Motse O o Mo Godimo ga Dipilara
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Benin
“GANVIÉ ke lengwe la mafelo a a botlhokwa a a kgatlhang bajanala kwa Benin,” go bolela jalo kgatiso e e kaelang bajanala kwa Afrika Bophirima. E nngwe ya re: “Baafrika ka bobone ba kgatlhiwa ke Ganvié; o tla fitlhela bajanala ba Baafrika ba le bantsi fela jaaka ba kwa bophirima.”
Eleruri Ganvié o tlhomologile. Ke motse wa banni ba le 15 000 o o agilweng mo dipilareng mo godimo ga metsi a Lekadiba la Nokoué, e e kwa bokone jwa Cotonou, kwa Benin. Kwa Ganvié ga go na dibaesekele, dikoloi, ditsela tsa batsamaakadinao le ditsela. Fa banni ba teng ba batla go ya sekolong, mmarakeng, kwa tlileniking, kwa legaeng la moagelani kgotsa gongwe go sele fela, ba tsena mo mokorong o o dirilweng ka setlhare sa iroko.
Bontsi jwa malapa a teng a na le mekoro e le mmalwa—o mongwe e le wa ga Rrè, o mongwe wa ga Mmè mme ka dinako tse dingwe o mongwe ke wa bana. Bana ba ithuta go o kgweetsa ba sa le babotlana. Fa ngwana a na le dingwaga tse tlhano, o kgona go tsamaisa mokoro a le nosi. Ka bonakonyana fela o kgona go ema mo mokorong mme a latlhele letloa le lebotlana la go tshwara ditlhapi. Basha bangwe ba rata go gapa tlhokomelo ya baeti ka go tlhoma ka ditlhogo mo mekorong ya bone.
Kwa mmarakeng wa Ganvié o o nnang o fuduga, barekisi, ba bontsi jwa bone e leng basadi, ba nna mo mekorong ya bone le dilo tsa bone di le mokoa mo pele ga bone—metswaiso, maungo, ditlhapi, melemo, dikgong, bojalwa le e leng diradio. Ba rwala dihutshe tse di dirilweng ka lotlhaka tse dikgolo tse di ba sireletsang mo letsatsing la boboatsatsi ba bo ba rekisetsa batho ba bangwe ba ba tsamaisang mekoro ya bone gore ba reke. Ka dinako tse dingwe barekisi ke basetsana ba babotlana. O se ka wa tsiediwa ke dingwaga tsa bone! Ba ithuta botswerere jwa bogwebi jwa go buisana le batho ba sa le babotlana.
Fa basadi ba reka le go rekisa kwa mmarakeng, banna ba semelela ka go tshwara ditlhapi, kgotsa re ka re go rua ditlhapi fa re e baya sentle. Mokgwa wa bone wa go tshwara ditlhapi o akaretsa go latlhela dikala di le makgolokgolo mo lekadibeng le le tletseng seretse kwa tlase, mo go dirang gore le fetoge sekgwa se se kitlaneng. Ditlhapi di tla bo di kgobokanela foo go tla go ja dikala tseno tse di bolang. Morago ga malatsi a sekae banna ba boa ka matloa a bone go tla go gogorupa ditlhapi tseno.
Botshabelo bo Fetogile Kgogedi ya Bajanala
Ba-Toffinu ba kwa Ganvié ga se gore e sa le e ntse e le “Batho ba Metsi,” jaaka ba itsiwe gompieno. Mo tshimologong ya lekgolo la bo18 la dingwaga, ba ne ba tshabela kwa lekadibeng le kwa morageng ono ba tshaba go bogisiwa ke bogosi jwa Baafrika jo ba bapileng le jone. Bakanoki ba bolela gore leina Ganvié le supa hisitori eno, ka gonne ka Se-Toffin, lefoko gan le ka ranolwa e le “re bolokilwe” mme lefoko vie le kaya “motse.” Ka jalo, leina la motsemogolo ono wa metsesetoropo ya makadiba o ka nna wa ranolwa fela go twe “motse wa batho ba kgabagare ba boneng kagiso.”
Go tshabela mo kgaolong ya moraga go dikologa Lekadiba la Nokoué go ne ga ba thusa thata, ka gonne ditumelo tsa bodumedi tsa bogosi jo bo neng bo le kgatlhanong le bone di ne di sa letle lesole lepe go tsena mo metsing kgotsa mo mafelong ape a go ka nnang merwalela mo go one. Ka jalo lekadiba le ne le ba fa se ba ka itshedisang ka sone mmogo le lefelo la botshabelo go tshaba mmaba. Go a gakgamatsa gore motse ono o jaanong o itsegeng thata, o o etelwang ke bajanala ba bantsi ka mekoro ya enjene, e kile ya bo e le lefelo le go tshabetsweng kwa go lone.