Ditshedi Tsa Naga Tsa Lefatshe Tse Di Nyelelang
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA
A GA o itumelele go bona le go utlwa diphologolo tsa naga di tshela—nkwe, leruarua kgotsa korila? Go tlhokomela koala? Go utlwa lefatshe le duma ke dikgato tsa ditlhako tsa metlhape e e kailang gotlhe mo leitlho la gago le ka bonang gone? Le fa go ntse jalo, ka maswabi, bontsi jwa batho ba ka nna ba se ka ba bona tshono e e ntseng jalo—kwantle le fa ba ka e bona ka go ya go di bona kwa dimusiamong, mo bukeng kana mo sekirining sa khomputara. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
Ka gonne ka yone nako e o balang setlhogo seno ka yone, diketekete tsa dimela le diphologolo di ntse di nyelediwa ka tsela e e setlhogo. Dr. Edward O. Wilson e bong moitsethutotshelo kwa Yunibesithing ya Harvard o fopholetsa gore go nyelela mefuta ya ditshedi di le 27 000 ka ngwaga kana e le meraro ka ura e a nyelela. Ka lobelo lo lo kalo, e tla re mo dingwageng tse 30 diperesente di le 20 tsa mefuta ya ditshedi di ka nna tsa bo di nyeletse. Mme selekanyo se di nyelelang ka sone ga se a tlhomama; se golela pele. Go solofetswe gore mo masimologong a lekgolo le le latelang la dingwaga, mefuta ya ditshedi e le makgolokgolo e tla nyelela letsatsi le letsatsi!
O o leng gaufi thata le go nyelela ke tshukudu e ntsho ya Afrika. Go utswa diphologolo go fokoditse palo ya tsone go tloga go 65 000 go ya go 2500 mo dingwageng tse 20 fela. Go setse ditshwene tsa di-orangutan tse di ka fa tlase ga 5000 fela mo dikgweng tse di ntseng di ngotlega tsa Borneo le Sumatra. Sengwe gape se se mo kotsing ke diphologolo tsa mo metsing. Nngwe ya tsone ke tolofine ya baiji e e bonwang mo Nokeng ya Yangtze kwa China. Kgotlelo le go tshwara ditlhapi gongwe le gongwe go tlogetse fela di le lekgolo mme le tsone di ka nna tsa fela mo lesomeng la dingwaga.
Linda Koebner mo go Zoo Book a re: “Borasaense go tswa kwa ditlhopheng tse di farologaneng tsa thuto ba ganetsana ka dilo di le dintsi, mme ka ga go itlhaganelela go boloka ditshedi le boitekanelo jwa ditshedi tsa polanete eno, ba bua selo se le sengwe: Dingwaga tse di masome a matlhano tse di latelang di a tshosa.”
Ke Molato wa ga Mang?
Palo e e golang ya baagi e akofisa selekanyo se di nyelelang ka sone, mme bothata jwa palo ya baagi ga se jone fela bo leng molato wa seno. Ditshedi di le dintsi—tse di jaaka maphoi, dinonyane tsa moa, nonyane ya great auk le phiri ya thylacine fa re umaka di sekae fela—di ne tsa nyelela le eleng pele palo ya baagi e simolola go baka mathata. Dr. J. D. Kelly, motsamaisi wa Zoological Parks Board ya kwa New South Wales, kwa Australia, o buile jaana ka ga direkoto tsa naga eo: “Go nyelela ga methalethale ya ditshedi fa e sa le batho ba tla go nna mono ka 1788 go tlontlolola setšhaba tota.” Ga go pelaelo gore go ntse jalo le ka dinaga tse dingwe tse dintsi. Gape e umakile dilo tse di setlhogo thata tse di bakang go nyelela ga ditshedi—go itlhokomolosa dilo le bopelotshetlha.
Ka ntlha ya bothata jono jwa go nyelela ga ditshedi jo bo aparetseng lefatshe lotlhe, go na le sengwe se sesha se se ka nnang sa se ka sa atlega se se tsentseng letsogo go namola diphologolo tse di mo kotsing—dizuu. Mafelo ano a a leng mo bogareng jwa metsemegolo, a a ntseng a oketsega ke one fela mafelo a mefuta e le mentsi ya ditshedi e ka tshabelang kwa go one. Le fa go ntse jalo dizuu ga di na mafelo a a lekaneng mme le diphologolo tsa naga di ja madi a mantsi thata e bile go thata go di tlhokomela. Bothata jo bongwe ke go aga di ageletswe le fa seo se dirwa ka maikaelelo a a molemo. Go feta moo, mo dizuu di ikaegile gotlhelele ka madi a di a abelwang ke batho le ka dithuso tse di sa tlhomamang tsa mekgatlho ya dipolotiki le ya ikonomi. Ka jalo batshabi bano ba naga ba sireletsegile go le kana kang?
[Lebokoso mo go tsebe 3]
A go Nyelela Gono ke ga Tlholego?
“A go nyelela gono ga se karolo ya thulaganyo ya tlholego? Karabo ke nnyaa, bobotlana e seng go ya ka selekanyo se go diragetseng ka gone bosheng jaana. Mo dingwageng tse di fetang 300 tse di fetileng selekanyo sa go nyelela ga mefuta ya ditshedi e ne e ka nna o le mongwe ka ngwaga. Jaanong selekanyo se batho ba nyeletsang mefuta ya ditshedi ka sone e ka nna gasekete go feta ka nako eo. . . . Selo se se dirang gore selekanyo se di nyelelang ka sone se tlhatlogele kwa godimo jaana ke ditiro tsa motho.”—The New York Public Library Desk Reference.
“Ke ne ka jesiwa kgage ke palo e ntsi ya ditshedi tse di nyeletseng ka tsela e e sa tlwaelegang gape ka utlwisiwa botlhoko e bile gantsi ke galefisiwa ke go nyelela ga tsone. Ka gonne mo mabakeng e ka nna otlhe e nnile Motho ka bopelotshetlha kana bosetlhogo, ka bosutlha kana ka go tlhoka kgatlhego e ka tswa e le ka tlhamalalo kana ka tsela e e sa tlhamalalang a bakileng go nyelela gono.”—David Day, The Doomsday Book of Animals.
“Ditiro tsa motho di nyeletsa mefuta ya ditshedi le pele ga e tsenngwa mo direkotong.”—Biological Conservation.