LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 10/8 ts. 1-4
  • A go Na le Naga e e Senang Bokebekwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Naga e e Senang Bokebekwa?
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
    Tsogang!—1996
  • Go Retelelwa ke go Fenya Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Bokebekwa Jo Bo Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Fa Go ne Go se Na Bokebekwa
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 10/8 ts. 1-4

A go Na le Naga e e Senang Bokebekwa?

Phitlho ya gagwe e ne e le nngwe ya tse dikgolo tse di kileng tsa nna teng kwa Moscow mo dingwageng tse dintsi. Diketekete tsa batho di ne di dirile mokoloko mo mebileng go tla go tlotla Mo-Russia yo mmotlana yono la bofelo, yo botshelo jwa gagwe bo neng jwa kgaosediwa ke dikolo tsa babolai ka March 1, 1995. Vladislav Listyev, yo o neng a bolaelwa fa pele ga mojako wa gagwe o ne a tlhophilwe jaaka mokwadi wa dikgang yo o gaisang thata wa ngwaga wa 1994, e bile e ne e kile ya bo e le mogasi yo o itsegeng thata wa thelebishene.

MO DIBEKENG tse di kafa tlase ga tse tharo moragonyana, ka March 20, seteishene sa diterena tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe sa kwa Tokyo se ne se tlhanasela jaaka gale mo mosong fa go ne go gasiwa gase e e botlhole. Batho ba le mmalwa ba ne ba swa; bontsi jwa ba bangwe bo ne jwa gobala botlhoko.

Morago ga foo ka April 19, batho ba ba lebang thelebishene mo lefatsheng lotlhe ba ne ba bona Oklahoma City e tlhagisiwa thata. Ba ne ba leba jalo ba tshogile fa bafalotsi ba ntsha ditopo tse di tlhantlhegileng mo matlhekgeng a kago ya feterale e e neng e sa tswa go ribegediwa ke bomo. Go ne go sule batho ba le 168.

Mo go one ngwaga ono fa June e setse e tla fela, go ne ga swa Baamerika ba le 19 mme ga gobala ba le 400 mo tlhaselong e nngwe e e tshwanang le tseno gaufi le Dhahran, kwa Saudi Arabia.

Ditiragalo tse nnè tseno di supa gore bokebekwa bo nna maswe ka ditsela tse di neng di sa itsiwe pele. Bokebekwa “jo bo tlwaelegileng” bo ntse bo okediwa ke ditiro tsa bosetlhogo tsa borukhutlhi. Mme ditiragalo tseno tse nnè—nngwe le nngwe ya tsone ka go farologana—di supa kafa mongwe le mongwe a ka nnang a tlhaselwa nako nngwe le nngwe ka teng ke dikebekwa. Dikebekwa di ka go tlhasela le go go bolaya o le kwa gae, kwa tirong kana mo tseleng. E bile tota, patlisiso nngwe ya kwa Boritane e ne ya supa gore dikwatara tse tharo tsa Baboritane di akanya gore gompieno di ka tlhaselwa ke dikebekwa nako nngwe le nngwe go feta jaaka go ne go ntse dingwaga tse di lesome tse di fetileng. Gongwe boemo jwa mo o nnang teng bo a tshwana.

Baagi ba ba ikobelang molao ba eletsa puso e e tla dirang se se fetang fela go fokotsa bokebekwa. Ba batla puso e e tla bo fedisang gotlhelele. Le mororo go farologana ga selekanyo sa jone go ka nna ga akantsha gore dipuso dingwe di kgona go bo thibela go feta tse dingwe, se se diragalang gongwe le gongwe se supa gore dipuso tsa batho di palelwa ke go lwa le bokebekwa. Mo godimo ga moo, tota e a bo e se Toro go dumela gore puso e tla tloga e nyeletsa bokebekwa. Mme ke puso efe? E bile e tla go dira leng?

[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 4, 5]

LEFATSHE LE LE TLETSENG BOKEBEKWA

YUROPA: Buka ya Sentadiana (“Tshono le Legodu”) e ne ya bolela gore mo lobakeng lo lokhutshwane fela, palo ya ditiro tsa bokebekwa jwa go senya dithoto kwa Italy e ne e setse “e fitlhile kwa setlhoeng se pele go neng go akanngwa gore di ka se fitlhe mo go sone.” Ukraine, nngwe ya direpaboliki tsa se pele e neng e le Soviet Union, e ne ya bega ditiro tsa bokebekwa di le 490 mo baaging bangwe le bangwe ba le 100 000 ka 1985 le tse 922 ka 1992. Palo ya tsone e ntse e oketsega. Ga go gakgamatse go bo lokwalodikgang lwa kwa Russia (“Dintlha le Mabaka”) lo ne lwa kwala jaana: “Re eletsa go tshela—go tswelela re tshela—re falola paka e e boifisang eno . . . re boifa go pagama terena—e ka tswa mo seporong kana ya senngwa; re boifa go pagama difofane—difofane tse dintsi di faposiwa ka dikgoka kana di a phatlakana; re boifa go pagama terena ya kafa tlase ga lefatshe—ka ntlha ya go thulana ga tsone kana dibomo; re boifa go tsamaya mo mebileng—o ka iphitlhela o le fa gare ga ditlhopha tse di hulanang kana wa thukhuthiwa, wa betelelwa, wa itewa kana wa bolawa; re boifa go pagama dikoloi—e ka nna ya tshubiwa ka molelo, ya thuntshiwa ka bomo kana ya utswiwa; re boifa go tsamaya mo diphasiking tsa difolete, diresetšhurente kana mabenkele—o ka gobala kana wa bolaelwa mo go lepe fela la mafelo ano.” Mme HVG, makasine wa kwa Hungary o ne wa tshwantsha toropokgolo nngwe ya kwa Hungary o e bitsa “ntlokgolo ya ditlhopha tsa Mafia,” o bolela gore mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, “e ne e le gone kwa mofuta mongwe le mongwe o mosha wa bokebekwa o neng o simololwa teng . . . Poifo e ntse e oketsega fa batho ba ntse ba bona mapodisi a sa nonofela go lwa le ditlhopha tsa Mafia.”

AFRIKA: Daily Times ya Nigeria e ne ya bega gore kwa “ditheong tsa thutego e e kwa godimo” tsa setšhaba sengwe sa kwa Afrika Bophirima, “maloko a makoko a a belaetsang a sephiri a ne a dira ditiro tse di tsitlisang marapo: mo a neng a batla a emisa tiro epe e e tsweledisang thutego pele.” E ne ya oketsa jaana: “Ditiro tseno di ntse di anama go ya kwa pele, mme go swa batho ba bantsi e bile go senyega dikago tse dintsi.” The Star ya Afrika Borwa e ne ya bega jaana ka naga e nngwe gape ya Afrika: “Go na le mefuta e mebedi ya thubakanyo: dikgotlhang tsa batho ba tikologo e le nngwe le thubakanyo e e tlwaelegileng fela e e dirwang ke dikebekwa. Wa ntlha o fokotsegile thata, wa bobedi o oketsegile fela thata.”

OCEANIA: Institute of Criminology ya kwa Australia e ne ya fopholetsa gore bokebekwa bo dira gore go senngwe “didolara di le dimilione di le dikete di le 27 [diranta di le dimilione di le dikete di le 97] ngwaga le ngwaga kana mo e ka nnang didolara di le 1600 [diranta di le 5700] mo monneng, mosadi le ngwana mongwe le mongwe.” Seno ke “mo e ka nnang diperesente di le 7,2 tsa madi otlhe a a bonwang ke modiri mo nageng eo.”

KWA AMERIKA: The Globe and Mail ya Canada e ne ya bega gore bokebekwa jo batho ba gobadiwang mo go jone bo oketsegile thata kwa Canada mo lobakeng lwa dingwaga tse di sa tswang go feta tse di latelanang tse 12, gotlhe “e le karolo ya mokgwa o o neng wa dira gore thubakanyo e oketsege ka diperesente di le 50 mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng.” Mo go lone lobaka loo, El Tiempo ya Colombia e ne ya bega gore kwa Colombia, mo ngwageng mongwe wa bosheng go ne ga tsewa batho ba le 1714 ka dikgoka go bo go lopiwa gore ba rekololwe ka madi, “palo eo e ne e menagane gabedi go feta ya batho ba ba tsewang ka dikgoka ka mokgwa oo mo lefatsheng lotlhe mo lobakeng lone loo.” Go ya ka Lephata la Tshiamiso la Mexico, go ne go dirwa bokebekwa jo bo amang tsa tlhakanelodikobo mo motsemoshateng wa teng diura dingwe le dingwe tse nnè mo ngwageng mongwe wa bosheng. Mosadi mongwe yo o buelelang basadi ba bangwe o ne a bolela gore motho ga a tsewe e le sepe tota mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. “Re tshela mo kokomaneng e e dumelang gore o dirise sengwe o bo o se latlha,” o ne a konela jalo.

LEFATSHE LOTLHE: Buka ya The United Nations and Crime Prevention e bolela kaga “go oketsega ka iketlo ga ditiro tsa bokebekwa mo lefatsheng lotlhe go go diragetseng ka bo1970 le bo1980.” Ya re: “Palo ya ditiro tse di begilweng tsa bokebekwa e ne ya oketsega go tloga go dimilione di le 330 ka 1975 go ya go dimilione di ka tshwara 400 ka 1980 mme go fopholediwa gore di ne di tshwere dimilione di le 500 ka 1990.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map and globe: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Earth on pages 3, 6, and 9: NASA photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela