakanelodikobo.” Fa barulaganyi ba makwalodikgang le bagatisi ba ne ba leka go rarabolola bothata jwa selelo sa batsadi ka tsela ya bone go na le go dirisa melao ya puso, babadi ba ba botlana ba ne ba ngongoregela seo ka go dira popelelo. Motho o ipotsa gore, ‘Kwa bofelong go tla fenya mang?’
Gone jaanong jaana go bua ka kgololesego ke kgang ya moruthutha kwa Fora. Mokwadi mongwe wa Mofora e leng Jean Morange o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe kaga go bua ka kgololesego: “Ga go na pelaelo epe gore hisitori ya go bua ka kgololesego ga e ise e khutle, e bile e tla tswelela e baka dikgaogano. . . . Ga go na ngwaga ope o o fetang fela go sa gololwa filimi kgotsa thulaganyo ya filimi nngwe ya thelebishene kgotsa letsholo la go phasalatsa le le dirang gore batho ba galefe, tse di tsosang kgang ya bogologolo e bile e le e e sa feleng malebana le go iletsa batho dilo tseno.”
Setlhogo se se tlhagang mo lekwalodikgannyeng la kwa Paris le le bidiwang Le Figaro se ne sa bega gore setlhopha sengwe sa mmino wa repe se se bidiwang Ministère amer (Bodiredi jo bo Bogalaka) se kgothaletsa balatedi ba sone gore ba bolaye mapodise. Mafoko mangwe a pina ya bone a re: “Ga go kitla go nna le kagiso fa [mapodise] a sa robale ka kagiso.” Mmueledi wa setlhopha seno o ne a re: “Mo rekotong ya rona re ba bolelela gore ba je seteishene sa mapodise ka molelo le go ntsha [mapodise] setlhabelo. A seno ga se selo se se tlwaelegileng fela?” Ga go na kgato epe e e neng ya tseelwa setlhopha seno sa mmino wa repe.
Ditlhopha tsa mmino wa repe kwa Amerika le tsone di buelela go bolawa ga mapodise e bile di bolela fa di na le tshwanelo ya go bua mafoko a a ntseng jalo ka gonne ba re ke go bua ka kgololesego. Kwa Fora, Italy, Engelane le dinaga tse dingwe tsa Yuropa le mo lefatsheng lotlhe, boikuelo jono bo dirwa ke ditlhopha tse di farologaneng tsa batho gore go bua phatlalatsa ka kgololesego go se ka ga beelwa dithibelo, le e leng fa go bua mono go “baka kotsi e e bonalang sentle e e leng teng gone jaanong.” Kgang eno ya moruthutha e tla fela leng, mme go tla fenya mang?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ditshwantsho tsa dikhomputara tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, ke “kgetsana e e tsentseng dimpho tsa dilo tsa ‘maitsholo a a bodileng’”