LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 8/8 ts. 23-24
  • Go Boloka le go Sireletsa Kgatlhanong le go Nyelela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boloka le go Sireletsa Kgatlhanong le go Nyelela
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuso ya Boditšhabatšhaba
  • Go Tsenelela ga Motho
  • A Seno se Atlega Thata?
  • Tsholofelo E e Sa Tlhomamang
  • Mefuta ya Ditshedi E e Mo Kotsing ya go Nyelela—Bogolo Jwa Bothata Jono
    Tsogang!—1996
  • Dizuu—A ke Tsone Fela Tse Ditshedi Tsa Naga di di Ikantseng?
    Tsogang!—1997
  • Thulaganyo e e Raraaneng ya Botshelo
    Tsogang!—2001
  • Go Sekaseka Dizuu Tsa Segompieno
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 8/8 ts. 23-24

Go Boloka le go Sireletsa Kgatlhanong le go Nyelela

KGANKGOLO ya go sireletsa le go boloka mmogo le ya go nyelela ga ditshedi e ntse e tsweletse. Mekgatlho e mentsi e e ratang go thusa e gatelela dipuso gore di tlhome melao e e gagametseng thata ya go leka go sireletsa mefuta ya ditshedi e e mo kotsing ya go nyelela.

Ka sekai, bosheng jaana, go na le ditlhopha tse di farologaneng tse di neng tsa kopana le badiredibagolo ba kwa China mme di ile tsa kgona go dumalana le bone ka go thibela go thaisiwa ga dibera tse dintsho tsa Asia. Diphologolo tseno di ne di tshwarelwa santlhokwe le dikgetsana tsa tsone tsa santlhokwe tse di dirisiwang thata mo melemong ya ngwao ya kwa Botlhaba.

Thuso ya Boditšhabatšhaba

Ga go thuse sepe go sireletsa le go boloka mofuta mongwe wa setshedi mo nageng e nngwe fa kwa go e nngwe o tsomiwa gore o bo o nyelele. Seno se ile sa felela ka gore, ditšhaba di dumalane ka nako e e tshwanetseng—mme di le dintsi di ile tsa dumalana. Convention on Biological Diversity, Rio Treaty, e ne ya simolola go dirisiwa kwa bokhutlong jwa 1993, mme ka bonako morago ga foo e ile ya latelwa ke Agreement on the Conservation of Bats ya kwa Yuropa. International Whaling Commission e ne ya oketsa bosireletso jwa maruarua jwa Southern Ocean ka jwa Indian Ocean mo maitekong a go sireletsa maruarua a magolo. Mme gongwe tumalano e e nonofileng go di gaisa tsotlhe ke Convention on International Trade in Endangered Species.—Bona lebokoso.

Motho o santse a tshwanetse go ithuta go le gontsi ka kamano e e fa gare ga ditshedi. Batshwaraditlhapi ba Afrika Botlhaba ba ba neng ba tsenya ditlhapi tsa perch tsa Nile mo Letsheng la Victoria go oketsa dijo, ba ne ba baka se moithutadiphologolo Colin Tudge a neng a se bitsa “kotsi e kgolo go gaisa ya masetlapelo ya ikholoji ya lekgolo leno la dingwaga.” Mefuta e ka nna 200 mo go e le 300 ya ditlhapi tse di tlholegileng di nna koo e ne ya nyelela. Le mororo bosupi jwa bosheng bo bolela gore kgogolego ya mmu ke yone e tshwentseng gore mefuta mengwe ya ditshedi e se ka ya kgona go nna mmogo, dipuso tsa dinaga tse tharo tse di mo melelwaneng ya letsha leno jaanong di tlhomile lekgotla gore le sekaseke gore ke mefuta efe ya ditlhapi e e ka leriwang mme e se kitla e baya tse di tlholegileng koo mo kotsing.

Go Tsenelela ga Motho

Karolo nngwe e e atlegang thata ke thulaganyo ya go tsadisa diphologolo tse di sireleditsweng e e dirwang ke dizuu tse dintsi. “Fa dizuu tsa lefatshe leno le batho ka kakaretso ba ne ba ka tlhotlheletsa ba bangwe le go dirisa dikuno tsa bone go atisa diphologolo tse ba di sireleditseng, ba ne ba tla kgona go boloka mefuta yotlhe ya ditshedi tse di nang le lerapo la mokwatla tse di tlileng go tlhoka go atisiwa di sireleditswe mo isagweng e e fa gaufi.”—Last Animals at the Zoo.

Zuu e e kwa setlhaketlhakeng se sennye sa Jersey sa kwa Boritane e tsadisa diphologolo ka boikaelelo jwa go di busetsa gape kwa nageng moragonyana. Ka 1975, go ne go setse dipapalagae di le 100 fela tsa St. Lucia kwa legaeng la tsone kwa Caribbean. Dinonyane di le supa mo go tseno di ne tsa romelwa kwa Jersey. Go tla go fitlha ka 1989, zuu eno e ne e setse e tsadisitse tse dingwe di le 14 mme e setse e buseditse tse dingwe tsa tsone kwa St. Lucia. Go begiwa gore setlhaketlhake seo se na le di le 300 jaanong.

Dithulaganyo tse di tshwanang di ile tsa atlega le kwa mafelong a mangwe. National Geographic e bega gore diphiri tse 17 tse dikhibidu tse di neng di setse kwa Amerika Bokone di ne tsa ata thata fa di ne di sireleditswe mo jaanong tse di fetang 60 di buseditsweng kwa nageng.

A Seno se Atlega Thata?

Diphologolo tse di mo kotsing ga se gore tota di mo kotsing ya go nyelela gotlhelele. Go ya ka buka ya Endangered Species—Elephants, fa gare ga 1979 le 1989, palo ya ditlou tsa mo Afrika e ne ya fokotsega go tloga go 1300 000 go ya go 609 000—dingwe tsa tsone e le ka ntlha ya fa di tsomelwa dinaka tsa tsone. Morago ga foo, batho ba bantsi ba ne ba gatelela gore kgwebo ya dinaka tsa ditlou e se ka ya tlhola e letliwa ke molao. Lefa go ntse jalo, kganetso ya gore dinaka tsa ditlou di se ka tsa thibelwa go ya ka molao e ne ya nna bogale thata. Ka ntlha yang?

Kwa Zimbabwe le mo Afrika Borwa, melao ya go di boloka le go di sireletsa e ne ya atlega mo diparaka tsa bosetšhaba le mafelo a a bolokang diphologolo tsa naga a neng a nna le ditlou tse dintsi thata. New Scientist e ne ya bega gore kwa Zimbabwe go ne go tlhokega gore go tlosiwe ditlou di le 5000 kwa Hwange National Park. Ditlhopha tse di buelelang gore di sirelediwe le go bolokiwa di ne tsa akantsha gore di fudusiwe. Badiredi ba bagolo ba diparaka tseno ba ne ba swetsa go rekisa ditlou tseno mme ba akantsha gore mekgatlho ya Bophirima e e leng kgatlhanong le go bolawa ga diphologolo tseno e “ntshe madi a go di fudusa go na le gore e nnele go bua fela.”

Tsholofelo E e Sa Tlhomamang

Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga ba atlege. Batho ba bantsi ba bolela fa ba tshwenyega kaga go busediwa ga mefuta mengwe ya ditshedi gape kwa nageng. Nkwe ya Siberia e kgona go tshela sentle fa e bolokilwe e sireleditswe, mme fa e le kwa nageng e tlhoka go nna mo sekgweng sa disekwerekilometara di le 260 tse di senang batho ba ba bolayang diphologolo. Mo godimo ga moo, “fa o isa nkwe e e godiseditsweng mo zuung gape kwa lefelong la yone la tlholego e ka nna ya swa ka ntlha ya tlala,” go bolela jalo The Independent on Sunday. Tiragalo e e sa solofetseng le e seng!

Selo se sengwe se segolo ke gore ga se mofuta mongwe le mongwe wa setshedi o o nang le setlhopha sa baitse se se ka o thusang. Selo se se dirang bothata ga se go tlhokega ga badiri fela. Lefa batho ba ba di bolokang le go di sireletsa ba ka tswa ba ineetse go le kana kang, fa badiredibagolo ba sa dire dilo sentle, go na le bogagapa le go itlhokomolosa dilo, mmogo le ntwa gongwe le bodiphatsa jwa go bolawa, a tota ba ka solofela go atlega? Ka jalo he, tharabololo ya bothata jwa mefuta ya ditshedi e e mo kotsing ya go nyelela ke eng? Mme wena o amega jang mo go seno?

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Sebetsa Sa Boditšhabatšhaba

Convention on International Trade in Endangered Species ke sebetsa se se nonofileng thata mo go lweng le go rekisiwa go go sa letliweng ke molao ga mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela. Matlalo a mangau, dinaka tsa ditlou, marapo a dinkwe, dinaka tsa tshukudu le dikhudubane ke dingwe tsa dilo tse di thibetsweng ka molao gone jaanong. Tumalano eno e akaretsa le ditlhare dingwe le mefuta mengwe ya ditlhapi e e ka nnang ya nyelela.

Lefa go ntse jalo, Time e ne ya tlhagisa jaana: “Fa maloko a ditšhaba tseo a ka se ka a kgona go dira gore melao eo e ikobelwe, . . . a tlile go fitlhela diphologolo tse a lekang go di sireletsa di sa tlhole di le teng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A maiteko a go di boloka le go di sireletsa a ile a atlega thata?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Clive Kihn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela