LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 12/8 ts. 8-9
  • Tsala ya Rona e Kgolo e Kwa Lefelong la Moya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsala ya Rona e Kgolo e Kwa Lefelong la Moya
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Badimona ba Batla Gore re ba Obamele
  • Go Tshwanetse ga Obamelwa Jehofa Fela
  • Masomosomo a a Boikepo a Tlile go Nyelediwa
  • Isagwe e e Senang Boikepo
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Botsuolodi kwa Lefelong la Moya
    Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?
    Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
  • Tshedimosetso Ka ba Ba Kwa Magodimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 12/8 ts. 8-9

Tsala ya Rona e Kgolo e Kwa Lefelong la Moya

BAEBELE e re bolelela ka phepafalo fela gore ke bomang ba ba nnang kwa lefelong la moya. Jehofa Modimo ke ene yo mogolo kwa legodimong. Jesu Keresete o latela Jehofa ka maatla le ka taolo. Baengele ba ba ikanyegang mo Modimong ba direla Modimo e bile ba direla le batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Satane le badimona ba gagwe ba ganetsa Modimo e bile ba tsietsa batho. Baswi ba robetse mo losong go fitlha go tla nako ya gore Modimo a ba tsose.

Badimona ba Batla Gore re ba Obamele

E re ka baswi ba sa tshele, ga go na sepe se ba ka go direlang sone fa o ba obamela. Go direla baswi ditlhabelo go tsweledisa fela maaka a ga Satane le badimona.

A baengele ba Modimo ba batla go obamelwa? Nnyaa ruri! Baengele ba ba ikanyegang ba galaletsa Modimo e bile ba kgothaletsa batho gore ba dire jalo. Ka makgetlho a le mabedi, moaposetoloi Johane o ne a kgalemelwa jaana fa a ne a leka go obamela baengele: “O se ka wa ba wa dira jalo; . . . obamela Modimo.”—Tshenolo 19:10; 22:8, 9.

Satane le badimona ba gagwe, go farologana le baengele ba ba ikanyegang, ba batla go obamelwa le go galalediwa. Seno se ne sa bonala fa Satane a ne a raela Jesu ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Baebele e anela jaana: “Diabolo a mo isa [Jesu] kwa thabeng e e godileng thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe, le kgalalelo ya one. Mme a mo raya a re: ‘Dilo tsotlhe tse ke tlaa di go naya, fa o ka wela fa fatshe wa nkobamela.’”—Mathaio 4:8, 9.

Jesu o ne a araba jaana: “Tloga o ye koo Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.’” (Mathaio 4:10) Jesu o ne a itse Molao wa ga Jehofa, mme o ne a gana go o tlola.—Duteronome 6:13.

Le fa gone Satane a ile a se ka a kgona go dira gore Jesu a mo obamele, o ne a kgona ba bangwe. Gone mme, ke batho ba le mmalwa fela ba ba obamelang Satane ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, Satane le badimona ba gagwe ba ile ba dirisa bonokwane, tsietso, maaka le poifo go tlosa batho ba bantsi mo kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa mo moaposetoloi Johane a neng a kwala jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” (1 Johane 5:19) Bao ba obamelang ka tsela e e sa dumalaneng le Lefoko la Modimo ba tlotlomatsa Satane e seng Jehofa. Baebele e tlhagisa jaana: “Dilo tse Baditšhaba ba di isang ditlhabelo ba di isetsa badimo, e seng Modimo.”—1 Bakorinthe 10:20.

Go Tshwanetse ga Obamelwa Jehofa Fela

Re tshwanetse go obamela Modimo fela. Jehofa o ne a bolelela Moshe jaana: “O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna. O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa.”—Ekesodo 20:3-5.

Le mororo Jehofa a na le maatla a magolo thata, o kgona go atamelwa. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela.” (Jakobe 4:8) Moaposetoloi Paulo o ne a re: ‘[Modimo] ga o kgakala le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Moaposetoloi Johane le ene o ne a kwala jaana: “Mo ke jone botlhokapoifo jo re nang najo ntlheng ya [ga Jehofa], gore fa re lopa sengwe ka fa go rateng ga one, o a re utlwa. Fa re itse gore le fa e ka bo e le eng se re se lopang o bo o re utlwa, re a bo re itse fa re tshotse ditopo tse re di lopileng mo go one.”—1 Johane 5:14, 15.

Ela tlhoko gore Johane o kwadile gore Jehofa o ne a tla ba naya se ba se kopang fa ba ne ba kopa “ka fa go rateng ga one.” Re tshwanetse go ithuta se Baebele e se rutang fa re batla go itse thato ya Modimo. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go tlhaloganya Baebele.

Fa o ntse o ithuta go le gontsi kaga Jehofa, o tla bona kitso e e oketsegileng ka bao ba nnang kwa lefelong la moya. Kitso eno e tla go golola mo tumelobotlhoding, mo ditumelong le mo dingwaong tse Satane a di dirisang go boloka batho ba boifa e bile e le ditshwarwa. Kitso e e tlhomameng ya Modimo e tla go ruta gore o mo tshepe gore o tla go thusa go tila kana go fenya mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo. O ka nna tsala ya Modimo. E bile mo go wena, Modimo o tla aga e ntse e le ‘botshabelo le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong.’—Pesalema 46:1.

Masomosomo a a Boikepo a Tlile go Nyelediwa

O se ka wa bo wa belaela gore masomosomo a meya e e siameng a tlile go fenya masomosomo a meya e e bosula. Go setse go lolwe ntwa mo lefelong la moya e mo go yone Satane le ditsala tsa gagwe tse di boikepo di tlositsweng kwa legodimong. Buka ya Tshenolo e bolela jaana: “Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele [Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing] le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone; mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong. Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo.”—Tshenolo 12:7-9.

Ntwa eo e ne ya felela jang? Pego eo e tswelela jaana: “Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolo 12:12) Ba ba kwa legodimong ba ne ba ka itumela, gonne Satane le badimona ba gagwe ba ne ba ka se tlhole ba ba tshwenya ka ba ne ba seyo. Lefa go ntse jalo, go kobiwa ga gagwe kwa legodimong go ne ga leretse ba ba mo lefatsheng tlalelo le mathata a magolo. Re tshela mo nakong eo e e tletseng ditlalelo.—2 Timotheo 3:1-5.

Isagwe e e Senang Boikepo

Lefa go ntse jalo, Baebele e dira gore re nne le tsholofelo. E re tlhomamisetsa gore Diabolo o saletswe ke ‘lobaka lo lokhutshwane’ pele a nyelediwa. Ka nako ya fa Jehofa a tla bo a dira jalo, o tla leretse botlhe ba ba mo lefatsheng ba ba batlang go nna ditsala tsa gagwe masego a a itumedisang thata. Akanyetsa dingwe tsa ditsholofetso di le mmalwa tse di tla diragalang mo isagweng:

“Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.”—Pesalema 72:16.

“Baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele. Ga ba ketla ba kgokgolela lefela.”—Isaia 65:22, 23.

“Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

“E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.”—Isaia 35:5, 6.

“[Modimo] o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:4.

“Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Ke Jehofa fela, Modimo wa boammaaruri, yo a ka kgonang go dira dilo tse dikgolo tse a di solofeditseng tseo. Ga go na sepe se se ka mo thibelang gore a se ka a diragatsa boikaelelo jwa gagwe. “Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”—Luke 1:37.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Fela fa o sena go nna tsala ya Modimo, o tla go thusa go rarabolola mathata a botshelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela