Mefuta ya Ditshedi E e Mo Kotsing ya go—Nyelela Kafa o Amegang ka Teng
DINKWE, dikhudubane, ditshukudu, dirurubele—ruri lenaane la ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela le lebega le le leleele tota! Ruri o tla dumela gore motho ke ene a nang le molato o mogolo mo go seno. Mme seno se go ama jang?
Fa go lejwa mathata a lefatshe a ikonomi, a tota go a utlwala go lebelela gore batho ba ba tshwenyegileng thata ka matshelo a bone ba ka kgona go ema nokeng dithulaganyo tsa go boloka le go sireletsa, lefa di ka tswa di le botlhokwa go le kana kang? “Tota ga go motlhofo go ema nokeng dithulaganyo tsa go boloka le go sireletsa mo borwa jwa Sahara mo Afrika, koo dimilione tsa batho di lebaneng le tlhakatlhakano ya sepolotiki, dintwa tsa semorafe, mauba le dikgogodi tsa malwetse,” go akgela jalo Time. Go ntse fela jalo le kwa mafelong a mangwe.
Go tlhokega gore go dirwe diphetogo tse dikgolo tota gore bothata jwa mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela bo rarabololwe. Go ya ka The Atlas of Endangered Species, diphetogo tseno di “dikgolo mo di ka kgonang fela go dirwa ke dipuso.” Go tswa foo e akantsha jaana: “Koo dipuso di tlhongwang teng ka boutu, ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go tlhomamisa gore ka ngwaga wa 2000 go bo go tlhophiwa fela boradipolotiki ba ba amegang ka tikologo.”
A go a utlwala go solofela seno? Fa go iwa ka bosupi jwa hisitori, re tshwanetse go swetsa ka gore “motho o laolela yo mongwe go mo utlwisa botlhoko,”—e bile o utlwisitse le diphologolo botlhoko. (Moreri 8:9, NW) Tota ruri, batho ba bantsi ba ba emang nokeng go bolokiwa le go sirelediwa ga ditshedi ba dumela gore dimela le diphologolo tsa lefatshe ke tsone tse di supang boemo jwa tikologo. Fa di le mo kotsing, go raya gore le batho ba mo kotsing. Mme ga se la ntlha mo hisitoring ya motho go diragala gore botshelo bo tshosediwe ke go nyelediwa.
Buka e e leng ya bogologolo thata mo hisitoring e kwadile mafoko ano: “Bona, ke tlaa tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng go senya nama yotlhe e mowa wa botshelo o leng mo go yone, go e tlosa fa tlase ga legodimo; dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng di tlaa swa.” (Genesise 6:17) Lefa go ntse jalo, ga go a swa batho botlhe e bile ga go a nyelela botshelo jwa sengwe le sengwe, ka go bo Modimo o ne o rulagantse go falotsa tse dingwe.
Araka ya go Falotsa Botshelo
Baitsesaense ba dumela gore tharabololo e e gaisang tsotlhe ya bothata jwa gompieno jwa mefuta ya ditshedi e e mo kotsing ya go nyelela e ama go boloka mafelo a di nnang mo go one. Se se kgatlhang ke gore New Scientist e bega ka seno e bile e umaka gore batho ba ba bolokang le go sireletsa ba go “tshwantsha le Araka ya ga Noa.” Araka ya ga Noa ke sone selo se batho le diphologolo ba neng ba falodiwa ka sone Morwalela wa motlha wa ga Noa.
Modimo o ne wa bolelela Noa tsela ya go aga araka, lekase le letona la legong, le le neng le tlile go kokobala mo godimo ga metsi a morwalela. E ne ya falotsa botshelo jwa ga Noa, mosadi wa gagwe, barwa ba gagwe ba bararo le basadi ba bone, mmogo le mefuta ya diphologolo tse di tlhaga le tsa mo gae—eleruri, “nama yotlhe e mowa wa go tshela o leng mo go yone.” (Genesise 7:15) Mefuta e mentsintsi ya ditshedi e e leng teng gompieno e supa kafa araka eo e neng ya kgona sentle ka teng go dira boikaelelo jwa yone.
Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore, di ne di sa falotswe fela ke matsapa a motho. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanela go ikobela Modimo yoo a neng a na le maatla a go ba boloka ba tshela. Modimo ke one o fedisitseng dikganetsano, thubakanyo le bogagapa jo bo neng bo le teng mo lefatsheng la pele ga Morwalela.—2 Petere 3:5, 6.
Diphologolo mo Lefatsheng le Lesha
Jehofa Modimo o solofeditse batho gore fa ba ikobela melao ya gagwe ba tlile go fetoga ba sa tlhole e le dilalome tse di tlhaga, tse di pelotshetlha mme ba ne ba tla tshwana le diphologolo tse di bokgwabo, tse di bonolo. (Isaia 11:6-9; 65:25) Le gompieno, bosupi jwa seno bo bontsi thata. A o ko o ye kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e gaufi le wena mme o iponele ka matlho. Fa Jehofa a kgona go dira gore batho ba fetoge thata jalo, a a ka se kgone go rulaganya gore diphologolo di tshele ka kagiso le tse dingwe e bile di babalesegile, lefa seno se ka raya gore a fetole mekgwa ya tsone ya jaanong? Tota e bile, o solofetsa jaana: “Ke tlaa re mo motlheng oo ke ba direle kgolagano le diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, le dilo tse di gagabang tsa lefatshe. . . . Mme ke tlaa ba robatsa ka polokego.”—Hosea 2:18.
Moaposetoloi Petere o ne a kwala ka isagwe ya “letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi.” (2 Petere 3:7) Go baakanya goo, go go tla bong go laolwa ke Modimo e tla bo e le fa a nyeletsa batho ba ba boikepo fela. Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.
Akanya fela gore go tlile go nna monate jang go tshela mo lefatsheng le mo go lone ditshedi di sa tlholeng di le mo kotsing ya go nyelela. A bo go tla bo go na le dilo tse dintsi jang ne tse re tla di ithutang ka diphologolo tse di re dikologileng! Ee, dinkwe, ditau, ditlou, di tla saila di sa kgorelediwe ke sepe. Diphologolo tsa lewatle di tla ntsifala, fela jaaka digagabi, ditshenekegi le mefuta e e farologaneng ya dinonyane, go akaretsa le dipapalagae—tsotlhe di tshela sentle mmogo. Sengwe le sengwe se tla tshela sentle thata le batho ba tla bo ba itekanetse sentle mo Bogosing jwa ga Mesia.