Kgabagare—Puso e e Tla Nyeletsang Bokebekwa
BAEBELE e ne ya bolelela pele gore mo motlheng ono wa rona batho ba ne ba tla nna “baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope.” (2 Timotheo 3:2, 3) Batho ba ba ntseng jalo ba dira bokebekwa.
E re ka batho ba dira bokebekwa, mme fa ba kgona go fetoga, bokebekwa bo a fokotsega. Lefa go ntse jalo, ga go motlhofo gore batho ba fetoge. Gompieno go bokete go feta nako epe fela pele, ka go bo re sa le re ntse re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo fa e sa le go tloga ka 1914, letlha le le neng la tlhomamisiwa go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa Baebele. Fela jaaka Baebele e ne ya bolelela pele, lobaka lono lo tletse “dipaka tse di tlhokofatsang.” Dipaka tse di botlhoko tseno di bakiwa ke Satane Diabolo, sekebekwa se se di fetang tsotlhe, se se ‘tletseng bogale, ka se itse fa lobaka lwa sone lo setse lo le lokhutshwane.’—2 Timotheo 3:1; Tshenolo 12:12.
Seno se tlhalosa lebaka la go bo bokebekwa bo oketsegile. Satane o itse gore o tla tloga a nyelediwa le tsamaiso eno ya gagwe. Mo lobakeng lo lokhutshwane lo lo setseng, o leka ka ditsela tsotlhe go dira gore batho ba nne le mekgwa e e bosula e e umakiwang mo go 2 Timotheo kgaolo 3. Ka jalo, puso e e tla kgonang go khutlisa bokebekwa e tshwanetse ya dira gore Satane a se ka a tlhola a tlhotlheletsa batho e bo e thuse batho go fetoga gore ba se ka ba tlhola ba itshwara ka ditsela tse di tlhalositsweng fa godimo. Mme a go na le puso e e ka dirang tiro eno e e ka se kang ya kgonwa ke motho?
Ga go na puso epe ya motho e e ka kgonang go dira seno. Ka jalo, J. Vaskovich, yo o rutang molao kwa Ukraine, o akantsha gore go nne le “setlhopha se le sengwe se se nonofileng se se tla kgonang go kopanya le go laola maiteko otlhe a puso le mekgatlho ya puso.” E bile Poresidente Fidel Ramos wa kwa Philippines o ne a bolela jaana kwa khonferenseng ya lefatshe e e neng e le malebana le bokebekwa: “Lebaka la go bo ditlhabololo di dirile gore lefatshe la rona le lebege le le lennye, le dirile gore bokebekwa bo kgone go tlola melelwane ya ditšhaba mme bo feletse e le bothata jo bo amang ditšhaba tsotlhe. Ka jalo, tharabololo le yone e tshwanetse ya ama ditšhaba tsotlhe.”
“Bomadimabe Jwa Lefatshe Lotlhe”
Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke setlhopha se se nang le ditšhaba tse dintsi (sa boditšhabatšhaba). Di ile tsa leka go thibela bokebekwa fa di sa le di tlhomiwa. Lefa go ntse jalo, le tsone ga di na tharabololo epe fela jaaka dipuso tsa ditšhaba. Buka ya The United Nations and Crime Prevention e bega jaana: “Ditšhaba tse dintsi ga di kgone go laola bokebekwa jo bo dirwang ke maloko a lelapa mo go a mangwe mme bokebekwa jo bo dirwang mo ditšhabeng tsotlhe bo godile mo ditšhaba gompieno di sa kgoneng go bo thibela. . . . Bokebekwa jo bo dirwang ke ditlhopha tsa dinokwane tse di rulagantsweng sentle bo oketsegile ka ditsela tse di tshosang tota, mme matswela a seno a masisi thata fa go akanngwa ka go itewa, go tshosediwa le go tlola molao ga badiredi ba bagolo ba dipuso. Borukhutlhi bo bolaile diketekete tse di masomesome tsa batho ba ba senang molato. Bolalome jo bo dirwang ke ba ba rekisang diokobatsi ke tiro ya bomadimabe e e aparetseng lefatshe lotlhe.”
James Madison, poresidente wa bonè wa United States, o kile a re: “Fa o tlhoma puso ya batho ba ba busang ba bangwe, bothata jo bogolo jwa yone ke jono: sa ntlha, o tshwanetse wa dira gore puso e kgone go laola babusiwa ba yone; morago ga foo yone ka boyone e kgone go itaola.” (Bapisa Moreri 8:9.) Ka jalo, tharabololo e e siameng ke go emisetsa puso “ya batho ba ba busang ba bangwe” ka tsamaiso e go busang Modimo mo go yone. A seo tota se ka diragala?
Puso e e Tla Nyeletsang Bokebekwa
Bakeresete ba boammaaruri ba dumela se Baebele e se bolelang kaga Bogosi jwa Modimo.a Ke puso tota. Le mororo Bogosi jono bo sa bonwe ka matlho ka ntlha ya gore bo kwa legodimong, dilo tse bo di dirang mo lefatsheng tsone di a bonala. (Mathaio 6:9, 10) Bo dirwa ke Keresete Jesu le batho ba le 144 000 “ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo . . . mme ba busa mo lefatsheng.” Puso e e nonofileng eno e tlile go busa “boidiidi jo bogolo” jwa batho bao, jaaka Baebele e bolelela pele, le bone e leng ba “morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” (Tshenolo 5:9, 10; 7:9, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo, babusi le babusiwa ba jone ba tswa mo ditšhabeng tsotlhe, ke batho ba ba utlwanang tota ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ba amogelwang ke Modimo.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go tlogela bokebekwa ka bobone gonne ba dumela go busiwa ke Modimo. Jang? Ka go ithuta go itumelela botlhale jwa melaometheo ya Baebele, ka go e dirisa mo matshelong a bone le ka go itetla gore ba tlhotlhelediwe ke maatla a a nonofileng go feta otlhe mo lobopong, moya wa Modimo le loungo lwa one—lorato. Lefoko la Modimo la re: “Lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo.” (Bakolosa 3:14) Mo dinageng tse di fetang 230, Basupi ba ga Jehofa ba supa lorato le kutlwano, ba supa dikgato tse Bogosi jwa Modimo bo setseng bo di tsere go nyeletsa bokebekwa.
Seno se supiwa ke se se neng sa bonwa mo patlisisong e Basupi ba ga Jehofa ba le 145 958 ba kwa Jeremane ba neng ba botsolodiwa mo go yone ka 1994. Bontsi jwa bone ba ne ba dumela gore ba ne ba tshwanela go baakanya diphoso dingwe tse di masisi gore ba nne Basupi. Ba ne ba dira jalo ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke thuto ya Baebele. Ka sekai, ba le 30 060 ba ne ba kgona go tlogela motsoko kana diokobatsi tse di neng di ba tshwakgotse; ba le 1437 ba ne ba tlogela go betšha; ba le 4362 ba ne ba latlha ntwa le bokebekwa; ba le 11 149 ba ne ba tlogela mekgwa e e tshwanang le lefufa le letlhoo; mme ba le 12 820 ba ne ba kgona go bona thetebalo gape mo malapeng a bone a a neng a na le mathata.
Le mororo dilo tseno di fitlhetswe mo Basuping ba ga Jehofa ba naga e le nngwe fela, di bonwa mo Basuping ba ba mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, tsaya Mo-Ukraine yo mmotlana yo o bidiwang Yuri. Ka nako ya fa a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a utswa dipatšhe tsa batho. O ne a bo a ya kwa Moscow koo a neng a itse gore o ne a tla dira “tiro” eno motlhofo ka ntlha ya bontsintsi jwa batho.
Yuri o ne a le mo gare ga boidiidi jwa batho gape ka 1993 kwa Moscow. Mme go ne go sena ope mo bathong ba ba fetang 23 000 ba ba neng ba le kwa Locomotive Stadium ka Labotlhano, July 23, yo a neng a mmoifa, ka go bo jaanong e ne e le Mosupi wa ga Jehofa. E bile tota, Yuri o ne a le mo seraleng a na le seabe mo thulaganyong e e neng e neelwa batho ba ditšhaba tsotlhe. E re ka jaanong a fetogile, o reetsa molao ono wa Baebele: “Yo o utswileng a a se tlhole a utswa.”—Baefeso 4:28.
Ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanang le Yuri ba tlogetse bokebekwa gore ba tle ba kgone go bona botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo. Seno se otlelela boammaaruri jwa se Sir Peter Imbert, modiredimogolo wa sepodisi sa Boritane a neng a se bolela jaana: “Bokebekwa bo ne bo ka nyelediwa ka bonako tota fa mongwe le mongwe a ne a leka go dira maiteko otlhe.” Thulaganyo ya thuto ya Baebele ya puso ya Modimo e dira gore go nne le batho ba ba dipelo di phepa ba ba tlhotlheletsegang go “dira maiteko otlhe.”
Lefatshe le le Senang Bokebekwa
Motho yo o dirang bokebekwa bope fela o supa gore ga a rate batho ba bangwe. Bakeresete ba latela sekao sa ga Jesu yo o neng a re: “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.” Gape, “O rate wa gaeno jaaka o ithata.”—Mathaio 22:37-39.
Bogosi jwa Modimo ke jone puso fela e e ikaeletseng go nyeletsa bokebekwa ka go ruta batho go obamela melao e mebedi eo. Gompieno, go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse tlhano ba ba solegelwang molemo ke thuto eno. Ba ititeile sehuba gore ga ba kitla ba letla mekgwa epe fela ya bokebekwa e mela mo dipelong tsa bone, ba iketleeditse go dira maiteko ape fela a a tlhokegang gore ba nne le seabe mo go direng gore lefatshe le tlhoke bokebekwa. Se Modimo o kgonneng go se dira mo matshelong a bone ke lemme fela la se a tla se dirang mo lefatsheng le lesha fa puso ya gagwe ya selegodimo e busa. Akanya fela lefatshe le sena mapodisi, baatlhodi, baitsemolao kana dikgolegelo!
Gore seno se kgone go dirwa mo lefatsheng lotlhe go tla akaretsa gore puso e fetolwe ka tsela e kgolo e e iseng e diragale mo hisitoring yotlhe, mme e tla dirwa ke Modimo ka boene. Daniele 2:44 ya re: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo [tse di leng teng gompieno], Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi [jwa selegodimo] jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa [j]one ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” Modimo o tla nyeletsa le Satane, a dira gore a se ka a tlhola a tlhotlheletsa batho go dira bosula.—Baroma 16:20.
Fa dipuso tsa batho di se na go tseelwa sebaka ke puso ya Modimo ya selegodimo, motho ga a kitla a tlhola a busa yo mongwe. Dikgosi tsa selegodimo—dikgosi tse di fetang le baengele ka maemo—di tla ruta batho ditsela tsa tshiamo. Morago ga foo, ga go kitla go tlhola go nna le dipolao, go tlhaselwa ka digase tse di botlhole kana ka dibomo ke dirukhutlhi! Ga go kitla go nna le ope yo o direlwang tshiamololo eo e bakang bokebekwa! Go sena bahumi le bahumanegi!
Porofesa S. A. Aluko, wa Yunibesithi ya Obafemi Awolowo kwa Nigeria, o ne a akgela jaana: “Bahumanegi ga ba kgone go robala bosigo ka ntlha ya tlala; bahumi ga ba kgone go robala gonne bahumanegi ba sa robala.” Mme go ise go e kae, mongwe le mongwe o tla kgona go robala a itse gore puso—puso ya Modimo—kgabagare e nyeleditse bokebekwa!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gore o bone tlhaloso ya gore Bogosi jwa Modimo ke eng le gore bo tlile go solegela batho ba ba dumelang molemo ka tsela efe, tsweetswee bala buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Legodu la bogologolo le motho yo a kileng a mo utswela, ba a utlwana ka jaanong e le bakaulengwe ba Bakeresete