LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 10/8 ts. 22-24
  • Laola Botshelo Jwa Gago Jaanong!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Laola Botshelo Jwa Gago Jaanong!
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgopolo E e Mo Baebeleng ke Efe?
  • Thuso E e Di Gaisang Tsotlhe Tse di Leng Teng
  • ‘Lefoko la Modimo le Tshedile le Bile le Naya Maatla’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke Molato wa ga Mang wa Gago Kgotsa wa Dijini Tsa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kafa O Ka Fetolang Se O Leng Sone ka Gone
    Tsogang!—1991
  • Lebaka La go Bo Boikepo bo Tswelela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 10/8 ts. 22-24

Laola Botshelo Jwa Gago Jaanong!

DIPATLISISO tsa saense mo boitshwarong jwa batho le dilo tse di ba rotloetsang go dira dilo di re thusitse ka ditsela tse dintsi. Gongwe re ka tswa re thusitswe go itshokela bolwetse bongwe ka go bo re bo tlhaloganya ka botlalo. Mme gape, go tla bo go le botlhale go nna kelotlhoko malebana le dikgopolo tse di kgatlhang thata, segolobogolo tseo di lebegang di sa dumalane le melaometheo e e tlhomilweng.

Mo kgannyeng ya dijini le boitshwaro, go tsoga dipotso tseno: A re ka iphimola boikarabelo jwa molato wa rona mme ra se ka ra amogela gore re phoso? A re ka kopa gore re se pegwe molato kgotsa re o pege mongwe kgotsa sengwe ka ntlha ya go sa akanyetse dilo sentle kana go dira phoso e re ka tswang re e dirile, ka go dira jalo re balelwa mo palong e e ntseng e oketsega ya kokomana ya “ga se nna”? Le e seng. Batho ba bantsi ba itumelela go tlotlomalediwa dilo tse ba atlegileng go di dira mo botshelong, ka jalo, ke ka ntlha yang fa ka tsela e e tshwanang ba sa amogele boikarabelo jwa diphoso tsa bone?

Ke gone ka moo re ka botsang jaana, Lefoko la Modimo, Baebele e e Boitshepo, la re ke mang kgotsa ke eng se se laolang matshelo a rona gompieno?

Kgopolo E e Mo Baebeleng ke Efe?

Selo sa ntlha se re tlhokang go se lemoga ke gore rotlhe re tsholelwa mo boleong jo re bo tsereng mo batsading ba rona ba ntlha, Atame le Efa. (Pesalema 51:5) Mo godimo ga moo, re tshela mo nakong e e kgethegileng, e e bidiwang ‘metlha ya bofelo,’ e mo go yone batho ba lebaneng le “dipaka tse di tlhokofatsang.” (2 Timotheo 3:1) Seno se supa gore, fa re bua fela ka kakaretso, re kopana le mathata a a oketsegileng fa re leka go laola matshelo a rona ka tsela e e siameng go gaisa bagologolwane ba rona.

Lefa go ntse jalo, batho botlhe ba gololesegile go itlhophela se ba batlang go se dira, ba ka itlhophela dilo tse di ba amang ka namana. Ka jalo, ba laola matshelo a bone go fitlha mo selekanyong seo. Seno se sa le se ntse jalo go simolola mo metlheng ya pele mme re ka se lemoga mo mafokong a ga Joshua fa a ne a kwalela setšhaba sa Iseraele: “Itshenkeleng gompieno yo lo tlaa mo direlang.”—Jošua 24:15.

Baebele e a dumela gore Satane Diabolo o kobilwe kwa legodimong mme jaanong, go gaisa le fa e le leng pele, o tlhotlheletsa lotso lotlhe lwa batho go dira bosula. Gape e re bolelela gore, le e leng mo metlheng ya ga moaposetoloi Johane, lefatshe lotlhe le ne le namaletse fa tlase ga yo o bosula. (1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9, 12) Lefa go ntse jalo, fela jaaka Modimo Mothatayotlhe a sa laole dikgato tsotlhe tsa rona lefa e le go re laolela gale kwa bofelelong jo bo itsiweng fela ke ene, ga re a tshwanela go pega Satane molato ka tlhamalalo ka diphoso dingwe le dingwe tsa rona kgotsa dilo tse re palelwang ke go di dira. Boammaaruri jo bo salang jwa Dikwalo ke gore “motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo.” (Jakobe 1:14, 15) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang.”—Bagalatia 6:7.

Ka jalo, Jehofa Modimo o tsaya mongwe le mongwe wa rona a ikarabela mo dilong tse a di dirang. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra leka go ipata ka tsela e dijini tsa rona di dirilweng ka yone le ka makoa a rona a re tsetsweng ka one. Modimo o ne a tsaya batho ba metse ya bogologolo ya Sotoma le Gomora ba ba neng ba thubaka e bile ba dira bosotoma. Go phepafetse gore o ne a sa tseye gore baagi ba koo ke dibopiwa tse di tlhomolang pelo tse di seng lesego tse di neng di ka se kgone go ithiba go nna bosula ka ntlha ya makoa mangwe mo dijining tsa tsone. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba neng ba tshela mo metlheng ya ga Noa ba ne ba dikologilwe ke dilo di le dintsi tse di neng di ba tlhotlheletsa go dira bosula; lefa go ntse jalo, ba ne ba tshwanetse go itlhophela, ba dira tshwetso ya motho ka namana, fa e le gore ba ne ba batla go falola Morwalela o o neng o tloga o tla. Ba sekae ba ne ba tlhopha ka tsela e e siameng. Ba bantsi ga ba a dira jalo.

Moporofeti wa Mohebere, Esekiele, o netefatsa gore go tlhokega gore re ikgalemele ka namana gore Modimo a tle a re amogele: “Le fa go ntse jalo e re fa o tlhagisa moikepi, mme a sa sokologe mo boikepong jwa gagwe, le fa e le mo tseleng ya gagwe ya boikepo, o tlaa swela mo boikepong jwa gagwe; mme wena o bo o golotse mowa wa gago.”—Esekiele 3:19.

Thuso E e Di Gaisang Tsotlhe Tse di Leng Teng

Ee ruri, rotlhe re tlhoka go ithiba mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, mme seno ke kgwetlho tota mo go ba le bantsi ba rona. Mme ga go tlhokege gore re itlhoboge. Lefa gone Modimo a sa amogele ditshekamelo tsa rona tsa boleo jo re tsetsweng ka jone, fa re batla go baakanya boitshwaro jwa rona, o tla re fa thuso e e di gaisang tsotlhe tse di leng teng—moya wa gagwe o o boitshepo le boammaaruri jwa gagwe jo bo tlhotlheleditsweng. Go sa kgathalesege boemo bope jo re ka tswang re tsetswe re na le jone mo dijining tsa rona le mabaka ape a a ka tswang a re tlhotlheletsa, re ka ‘apola motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe; mme ra apara motho yo moša, yo o ntseng a šafalediwa mo kitsong ka fa setshwanong sa yo o mo tlhodileng.’—Bakolosa 3:9, 10.

Bakeresete ba bantsi mo phuthegong ya Korintha ba ne ba dira diphetogo tse dikgolo mo boitshwarong jwa bone. Pego e e tlhotlheleditsweng e re bolelela gore: “Go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo. Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.”—1 Bakorinthe 6:9-11.

Ka jalo, fa e le gore re kgaratlha le makoa a rona, re se ka ra a ineelela. Bakeresete ba bantsi ba motlha wa gompieno ba supile gore ka thuso ya ga Jehofa, ba ne ba kgona go “fetolwa ke bošafatso jwa pelo tsa bone, gore ba lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.” Ba otla megopolo ya bone ka dilo tsotlhe tsa boammaaruri, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di molemo, tse di bakwang; mme ba nna ba ‘gopotse dilo tse.’ Ba ja dijo tse di loileng tsa semoya mme fa ba ntse ba di ja, ba dira gore maikutlo a bone a tlwaediwe go lemoga molemo le bosula.—Baroma 12:2; Bafilipi 4:8; Bahebere 5:14.

Go a kgothatsa go itse ka go kgaratlha ga bone, go palelwa ga bone ka nakwana le gore kgabagare ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo ba tla atlega. Modimo o re tlhomamisetsa gore go fetola boitshwaro jwa rona gantsi go akaretsa pelo le keletso ya yone: “Gonne botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago; tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, tlhaloganyo e tlaa go boloka, go go golola mo tseleng ya bosula.”—Diane 2:10-12.

Ka jalo, fa o batla go dira botshelo jo bo sa khutleng mokgele wa gago—botshelo jo bo senang matshwenyego a lefatshe le le bosula le jo bo senang makoa a a kgobang marapo—‘iteke ka tlhagafalo’ ka go laola botshelo jwa gago gone jaanong mme o kaelwe ke botlhale jwa legodimo. (Luke 13:24, NW) Dira gore o bone thuso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa gore o tle o kgone go ungwa loungo lwa boikgapo. Dira go dumalanya botshelo jwa gago le melao ya Modimo keletso ya pelo ya gago, mme o reetse kgakololo eno: “Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo yotlhe: gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Go tshwara “botshelo jo e leng botshelo ruri” mo lefatsheng le lesha la Modimo—le mo go lone Jehofa Modimo a tla baakanyang ditlhaelo tsotlhe tsa dijini mo motheong wa tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete sa thekololo—go tshwanelwa ke maiteko ape a o a dirang go laola botshelo jwa gago mo lefatsheng leno!—1 Timotheo 6:19; Johane 3:16.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go ithuta Baebele go ka re nonotsha go fenya makoa ape a a ka tswang a tseneletse mo go rona

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go ithuta Baebele go ka re thusa go ngaparela melao ya Modimo ya boitsholo ka boammaaruri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela