LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 9/8 ts. 4-8
  • Dipalo Tse di Oketsegang Tsa Batshabi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipalo Tse di Oketsegang Tsa Batshabi
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa Bothata Jono bo Oketsega?
  • Dimilionemilione Tse di sa Batliweng ke Ope
  • Ke Eng se se Raraanyang Dilo?
  • Letlhoo le Poifo
  • Go Thusa “Baagi ba Baeng” Gore ba ‘Direle Jehofa ka go Ipela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tharabololo ke Eng?
    Tsogang!—1996
  • Lefatshe le Mongwe le Mongwe a Tla Amogelwang mo go Lone
    Tsogang!—2002
  • Batho ba Batla Polokesego
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 9/8 ts. 4-8

Dipalo Tse di Oketsegang Tsa Batshabi

KAROLO e ntsi ya hisitori ya batho e ile ya aparelwa ke dintwa, mauba le pogiso. Ka ntlha ya seno, go sa le go ntse go na le batho ba ba tlhokang botshabelo. Mo dinakong tse di fetileng, ditšhaba le merafe di ile tsa naya batho mafelo a ba a tlhokang a botshabelo.

Ba-Aztec, Baasiria, Bagerika, Bahebera, Bamoselema le ba bangwe ba ne ba tlotla thata melao e e malebana le go naya batho botshabelo. Plato, yo e neng e le mofilosofi wa Mogerika, o ne a kwala jaana mo e ka nnang makgolo a dingwaga a le 23 a a fetileng: “Batho le medimo e tshwanetse go rata motswakwa yo o kgaogantsweng le bagabone le lelapa la gagwe ka lorato lo logolo. Ka jalo, go tshwanetswe ga lekwa ka bojotlhe gore batswakwa ba se ka ba direlwa bosula bope.”

Palo ya batshabi e ile ya oketsega ka tsela e e boitshegang mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Ka 1951, go ne ga tlhongwa United Nations High Commissioner for Refugees (UNHCR) e le maiteko a go tlhokomela batshabi ba le dimilione di le 1,5 ba ba neng ba setse morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Go ne go akanngwa gore e ne e tla tsaya dingwaga di le tharo fela ka kgopolo ya gore go ise go ye kae batshabi ba ba neng ba le teng ba ne ba tla tswakanngwa le batho ba dinaga tse ba neng ba tshabetse kwa go tsone. Go ne ga akanngwa gore morago ga moo, mokgatlho oo o ne o tla phatlaladiwa.

Lefa go ntse jalo, fa masome a dingwaga a ntse a feta, palo ya batshabi e ile ya oketsega thata. Ka 1975, palo ya bone e ne e setse e le dimilione di le 2,4. Ka 1985, palo eo e ne e setse e tshwere dimilione di le 10,5. Ka 1995 palo ya batho ba ba sirelediwang le go thusiwa ke UNHCR e ne e setse e oketsegile thata e le dimilione di le 27,4!

Batho ba le bantsi ba ne ba solofetse gore morago ga motlha wa Ntwa ya Molomo go ne go tla nna le tshono ya gore go rarabololwe bothata jwa batshabi jo bo aparetseng lefatshe lotlhe; ga go a ka ga nna jalo. Go na le moo, ditšhaba di ile tsa kgaogana ka ntlha ya ditiro tsa hisitori ya tsone kana setso sa tsone mo go ileng ga felela ka dintwa. Fa go ntse go lowa, batho ba ile ba tshaba ka go itse gore dipuso tsa bone ga di ne di ba sireletsa kana gore di ka se kgone go dira jalo. Ka sekai, ka 1991, mo e ka nnang batho ba le dimilione tse pedi ba Iraq ba ile ba tshabela kwa dinageng tse ba bapileng le tsone. Fa e sa le ka nako eo, batshabi ba ba fopholediwang go 735 000 ba ile ba tshaba go tswa kwa go se e kileng ya bo e le Yugoslavia. Morago ga moo, ka 1994, ntwa ya selegae ya kwa Rwanda e ne ya pateletsa batho ba ba fetang halofo ya batho ba naga eo ba le dimilione tse 7,3 go tlogela magae a bone. Mo e ka nnang batho ba le dimilione tse 2,1 ba Rwanda ba ne ba tshabela kwa dinageng tsa Afrika tse e bapileng le tsone.

Ke Eng fa Bothata Jono bo Oketsega?

Go na le dilo di le mmalwa tse di dirang gore palo ya batshabi e oketsege. Kwa mafelong mangwe, a a jaaka Afghanistan le Somalia, dipuso tsa setšhaba di phutlhame. Seno se bakile gore go laole digopa tse di tsholang dibetsa tse di thopang mafelo a naga di sa thibelwe ke sepe di dira gore batho ba tsenwe ke tsebetsebe le go tswa ba tshaba.

Kwa mafelong mangwe ntwa e bakwa ke dikgotlhang tse di raraaneng tsa setso kana tsa bodumedi tse mo go tsone maikaelelo a magolo a ditlhopha tse di lwang e leng go leleka baagi. Malebana le ntwa ya kwa go se e neng e le Yugoslavia, moemedi mongwe wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a akgela jaana ka khutsafalo mo bogareng jwa ngwaga wa 1995: “Mo bathong ba le bantsi ga go motlhofo go tlhaloganya gore ke eng se se bakang ntwa eno: ke mang yo o lwang le gone go lwelwa eng. Batho ba bantsi ba a fuduga go tswa kafa letlhakoreng le lengwe mme e bo e re morago ga dibeke tse tharo ba bo ba fudugela gape kafa letlhakoreng le lengwe. Go thata tota le mo bathong ba go ka bong go twe ba a go tlhaloganya gore ba tlhaloganye lebaka la seno.”

Dibetsa tsa segompieno tse di kotsi thata—dirokete tse di tsenngwang ka go latelanngwa, dimmisaele, ditlhobolo tsa atilari le tse dingwe—di oketsa babolaiwa e bile di dira gore go tlhaselwe lefelo le legolo. Matswela e nna: batshabi ba bantsintsi. Bosheng jaana mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa batshabi ba lefatshe ba ile ba tshaba ba tswa mo dinageng tse di santseng di tlhabologa ba ya kwa dinageng tse di bapileng le tsone tse le tsone di santseng di tlhabologa e bile di sena sepe se di ka tlamelang batshabi bao ka sone.

Mo dintweng di le dintsi, go tlhoka dijo go gakatsa bothata jono. Fa batho ba bolawa ke tlala, gongwe e le ka go bo dilwana tsa namolo di thibelwa, ba patelesega go fuduga. The New York Times e bolela jaana: “Kwa mafelong a a jaaka kwa Lenaka la Afrika, leuba le ntwa di sentse naga mo e sa tlholeng e kgona go ntsha sepe se batho ba ka itshedisang ka sone. Ga go re sepe gore a batho ba tshabisiwa ke go bolawa ke tlala kana ke ntwa.”

Dimilionemilione Tse di sa Batliweng ke Ope

Lefa gone kgang ya go thusa batshabi e buelelwa thata mme e le puo ya molomo fela, palo e e boitshegang ya batshabi e boifisa ditšhaba tse dintsi. Seemo seno se tshwana le sa Egepeto wa bogologolo. Fa Jakobe le lelapa la gagwe ba ne ba tshabetse kwa Egepeto gore ba se ka ba nyelediwa ke leuba le le neng la tsaya dingwaga di le supa, ba ne ba amogelwa ka diatla tsoopedi. Faro o ne a ba naya ‘lefatshe le le gaisang ka molemo’ gore ba nne mo go lone.—Genesise 47:1-6.

Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e feta, Baiseraele ba ne ba ntsifala thata, “ba tlala ka lefatshe.” Jaanong Baegepeto ba ne ba simolola go ba tshwara makgwakgwa, lefa go ntse jalo, “fela jaaka [Baegepeto] ba ba utlwisa botlhoko [Baiseraele] bone ba ntsifala bogolo bogolo, ba anama bogolo. Mme ba nna pelo e botlhoko ka ntlha ya bana ba Iseraele.”—Ekesodo 1:7, 12.

Le gompieno, ditšhaba di “nna pelo e botlhoko” fa palo ya batshabi e ntse e ntsifala. Selo se segolo se se dirang gore ba tlhobaele ke ka ntlha ya ikonomi. Go ja madi a mantsi tota go fepa dimilionemilione tsa batshabi, go ba apesa, go ba agela matlo le go ba sireletsa. Mo magareng a 1984 le 1993, madi a UNHCR e ileng ya a dirisa ka ngwaga a ile a oketsega go tloga go diranta di le dimilione di le 1714 go fitlha go diranta di le dimilione di le 5018. Bontsi jwa madi ao a abiwa ke dinaga tse di humileng go sekae, tse dingwe tsa tsone le tsone di kgaratlhang le mathata a tsone a ikonomi. Dinaga tseno tse di abang di na le go ngongorega jaana: ‘Re imelwa ke go thusa batho ba ba senang magae ba naga ya rona. Ke eng fa re tshwanetse go rwesiwa maikarabelo a go thusa batho ba ba senang magae ba polanete yotlhe segolobogolo ka go bonala fa bothata jono bo golela pele go na le gore bo fokotsege?’

Ke Eng se se Raraanyang Dilo?

Batshabi ba ba gorogang kwa dinageng tse di humileng gantsi ba fitlhela gore seemo sa bone se raraantswe ke diketekete tse dingwe tsa batho ba ba ileng majako kwa go yone naga eo ka mabaka a tsa ikonomi. Batho bao ba ba ileng majako ka ntlha ya tsa ikonomi ga se batshabi ba ba tshabileng ntwa kana pogiso kgotsa leuba. Go na le moo, ba tlile koo go tla go senka mafulo a matalana—go intsha lehuma. Ka gonne gantsi ba itira e kete ke batshabi, ba tshwenya mekgatlho e e namolang batshabi ka go bua maaka, ba dira gore go nne bokete thata gore batho ba e leng batshabi tota ba sekegelwe tsebe.a

Tsela e batshabi le batho ba ba ileng majako ba ileng ba fetsa dingwaga ba thologela ka yone mo dinageng tse di humileng e ile ya tshwantshiwa le melapo e mebedi e e elelang e bapile e tshela mo go tsone. Lefa go ntse jalo, melao e e ntseng e gagamadiwa e e malebana le bajaki e ile ya kgoreletsa go thologela ga batho ba ba ileng majako ka ntlha ya dilo tsa ikonomi. Ka jalo, ba ile ba fetoga karolo ya molapo o o penologang wa batshabi, mme molapo ono o bakile morwalela.

Ka go itse gore go ka nna ga tsewa dingwaga tse dintsi go sekasekwa kopo ya bone ya botshabi, bajaki bano ba tsa ikonomi ba nna le kakanyo ya gore ba tla solegelwa molemo go sa kgathalasege tshwetso e e ka tsewang. Fa e le gore kopo ya bone ya botshabi e a atlega, ba a fenya ka gonne jaanong ba letlwa go nna mo lefelong le ikonomi ya lone e leng botokanyana. Fa kopo ya bone e sa atlege, le teng foo ba ntse ba a fenya ka gonne ba kgobokantse madi e bile ba ithutile ditiro tse ba tla fitlhang ba di dira fa ba boela gae.

Jaaka dipalo tsa batshabi le ba ba itirang bone di ntse di oketsega thata, dinaga di le dintsi ga di ba amogele. Dingwe di ile tsa tswala melelwane ya tsone gore batshabi ba se ka ba tsena. Dinaga tse dingwe di tlhomile melao le dithulaganyo tse le tsone di sa letleng batshabi go tsena. Dinaga tse dingwe tsone di ile tsa busetsa batshabi kwa dinageng tse ba tswang kwa go tsone. Kgatiso nngwe ya UNHCR e akgela jaana: “Dipalo tse di oketsegang thata—tsa batshabi ba mmatota le ba e leng bajaki ka ntlha ya tsa ikonomi—di bakile mathata a a masisi thata mo thulaganyong eno ya botshabi e e nang le dingwaga tse 3500 e bile ke tsone di dirang gore e phutlhame.”

Letlhoo le Poifo

Selo se sengwe se se gakatsang mathata a batshabi ke maikutlo a go boifa le go ila batswakwa. Mo dinageng tse dintsi batho ba na le maikutlo a gore batswakwa ba tla senya tebego ya setšhaba sa bone, setso le go ba tseela ditiro. Gantsi ba supa poifo e e ntseng jalo ka tirisodikgoka. Makasine wa Refugees wa re: “Mo kontinenteng ya Yuropa, batho ba tlhaselana ka ntlha ya go farologana ka lotso mo metsotsong mengwe le mengwe e meraro—gantsi tirisodikgoka eno e direga thata mo mafelong a go nnang batshabi mo go one.”

Polakate nngwe kwa Yuropa bogare e supa letlhoo, letlhoo le o le fitlhelang mo dinageng tse dintsi tsa lefatshe. Molaetsa ono wa yone o o bogalaka o lebisitswe go batswakwa: “Ba tshwana le tlhagala e e ferosang sebete le e e botlhoko mo mmeleng wa setšhaba sa rona. Ke moratshwana o senang setso, melao ya maitsholo kana ya bodumedi, segopa sa bakgarakgatshegi ba bathukhuthi le magodu. Ba leswe, ba saila dinta, ba tlhola ba ebela le mebila le diteishene tsa diterena. A ba pake makgasanyana a bone a a leswe mme ba tsamaele ruri!”

Ke boammaaruri gore, batshabi ba le bantsi ba ne ba ka rata thata gore ba “tsamaele ruri.” Ba tlhoafaletse go boela gae thata. Ba eletsa thata go ipona ba tshela ka kagiso le ka tsela e e ritibetseng le ba malapa a bone le ditsala. Lefa go ntse jalo, ga ba na legae le ba ka yang kwa go lone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka 1993, dipuso tsa Yuropa Bophirima fela, di ne tsa dirisa diranta di le dimilione di le 44 800 go dira dithulaganyo le go amogela batho ba ba tshabelang teng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mahutsana A Batshabi

“A o ne o itse gore dikete di le makgolokgolo tsa bana ba batshabi di robala di sa ja bosigo bongwe le bongwe? Kana gore ke ngwana a le mongwe fela wa motshabi mo go ba le robedi yo o kileng a tsena sekolo? Bontsi jwa bana bano ga ba ise ba ko ba ye kwa dibaesekopong kana kwa phakeng, re sa re sepe ka musiamo. Bontsi jwa bone ba golela mo dikampeng tse di ageletsweng ka terata e e mmitlwa kana mo dikampeng tse di kgakala le metse. Ga ba ise ba ko ba bone kgomo kana ntša. Bontsi jwa bana ba batshabi ba akanya gore bojang jo botala ke selo se se ka jewang e seng se go ka ipitikwang mo go sone. Go bona bana ba batshabi ke selo se se nkhutsafatsang go gaisa tsotlhe mo tirong ya me.”—Sadako Ogata, wa United Nations High Commissioner for Refugees.

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Navy photo

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Jesu E Ne E Le Motshabi

Josefe le Maria ba ne ba nna le morwa wa bone e bong Jesu, kwa Bethelehema. Balepadinaledi ba kwa Botlhaba ba ne ba tla ka dimpho tsa gauta, malao a lebano le mura. Fa ba sena go tsamaya moengele o ne a tla kwa go Josefe a mo raya a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”—Mathaio 2:13.

Ka bonako fela, ka boraro jwa bone ba ne ba tshabela kwa nageng ya seeng—ba nna batshabi. Herote o ne a shakgala thata ka gonne balepadinaledi ba sa tla go mmegela kwa Ene yo go boleletsweng pele gore e tla nna kgosi ya Bajuta a leng teng. O ne a dira maiteko a a neng a se ka a atlega a go bolaya Jesu, ka go laela banna ba gagwe gore ba bolaye bana botlhe ba basimane ba Bethelehema le tikologo ya teng.

Josefe le lelapa la gagwe ba ne ba nna kwa Egepeto go fitlha moengele wa Modimo a tla gape kwa go Josefe mo torong. Moengele o ne a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba kileng ba batla go mmolaya ba sule.”—Mathaio 2:20.

Go bonala fa Josefe a ne a ikaeletse go nna kwa Jutea kwa ba neng ba nna teng pele ga ba tshabela kwa Egepeto. Lefa go ntse jalo, o ne a tlhagisiwa mo torong gore go dira jalo go tla nna kotsi. Ka jalo, matshosetsi a mangwe gape a tirisodikgoka a ne a ama botshelo jwa bone. Josefe, Maria le Jesu ba ne ba tsamaela kwa bokone kwa Galilea mme ba ya go nna kwa toropong ya Nasaretha.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mo dingwageng tsa bosheng jaana dimilionemilione tsa batshabi di ile tsa tshabela kwa dinageng tse dingwe go falotsa matshelo a tsone

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top left: Albert Facelly/Sipa Press

Top right: Charlie Brown/Sipa Press

Bottom: Farnood/Sipa Press

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Boy on left: UN PHOTO 159243/J. Isaac

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela