LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 12/8 ts. 4-7
  • Go Nna Bomang Kwa Lefelong La Moya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Bomang Kwa Lefelong La Moya?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa, Modimo Mothatayotlhe
  • Baengele, Badiredi ba ba Maatla ba Modimo
  • Satane le Badimona, Baba ba Modimo le Motho
  • Bagologolwane ba Kwa Kae?
  • Go Boela mo Loroleng
  • Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?
    Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
  • Bagologolwane ba Rona ba Kae?
    Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
  • Dibopiwa tsa Moya Tse Di Iseng Di Ko Di Tshele Ebile Di Ise Di Ko Di Swele mo Lefatsheng
    Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Diponatshegelo Tsa Lefelo la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 12/8 ts. 4-7

Go Nna Bomang Kwa Lefelong La Moya?

LEFATSHE le fetogile “lebenkele le legolo” le le rekisang ditumelo le dithuto tsa motheo tsa bodumedi. Mo Afrika fela, go na le diketekete tsa ditlhopha tsa bodumedi, sengwe le sengwe se na le dikgopolo tsa sone kaga seo se diragalang kwa lefelong la moya. Lefa go ntse jalo, re tlhoka go leba mo Baebeleng gore re kgone go bona tshedimosetso e e phepafetseng le e e boammaaruri. E tlhalosa gore meya e e nnang mo lefelong la meya ke bomang—e e siameng le e e bosula. E bile e supa gore ke mang tota yo a ka kgonang go re thusa le go re sireletsa yo re ka mo kopang.

Jehofa, Modimo Mothatayotlhe

Bodumedi jwa ngwao jwa Seafrika bo ruta gore Modimo mothatayotlhe ke ene yo o okametseng bagologolwane le medingwana. Buka ya African Mythology e bolela jaana: “Ga go na pelaelo gore, mo e batlileng e nna batho botlhe ba Baafrika fa e se bone botlhe, ba dumela mo Mothong mongwe yo Mogolo, mmopi wa dilo tsotlhe.” Buka ya African Religion in African Scholarship ya re: “E re ka Modimo e le ene fela yo o laolang lobopo, batho ba bangwe botlhe le maatla otlhe a a leng teng a tlhodilwe ke Ene. O na le taolo le maatla ka botlalo.”

Baebele e dumalana gore go na le Yoo a leng mogolo thata yo o laolang mo lefelong la moya. E mo tlhalosa e le “Modimo wa medimo le Morena wa barena, Modimo o mogolo o o nonofileng, o o boitshegang, o o sa tlhokomeleng bomangmang jwa batho, le fa e le go amogela tuelo.”—Duteronome 10:17.

Go ralala Afrika yotlhe, go na le maina a le makgolokgolo le direto tseo yo o lejwang a le mogolo go gaisa a bidiwang ka tsone. Lefa go ntse jalo, Lefoko la Modimo la reng ka leina la Modimo? Mopesalema o ne a kwala jaana: “Wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Leina le le boitshepo leno le tlhaga ka makgetlho a a fetang 7000 mo rekotong ya Baebele, le mororo baranodi bangwe ba Baebele ba le emiseditse ka direto tse di jaaka “Modimo” kana “Morena.”

Jehofa a ka re thusa ka gonne ke mothatayotlhe. O itlhalosa e le, “Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; o o bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope.”—Ekesodo 34:6, 7; 1 Samuele 2:6, 7.

Baengele, Badiredi ba ba Maatla ba Modimo

Jehofa o ne a bopa batho ba moya kwa legodimong bogologolo pele a bopa motho kana le lone lefatshe ka bolone. Baebele e bolela gore ka nako ya fa Modimo o ne o “thaya metheo ya lefatshe . . . bomorwa Modimo botlhe [ba baengele] ba thela lošalaba lwa boitumelo.” (Jobe 38:4-7) Go na le dimilionemilione tsa baengele. Motlhanka wa ga Jehofa, e bong Daniele o ne a kwala ka ponatshegelo ya dilo tsa selegodimo e mo go yone a neng a bona “ba ba makgolokgolo ba ba neng ba mo direla [Modimo], le ba ba makgolo a makgolokgolo ba eme fa pele ga gagwe.”—Daniele 7:10.

Motho wa ntlha wa moya yo Jehofa a neng a mo bopa ke yo moragonyana a neng a itsiwe e le Jesu Keresete. (Johane 17:5; Bakolosa 1:15) Pele Jesu a tla go tshela mo lefatsheng e le motho, o ne a tshela kwa legodimong e le sebopiwa se se maatla sa moya. Fa Jesu a sena go swa e le motho, o ne a tsosediwa kwa legodimong, koo a neng a tswelela a tshela gape e le sebopiwa se se maatla sa moya.—Ditiro 2:32, 33.

Jesu o na le thata e kgolo kwa legodimong. Mo go Juta 9, Jesu yo gape a itsiweng e le Mikaele, o bidiwa “moengele yo mogolo,” mo go kayang gore ke moengele yo o okametseng ba bangwe kana yo mogolo mo go bone. (1 Bathesalonika 4:16) Gape o na le thata e kgolo mo lefatsheng. Jehofa o mo file “puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle.” (Daniele 7:13, 14) Le mororo Jesu a na le thata e kgolo, o nna fela a ikokobeleditse Rraagwe e bong Jehofa.—1 Bakorinthe 11:3.

Baengele ba ba ikanyegang ba direla Jehofa ba ntse ba direla le batlhanka ba Modimo ba ba leng mo lefatsheng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Bone [baengele] botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?” (Bahebere 1:14) Ba eletsa go bona batho ba itse boammaaruri kaga Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya “moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le Mafoko a a Molemo a a sa khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe, le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: ‘Boifang Modimo, lo o neye kgalalelo.’”—Tshenolo 14:6, 7.

Satane le Badimona, Baba ba Modimo le Motho

Se se utlwisang botlhoko ke gore, ga se baengele botlhe ba ba ileng ba ikanyega mo Modimong. Bangwe ba ne ba mo tsuologela, e nna baba ba Modimo le motho. Motsuolodi yo mogolo ke Satane Diabolo.

Le mororo ba le bantsi gompieno ba ganela gore Satane o teng, ga go ope yo o ganelang gore boikepo bo teng. Go dumela gore bosula bo teng, fa ka nako e e tshwanang o sa dumele gore go na le se se bo bakang go dira gore go nne le “bothata jo go seng kafa bo ka rarabololwang ka teng,” go akgela jalo buka ya The Death of Satan. “Re dumela sengwe se ngwao ya rona e sa tlholeng e na le lefoko le le se tlhalosang.”

Go farologana le seno, Baebele e na le mafoko a a tlhalosang e bile e bolela boammaaruri kaga motswedi wa boikepo fela ka phepafalo. E tlhalosa gore dibopiwa tse e leng baengele tse di tlhodilweng ke Jehofa di ne di siame e bile di le molemo; ga a ka a bopa baengele ba ba boikepo. (Duteronome 32:4; Pesalema 5:4) Lefa go ntse jalo, baengele, fela jaaka batho, ba ne ba newa nonofo ya go tlhopha fa gare ga se se molemo le se se bosula. Mongwe wa barwa bano ba ba itekanetseng ba moya o ne a nna le keletso ya bogagapa ya go batla gore a newe kobamelo e e tshwanetseng go newa Jehofa fela. Ke gone ka moo a neng a newa leina Satane, leo le kayang “Moganetsi.” (Bapisa Jakobe 1:14, 15.) Satane, ga se ramathaithai fela yo o nyatsegang, jaaka ditumelo dingwe tsa Seafrika di ruta; e bile ga se “mosireletsi” wa bao ba mo direlang ditlhabelo ka metlha. Baebele e supa gore o boikepo tota e bile o setlhogo thata.

Baengele ba bangwe ba ile ba kopanela le Satane mo go tsuologeleng Modimo. Baengele bano ba badimona gape ke baba ba batho ba ba mo lefatsheng. Le bone ba leswe e bile ba boikepo. Mo nakong e e fetileng, ba ne ba dira batho dimumu le go ba foufatsa. (Mathaio 9:32, 33; 12:22) Ba bangwe, go akaretsa le bana, ba ne ba ba tlhasela ka malwetse le botsenwa. (Mathaio 17:15, 18; Mareko 5:2-5) Go phepafetse gore, ga go na motho ope yo o botlhale yo o ka batlang go dirisana ka gope le Satane kana badimona bao.

Bagologolwane ba Kwa Kae?

Dimilionemilione tsa batho ba Afrika le kwa mafelong a mangwe di dumela gore loso ga lo fedise botshelo mme lo bo fetisa fela, kana ke tsela fela ya go ya go tshela kwa lefelong la moya, koo go nnang medimo mmogo le bagologolwane. Mokanoki, John Mbiti, yo e leng moitse wa ditumelo tsa Seafrika, o kwala jaana ka mokgwa wa go dumela mo bagologolwaneng, bao a ba bitsang “baswi ba ba tshelang”: “Bao ke ‘meya’ e batho ba Afrika ba tshwenyegang thata ka yone . . . Ba a itse e bile ba kgatlhegela se se diragalelang ba malapa a bone [ba ba mo lefatsheng]. . . . Ke bone ba laolang dikgang tsa lelapa, dingwao, boitsholo le ditiro tsa lone. Fa o tlola nngwe ya dilo tseno o a bo o direla borraagomogologolwane phoso, bao ba dirang jaaka mapodisi a a sa bonaleng a malapa le a metse ya teng. Gonne e santse e le ‘batho,’ baswi bano ba ba tshelang ke setlhopha se se siameng thata se se tsereganyang fa gare ga batho le Modimo: ba itse se batho ba se tlhokang, ba ne ba nna le batho ‘bosheng’ fela jaana e bile ka nako e e tshwanang ba kgona go buisana sentle fela le Modimo.”

Gone mme, Baebele ya reng ka boemo jwa baswi? E supa gore ga go na sepe se go tweng ke “baswi ba ba tshelang.” Batho ba a tshela kana ba sule—ga ba ke ba nna dilo tseno ka bobedi. Lefoko la Modimo le ruta gore baswi ga ba kgone go utlwa, go bona, go bua kana go akanya. Baswi ba ka se kgone go disa batshedi. Baebele ya re: “Baswi ga ba itse sepe . . . Lorato lwa bone, le kilo, le bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong [lebitla], kwa o yang gone.” (Moreri 9:5, 6, 10) ‘[Motho] o boela mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.’—Pesalema 146:4.

Go Boela mo Loroleng

Fa o fitlhela seno se le bokete go se dumela, akanya ka se se neng sa diragalela motho wa ntlha, Atame. Jehofa o ne a bopa Atame “ka lorole lwa mmu.” (Genesise 2:7) Atame o ne a atlholelwa loso fa a sena go tlola molao wa ga Jehofa. Modimo o ne wa mo raya wa re: ‘O tla boela mo mmung gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tla boela mo loroleng.’—Genesise 3:19.

Pele Jehofa a bopa Atame ka lorole, Atame o ne a seyo. Ka jalo, ka nako ya fa a ne a ‘boela mo loroleng,’ o ne a se ka a tlhola a tshela, o ne a nna lorole gape. Ga a ka a fetela kwa lefelong la meya la bagologolwane. Ga a ka a ya kwa legodimong kana kwa diheleng. Fa a ne a swa, go ne ga fela ka ene.

A batho ba bangwe le bone ba diragalelwa ke se se tshwanang fa ba swa? Ee, go ntse fela jalo. Baebele ya re: “Tsotlhe fela [motho le phologolo] di ya felong go le gongwe fela; tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape.” (Moreri 3:20) Baebele e solofetsa gore Modimo o tla tsosa batho ba ba suleng gore ba tle go tshela mo lefatsheng la paradaise, mme nako eo e santse e tla mo isagweng. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Mo lobakeng lono, ga re a tshwanela go boifa baswi kana go ba ntshetsa ditlhabelo, gonne ga ba ka ke ba re thusa lefa e le go re gobatsa.

Satane le badimona ba gagwe ba batla go tsietsa batho kaga boemo jwa bagologolwane ba bone ba ba suleng, ka jalo ba rotloetsa maaka a gore batho ba tswelela ba tshela morago ga loso. Tsela e nngwe e ba dirang seno ka yone ke ka dipolelo tsa maaka. (1 Timotheo 4:1) Gape ba tsietsa batho ka diponatshegelo, ditoro le didupe gore ba akanye gore ba kgona go buisana le baswi. Lefa go ntse jalo, ga se gore ba a bo ba ikgolagantse le baswi. Go na le moo, badimona ke bone ba itirang e kete ke batho ba ba suleng. Ke gone ka moo Jehofa a kgalang thata gore go se ka ga buisanwa le baswi, e ka tswa e le ka tlhamalalo kana ka tsela e e sa tlhamalalang, ka ditsela dingwe, tse di jaaka ka dingaka tsa bola.—Duteronome 18:10-12.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Badimona ba tsietsa batho le go ba boifisa ka diponatshegelo, ditoro le didupe

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Gore badimona ba tsietse batho, ba itira batho ba ba suleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela