Go Fetola Mafoko a a Tlhabang go Nna a A Nametsang
“Loso le botshelo di mo thateng ya loleme.”—DIANE 18:21.
GO GOBOLOLA—puo e e buiwang ka boomo fela ya go tlhapatsa, e e utlwisang botlhoko—Baebele e go kgala tota. Mo Molaong wa ga Moshe, motho yo o neng a ka gobolola batsadi ba gagwe o ne a ka atlholelwa loso. (Ekesodo 21:17) Ka jalo, Jehofa Modimo ga a tseye kgang eno motlhofo. Lefoko la gagwe, Baebele, ga le tshegetse kgopolo ya gore se se diragalang ‘mo teng ga ntlo ya gago’ ga se kaye sepe fa fela o ipolela gore o direla Modimo. Baebele ya re: “Fa motho mongwe a ithaya a re ke modumedi, mme a sa kganele loleme lwa gagwe, a itsietsa pelo, tumelo ya motho yo ke lefela.” (Jakobe 1:26; Pesalema 15:1, 3) Ka jalo, fa monna a buisa mosadi dipuo tse di tlhabang, ditiro tsotlhe tse dingwe tsa gagwe tsa Bokeresete di tlile go lejwa e le lefela mo matlhong a Modimo.a—1 Bakorinthe 13:1-3.
Mo godimo ga moo, Mokeresete yo o ratang go gobolola a ka kobiwa mo phuthegong. A ka nna a se ka a bona masego a Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorinthe 5:11; 6:9, 10) Ka phepafalo, motho yo o buang mafoko a a utlwisang botlhoko o tshwanetse go fetoga fela thata. Mme seno se ka dirwa jang?
Go Senola Bothata
Go phepafetse gore motho yo o dirang phoso o tla fetoga fela fa a tlhaloganya gore o na le bothata jo bo masisi. Se se botlhoko ke gore, jaaka mogakolodi mongwe a ne a akgela, banna ba bantsi ba ba buang dipuo tse di tlhabang “ga ba lebe boitshwaro jwa bone e le go sotla. Mo banneng bano, ditiro tse di ntseng jalo di itshiametse fela e bile ke tsela fela ya ‘tlholego’ e banna le basadi ba buisanang ka yone.” Ka jalo, batho ba bantsi ga ba kitla ba bona go le botlhokwa go fetoga go fitlha ba bolelelwa ka boemo jono ka tlhamalalo.
Gantsi, mosadi o tlile go ikutlwa a patelesega go bua fa a sena go sekaseka boemo jwa gagwe—a akantse ka tshireletsego ya gagwe le bana ba gagwe le ka go bo a amega ka boemo jwa monna wa gagwe fa pele ga Modimo. Ke boammaaruri gore gantsi go bua le ene ka kgang eo go ka gakatsa maemo le gore a ka nna a ganela a ntsha mabaka a mantsintsi. Gongwe mosadi a ka tila seno ka go akanyetsa ka kelotlhoko tsela e a tla phunyang kgang eno ka yone. “Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone, le tshwana jaaka boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera,” Baebele e bolela jalo. (Diane 25:11) O ka kgona go ama pelo ya gagwe fa o bua le ene ka bonolo fela o tlhamaletse ka nako ya fa maemo a ritibetse.—Diane 15:1.
Mosadi a ka leka go tlhalosa kafa puo e e tlhabang e mo amang ka teng, go na le gore a bue ka tsela ya go tshwaya diphoso. Dipolelo tse di dirang thata ke fa motho a dirisa “Ke.” Ka sekai, ‘Ke utlwa botlhoko gonne . . .’ kana ‘Ke hutsafala thata fa o nthaya o re . . .’ Dipolelo tse di ntseng jalo di ka ama pelo, ka go bo di tlhasela bothata e seng ene.—Bapisa Genesise 27:46–28:1.
Fa mosadi a tsaya kgato a nonofile mme a dira ka botlhale a ka bona matswela a a molemo tota. (Bapisa Pesalema 141:5.) Monna yo re tla mmitsang Steven o ne a fitlhela seno se le boammaaruri. “Mosadi wa me o ne a lemoga gore ke ne ke mo sotla ke sa itemoge mme o ne a nna pelokgale a mpolelela ka gone,” o bolela jalo.
Go Bona Thuso
Mme gone, mosadi a ka dira eng fa monna wa gagwe a ganela gore bothata bo teng? Fa go nna jaana, basadi ba bangwe ba kopa thuso mo bathong ba sele. Ka nako ya fa ba ngomogile pelo jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ka ya kwa bagolwaneng ba diphuthego tsa bone. Baebele e laela banna bano gore ba nne lorato le pelonomi fa ba disitse letsomane la Modimo la semoya mme gape, ba tshwanetse go ‘laya ba ba ganetsang’ thuto e e itekanetseng ya Lefoko la Modimo. (Tito 1:9; 1 Petere 5:1-3) Le mororo gone ba sa itshunye nko mo dikgannyeng tsa banyalani, bagolwane ba a amega fa mongwe wa banyalani a bogisiwa ke yo mongwe ka dipuo tse di tlhabang. (Diane 21:13) Banna bano ba ngaparela melao ya Baebele mme ga ba itlhokomolose kana gone go tsaya dipuo tse di tlhabang motlhofo.b
Bagolwane ba ka nna ba thusa monna le mosadi gore ba kgone go buisana sentle. Ka sekai, mosadi mongwe o ne a ya kwa mogolwaneng mongwe go mmolelela gore monna wa gagwe yo le ene e leng modumedi o na le dingwaga tse dintsi a ntse a mo itaya ka mafoko. Mogolwane yono o ne a rulaganya gore a kopane le bone ka bobedi. Fa mongwe le mongwe wa bone a bua, o ne a kopa yo mongwe gore a mo reetse a sa mo tsene ganong. Fa mosadi a tla go bua, o ne a bolela gore o ne a sa tlhole a kgona go itshokela bogale jwa monna wa gagwe. O ne a tlhalosa gore ka dingwaga di le dintsi letsatsi le letsatsi e ne e re fa nako ya gore a tle gae e atamela o ne a tshoga, a sa itse gore a o tla tla a galefile fa a fitlha mo lapeng. Fa a ne a galefa, o ne a bua dilo tse di nyenyefatsang lelapa la gaabo mosadi, ditsala tsa mosadi le mosadi wa gagwe ka boene.
Mogolwane o ne a kopa mosadi yono go tlhalosa gore mafoko a monna wa gagwe a ne a dira gore a ikutlwe jang. “Ke ne ke ikutlwa ke le motho yo o maswe yo a neng a ka se ka a ratiwa ke ope,” o ne a araba jalo. “Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke botse mmè, ‘Mama, a tota ke motho yo go leng bokete go tshela nae? A ke motho yo o ka se kang a ratiwa ke ope?’” Fa a ntse a tlhalosa gore mafoko a monna wa gagwe a ne a mo dira gore a ikutlwe ka tsela efe, monna wa gagwe o ne a simolola go lela. E ne e le la ntlha a lemoga gore ga a bolo go utlwisa mosadi wa gagwe botlhoko ka go mo kgoba ka mafoko.
O ka Kgona go Fetoga
Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le bothata jwa go bua dipuo tse di tlhabang. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a ba kgothatsa gore ba tlogele “bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong.” (Bakolosa 3:8) Lefa go ntse jalo, puo e e tlhabang ke bothata jo bo simologang mo pelong e seng mo lolemeng. (Luke 6:45) Ke gone ka moo Paulo a neng a oketsa jaana: ‘Apolang motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe, mme lo apare motho yo mosha.’ (Bakolosa 3:9, 10) Ka jalo, go fetoga ga go reye fela gore o bue ka tsela e e farologaneng gape go raya gore o ikutlwe ka tsela e e farologaneng.
Monna yo o buang dipuo tse di tlhabang a ka nna a tlhoka go thusiwa go bona gore tota o tlhotlhelediwa ke eng gore a itshware ka tsela eo.c O tla batla go ikutlwa jaana jaaka mopesalema: “Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me; O bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna.” (Pesalema 139:23, 24) Ka sekai: Ke eng fa a ikutlwa gore o tshwanetse go gatelela kana go laola yo a nyalaneng nae? Ke eng se se dirang gore a mo tlhasele ka mafoko? A o mo tlhasela jaana ka ntlha ya go bo a kile a mo utlwisa botlhoko ka nako nngwe? (Diane 15:18) A ke ka go bo a ikutlwa e se sepe, gongwe e le ka go bo a ne a tlhola a kgalwa fa a ntse a gola? Dipotso tse di ntseng jalo di ka thusa motho gore a kgone go bona gore boitshwaro jwa gagwe bo bakiwa ke eng.
Lefa go ntse jalo, ga go motlhofo go latlha puo e e tlhabang, segolobogolo fa e ile ya jalwa ke batsadi bao bone ka bobone ba neng ba go sotla ka dipuo kana o goletse fa gare ga batho ba ba ratang go gatelela ba bangwe. Lefa go ntse jalo, sengwe le sengwe se motho a se ithutang—fa nako e ntse e tsamaya le fa a ntse a dira maiteko—a ka kgona go se tlogela. Baebele e thusa thata mo ntlheng eno. E ka thusa motho go latlha le boitshwaro jo bo setseng bo medile medi. (Bapisa 2 Bakorinthe 10:4, 5.) Jang?
Go Leba Diabe Tse re di Filweng ke Modimo Sentle
Gantsi, banna ba ba buang dipuo tse di utlwisang botlhoko ga ba tlhaloganye seabe se Modimo o se abetseng monna le mosadi sentle. Ka sekai, Paulo, mokwadi wa Baebele o bolela gore basadi ba tshwanetse go ‘ineela mo banneng ba e leng ba bone’ le gore “monna ke tlhogo ya mosadi.” (Baefeso 5:22, 23) Monna a ka nna a ikutlwa gore jaaka tlhogo a ka laola sengwe le sengwe a gagametse. Tota mme, ga go a nna jalo. Le mororo mosadi wa gagwe a mo ikobela, ga se motlhanka wa gagwe. Ke “mothusi” le “motlatsi” wa gagwe. (Genesise 2:18, NW) Ke gone ka moo Paulo a oketsang jaana: “Banna le bone ba tshwanetse go rata basadi ba bone fela jalo, jaaka e ka bo e le mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata. Gonne ga go ise go ko go nne motho ope yo o kileng a ila nama ya gagwe, mme o a e otla, a e ngomaele, fela jaaka Keresete le ene a direla phuthego.”—Baefeso 5:28, 29.
Jaaka tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, Jesu ga a ise a ko a kgale barutwa ba gagwe ka mafoko a tshotlo, a ba dira gore ba nne ba tshogile gore a ka nna a ba kgala nako nngwe le nngwe. Go na le moo, o ne a ba neneketsa, a sa ba nyenyefatse. O ne a ba solofetsa jaana: “Ke tlaa lo lapolosa . . . gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong.” (Mathaio 11:28, 29) Monna fa a rapela a ntse a tlhatlhanya ka tsela e Jesu a neng a dirisa botlhogo jwa gagwe ka yone a ka kgona go leba botlhogo jwa gagwe ka boene ka tsela e e lekalekaneng.
Fa go Tsoga Dikgang
Go motlhofo go itse melaometheo ya Baebele; go e dirisa fa o le mo kgatelelong go bokete tota. Ka jalo, monna a ka dira jang gore fa go nna le dikgotlhang a se ka a boela gape mo go bueng dipuo tse di tlhabang?
Ga go supe ka gope gore o monna wa mmatota fa o tlhasela ba bangwe ka mafoko fa o shakgetse. Baebele ya re: “Yo o bonya go galefa o gaisa yo o thata, le yo o laolang mowa wa gagwe o gaisa yo o gapang motse.” (Diane 16:32) Monna yo o nonofileng o laola moya wa gagwe. O supa kutlwelobotlhoko ka go akanyetsa seno: ‘Mosadi wa me o ikutlwa jang ka dipuo tse ke di buang? Ke ne ke tla ikutlwa jang fa ke ne ke le ene?’—Bapisa Mathaio 7:12.
Lefa go ntse jalo, Baebele e a bolela gore go na le maemo mangwe a a ka galefisang motho. Mopesalema o ne a kwala jaana ka maemo ao: “Lo gakale mme lo se ka lwa leofa. Lo bue ka dipelo mo malaong a lona mme lo didimale.” (Pesalema 4:4, NW) Gape go tlhola go buiwa jaana: “Ga go phoso go galefa, mme go phoso go tlhasela ba bangwe ka mafoko o ba sotla, o ba nyenyefatsa kana o ba tlhabisa ditlhong.”
Monna a ka ithuta gore a didimale ka nako ya fa a ikutlwa gore ga a tlhole a kgona go laola puo ya gagwe. Gongwe go ka nna botoka go tswa mo kamoreng eo, go tswa o tsamaya fela ka dinao kana go batla lefelo le o ka nnang o le nosi kwa go lone gore o kokobele. Diane 17:14 ya re: “Lesang go tatalalana lo ise lo ye go lwa.” Tswelelang ka motlotlo fa lo sena go wela makgwafo.
Gone mme, ga go na ope yo o itekanetseng. Monna yo o kileng a nna le bothata jwa go bua dipuo tse di tlhabang a ka nna a boa a di bua gape. O tshwanetse go kopa maitshwarelo fa go ka diragala. Go ‘apara motho yo mosha’ ga go fele, mme gone maduo a teng a magolo thata.—Bakolosa 3:10.
Mafoko a a Fodisang
Ee, “loso le botshelo di mo thateng ya loleme.” (Diane 18:21) Mo boemong jwa dipuo tse di utlwisang botlhoko go tshwanetse ga buiwa tse di agang le tse di nonotshang lenyalo. Seane sa Baebele sa re: “Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.”—Diane 16:24.
Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, go ne ga batlisisiwa gore ke eng se se dirang gore malapa a a nonofileng a atlege. “Patlisiso eno e ne ya fitlhela gore ba malapa ano ba ne ba ratana e bile ba bolelelana gore ba a ratana,” go bega jalo David R. Mace. “Ba ne ba tlhomamisetsana, ba dira gore mongwe le mongwe wa bone a ikutlwe a le botlhokwa mme ba dirisa tshono nngwe le nngwe go bolelelana le go direlana dilo tse di supang lorato lo lo tswang pelong. Go ne ga felela ka gore, e nne ga tlholego fela gore ba itumelele go nna mmogo le go tlhotlheletsana ka ditsela tse di neng di dira gore ba itumelele botsalano jwa bone.”
Ga go na monna ope yo o boifang Modimo yo a ka bolelang ka boammaaruri gore o rata mosadi wa gagwe mme a nnela go mmuisa mafoko a a utlwisang botlhoko. (Bakolosa 3:19) Gone mme, seno se dira le mo mosading yo o itayang monna wa gagwe ka mafoko. Eleruri, banyalani ba tshwanetse go latela kgakololo eno ya ga Paulo e a e kwaletseng Baefeso: “A go se tswe puo epe e e bodisang mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, gore e tle e neye ba ba utlwang lesego.”—Baefeso 4:29.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Le mororo fano re dirisa monna fa re bua ka motho yo o dirang seno, melaometheo eno e dira fela ka tsela e e tshwanang le mo basading.
b E le gore monna a tshwanele go direla e le mogolwane kana a tswelele a direla jaaka ene, ga a tshwanela go nna moitei. Ga a ka ke a tsamaya a itaya batho kana a ba betsa ka loleme ka dikakgelo tse di tlhabang. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go laola malapa a bone ka tsela e e siameng. Le fa a ka tswa a itshwara ka tsela e e molemo thata fa a le go sele, monna ga a tshwanele boikarabelo jono fa a gatelela kwa lelapeng la gagwe.—1 Timotheo 3:2-4, 12.
c Go tla tswa mo Mokereseteng gore a o itshenkela kalafi nngwe. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi epe fela e a e tlhophang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Mogolwane wa Mokeresete a ka kgona go thusa banyalani go buisana sentle
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Banna le basadi ba tshwanetse go leka thata gore yo mongwe a tlhaloganye yo mongwe