Mefuta ya Ditshedi E e Mo Kotsing ya go Nyelela—Bogolo Jwa Bothata Jono
DI-DODO di nyeletse. Tsa bofelo mo dinonyaneng tseno tse di sa fofeng di ne tsa swa mo e ka nnang ka 1680 kwa setlhaketlhakeng sa Mauritius. Bontsi jwa mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing le tsone di nna kwa ditlhaketlhakeng. Mo dingwageng tse 400 tse di fetileng, mefuta e le 85 mo go e le 94 ya dinonyane e go itsiweng gore e nyeletse e ne e le dinonyane tse di nnang mo ditlhaketlhakeng.
Diphologolo tse di mo dikontinenteng tse dikgolo le tsone di mo kotsing ya go nyelela. Akanya ka dinkwe tse di kileng tsa bo di saila mo Russia yotlhe. Jaanong go setse fela tsa mofuta wa Amur kwa Siberia, mme palo ya tsone e fokotsegile thata, e fa gare ga 180 le 200. Go begiwa gore dinkwe tsa kwa China borwa di 30 go ya go 80 fela. Kwa Indochina, diphologolo tseno di lebanwe ke go nyelela “mo dingwageng di le lesome,” go bega jalo The Times ya Lontone. Fela jalo le kwa India, e e nnang bobediborarong jwa dinkwe tsotlhe tse di mo lefatsheng, puso ya koo e fopholetsa gore dibopiwa tse di kgatlhang thata tseno di ka nna tsa nyelela mo dingwageng di le lesome.
Ditshukudu le matlotse le tsone di a fokotsega. Go setse di-panda tse dikgolo di le sekete fela mo dikgweng tsa lefatshe. Bokgano ba ba ratang ditlhare tsa phaene ba batla ba nyeletse kwa Wales, e bile dipepe tse dikhibidu “di ka nna tsa nyelela kwa Engelane le Wales mo dingwageng tse 20 tse di tlang,” go bolela jalo The Times. Fa o kgabaganya Atlantic o leba kwa United States o fitlhela bommamanthwane e le bone thata diamusi tse di mo kotsing ya go nyelela mo nageng.
Ga go na tsholofelo e ntsi thata le ka tse di mo mawatleng a lefatshe. The Atlas of Endangered Species e tlhalosa gore dikhudubane tsa lewatle “gongwe ke tsone tse di mo kotsing thata” mo ditsheding tsa lewatle. Ditshedi tse di tshelang mo metsing le mo lefatsheng di lebega di le botoka; lefa go ntse jalo, go ya ka makasine wa New Scientist, mo dingwageng tse 25 tse di fetileng, mefuta e le 89 ya ditshedi tse di tshelang mo metsing le mo lefatsheng di ne tsa nna “mo kotsing ya go nyelela.” Mo e ka nnang diperesente di le 11 tsa mefuta ya dinonyane tsa lefatshe di mo kotsing ya go nyelela.a
Mme go tweng ka dibopiwa tse dinnye, tse di jaaka dirurubele? Go tshwana fela. Go feta kwatara ya mefuta e le 400 ya dirurubele tsa kwa Yuropa e mo kotsing—e le 19 e setse e tla nyelela. Serurubele sa Boritane se segolo sa mmala wa legapa la khudu se ile sa tsena mo lenaaneng la mefuta e e nyeletseng ka 1993 fela jaaka nonyane ya dodo.
Go Tshwenyega go a Oketsega
Ke mefuta e le mekae ya dibopiwa e e nyelelang ngwaga le ngwaga? Karabo e o tla e bonang e ikaegile ka gore o botsa moitse ofe. Le mororo borasaense ba sa dumalane, botlhe ba dumalana gore mefuta e mentsi ya ditshedi e mo kotsing ya go nyelela. Moitseikholoji Stuart Pimm, o akgela jaana: “Kgang e e tsosiwang ke bofefo jo re latlhegelwang ke [mefuta ya ditshedi] ka jone, tota ke kgang e e amang isagwe ya rona.” O oketsa jaana: “Mo makgolong a dingwaga a a fetileng, re ile ra oketsa selekanyo se mefuta ya ditshedi e e mo kotsing ya go nyelela e nyelelang ka sone fela thata go feta se di nyelelang ka sone fela ka tlholego. Seno se felela ka gore isagwe ya rona e lebege e le lolea fela.”
Polanete eno ya rona, Lefatshe, e tshwana le ntlo. Batho bangwe ba ba amegang thata ka mofuta wa ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela ba ithuta ikholoji, lereo le le bopilweng mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo19 la dingwaga go tswa mo lefokong la Segerika oikos, “ntlo.” Mo go seno go ithutiwa thata ka ditshedi le mafelo a di nnang mo go one. Batho ba bantsi ba ile ba kgatlhegela go di sireletsa le go di boloka mo lekgolong la bo19 la dingwaga, goo kwa ntle ga pelaelo go bakilweng ke dipego tsa tse di nyelelang. Kwa United States, seno se ne sa dira gore go dirwe diparaka tsa setšhaba le mafelo a a sireleditsweng a ditshedi di bolokesegang fa di le mo go one. Gone jaanong, go fopholediwa gore go na le mafelo a le 8000 a diphologolo di sirelediwang mo go one mo ditšhabeng tse dintsi. Fa a tlhakanngwa le a mangwe gape a le 40 000 a a thusang go sireletsa mafelo a ditshedi, a dira mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa naga mo lefatsheng lotlhe.
Bontsi jwa batho ba ba amegileng thata ka seno jaanong ba buelela tshireletso ya boswa jo botala, e le ka mekgatlho e e anamisang matshosetsi a go nyelela kana e e rutang batho fela gore botshelo jwa se sengwe bo ikaegile ka se sengwe. Mme e bile fa e sale go dirwa 1992 Rio Earth Summit, dipuso tse dintsi di ile tsa akanya thata fa di sena go lemoga dikgang tse di amang tikologo.
Bothata jwa ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela bo ama kgolokwe yotlhe e bile bo a oketsega. Ka ntlha yang? A maiteko a jaanong a go thibela gore di se ka tsa nyelela a a atlega? Mme go tweng ka isagwe? O amega jang? Ditlhogo tsa rona tse di latelang di tla araba dipotso tseno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mofuta wa setshedi se go tlhalosiwang gore se nyeletse ke o o nang le dingwaga di le 50 o sa bonwe mo nageng, fa mofuta wa setshedi se se mo kotsing ya go nyelela e le o o ka nyelelang fa maemo a o leng mo go one ka nako eo a sa fetoge.