LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 2/1 ts. 3-4
  • Kgololesego ya Bodumedi e Kayang ka Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego ya Bodumedi e Kayang ka Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re ka Reng ka Kgololesego ya Bodumedi?
  • Mofuta o Mongwe wa Kgololesego ya Bodumedi
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Lo A Amogelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batho ba ba Ratang Kgololesego”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 2/1 ts. 3-4

Kgololesego ya Bodumedi e Kayang ka Wena?

Le mororo kgololesego ya bodumedi e tsewa e le tshwanelo ya motheo kwa United States, go oketsega ga bothubaki jwa digopa kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa go ne go le maswe mo nageng eo ka bo1940

DIMILIONE tsa batho di ile tsa e lwela. Ba bangwe ba ile ba bo ba e swela. Eleruri ke nngwe ya dilo tse di tlhwatlhwakgolo thata tse batho ba nang le tsone. Eng? Kgololesego! The World Book Encyclopedia e tlhalosa kgololesego e le “go kgona go itlhophela dilo le go di diragatsa.” E tswelela pele jaana: “Go ya ka pono ya semolao, batho ba a bo ba gololesegile fa fela setšhaba se sa lere dithibelo tse di sa siamang, tse di sa tlhokegeng, kana tse di se nang tekatekanyo mo go bone. Gape setšhaba se tshwanetse go sireletsa ditshwanelo tsa bone—e leng, kgololesego ya bone ya motheo, maatla le ditshiamelo.”

Kgopolo eno e utlwala e le motlhofo. Lefa go ntse jalo, go lebega go sa kgonege gore batho ba dumalane ka gore tota melelwane ya kgololesego e tshwanetse ya tlhomiwa kae. Ka sekai, batho ba bangwe ba dumela gore puso e tshwanetse go tlhoma melao ya go sireletsa kgololesego ya baagi ba yone. Mme ba bangwe ba tla ganetsa ka gore melao eno ke dihaka tse baagi ba tlhokang go ikgolola mo go tsone! Go phepafetse gore kgololesego e kaya dilo tse di farologaneng mo bathong ba ba sa tshwaneng.

Re ka Reng ka Kgololesego ya Bodumedi?

Gongwe kgololesego e go ganetsanwang ka yone thata ke ya bodumedi, e e ntseng e tlhalosiwa e le “tshwanelo ya go dumela le ya go dira se o se itlhophetseng.” United Nations Universal Declaration of Human Rights e ne ya bolela gore, “mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololesego ya mogopolo, ya segakolodi le ya bodumedi.” Seno se akaretsa tshwanelo ya motho ya “go fetola bodumedi jwa gagwe kana tumelo,” mmogo le kgololesego ya “go bontsha bodumedi jwa gagwe kana tumelo ya gagwe ka go ruta, go dira, go obamela le go boloka.”—Setlhogo 18.

Eleruri, re tla lebelela gore setšhaba sepe fela se se tlhokomelang batho ba sone ka tsela ya mmatota se ba neye kgololesego eo. Ka maswabi, seno ga se direge ka metlha. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Bodumedi bo ama maikutlo a a boteng a batho ba le bantsi. Dipuso tse dingwe di inaakanya le bodumedi bo le bongwe fela mme di bo di tsaya batho ba ditumelo tse dingwe e le ba ba tsenyang boeteledipele jwa bopolotiki mo kotsing. Gape puso e ka tsaya gore bodumedi bo kotsi mo bopolotiking ka gonne ditumelo di ka nna tsa ikanyega mo Modimong go na le go utlwa puso.”

Ka one mabaka ano dipuso tse dingwe di baya dithibelo mo bodumeding. Di sekae ga di batle bodumedi bope gotlhelele. Tse dingwe, le mororo di bolela gore di buelela kgololesego ya bodumedi, di laola thata ditiro tsotlhe tsa bodumedi.

Ka sekai, akanya ka boemo jo bo neng bo le teng kwa Mexico ka dingwaga di le dintsi. Le mororo Molaotheo o ne o dumelela kgololesego ya bodumedi, o ne o tlhalosa jaana: “Dikereke tse di dirisediwang kobamelo ya batho botlhe ke dikago tsa Setšhaba, tse di kafa tlase ga Puso e e Kopanetsweng, e e tshwanetseng go bona gore ke dife tse di ka tswelelang pele di dirisediwa seo.” Ka 1991 Molaotheo o ne wa fetolwa gore o tlose thibelo eno. Lefa go ntse jalo, sekai seno se bontsha gore kgololesego ya bodumedi e ka tsewa ka tsela e e farologaneng mo dinageng tse di sa tshwaneng.

Mofuta o Mongwe wa Kgololesego ya Bodumedi

A go na le kgololesego ya bodumedi mo nageng e o nnang mo go yone? Fa go le jalo, e tlhalosiwa ka tsela efe? A o ka obamela Modimo ka tsela e o batlang ka yone, kana o patelediwa go nna leloko la bodumedi jwa Puso? A o letlelelwa go bala le go anamisa dibuka tsa bodumedi, kana a dikgatiso tseo di nyadiwa ke puso? A o ka kgona go bua le ba bangwe ka tumelo ya gago, kana a seno se tsewa e le go tlola ditshwanelo tsa bodumedi jwa bone?

Dikarabo tsa dipotso tseno di ikaegile ka gore o nna kae. Lefa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore go na le mofuta wa kgololesego ya bodumedi o o sa ikaegeng gotlhelele ka lefelo. Fa Jesu a ne a le kwa Jerusalema ka ngwaga wa 32 C.E., o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Fa lo nna mo lefokong la me, foo lo bo lo le barutwa ba me ruri; lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”—Johane 8:31, 32.

Ke eng se Jesu a neng a se bolela ka mafoko ano? Bareetsi ba gagwe ba Bajuta ba ne ba batla go gololwa mo pusong ya Baroma. Mme Jesu o ne a sa bolele ka go gololwa mo kgatelelong ya bopolotiki. Go na le moo, o ne a solofetsa barutwa ba gagwe sengwe se se botoka thata, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela