Lotsalo lo lo Madimabe
GO NNA motshabi go ntse jang? Akanya fela o tshela ka kagiso mme ka ponyo ya leitlho fela botshelo jotlhe jwa gago bo bo bo fetoga. Ka tshoganetso fela baagelani ba fetoga baba. Masole a a tlileng go gapa dilwana le go fisa matlo a etla. O na le metsotso e le lesome fela go paka dilwana tsa gago le go sia gore o boloke botshelo jwa gago. O ka kgona go tsaya kgetsana e le nngwe fela e nnye ka jaana o tla tshwanelwa ke go tsamaya ka yone dikilometara di le dintsi. O tla tsenya eng mo go yone?
Fa o tswa go utlwala modumo wa ditlhobolo le dibetsa tse di kgwang dimmisaele. O le botsa phokoje le batho ba bangwe ba le bone ba tshabang. Go feta malatsi; o kgarakgatshega o tshwerwe ke tlala, lenyora, e bile o lapile thata. Gore o tle o falole, o tshwanetse go tsamaya fela o ntse o lapile. O robala fa fatshe. O fatafata mo nageng o batla se o ka se jang.
O fitlha mo nageng e e babalesegileng, lefa go ntse jalo, badisa ba melelwane ga ba go letle gore o kgabaganye. Ba phuruphutsha kgetsana ya gago ba bo ba gapa sengwe le sengwe se se tlhwatlhwakgolo. O fitlha fa lefelong le lengwe gape le go phoruphodiwang fa go lone o bo o fitlha o kgabaganya molelwane. O tsenngwa mo kampeng ya batshabi e e lesweleswe e e nang le legora la terata ya mmitlwa. O ikutlwa o jewa ke bodutu e bile o latlhegile le mororo o dikaganyeditswe ke batho ba ba mo tlalelong jaaka wena.
O tlhorontshiwa ke go tlhoafalela lelapa la gaeno le ditsala. O iphitlhela o tshwanelwa ke go ikaega ka thuso ya batho ba bangwe. Ga go na mmereko e bile ga go sepe se o ka se dirang. O tlhorontshiwa ke go ikutlwa o sena tsholofelo, o latlhegile e bile o galefa. O tshwenyegile ka isagwe ya gago, o itse gore o ka nna wa nna mo kampeng eo ka nakwana fela. Kana e bile, kampa eo ga se legae—e tshwana le ntlwana ya boletelo kana bobolokelo jwa batho jo go seng ope yo o ipatlang mo go jone. O ipotsa gore a o tla patelediwa go boela kwa o tswang teng.
Seno se diragalela dimilionemilione tsa batho gompieno. Go ya ka United Nations High Commissioner for Refugees (UNHCR), batho ba le dimilione di le 27 mo lefatsheng lotlhe ba tshabile ka ntlha ya ntwa kana pogiso. Ba bangwe gape ba le dimilione tse 23 ba fudugetse kwa mafelong a mangwe gone mo dinageng tsa bone. Ka kakaretso, motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 115 mo lefatsheng o ile a patelesega go sia. Bontsi ke basadi le bana. Ka ntlha ya go nna lotsalo lwa ntwa le masetlapelo, batshabi bano ba iphitlhela ba le mo lefatsheng le le sa ba batleng, lefatshe le le ba ilang e seng ka ntlha ya gore ke bomang mme e le fela ka ntlha ya se ba leng sone.
Go nna gone ga bone ke sesupo sa diphetogo tse dikgolo tse di diragalang mo lefatsheng lotlhe. UNHCR e bolela jaana: “Batshabi ke selo se segolo se se supang go nna makgaoganyane ga setšhaba. Ke bone karolo ya bofelo e e lemotshegang go gaisa tsotlhe ya dilo tse dintsi tse di bakang mathata le tse di supang selekanyo sa mathata mo dipolotiking le mo loagong mo nageng. Fa o ba leba go ya le lefatshe lotlhe, o fitlhela gore ke selo se se supang kafa maemo a mokgwa wa botshelo wa gone jaanong a leng ka teng.”
Baitse ba bolela gore bothata jono bo bogolo ka selekanyo se se iseng se ko se nne e bile bo oketsega ka selekanyo se se boitshegang. Ke eng se se bakileng seemo seno? A go na le tharabololo? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]
Boy on left: UN PHOTO 159243/J. Isaac
U.S. Navy photo