Go Senola Medi ya Puo e e Kgobang
“Molomo o bua se se tswang mo botlalong jwa pelo.”—MATHAIO 12:34.
JESU KERESETE o ne a bolela mafoko ao mo e ka nnang dimileniamo tse pedi tse di fetileng. Ee, mafoko a motho gantsi a supa maikutlo a gagwe a a boteng le maikaelelo a gagwe. A ka tswa e le ao a ka a akgolelwang. (Diane 16:23) Kafa letlhakoreng le lengwe, a ka nna le bonokwane.—Mathaio 15:19.
Mosadi mongwe o ne a bolela jaana ka monna wa gagwe: “O galefa fela go sa re sepe e bile go nna le ene gantsi go tshwana le go tsamaya fa go epetsweng dibomo teng—ga o ke o itse gore o tlile go galefisiwa ke eng.” Richard o tlhalosa mosadi wa gagwe ka tsela e e tshwanang. A re: “Lydia o nna fela a iketleeditse go lwa. Ga a ke a bua fela ka bonolo; o bua ka tsela ya go lwa a ntshupa ka monwana jaaka e kete ke ngwana.”
Gone mme, dikomang di nna teng le mo manyalong a a nang le boitumelo e bile ga go na monna kana mosadi yo a se keng a dira dilo tse morago a di ikwatlhaelang. (Jakobe 3:2) Mme gone puo e e kgobang fa e buiwa mo lenyalong e akaretsa dilo tse dintsi; e akaretsa puo e e nyenyefatsang le e e kgalang e e buiwang ka boikaelelo jwa go gatelela kana go laola yo o nyalaneng nae. Ka dinako tse dingwe motho o bua dilo tse di tlhabang mme a ipuisa ka bonolo. Ka sekai, mopesalema Dafite o ne a tlhalosa monna yo o neng a bua ka bonolo, mme a tletse boferefere jaana: “Legano la gagwe le ne le le borethe jaaka mafura a serethe, pelo ya gagwe yone e ne e le ntwa fela.” (Pesalema 55:21; Diane 26:24, 25) Lefa puo e e botlhoko e buiwa ka tlhamalalo ka tsela e e supang letlhoo kana e sa buiwe ka tlhamalalo, e ka senya lenyalo tota.
Tshimologo ya Yone
Ke eng se se dirang gore motho a bue dipuo tse di kgobang? Ka kakaretso fela, motho o bua se a kileng a se bona kana a se utlwa. Mo dinageng tse dintsi, go sotla motho o kobisa, go mo tlhapatsa le go mo nyenyefatsa go a amogelwa e bile go dirwa metlae ka gone.a Banna bone ba ka nna ba tlhotlhelediwa ke metswedi ya tshedimosetso, e gantsi e supang banna ba “mmatota” e le ba ba gatelelang le ba ba ratang ntwa.
Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa batho ba ba buang puo ya matlhapa ba godisitswe ke batsadi ba ba neng ba tlhola ba kgwela kgalefo, kutlobotlhoko le tshotlo mo go bone. Ka jalo, e ne ya re ba santse ba le bannye ba rutiwa gore boitshwaro joo bo itshiametse fela.
Ngwana yo o golelang mo tikologong e e ntseng jalo ga a ithute mokgwa wa go bua fela; a ka nna a iteba ka tsela e e phoso kana a leba ba bangwe jalo. Ka sekai, fa ngwana a buisiwa dipuo tse di tlhabang, a ka gola a sa itseye a le botlhokwa, kana a tlhotlheletsega go galefa. Mme go tweng fa ngwana a ka utlwa rraagwe a itaya mmaagwe ka mafoko? Tota lefa ngwana a le monnye thata, a ka nna le lenyatso le rraagwe a nang le lone mo basading. Mosimane a ka ithuta go tswa mo boitshwarong jwa ga rraagwe gore monna o tshwanetse go laola basadi le gore o ba laola ka go ba tshosa kana go ba utlwisa botlhoko.
Motsadi yo o bogale a ka godisa ngwana yo o bogale, yo e tla reng fa a gola a bo a nna “rabogale” yo o dirang “ditlolo tse dintsi.” (Diane 29:22, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.) Ka gone, boswa jwa dipuo tse di tlhabang bo ka fetela mo kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Go tshwanetse go bo Paulo a ne a gakolola borre jaana: “Se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.” (Bakolosa 3:21) Go bonala gore, go ya ka Theological Lexicon of the New Testament, lefoko la Segerika le le ranolwang e le “go tshwenya,” le ka kaya “go ipaakanyetsa ntwa le go e gwetlha.”
Gone mme, ga go reye gore go siame gore motho a iteye ba bangwe ka mafoko kana ka ditsela tse dingwe fela ka gonne batsadi ba ne ba mo dira jalo; mme go re thusa fela go bona gore go itlwaetsa go bua dipuo tse di tlhabang go ka nwelelela mo mothong go le kana kang. Monna a ka nna a se ka a bo a itaya mosadi, mme a o mo sotla ka mafoko kana ka go mo ngalela a sa mmuise? Fa motho a itlhatlhoba a ka kgona go bona gore a o tsere mokgwa wa ga rraagwe wa go nyatsa basadi.
Ka phepafalo, melaometheo e e fa godimo e ka dira le mo basading. Fa mmè a nna a tlhaba rre ka mafoko, morwadie a ka nna a tshwara monna wa gagwe ka tsela e e tshwanang fa a se na go nyalwa. Seane sa Baebele sa re: “Go botoka go nna mo nageng e e omeletseng go na le go nna le mosadi yo o loleme lo galakang le yo o bogale.” (Diane 21:19, The Bible in Basic English) Lefa go ntse jalo, monna o tshwanetse go nna kelotlhoko thata mo kgannyeng eno. Ka ntlha yang?
Thata Ya ba Ba Gatelelang ba Bangwe
Gantsi o fitlhela monna a na le thata e ntsi mo lenyalong go gaisa mosadi. Ke ene yo o nonofileng thata mo mmeleng, go bo go boifisa thata fa a tshosetsa ka go itaya.b Mo godimo ga moo, gantsi monna o a bo a na le tiro e a e itseng, a kgona go itlamela e bile a na le madi. Seno se ka dira gore mosadi yo o bediwang ka mafoko a iphitlhele go sena kwa a ka yang teng e bile a latlhegile. A ka dumalana le polelo eno ya Kgosi e e botlhale, Solomone: “Foo ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”—Moreri 4:1.
Mosadi a ka fitlhela a sa itse gore o tshwanetse go dira eng fa monna wa gagwe a fetofetoga—a le maitseo ka nakonyana, a bo a fetoga ka bonako a mo kgala. (Bapisa Jakobe 3:10.) Mo godimo ga moo, fa monna wa gagwe a mo tlamela sentle ka dilo tsa senama, mosadi yo o tlhabiwang ka mafoko a ka ikutlwa a le molato a akanya gore go na le sengwe se se phoso mo lenyalong. A ka nna a bo a ipega molato ka tsela e monna wa gagwe a itshwarang ka yone. “Fela jaaka mosadi yo o itewang,” go ipolela jalo mosadi mongwe, “ke ne ke tlhola ke akanya gore molato ke wa me.” Mosadi yo mongwe a re: “Ke ne ke dumela gore fa ke ne ke ka leka thata gore ke mo tlhaloganye le go ‘nna pelotelele’ le ene ke ne ke tla nna le kagiso.” Se se botlhoko ke gore go tshwarwa makgwakgwa jaana gantsi ga go eme.
Tota ruri go botlhoko go bo banna ba bantsi ba sa dirise thata ya bone sentle mme ba gatelela basadi ba ba ikanneng gore ba tla ba rata le go ba tseela kwa godimo. (Genesise 3:16) Mme gone, ke eng se se ka dirwang ka boemo jo bo ntseng jalo? “Ga ke batle go mo tlogela, ke batla fela gore a tlogele go ntshotla,” go bolela jalo mosadi mongwe. Monna mongwe o bolela jaana morago ga dingwaga tse robongwe a ntse a nyetse: “Ke lemoga gore ke mo lenyalong le go nang le tshotlo mo go lone le gore ke nna mosotli yoo. Ruri ke batla go fetoga, e seng go tsamaya.”
Bao dipuo tse di tlhabang di tletseng mo manyalong a bone ba ka bona thuso jaaka setlhogo se se latelang se tlile go supa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bonala go ne go ntse fela jalo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga. The New International Dictionary of New Testament Theology e bolela gore “Mogerika o a bo e le setswerere mo botshelong fa a kgona go tlhapatsa batho ba bangwe kana go itshokela go tlhapadiwa.”
b Go tlhaselana ka mafoko go ka dira gore go felele go lowa mo lelapeng. (Bapisa Ekesodo 21:18.) Mogakolodi mongwe wa basadi ba ba itewang o bolela jaana: “Mosadi mongwe le mongwe yo o tlang go kopa molao gore o mo sireletse ka ntlha ya go bo a bediwa, a tlhabilwe, kana a kgamiwa ka tsela e e bayang botshelo jwa gagwe mo kotsing, o fitlhela mo godimo ga moo a sa bolo go sotliwa ka dipuo.”
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Tota ruri go botlhoko go bo banna ba bantsi ba sa dirise thata ya bone sentle mme ba gatelela basadi ba ba ikanneng gore ba tla ba rata le go ba tseela kwa godimo
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ngwana o tlhotlhelediwa ke tsela e batsadi ba tshwaranang ka yone