LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp kgao. 37 ts. 296-303
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Kgone go Ja Monate Motlha Mongwe Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Kgone go Ja Monate Motlha Mongwe Fela?
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pono ya Modimo ka Boitloso-bodutu
  • A O Tswela Pelo Batho Bao ba Senkang go Ijesa Monate?
  • Go Ijesa Monate mo go Siameng
  • Dikokoano tsa Bakeresete
  • Boloka Tekatekano mo Boitloso-bodutung!
  • Nka Ijesa Monate Jang?
    Tsogang!—1996
  • Ke Eng fa Basha ba Bangwe ba ja Monate Thata Jaana?
    Tsogang!—1996
  • Boitlosobodutu jo bo Molemo, jo bo Lapolosang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Sireletsa Lelapa la Gago mo Tlhotlheletsong e e Bosula
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
yp kgao. 37 ts. 296-303

Kgaolo 37

Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Kgone go Ja Monate Motlha Mongwe Fela?

PAULINEa o ne a tle a ye kwa dipokanong tsa Bokeresete mo phirimaneng ya Labotlhano. O ne a ipelela seo go neng go buiwa ka sone koo, mme fa gongwe o ne a sa itumedisiwe ke lebaka la gore ene o ne a le koo fa ditsala tsa gagwe tsa sekolo tsone di ne di itumela golo gongwe.

Morago ga pokano, Pauline o ne a tle a fete fa lefelong lengwe la maitiso la basha a ya kwa gae. O gakologelwa jaana: “Ereka ke ne ke kgatlhwa ke mmino o o kwa godimo le dipone tse di benyang, ke ne ke a tle ke susumetse nko ya me mo fensetereng fa re ne re feta mme ka go tswa pelo ke akanye kafa ba tshwanetseng ba bo ba ne ba ja monate ka gone.” Morago ga nako, keletso ya gagwe ya go ipela le ditsala tsa gagwe e ne ya nna selo se segolo mo botshelong jwa gagwe.

Fela jaaka Pauline, o ka nna wa ikutlwa ka dinako tse dingwe gore ereka o le Mokeresete, o latlhegelwa ke monate mongwe. O batla go ya go lebelela pontsho ya TV eo batho botlhe ba buang ka yone, mme batsadi ba gago ba re e na le thubakanyo e ntsi. O batla go ya kwa patlelong ya marekisetso go ya go sasanka le bana ba bangwe ba sekolo, mme batsadi ba gago ba re ke “go ikōpanya le ba ba boshula.” (1 Bakorintha 15:33) O batla go ya kwa moletlong oo balekane botlhe ba gago ba sekolo ba tlileng go ya kwa go one, mme Mmago le Rrago baa gana.

Balekane ba gago ba sekolo ba lebega ba ikela gongwe le gongwe koo ba ratang go ya gone, ba ya maitisong le kwa meletlong go fitlhela ka makuku a naka tsa kgomo kwantle ga go kgorelediwa ke batsadi ba bone. Ka gone o ka nna wa iphitlhela o tswela pelo kgololesego e ba nang nayo. Ga se gore o batla go dira sepe se se bosula. O batla fela gore motlha mongwe fela o je monate.

Pono ya Modimo ka Boitloso-bodutu

Tlhomamisega gore ga go na sepe se se phoso ka go batla go ipela. Kana ebile tota, Jehofa ke “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Mme O bua jaana ka monna yo o botlhale ebong Solomone: “Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau yoa gago, me u sepelè mo ditseleñ tsa pelo ea gago.” Lefa go ntse jalo, Solomone go tswa foo o ne a tlhagisa jaana: “Me u bo u itse ha Modimo o tla go isa tshekoñ kaga dilō tse cotlhe hèla.”—Moreri 11:9, 10.

Ereka o itse gore Modimo o tla go ikarabedisetsa ditiro tsa gago, seo se dira gore o lebe boitloso-bodutu ka tsela e sele gotlhelele. Ka gonne lefa Modimo o sa kgale gore motho a je monate, gaa amogele motho yoo o ‘ratang dikgatlhego,’ motho yo o tshelelang dinako tsa go ijesa monate fela. (2 Timotheo 3:1, 4) Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo? Akanyetsa Kgosi Solomone. O ne a ijesa monate mongwe le mongwe o motho o ka akanyang ka one, a dirisa dikhumo tsa gagwe tse dintsi. O bolela jaana: “Señwe le señwe se matlhō a me a na a se eletsa, ga kea ka ka a thiba mo go shōna: ga kea ka ka ikeola pelo mo boitumeloñ bopè.” Phelelo e ne ya nna efe? “Bonañ, gotlhe e ne e le boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.” (Moreri 2:10, 11) Ee, Modimo o itse gore kgabagare, fa motho a tshelela go ijesa monate fela seo se mo tlogela a le lolea fela a bile a khidiega.

Gape Modimo o tlhoka gore o seka wa ikgotlela ka ditlwaelo tse di maswe, tse di tshwanang le go dirisa diokobatsi le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. (2 Bakorintha 7:1) Lefa go le jalo, bontsi jwa dilo tseo basha ba di dirang go ijesa monate fela di ka dira gore motho a raelesege mo ditlwaelong tseno. Ka sekai, mosetsana mongwe o ne a dira phetso ya go ya moletlong wa balekane bangwe ba gagwe ba sekolo oo o neng o sena motlhokomedi. “Mmino o o neng o tshamekwa mo setereong o ne o le monate fela thata, tantshe e ne e itumedisa, dino-tsididi di ne di le monate tota ebile re tshega fela thata,” o gakologelwa jalo. Mme go tswa foo, “mongwe o ne a lere matekwane. Morago ga latela digalagala. Ke fa sengwe le sengwe se simolola go tswa mo tseleng.” Go ne ga felela ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo. Mosetsana yoo o ne a ipolela jaana: “Ke ile ka tlhakatlhakana fela ka ba ka nna pelo e botlhoko fa esale go tloga nakong eo.” Abo go le motlhofo jang ne gore dikokoano tsa go nna jalo di fetoge “ditlhapèlō” fa go sena mogolo ope yo o okametseng!—Bagalatia 5:21.

Ga go gakgamatse go bo batsadi ba gago ba ka nna ba tshwenyega kaga kafa o senyang nako ya gago ya boiketlo ka gone, gongwe ba go lekanyetsa mafelo ao o ka yang kwa go one le batho bao o tshwanetseng go tsalana nabo. Boitlhomo jwa bone ke bofe? Ke go go thusa go elatlhoko tlhagiso ya Modimo e e reng: “U tlosè bohutsana mo peduñ ea gago, u bo u tlosè boshula mo nameñ ea gago: gonne bokau le bonna yo bo tletseñ ke boithamakō hèla.”—Moreri 11:10.

A O Tswela Pelo Batho Bao ba Senkang go Ijesa Monate?

Go motlhofo gore o lebale seno sotlhe mme o bo o tswela pelo kgololesego eo basha bangwe ba e ipelelang. Pauline o ne a lesa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete mme a inaakanya le setlhopha sengwe sa barata-dikgatlhego. “Ke ne ka iphitlhela ke dira dilo tsotlhe tse di bosula tseo ke neng ke ile ka tlhagisiwa kgatlhanong le tsone,” o gakologelwa jalo. Kgabagare go itlhapedisa ga ga Pauline go ne ga felela ka gore a tshwarwe a bo a tsenngwe mo sekolong sa basetsana ba diganana!

Bogologolo mokwadi wa Pesalema 73 o ne a nna le maikutlo a a tshwanang le a ga Pauline. “E rile ke bōna letlhōgōnōlō ya baitelaganyi ka nna pelotshètlha kaga bōnè baikepi,” a ipolela jalo. O bile a bo a simolola go belaela botlhokwa jwa go tshela tumalanong le melao-metheo ya tshiamo. “Rure ke ntlahaleditse pelo ea me lehèla, ka ba ka tlhapa diatla tsa me mo go senañ molato,” a bolela jalo. Mme go tswa foo o ne a tlelwa ke temogo e kgolo: Baikepi ba mo “marelediñ,” ba tshamekela mo molelong!—Pesalema 73:3, 13, 18.

Pauline o ne a ithuta seno—ka tsela e e seng monate. Morago ga go latlhegela ga gagwe mo lefatsheng, o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe e le gore a tle a gape kamogelo ya Modimo. Mo letlhakoreng le lengwe, ga o tlhoke go tshwarwa, go tsenwa ke malwetsi ao a tshelanwang ka tlhakanelo-dikobo, kana go nna mo botlhokong jo bogolo jwa go tlogela go dirisa seokobatsi e le gore o lemoge gore tuelo ya ‘go ja monate’ e ka nna kgolo fela thata. Go na le ditsela tse dintsi tse di molemo, tse di agang tseo motho o ka di ipelelang tseo di senang dikotsi tsa go nna jalo. Dingwe tsa tsone ke dife?

Go Ijesa Monate mo go Siameng

Patlisiso nngwe ya basha ba Amerika e senola gore basha “ba ipelela go ya go iphokisa phefo le bamalapa a bone le ditiro tse dingwe.” Go dira dilo mmogo jaaka lelapa ga se selo se se jesang monate fela mme gape go ka tokafatsa kutlwano ya lelapa.

Seno se raya se se fetang fela go lebelela TV mmogo. Dr. Anthony Pietropinto o bolela jaana: “Bothata jwa go lebelela TV ke gore, lemororo e ka lebelelwa le ba bangwe, tota yone ke tiro ya motho a le mongwefela. . . . Lefa go le jalo, dilo tsa go fetisa nako tse di tshwanang le metshameko e e tshamekelwang mo tlung, metshameko ya mo lolwapeng, go ya go ja dijo dingwe tse di monate, go dira ditiro dingwe tsa diatla mmogo, le go balela kwa godimo eleruri go neela sebaka se segolo sa go buisana, go dirisana mmogo, le go dirisa tlhaloganyo go gaisa go tshwarega thata-thata mo boitsemeletsong jwa segompieno jwa thelebishene.” Fela jaaka John, rabana ba supa, a bolela: ‘Le eleng go phepafatsa lolwapa kana go penta ntlo e ka nna selo se se itumedisang fa se dirwa ke lelapa lotlhe.’

Fa lelapa la lona le ise le dire dilo tsa go nna jalo mmogo, tsaya kgato mme o akantshe batsadi ba gago ka tsone. Leka go ntsha megopolo e e kgatlhisang le eo e itumedisang ya go iphokisa phefo jaaka lelapa kana go dira ditiro dingwe.

Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege gore ka metlha o bo o na le ba bangwe gore o ipele. Mary, mosha yo ka kelotlhoko a elang ditsala tsa gagwe tlhoko, o ile a ithuta kafa a ka ipelang ka gone a le esi. “Ke tshameka piano le violin, gape ke senya nako nngwe ke di ithuta,” o bolela jalo. Melissa, mosetsana yo mongwe yo mosha, ka go tshwana a re: “Fa gongwe ke senya nako ke kwala dipolelo kana maboko go ijesa monate fela.” Le wena o ka ithuta go dirisa nako ka tsela e e mosola ka go tlhagolela dikgono tse di tshwanang le go bala, bobetli, kana go tshameka seletso sengwe sa mmino.

Dikokoano tsa Bakeresete

Gape ke selo se se ipedisang go kopana le ditsala gangwe le gape. Mme mo mafelong a le mantsi go na le ditiro tsa palo e e rileng tse di molemo tseo o ka di ipelelang. Motshameko o o tshamekelwang mo godimo ga papetla, table tennis, motshameko wa dikarata, le kgwele ya dinao ke metshameko e e tlwaelegileng. Gape o ka nna wa dira se sele mme wa leka go etela musiamo kana lefelo la diphologolo. Gape, ee, go na le nako ya go kopana mmogo mme lo bo lo tshameka direkoto tsa mmino fela kana lo lebelela pontsho nngwe e e siameng mo TV le basha-ka-wena ba Bakeresete.

Gape o ka nna wa kopa batsadi ba gago gore ba go thuse go rulaganyetsa kokoano nngwe e e rulagantsweng sentle. Dira gore e kgatlhise ka go rulaganyetsa ditiro tse di farologaneng, tse di tshwanang le metshameko ya meletlo le go opela jaaka setlhopha. Fa bangwe ba ditsala tsa gago ba na le bokgoni bongwe jwa mmino, gongwe ba ka rotloediwa go dirisa bokgoni joo go sekae. Dijo tse di molemo le tsone di natefisa moletlo, mme ga go tlhoke gore e nne dijo tse di magasigasi kana tse di turang. Ka dinako dingwe balalediwa ba ka lere dijo tse di farologaneng.

A go na le paraka kana lebala lengwe gaufi leo lo ka direlang ditiro tse di tshwanang le go tshameka bolo kana go thuma mo go lone? Ke ka ntlhayang fa lo sa rulaganyetse pikiniki? Gape, malapa a ka tsaya karolo mo go lereng dijo e le gore ope a seka a imelwa ke go dirisa madi a mantsi a le esi.

Selo se segolo ke tekatekanyo. Ga go tlhoke gore mmino e nne o o thubang ditsebe gore o ipelelwe, le gone tantshe ga e tlhoke gore e bo e le e e maswe kana ya boitsholo jo bo sa siamang gore e ipedise. Ka mo go tshwanang, metshameko eo e tshamekelwang kwa ntle e ka ipelelwa kwa ntle ga kgaisano ya bosetlhogo. Lefa go le jalo, motsadi mongwe o bega jaana: “Ka dinako tse dingwe basha bangwe ba ganetsana, go fitlhela go sala go le gonnye fela gore ba lwe.” Boloka ditiro tsa go nna jalo di ipedisa ka go latela kgakololo ya Bibela ya go tila ‘go gaisana.’—Bagalatia 5:26.

O tshwanetse go laletsa bomang? Bibela ya re, “Ratañ bokauleñwe.” (1 Petere 2:17) Ke ka ntlhayang fa o laletsa ditsala tsa gago fela? Oketsa ditsala tsa gago. (Bapisa 2 Bakorintha 6:13.) Motsadi mongwe o ile a lemotsha jaana: “Lemororo batsofe gantsi ba sa kgone go tsaya karolo mo ditirong dingwe, ba ipelela go tla le go lebelela seo se dirwang.” Gantsi fa bagolo ba le teng ba thibela gore dilo di seka tsa tswa mo tseleng. Lefa go le jalo, go ka se kgonege gore o laletse ‘ditsala tsotlhe’ go tla kokoanong epe fela. Mo godimo ga moo, go motlhofo go laola dikokoano tse di potlana.

Dikokoano tsa Bokeresete le tsone di naya sebaka sa go agelelana semoyeng. Ke boammaaruri gore, basha bangwe ba ikutlwa gore kokoano e sulafadiwa ke go nna ya semoya ka tsela nngwe. “Fa re nna le kokoano,” go ngongorega jalo mosimane mongwe wa Mokeresete, “go buiwa fela go twe, ‘Nnang fa fatshe, tsayang Dibibela tsa lona, lo bo lo tshameka metshameko ya Bibela.’” Lefa go ntse jalo, mopesalema o ile a re: “Go [itumela] monna . . . [yo] go itumèla ga gagwè go mo molaoñ oa ga Yehofa.” (Pesalema 1:1, 2) Ka gone metlotlo—kana le eleng metshameko—eo e remeletseng thata mo Bibeleng e ka ipedisa fela thata. Gongwe o tlhoka fela go lootsa kitso ya gago ya Dikwalo e le gore o tle o kgone go tsaya karolo ka botlalo.

Mogopolo mongwe ke gore o dire gore batho ba le mmalwa ba bolele kafa ba fetogileng Bakeresete ka gone. Kana dira gore go itumedise kana go tshegise ka go kopa bangwe gore ba bolele dipolelo dingwe tseo di tshegisang. Gantsi dipolelo tseno di ruta dithuto tse di nang le mosola. Dikgaolo dingwe tsa buka eno di ka nna tsa ba tsa nna motheo wa motlotlo o o kgatlhisang jaaka setlhopha kwa kokoanong nngwe.

Boloka Tekatekano mo Boitloso-bodutung!

Eleruri Jesu Keresete e ne e se motho yo o sekeng a nna le nako ya go ja monate motlha mongwe. Bibela e bolela ka go ya ga gagwe moletlong wa lenyalo kwa Kana, koo kwantle ga pelaelo go neng go na le dijo, mmino, tantshe, le ditsala tse di agang di le dintsi. Jesu o bile a ba a tlatseleletsa mo katlegong ya moletlo oo wa lenyalo ka go ba direla bojalwa jwa mofine ka kgakgamatso!—Yohane 2:3-11.

Mme Jesu o ne a sa nnele le meletlo ruri mo botshelong jwa gagwe. O ile a senya bogolo jwa nako ya gagwe a dira ditiro tsa semoya, a ruta batho thato ya Modimo. O ile a re: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” (Yohane 4:34) Go dira thato ya Modimo go ne ga naya Jesu boitumelo jo bo neng jwa nnela ruri go gaisa jaaka boiketlo jwa nakwana bo ka bo bo ile jwa dira. Gompieno, go santse go na le ‘mo gontsi mo go tshwanetseng ga dirwa mo tirong ya Morena.’ (1 Bakorintha 15:58; Mathaio 24:14) Mme fa, gangwe le gape, o ikutlwa o tlhoka boitloso-bodutu jwa mofuta mongwe, bo ipelele ka tsela e e lekalekaneng, e e molemo. Jaaka mokwadi mongwe a ile a tlhalosa: “Botshelo ga e kake ya nna ka metlha selo se se tletseng ka tiro le tlhagafalo ka metlha—ebile gongwe o ne o ka lapa fa bo ne bo ntse jalo!”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ga se leina la gagwe la mmatota.

Dipotso tsa Puisano Kgaolo 37

◻ Ke ka ntlhayang fa basha bangwe ba Bakeresete ba tswela pelo basha ba selefatshe? A o kile wa ikutlwa ka tsela eo nako nngwe?

◻ Modimo o tlhagisa basha jang mabapi le boitshwaro jwa bone, mme seno se tshwanetse go ama jang boitloso-bodutu joo ba bo kgethang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go le boeleele go tswela pelo basha bao ba tlolang melao ya Modimo le melao-metheo?

◻ Ditsela dingwe tsa go ipelela boitloso-bodutu jo bo molemo (1) le maloko a balelapa la gago, (2) o le esi, le (3) Bakeresete-ka-wena ke dife?

◻ Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao jang malebana le go nna tekatekanyo mo boitloso-bodutung?

[Mafoko a a mo go tsebe 297]

“Ereka ke ne ke kgatlhwa ke mmino o o kwa godimo le dipone tse di benyang, ke ne ke a tle ke susumetse nko ya me mo fensetereng fa re ne re feta mme ka go tswa pelo ke akanye kafa ba tshwanetseng ba bo ba ne ba ja monate ka gone”

[Mafoko a a mo go tsebe 302]

“Mongwe o ne a lere matekwane. Morago ga latela digalagala. Ke fa sengwe le sengwe se simolola go tswa mo tseleng”

[Setshwantsho mo go tsebe 299]

A basha bao ba latelang melao-metheo ya Bibela eleruri ba latlhegelwa ke monate mongwe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 300]

Go dira tiro nngwe ya go fetisa nako ke tsela nngwe e e molemo ya go dirisa nako eo o sa direng sepe mo go yone

[Ditshwantsho mo go tsebe 301]

Dikokoano tsa Bokeresete di ipelelwa fela thata fa go rulaganyeditswe go dirwa ditiro tse di farologaneng ebile go na le batho ba ba sa lekaneng ka dingwaga

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela