Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
“BASHA ba re Bodutu ke Jone bo Dirang Gore ba Dire Bokebekwa,” go ne ga bolela jalo setlhogo se segolo sa lokwalodikgang lo logolo lwa Boritane. Lo longwe lo ne lwa re: “Mathata a Malapa a Baka go Oketsega ga Bokebekwa.” Lwa boraro lo ne lwa re: “Go Tshwakgoga, ‘Go Baka Diketekete Tsa Ditiro tsa Bokebekwa.’” Makasine wa Philippine Panorama o ne wa fopholetsa gore diperesente di le 75 tsa bokebekwa jo batho ba gobadiwang mo go jone kwa Manila bo ne jwa dirwa ke batho ba ba sa diriseng diokobatsi sentle.
Go na le mabaka mangwe a a ka nnang a tlhotlheletsa bokebekwa. “Khumanego fa e bapile le khumo e ntsi” ke se se neng sa umakiwa ke motlhatlhobimogolo wa mapodisi wa kwa Nigeria. Go umakiwa gape le go gatelelwa ke balekane le go senang tsholofelo ya go bona tiro, go sa nneng teng ga melao e e gagametseng e e go thibelang, go sa tseele dilo tse di botlhokwa mo lelapeng kwa godimo, go sa tlotle baokamedi le molao le thubakanyo e ntsi e e mo difiliming le mo dibidiong.
Lebaka le lengwe ke gore batho ba bantsi ga ba tlhole ba dumela gore bokebekwa ga bo duele. Moitsethutoloago mongwe wa kwa Yunibesithing ya Bologna, kwa Italy, o ne a bolela gore mo lobakeng lwa dingwaga tse dintsi, “palo ya ditiro tse di begilweng tsa bogodu e ne e le kwa godimo fa palo ya batho ba ba neng ba sekisiwa yone e le kwa tlase.” O ne a bolela gore “palo ya batho ba ba sekisitsweng fa e bapisiwa le palogotlhe ya ditiro tsa bogodu tse di begilweng e ile ya wela kwa tlase go tloga go diperesente di le 50 go ya go di le 0,7.”
Mafoko ano a The New Encyclopædia Britannica a utlwisa botlhoko mme fela a boammaaruri: “Bokebekwa bo oketsega mo mafelong otlhe a diintaseteri a segompieno mme e bile, go tlhabololwa ga melao kana go okediwa ga dikotlhao ga go bonale go tokafaditse bothata ka gope. . . . Mo bathong ba segompieno ba ba nnang mo ditoropong, koo go gola ga ikonomi le go atlega e leng dilo tse di botlhokwa thata, ga go na lebaka la go dumela gore selekanyo sa bokebekwa ga sena go tswelela se oketsega.”
A Kgopolo Eno e Nyeletsa Tsholofelo?
A boemo bo maswe thata jalo? A ga go na mafelo a a begang gore bokebekwa bo fokotsegile kwa go one? Ee, a teng, mme dipalo tsa teng ga o ka ke wa di ikanya. Ka sekai, go ne ga begiwa gore bokebekwa bo fokotsegile ka diperesente di le 20 kwa Philippines fa ditlhobolo di sena go thibelwa ka molao. Lefa go ntse jalo, Asiaweek e ne ya tlhalosa gore modiredimogolo mongwe o bolela gore magodu a dikoloi le magodu a dibanka a emisitse go utswa dikoloi le go utswa kwa dibankeng mme jaanong a “tsaya batho ka dikgoka a bo a batla gore ba rekololwe.” Go fokotsega ga bogodu jwa dibanka le jwa dikoloi go ile ga dira gore palo ya dikgetsi tsa bokebekwa e wele kwa tlase, mme go fokotsega gono go ile ga se ka ga thusa sepe fa o akanya gore go tsewa ga batho ka dikgoka e le gore ba rekololwe go ne ga oketsega go menagane ganè!
Makasine wa HVG o ne wa bega jaana ka Hungary: “Fa seno se bapisiwa le dikgwedi tsa ntlha tse thataro tsa 1993, dipalo tsa ditiro tsa bokebekwa di kwa tlase ka diperesente di le 6,2. Se mapodisi a lebetseng go se umaka ke gore kwelotlase eno . . . e bakilwe thata ke diphetogo mo tsamaisong.” Selekanyo sa madi se se supang gore a dikgetsi tsa bogodu, boferefere kana go senya dithoto tsa ba bangwe di ka kwalwa se ile sa okediwa ka diperesente di le 250. Ka jalo, fa go senngwa dithoto mme ditshenyegelo di le kwa tlase ga selekanyo seno tiro eo ga e tlhole e kwalwa gope. E re ka bokebekwa jwa go senya dithoto bo dira tharonneng ya bokebekwa jotlhe mo nageng eo, go ne go se boammaaruri gore bokebekwa bo fokotsegile.
Gone go boammaaruri gore go itse dipalo tse di tlhomameng tsa ditiro tsa bokebekwa go bokete tota. Lebaka le lengwe ke gore ditiro tse dintsi tsa bokebekwa—gongwe diperesente di le 90 tsa mefuta mengwe ya jone—ga di begiwe gotlhelele. Mme gone, go tatalala ka gore bokebekwa bo fokotsegile kana bo oketsegile ga go botlhokwa le eseng. Batho ba eletsa go bona bokebekwa bo nyeleditswe, e seng bo fokotsegile fela.
Dipuso di a Leka
Patlisiso nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya 1990 e ne ya senola gore dinaga tse di tlhabologileng thata di dirisa palogare ya diperesente di le 2 kana 3 tsa tekanyetso ya madi a tsone ngwaga le ngwaga mo go thibeleng bokebekwa, fa tse di tlhabologang tsone di dirisa a a fetang ao, palogare ya diperesente di le 9 go ya go di le 14. Kwa mafelong a mangwe go okediwa palo ya mapodisi e bile ba newa didirisiwa tse di botoka. Lefa go ntse jalo matswela ga a tlhomama. Baagi bangwe ba kwa Hungary ba ngongorega jaana: “Ga go ke go nna le mapodisi a a lekaneng go tshwara dikebekwa mme o fitlhela mapodisi a a tshwarang ba ba tlolang melao ya tsela a le mantsi.”
Dipuso tse dintsi di ile tsa ntsha melao e e gagametseng thata kgatlhanong le bokebekwa moragonyana jaana. Ka sekai, fa e sa le “go tsaya batho ka dikgoka go bo go batliwa thekololo go oketsega kwa Latin America,” go bolela jalo makasine wa Time, dipuso tsa koo di ile tsa tlhoma melao “e e gagametseng ka bonako mme e le e e sa thuseng sepe. . . . Go motlhofo go tlhoma melao,” go dumela jalo makasine ono, “mme go bokete go dira gore e ikobelwe.”
Go fopholediwa gore ka 1992, go ne go na le dithulaganyo tsa go disa mo tikologong di feta 100-000 kwa Boritane, go disiwa bobotlana matlo a a ka tshwarang dimilione di le nnè. Go ne ga dirwa dithulaganyo tse di tshwanang kwa Australia mo magareng a bo1980. Australian Institute of Criminology e bolela gore boikaelelo jwa tsone ke go fokotsa bokebekwa “ka go dira gore baagi ba ele tlhoko pabalesego ya bone, ka go tokafatsa mekgwa ya baagi le boitshwaro jwa bone malebana le go bega ditiro tsa bokebekwa le ditiragalo dipe fela tse di belaetsang mo tikologong ya bone le go fokotsa kgonego ya go tlhaselwa ke dikebekwa ka go ithusa ka go tshwaya dithoto tsa bone le go tsenya didirisiwa tsa tshireletso tse di mosola tota.”
Mo mafelong a mangwe, mafelo a kgwebo a golaganngwa le diteishene tsa mapodisi ka thelebishene e e supang se se diragalang mo tikologong. Mapodisi, dibanka le mabenkele a dirisa dikhamera tsa bidio go leka go thibela bokebekwa kana go bona batho ba ba tlolang molao.
Kwa Nigeria, mapodisi a na le mafelo a go phuruphutsha mo ditseleng tse dikgolo go leka go tshwara magodu a dikoloi. Puso e tlhomile ditlhopha tse di nang le baeteledipele go baya leitlho ba ba dirang boferefere mo kgwebong gore ba se ka ba tsietsa. Dikomiti tse di dirisanang le mapodisi tse di dirilweng ka baeteledipele ba setšhaba ba mo tikologong di itsise mapodisi ka ditiro tsa bokebekwa le batho ba ba itshwarang ka tsela e e belaetsang.
Batho ba ba etelang kwa Philippines ba lemoga gore magae gantsi ga a ke a tlogelwa a sena ope le gore batho ba bantsi ba na le dintšwa tse di disang. Borakgwebo ba thapa badisa ba tshireletso gore ba dise dikgwebo tsa bone. Didirisiwa tse di thibelang go utswiwa ga dikoloi di rekwa thata. Batho ba ba kgonang ba fudugela mo matlong a magolo kana mo difoleteng tse di disiwang tota.
Lokwalodikgang lwa Lontone, The Independent, lo ne lwa akgela jaana: “Jaaka fa batho ba sa tlhole ba tshepa puso, baagi ba bantsi ba ntse ba ithulaganyetsa ditsela tsa go itshireletsa mo ditikologong tse ba nnang mo go tsone.” Batho ba bantsi ba ntse ba itshenkela ditlhobolo. Ka sekai, kwa United States, go fopholediwa gore mo matlong mangwe le mangwe a mabedi, e le nngwe mo go one e na le tlhobolo e le nngwe kana go feta.
Dipuso di nna di ntse di rulaganya mekgwa e mesha ya go thibela bokebekwa. Lefa go ntse jalo, V. Vsevolodov wa Academy of Home Affairs kwa Ukraine, o bolela gore go ya ka metswedi ya dikgang ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, batho ba bantsi ba ba botlhale ba ntse ba bona “mekgwa e e tlhomologileng thata ya go dira ditiro tsa bokebekwa” mo e leng gore “katiso e e newang batho ba ba dirang gore molao o ikobelwe” ga e thuse sepe. Dikebekwa tse di botlhale di tsenya madi a mantsi gape mo dikgwebong le mo ditirelong tsa loago, di inyalanya le batho ba ba mo tikologong le go “iponela maemo a a kwa godimo mo setšhabeng.”
Go Latlhegelwa ke Tshepo
Batho ba bantsi ba e bileng ba oketsega mo dinageng tse dintsi jaanong ba dumela gore puso e tshwanetse ya bo e na le seabe mo bothateng jono. Asiaweek e ne ya nopola moeteledipele wa setlhopha sengwe se se lwang le bokebekwa e bolela gore o ne a re: “Mo e ka nnang 90% ya bao re ba tshwarang ka ntlha ya go ba belaela ke mapodisi kana masole.” Lefa re sa itse gore dipego tsa mofuta ono di boammaaruri kana nnyaa, di ile tsa dira gore motlhomamolao mongwe a akgele jaana: “Fa bao ba ikanisitsweng gore ba tla tlhomamisa gore molao o a ikobelwa e le bone ba o tlolang, go raya gore setšhaba se mo kotsing.”
Ditiro tsa bonokwane tse di dirwang ke badiredibagolo di ile tsa reketlisa dipuso mo dikgaolong tse dintsi tsa lefatshe, seo se dira gore baagi ba se ka ba tlhola ba ba tshepa. Kwantle ga gore ga ba dumele gore puso e ka kgona go thibela bokebekwa, batho jaanong ba ipotsa gore a gone e ikaeletse go go dira. Morutisi mongwe o ne a botsa jaana: “Tota batho ba ba mo pusong ba ka thibela bokebekwa jang fa bone ka bobone ba tsene ka tlhogo jaana mo go jone?”
Go tsena puso e nngwe, e bo e tswa go tsena e nngwe mme bokebekwa jone bo nnetse ruri. Lefa go ntse jalo, nako ya gore bokebekwa bo fele e atamela ka bonako!
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Dilo tse di thibelang bokebekwa: Dikhamera tsa thelebishene tse di supang se se diragalang mo tikologong, ditswalo tsa tshipi tse di imenang le badisa ba ba dirisang dintša tse di katisitsweng
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Bokebekwa bo dira gore batho e nne batshwarwa kafa morago ga ditswalo tsa bone