LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 8/8 ts. 3-5
  • Ditiragalo Tsa Hisitori Kaga go Bua ka Kgololesego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Hisitori Kaga go Bua ka Kgololesego
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgololesego ya Bodumedi e Kayang ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo A Amogelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batho ba ba Ratang Kgololesego”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 8/8 ts. 3-5

Ditiragalo Tsa Hisitori Kaga go Bua ka Kgololesego

GO RALALA hisitori yotlhe batho ba ntse ba lwela kgololesego ya go bua. Go ile ga tlhomiwa melao, ga lowa dintwa, ga ba ga swa batho ka ntlha ya tshwanelo ya bone ya go bua maikutlo a bone phatlalatsa.

Ke ka ntlha yang fa tshwanelo e e ntseng jalo e e lebegang e le ya bone ya tlhago e tshwanetse go bo e nnile kgang e kanakana ya moruthutha gore go bo go tshologe madi? Ke ka ntlha yang fa ditšhaba, tsa nako e e fetileng le tsa jaanong, di ile tsa bona go tlhokega go thibela kgotsa le e leng go fedisa tshwanelo eno?

Maikutlo a batho a a malebana le kgololesego ya go bua a ile a nna a fetofetoga fela thata mo hisitoring yotlhe. Ka dinako dingwe kgololesego ya go bua e ile ya lejwa e le tshiamelo e motho a ka e ipelelang. Ka dinako tse dingwe e ile ya lejwa e le bothata jo bo tshwanetseng go rarabololwa ke dipuso le bodumedi.

E re ka hisitori e tletse ka dipego tsa batho ba ba neng ba lwela tshwanelo eno ya kgololesego ya go bua phatlalatsa, se gantsi se neng sa felela ka gore ba bogisiwe mo go botlhoko kgotsa gore ba bolawe, go boeletsa dingwe tsa ditiragalo tseno go tla re thusa gore re tlhaloganye bothata jono.

Baithuti ba hisitori ba ka nna ba gakologelwa sentle mofilosofi wa Mogerika e bong Socrates (470-399 B.C.E.), yo dikgopolo le dithuto tsa gagwe di neng di lejwa e le tlhotlheletso e e senyang maitsholo a basha ba kwa Athena. Seno se ne sa tsosa tlhakatlhakano e e seng kana ka sepe gareng ga ditlhopha tsa bapolotiki le tsa baeteledipele ba bodumedi ba Bagerika mme sa felela ka gore a bolawe. Boikuelo jono jwa gagwe fa pele ga moatlhodi yo kgabagare a neng a mo tsenya mo kgolegelong, e santse e le tsela e e maatla go di gaisa tsotlhe ya go femela kgololesego ya go bua: “Fa e le gore lo akantse go nkgolola fa fela e le gore ga ke ne ke tlhola ke bua maikutlo a me jaaka fa ke ntse ke tsoma botlhale, le gore ke tla swa fa ke ka tshwarwa ke dira jalo gape, ke lo raya ke re, ‘Banna ba Athena, ke tla utlwa Modimo go na le lona. Fa fela ke santse ke tshela e bile ke na le nonofo, ga nkitla ke bo ke tsamaya ke tlogela go latelela filosofi le go rotloetsa ke ba ke tlhotlheletsa ope fela wa lona yo go diregang gore ke kopane nae. Tlhomamisegang gore Modimo o laela gore ke dire jalo . . .’ Gape, Baathena, ke tswelela ke lo raya ke re, ‘E ka ne lo a nkgolola kgotsa ga lo nkgolole; itseng gore ga nkitla ke fetoga le ka motlha, le e leng lefa ke tshwanetse go swela seno gantsintsi.’”

Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le dithibelo di sekae fela mo hisitoring ya pele ya Roma, mme tsa oketsega fa pusokgolo eno e ntse e gola. Seno e ne ya nna tshimologo ya motlha o o boima tota malebana le kgololesego ya go bua. Mo nakong ya puso ya ga Tiberius (14-37 C.E.), batho ba ba neng ba bua kgatlhanong le puso le melao ya yone ba ne ba sa tlogelwe fela. E bile e ne e se Roma fela e e neng e le kgatlhanong le kgololesego ya go bua; e ne e le ka yone nako eno fa baeteledipele ba Bajuta ba ne ba patelela Ponto Pilato gore a bolaye Jesu ka ntlha ya go ruta ga gagwe ba ba ba laya baaposetoloi ba gagwe thata gore ba tlogele go rera. Bano le bone ba ne ba iketleeleditse go swa go na le go tlogela go rera.—Ditiro 5:28, 29.

Gantsi mo hisitoring, ditshwanelo tsa batho tse di neng di tlhomiwa ke dipuso di ne di fetolwa kgotsa di tlosiwa go ya kafa dipuso tseno di batlang ka teng, mo go neng ga felela ka gore batho ba lwele kgololesego ya go bua ba sa kgaotse. Go simolola mo Metlheng ya Bogare, batho bangwe ba ne ba kopa gore ba newe lekwalo le le tlhalosang ditshwanelo tsa bone le mo go lone puso e sa letlweng go laola ditshwanelo tseo thata. Ka ntlha ya seno, go ne ga simololwa ga tlhangwa melawana ya ditshwanelo. Gareng ga yone go ne go na le wa Magna Carta, o o neng wa lere diphetogo tse dikgolo tota mo kgannyeng ya ditshwanelo tsa batho. Morago ga latela Melawana ya Ditshwanelo ya Engelane (1689), Maikano a Ditshwanelo a Virginia (1776), Maikano a Ditshwanelo Tsa Batho a Fora (1789), le Melawana ya Ditshwanelo ya United States (1791).

Mo lekgolong la bo17, la bo18, le la bo19 la dingwaga baeteledipele ba ba itsegeng thata mo hisitoring ba ne ba buelela kgololesego ya go bua. Ka 1644 ramaboko wa Moesemane John Milton, yo o ka gakologelwang sentle ka buka ya gagwe ya setlhogo se se reng Paradise Lost, o ne a kwala phamfolete e e itsegeng thata ya setlhogo se se reng Areopagitica, a ngongorega ka dithibelo tsa go kwala ka kgololesego.

Mo lekgolong la bo18 la dingwaga kgololesego ya go bua e ne ya anama kwa Engelane, lefa go ne go santse go na le dithibelo tsa yone. Dinaga tse e neng e le dikolone kwa Amerika di ne di gatelela gore go nne le tshwanelo eno ya go bua ka kgololesego, ka molomo le ka go kwala. Ka sekai, Constitution of the Commonwealth of Pennsylvania, ya September 28, 1776, e ne ya tlhalosa jaana ka boripana: “Gore batho ba na le tshwanelo ya go bua ka kgololesego, le go kwala ka kgololesego, le go phasalatsa maikutlo a bone, ka gone, go kwala ka kgololesego ga go a tshwanela ga thibelwa.”

Tlhaloso eno e ne ya tlhotlheletsa First Amendment to the U.S. Constitution (Mametlelelo ya Ntlha ya Molaotheo wa United States) ka 1791, e e neng ya tlhalosa maikutlo a ba ba neng ba tlhama American Constitution kaga ditshwanelo tse batho ba di ratang thata jaana: “Kongerese ga e na e tlhoma molao ope malebana le go tlhomiwa ga bodumedi, kgotsa go thibela kgololesego ya jone; kgotsa go lekanyetsa go bua ka kgololesego, kgotsa go kwala ka kgololesego; kgotsa tshwanelo ya batho ya go kopana mmogo ka kagiso, le go ikuela mo Pusong gore e rarabolole dingongorego.”

Ka 1859, mofilosofi wa Moesemane wa lekgolo la bo19 la dingwaga, John Stuart Mill, o ne a kwala tlhamo ya gagwe e e nang le setlhogo se se reng “On Liberty.” E Nopolwa gantsi e bile e lejwa e le polelo e kgolo go di gaisa tsotlhe e e buelelang go bua ka kgololesego.

Lefa go ntse jalo, go lwela tshwanelo ya go bua ka kgololesego phatlalatsa ga go a ka ga fela fa re ne re tsena mo dingwageng tse go tweng ke tsa kitso tsa lekgolo leno la bo20 la dingwaga. Ka sekai, ka ntlha ya maiteko a go thibela go bua ka kgololesego kwa Amerika, go ilwe ga nna ga sekwa ditsheko tsa go femela kgololesego eno kwa diholong tsa dikgotlatshekelo, e leng dikgotlatshekelo tse di potlana mmogo le Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States.

Moatlhodi Oliver Wendell Holmes, Jr., wa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States, o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe ka kgang ya go bua ka kgololesego mo ditshwetsong di le mmalwa tsa dikgotlatshekelo. Fa a ne a tlhalosa kafa go bua ka kgololesego go leng botlhokwa ka gone, o ne a re: “Fa e le gore go na le molao ope wa Molaotheo o o tshwanetseng go ngaparelwa go feta ope fela, ke molao wa go letla motho go bua mogopolo wa gagwe ka kgololesego—go letlelela mogopolo o re sa o beyeng sebete e seng wa batho ba ba dumalanang le rona.”—United States v. Schwimmer, 1928.

Go tlhokomologa molaomotheo ono ke gone go bakileng gore go sekwe kwa dikgotlatshekelong, ditsheko tse di dirang gore kgololesego le kgatelelo di nne di ntse di fetofetoga. Gantsi batho ba ya le kgopolo e e reng, “Ke nna ke tshwanetseng go bua ka kgololesego—mme e seng wena.” Mo bukeng ya gagwe e e nang le setlhogo seno, Nat Hentoff, o nopola dikai tse mo go tsone bafemedi ba ba tlhagafetseng ba molawana wa First Amendment ba nnang ba ntse ba fetofetoga go ya ka maikutlo a bone. O nopola dikai tse mo go tsone Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e neng ya fetola dingwe tsa ditshwetso tsa yone, go akaretsa le dingwe tse di amanang le Basupi ba ga Jehofa le dingwaga tse ba di feditseng ba lwela tshwanelo ya go bua ka kgololesego kaga ditumelo tsa bodumedi jwa bone. O ne a kwala jaana kaga bone: “Go ralala masome a dingwaga, maloko a bodumedi joo a nnile le seabe se segolo thata mo go oketseng kgololesego ya segakolodi ka dikgetsi tsa kgotlatshekelo.”

Basekaseki ba le bantsi ba dikgang tsa semolao le bakwalahisitori ba segompieno ba kwadile fela thata kaga ditsheko di le dintsi tsa kwa dikgotlatshekelong tse bosheng jaana di neng tsa sekwa mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga gore go sirelediwe go bua ka kgololesego, e seng kwa Amerika fela mme le kwa dinageng tse dingwe. Go bua ka kgololesego ga se selo se se tlhomamisegang. Lefa dipuso di ka ipelafatsa ka kgololesego e di e nayang batho ba tsone, kgololesego eo e ka nyelela fa puso e fetoga kgotsa fa baatlhodi ba dikgotlatshekelo ba fetolwa, jaaka fa seno se ile sa nna sa diragala. Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba di goga kwa pele mo go lweleng kgololesego eno e e botlhokwa.

Mo bukeng ya gagwe ya setlhogo se se reng These Also Believe, Porofesa C. S. Braden o kwala jaana: “Ba [Basupi ba ga Jehofa] diretse temokerasi tiro e e botlhokwa thata ka go lwela ga bone go sireletsa ditshwanelo tsa bone, gonne mo go kgaratlheng ga bone, ba dirile go le gontsi go sireletsa ditshwanelo tseo tsa setlhopha sengwe le sengwe se se botlana mo Amerika. Fa setlhopha sengwe sa batho se amogwa ditshwanelo tsa sone, ditshwanelo tsa ditlhopha tse dingwe le tsone di tla bo di sa bolokesega. Ka gone ba nnile le seabe ka tlhamalalo mo go sireletseng dingwe tsa dilo tse di botlhokwatlhokwa mo temokerasing ya rona.”

Batho ba ba ratang kgololesego ga ba kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa dipuso dingwe le madumedi di gana go naya batho ba tsone kgololesego eno. Ke go gana ka tshwanelo e e botlhokwa ya motho, e bile batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba a boga ka ntlha ya go tingwa kgololesego eno. A maikutlo a a malebana le go bua ka kgololesego, le e leng kwa dinageng tse di ipelelang tshwanelo e e botlhokwa eno, a tla tswelela a ntse a fetofetoga? A kgopolo eno ya go bua ka kgololesego e tla dirisediwa go buelela boitsholo jo bo sa siamang kgotsa puo ya matlhapa? Dikgotlatshekelo di setse di ntse di lwa le kgang eno ya moruthutha.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Socrates o ne a lwela go bua ka kgololesego

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela