LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 10/8 ts. 28-30
  • Nka Ijesa Monate Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Ijesa Monate Jang?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Dilo Mmogo
  • Dikokoano Tse di Agang
  • Monate wa Lelapa
  • Fa o le Nosi
  • “Boipelo” mo Tirelong ya ga Jehofa
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Kgone go Ja Monate Motlha Mongwe Fela?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Eng fa Basha ba Bangwe ba ja Monate Thata Jaana?
    Tsogang!—1996
  • Boitlosobodutu jo bo Molemo, jo bo Lapolosang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ke Eng se se Dirang Gore Kokoano ya Boitlosobodutu e Itumedise ka Tsela ya Mmatota?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 10/8 ts. 28-30

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Ijesa Monate Jang?

“Ke akanya gore re tle re dire dilo tse dintsi tse di monate tota. Mo phuthegong ya rona re dira maiteko tota a go kopana mmogo. Re kgona go ijesa monate ka tsela e e agang. Bana ba bantsi mo lefatsheng ga ba o ipelele.”—Jennifer.

BOITAPOLOSO—mongwe le mongwe o a bo tlhoka nako le nako. The World Book Encyclopedia e bolela gore boitapoloso bo ka nna jwa “thusa motho thata mo botsogong jwa gagwe jwa mo tlhaloganyong le mo mmeleng.” Ee, le yone Baebele ka boyone ya re go na le “motlha wa go tshega,” ke gore nako ya gore motho a ipele!—Moreri 3:1, 4.a

Lefoko “boitapoloso” le tswa mo lefokong la Selatine le le rayang “go dira sesha, go tsosolosa, go lapolosa.” (Webster’s New Collegiate Dictionary) Se se utlwisang botlhoko ke gore, dilo tse dintsi tse basha ba ijesang “monate” ka tsone—jaaka go dira diphathi tsa medumo kana go inaakanya le go sa diriseng diokobatsi sentle le go nwa bojalwa mo go feteletseng kana tlhakanelodikobo e e maswe—ruri ga di lapolose le eseng, mme di a senya. Ka jalo, go bona boitapoloso jo bo monate e bile bo aga e ka nna kgwetlho e kgolo. Mme jaaka Jennifer, yo o nopotsweng kwa tshimologong, go ka kgonega!

Go Dira Dilo Mmogo

Bosheng jaana Tsogang! e ne ya botsolotsa basha ba le mokawana ka kgang eno. Bontsi jwa bone ba ne ba re ba ipelela go kopana le basha ba bangwe. A o ikutlwa ka tsela e e tshwanang—mme gantsi o iphitlhela o sa lalediwa gope? Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa e sa nne wena o go simololang? Ka sekai, mosetsana mongwe wa mo Afrika Borwa yo o bidiwang Leigh, o bolela gore: “Fa re kgatlhegela go bona baesekopo nngwe, ke founela nngwe ya ditsala tsa me, re bo re bolelela ditsala tse dingwe tsa rona.” Gantsi, ba ya kwa pontshong e e tsenang go sa le gale ya baesekopo eo. Morago ga yone, batsadi ba bone ba tla go ba tsaya mme ba bo ba tsamaya ba ya go ja mmogo kwa resetšhurenteng nngwe ya mo lefelong leo.

Metshameko gape e fa motho sebaka sa go itshidila mmele le go nna le bokopano jo bo molemo. (1 Timotheo 4:8) Roelien yo mmotlana o bolela jaana: “Sa ntlha ke buisana le ba lelapa la me gore ke batla go ya kae, mme go tswa foo re laletsa setlhopha se sebotlana gore se kopanele le rona.” Eleruri, basha ba Bakeresete ba iponetse metshameko e mentsintsi e e agang e ba ka nnang le seabe mo go yone le ba bangwe: go relela mo aeseng, go palama baesekele, go khobakhoba, le go tshameka tenese, beisebolo, kgwele ya dinao le volleyball, fa re umaka di sekae fela.

Nnyaa, ga go tlhokege gore o senye madi a mantsi kgotsa o reke dilo tsa maemo a a kwa godimo thata gore o kgone go ijesa monate. Mosetsana mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Nna le batsadi ba me le ditsala tsa me re dirisitse diura di le dintsi tse di monate re pagama dithaba tse di gaufi le go tsamaya fela mo nageng. Go iphokisa phefo e e phepa le ditsala tse di molemo go monate tota!”

Dikokoano Tse di Agang

Lefa go ntse jalo, mo basheng ba bantsi, monate ke fa ba nna teng kwa dikokoanong. “Re ipelela go laletsa ditsala tsa rona, re tla go ja le go reetsa mmino,” go bolela jalo Aveda yo mmotlana. Dikokoano di na le seabe sa tsone se se tshwanetseng mo Bakereseteng. Jesu Keresete ka boene o ne a nna teng kwa meletlong e e kgethegileng ya dijo, manyalo le kwa dikokoanong tse dingwe. (Luke 5:27-29; Johane 2:1-10) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba pele ba ne ba ipelela meletlo e mo go yone ba neng ba kopana mmogo go ja dijo le go nna le bokopano jo bo agang.—Bapisa Juta 12.

Fa batsadi ba gago ba go letla go dira kokoano nngwe, o ka dira eng go tila mathata le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o a itumela? Go baakanyetsa go sa le gale ke yone tharabololo. (Diane 21:5) Go tshwantsha: Ke mo go utlwalang gore o laletse fela palo e o ka kgonang go e laola sentle ya ditsala tsa gago. Dikokoano tse dipotlana ga se gantsi di ka fetogang go nna “ditlhapelo,” kgotsa “diphathi tsa medumo.”—Bagalatia 5:21; Byington.

Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagisiwa gore ba tile go ikopanya le batho ba ba “tsamayang ka go tlhokomologa molao.” (2 Bathesalonika 3:11-15) Mme selo se ruri gompieno se ka senyang kokoano ke go laletsa basha ba ba itsegeng ka go sa itshware sentle le ba ba sa laolegeng. Lefa gone o batla go nna kelotlhoko gore o laletsa mang, o se ka wa lekanyetsa fela mo ditsaleng di le dingwe. ‘Pitlologa,’ mme o kgone go itse ba bangwe, go akaretsa le ba ba godileng, mo phuthegong.—2 Bakorinthe 6:13.

A go tla nna le dijo tse di motlhofo tse di tla jewang? Fa go le jalo, ga go tlhokege gore di nne turu gore balalediwa ba gago ba di itumelele. (Luke 10:38-42) “Ka dinako tse dingwe re nna le maitseboa a re jang pizza ka one,” go bolela jalo Sanchia, mosetsana mongwe wa mo Afrika Borwa. Gantsi balalediwa ba ithaopela go tla ka dijo tse dingwe.

Ke dilo dife tse dingwe tse o ka di dirang kwa kokoanong—kwantle ga go leba thelebishene, go reetsa mmino, kgotsa go tlotla? Sanchia o bolela gore: “Gantsi re baakanyetsa maitseboa ao go sa le pele. Re ile ra tshameka metshameko kgotsa ra nna le mongwe yo o tshamekang piano gore re kgone go opela mmogo.” Mosha mongwe wa Moafrika yo o bidiwang Masene o bolela gore: “Ka dinako tse dingwe re tshameka dikarata, terafa [tšhekase] le chess.”

Jennifer, yo o nopotsweng pelenyana, o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Re na le mogolwane mongwe mo phuthegong ya rona yo o re laletsang go tshameka metshameko ya Baebele. O tshwanetse gore o bo o na le kitso e e molemo ya Baebele gore o tle o kgone go tshameka sentle.” Moemedi wa Tsogang! o ne a botsa basha ba bangwe jaana: “A ga lo akanye gore go tshameka metshameko ya Baebele go fetilwe ke nako?” Ba ne ba goa karabo botlhe ba re, “Nnyaa!”

“Ke kgwetlho,” ga bolela jalo mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome. “Go monate!” ga bolela jalo yo mongwe. Fa metshameko ya Baebele e tshamekelwa monate fela, mme go tilwa mowa wa kgaisano, e ka itumedisa gape e ka ruta!—Bona “Go Dira Gore Dikokoano Tsa Boitlosobodutu di Nne Monate Mme di Ruta,” mo makasineng wa Tsogang! ya June 22, 1972, (ka Seesemane).

Monate wa Lelapa

Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele go ne go tlwaelegile gore malapa a ipelele mefuta mengwe ya boitlosobodutu mmogo. (Luke 15:25) Lefa go ntse jalo, bakwadi ba babotlana ba The Kids’ Book About Parents ba ela tlhoko gore “batsadi le bana ba tshwaregile thata mo malatsing ano mo e leng gore ga go na ope yo o nang le nako ya go rulaganyetsa dilo . . . Re akanya gore go botlhokwa gore batsadi le bana ba tlhomamise gore ba dirisa nako nngwe beke le beke ba dira dilo tse di monate fela.”

“Labotlhano ke letsatsi la rona la lelapa,” go bolela jalo mosha wa Moafrika yo o bidiwang Paki. “Gantsi re tshameka mmogo.” A re se lebaleng bana ba gaeno. Bronwyn yo mmotlana o bolela gore: “Ke ipelela go tshwantsha le go dira dilo tse dingwe tsa botaki le nnake wa mosetsana.” A o ka tsaya kgato pele go akantsha lelapa la gaeno go dira sengwe se se kgatlhang?

Fa o le Nosi

Go tweng fa o le nosi? Seo ga se reye gore o tshwanetse go lapa pelo le go jewa ke bodutu. Go na le ditsela tse dintsi tse di nang le matswela, tse di monate tse o ka dirisang dinako tseo ka tsone. Ka sekai, go dira ditiro tsa go itlosa bodutu. Go simologa ka metlha ya go kwalwa ga Baebele, banna le basadi ba bone gore go ithuta mmino go na le mosola. (Genesise 4:21; 1 Samuele 16:16, 18) “Ke tshameka piano,” go bolela jalo Rachel. “Ke sengwe se o ka se dirang fa o ikutlwa o lapa pelo.” Fa o sa kgatlhegele mmino, o ka nna wa ipelela go roka, go dira mo tshingwaneng, go kokoanya ditempe, kgotsa go ithuta puo ya seeng. Mo godimo ga moo, o ka nna wa oketsa bokgoni jo bo tla go solegelang molemo mo dingwageng tse di tlang.

Baebele e re bolelela gore banna ba tumelo, ba ba jaaka Isake, ba ne ba batla dipaka tsa go nna ba le nosi gore ba tlhatlhanye. (Genesise 24:63) Monna mongwe yo mmotlana wa kwa Austria yo o bidiwang Hans o bolela gore: “Ka dinako tse di rileng, ke ya fela kwa lefelong le le didimetseng kwa tshingwaneng ke bo ke nna fa fatshe ke leba bodikelo jwa letsatsi. Seno se a ipedisa gape se dira gore ke ikutlwe ke atamalane thata le Modimo wa me, Jehofa.”

“Boipelo” mo Tirelong ya ga Jehofa

Baebele e ne ya porofeta gore Keresete o ne a tla “thama” fa a direla Jehofa Modimo. (Isaia 11:3) Mme lefa gone tirelo e e boitshepo go Modimo e se boitapoloso go le kalo, e ka lapolosa gape e ka itumedisa.—Mathaio 11:28-30.

Hans, yo o nopotsweng pelenyana, o gakologelwa boitemogelo jo bo itumedisang. O bolela jaana: “Nna le ditsala tsa me re rata go gakologelwa mafelobeke a re a dirisang re bereka mo kagong ya Holo ya Dikopano [ya kobamelo]. Re ithutile go bereka mmogo mme re itsane botoka. Fa re akanya ka gone, re na le boikutlo jo bo kgotsofatsang jwa gore re dirile sengwe se se botlhokwa se gape se neng se le monate.”

Bosupi jwa basha bano ba Bakeresete bo dira gore ntlha nngwe e phepafale sentle thata: Ga go tlhokege gore o fetwe ke go ja monate. Latela melaometheo ya Baebele. Akanyetsa dilo! Simolola go dira dilo tse di agang! O tla bona gore o ka ja monate ka ditsela tse di tla go agang mme di sa go senye.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang fa Basha ba Bangwe ba ja Monate Thata Jaana?” mo makasineng wa rona wa August 8, 1996.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

Ga go tlhokege gore o senye madi a mantsi gore o kgone go ja monate le ditsala tsa gago

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

“Go iphokisa phefo e e phepa le ditsala tse di molemo go monate tota!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela