LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/08 ts. 22-23
  • Kwa Noka e Elelang e ya Kwa Morago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kwa Noka e Elelang e ya Kwa Morago
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang e ya Kwa Morago?
  • Fa Merwalela e Thusa
  • Go Nna mo Matlong a a Agilweng mo Godimo ga Dikota Le a A Kokobalang mo Metsing
  • Tla o Bone Noka e e Boitshegang ya Mekong
    Tsogang!—2006
  • Matlotlo a Amerika Bogare a Letsha le Legolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baikal—Letsha le Legolo go a Gaisa Otlhe
    Tsogang!—2007
  • A Ruri Go na Le Letsha le le Pinki?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 10/08 ts. 22-23

Kwa Noka e Elelang e ya Kwa Morago

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CAMBODIA

A O KILE wa bona noka e elela e ya kwa morago? Go tweng ka sekgwa se se leng kafa tlase ga metsi ka lobaka lwa sephatlho sa ngwaga? A o ne o itse gore batho ba nna mo matlong a a kokobalang mo metsing a a tshwanelwang ke go fudusiwa ka ntlha ya gore metsi a kgadile? A o a re “go ka se kgonege”? Fa go ntse jalo, o ka nna wa fetola mogopolo fa o sena go etela Cambodia ka paka e dipula di nang thata ka yone.

Letsatsi lengwe le lengwe go simolola mo magareng a May go ya go October, loapi lo lo apogileng lo simolola go fifala mme maitseboa go na dipula tsa matsorotsoro. Metsi a phothosela mo mmung o o neng o omile e bile o le lerole mme dintshi tsa dinoka di a penologa.

Ke ka Ntlha Yang e ya Kwa Morago?

Leba mmapa o o fa thoko. Ela tlhoko lefelo le noka e kgolo ya Mekong e kopanang le Noka ya Tonle Sap gone. Metsi a kopana mme go ise go ye kae a arogana go nna noka e kgolo ya Mekong le Noka ya Bassac. Morago ga moo di tswelela di elela go ya kwa borwa go ralala naga ya Vietnam di bo di bopa Molomo o mogolo wa noka ya Mekong.

Ka bonako fela morago ga gore paka ya dipula e simolole, mafelo a a kwa tlase a tlala metsi. Metsi a a tlhatloga mme a bo a penologela mo melatswaneng e ka dipaka dingwe e omileng. Fa dipaka tseno tsa dipula di ntse di tswelela, Noka ya Tonle Sap e simolola go elela e ya kwa bokone go na le gore e elelele kwa borwa kwa gantsi e yang teng. Ka tsela eno, noka e e penologang e elela e ya kwa morago go fitlha e tshela metsi kwa Letsheng la Tonle Sap.

Letsha leno le fitlhelwa mo dipoeng tse di kwa tlase tse di ka nnang dikilometara di le 100 go tswa kwa Phnom Penh e leng motsemogolo wa Cambodia. Ka nako e e seng ya dipula, letsha leno le ka nna bogolo jwa disekwerekilometara di le 3 000. Mme le fa go ntse jalo, mo pakeng ya dipula, metsi a oketsa bogolo jwa lone go menagane ganè kgotsa ga tlhano, mme seno se dira gore letsha leno le nne la metsi a mantsi a a seng letswai go gaisa otlhe mo Borwabotlhaba jwa Asia.

Mafelo a pele a neng a na le masimo a raese, ditsela, ditlhare le metsana, jaanong a nna ditsobotla. Batshwari ba ditlhapi ba mekoro ya bone e neng e tlhola e kokobala mo metsing a a ka nnang boteng jwa metara o le mongwe fela, jaanong ba lelesela ka mekoro ya bone mo godimo ga ditlhare tse di ka nnang boleele jwa dimetara di le lesome! Gantsi mo mafelong a mangwe, morwalela o mogolo jalo o ka lebiwa e le masetlapelo. Mme mo bathong ba kwa Cambodia, gantsi o tsewa e le selo se se molemo. Ka ntlha yang?

Fa Merwalela e Thusa

Noka ya Tonle Sap e e elelelang go ya kwa morago e isa seretse sa mmu o o nonneng kwa mokgatsheng wa Tonle Sap. Mo godimo ga moo, ditlhapi tse dintsi di tswa mo letsheng leno di ya kwa Nokeng ya Mekong di beela mae a tsone mo tikologong e e nonneng. Tota e bile, Letsha la Tonle Sap le na le ditlhapi tse dintsi tse di nnang mo metsing a a seng letswai go gaisa matsha otlhe mo lefatsheng. Morago ga dipaka tsa dipula, letsha le kgala ka bonako thata jaana mo ka dinako dingwe batho ba kgonang go sela ditlhapi tse di gaeletsweng mo ditlhareng!

Morwalela ono wa ngwaga le ngwaga o dira gore go nne le tikologo e e fetofetogang. Ditlhare le dijalo tse dingwe tse di melang mo dipoeng tseno di na le mokgwa wa go gola o o farologaneng le wa kwa mafelong a a se nang merwalela. Gantsi, ditlhare tse di golang mo mafelong a boboatsatsi di gola ka bonya, di tlhotlhorega matlhare ka paka e dipula di sa neng mo go yone mme a bo a tlhoga ka paka ya dipula. Go farologana le tsone, ditlhare tsa kwa kgaolong ya Tonle Sap ga di tlhotlhorege matlhare go fitlha fa di setse di nweleletse kafa tlase ga metsi a morwalela. Mme go na le gore di gole ka bonako ka paka e dipula di nang ka yone, di gola ka bonya. Mme morago ga gore metsi a kgale mme paka e dipula di sa neng ka yone e simolola, dikala di simolola go nna le makukunya mme le matlhare a gola ka bonako. Fa noka e kgala, mmu o tla bo o apesitswe ke matlhare a a bolang mme a bo a naya ditlhare le dijalo tse dingwe dikotla mo pakeng e dipula di sa neng ka yone.

Go Nna mo Matlong a a Agilweng mo Godimo ga Dikota Le a A Kokobalang mo Metsing

Mme go tweng ka batho? Batho bangwe ba ba nnang mo letsheng ba aga matlonyana a bone mo godimo ga dikota. Ka paka e dipula di sa neng ka yone, matlo ano a bogodimo jwa dimetara di le thataro go tswa fa fatshe. Mme ka nako e dipula di nang thata ka yone, mekoro ya go tshwara ditlhapi le e e dirisiwang go rwala bana e ema fela fa mojako.

Batho ba bangwe ba ba nnang mo letsheng, ba nna mo matlong a mekoro a a agilweng gore a kokobale mo metsing. Fa lelapa le gola, ba oketsa ntlo eo gore e nne kgolwane. Go akanngwa gore go na le metsana e e kokobalang mo metsing e e ka nnang 170 mo letsheng leno.

Mo tsamaong ya letsatsi, basha le bagolo ba dirisa matloa le dirai go tshwara ditlhapi mo letsheng. Fa metsi a ntse a oketsega kgotsa a fokotsega ba ka fudusetsa matlo le metsana yotlhe ya bone gore ba nne gaufi le dintshi tse dingwe kgotsa le mafelo mangwe a a nang le ditlhapi tse dintsi.

Mekoro e mesesane e meleele, e dirisiwa jaaka mabenkele kgotsa mebaraka mme e tlamela setšhaba ka dilo tse se di tlhokang letsatsi le letsatsi, mme gape e dirisiwa e le “dibese.” Bana ba ba tsenang sekolo ba ya kwa sekolong se se kokobalang mo metsing. Sengwe le sengwe go tswa go dijalo go ya go batho di tshela go ya ka tsela e metsi a elelang ka yone mo nageng e noka e elelang e ya kwa morago.

[Mmapa mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Paka e dipula di sa neng ka yone

Paka ya dipula

CAMBODIA

Letsha la Tonle Sap

Noka ya Tonle Sap

Noka ya Mekong

PHNOM PENH

Noka ya Bassac

Molomo wa noka ya Mekong

VIETNAM

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mosimane a kgweetsa mokoro mo Nokeng ya Tonle Sap

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ditshwantsho tsa motse o le mongwe mo pakeng e dipula di sa neng ka yone le mo pakeng ya dipula.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Map: Based on NASA/Visible Earth imagery; village photos: FAO/Gordon Sharpless

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela