Go Ikgolaganya le Lefelo la Moya
MO GAREGARE ga toropo nngwe ya kwa Afrika Bophirima go ne go na le kago nngwe e e tlhatlaganeng e e pentilweng bosweu le botala jwa tlhaga. Mo boamogelabaeng jwa yone, go ne go na le bakwaledi ba babedi ba ntse ba tlanya ka metšhine. Go ne go na le batho ba le mmalwa ba ba neng ba ntse mo ditulong ba emetse go bona babaláwo, ngaka ya bola.
Kafa morago ga teseke nngwe mo ofising e e bapileng le eo fa thoko ga motšhine wa fax, go ne go ntse babaláwo ka boene. E ne e le segonkga sa monna, moriri o setse o nna mosweu, mme a apere seaparo se se telele se sesweu—sa madi a a kwa godimo, se se kgabisitsweng. O ne a re: “Rre e ne e le ngaka ya bola. Ke tsaletswe mo ngwaong eno. Ke goletse mo go yone. Ke ne ka simolola go tsamaya le rre fa a ya go laola ka bola fa ke na le dingwaga di le tlhano. Ke ne ke mo leba fa a go dira, mme ka mo etsa go fitlha ke itse seno jaaka ke ikitse.”
Babaláwo o ne a supa logong lo logolo lo go neng go tsharolotswe dilo mo go lone lo lo neng lo supa tsela e e raraaneng ya go laola ka bola e dikokomana tse dintsi tsa batho ba morafe wa gaabo di neng di sa bolo go e dirisa. Ono ke mokgwa o o anameng mo Afrika Bophirima le kwa mafelong a mangwe mme mo go one go dirisiwa thata dithapo tsa mokolane di le 16. O ne a re: “Batho ba tla mo go nna ka mathata a mefuta yotlhe. Mathata a bone le basadi, go sa tsholeng bana, go tlhoka tiro, botsenwa, boitekanelo le a mangwe. Fa ke sena go utlwa se se bolelwang ke bola, ke ikuela mo bagologolwaneng kana mo dipopong tsa selegodimo [medingwana]. Lefa go ka tswa go ntse jang, go dirwa setlhabelo sa mofuta mongwe.”
Ditiro tsa ngwao tsa bodumedi, tse di akaretsang go laola ka bola, di dirwa thata mo lefelong leno, mme go ntse fela jalo le ka dikereke tsa Labokeresete. Gaufi fela le diofisi tseno tsa ga babaláwo go na le dikago tse di pentilweng bosweu tse di nang le matshwao a a reng: King Solomon II Church, Cherubim and Seraphim, Celestial Church of Christ, Christ Apostolic Church, Christ Trumpeters Church. Dikereke tseno di tsamaisana le bodumedi jwa ngwao e bile ka dinako tse dingwe di dira le ditiro dingwe tsa jone. Babaláwo o ne a bolela jaana: “Ke ne ka bua le bishopo bosheng fela jaana. O ne a tlile fano. Fa re sena go nna re tlotla ka metsotso e le 30, o ne a bolela gore o ne a batla gore re dire thulaganyo ya gore Bakeresete le batho ba ba latelang ngwao ba nne fa fatshe ba thusane ka megopolo le go tlhamalatsa dilo tse ba sa utlwaneng mo go tsone.”
Mejako e e Lebisang Kwa Lefatsheng la Moya
Dilo tse ba sa utlwaneng mo go tsone tseo di akaretsa go itse gore ke bomang ba ba nnang kwa lefelong la moya. Go ralala Afrika e e kafa borwa jwa Sahara, go na le tumelo e e tletsetletseng ya gore go na le ditlhopha tse pedi tsa ditshedi tse di nnang kwa lefatsheng la moya. Setlhopha sa ntlha ke sa medimo, e e iseng e ko e nne batho. Setlhopha sa bobedi ke sa bagologolwane, kana meya ya baswi, bao boikarabelo jwa bone e leng go tlhomamisa gore ba malapa a bone ba ba mo lefatsheng ba babalesegile le gore dilo di ba tsamaela sentle. Go dumelwa gore medimo eno le bagologolwane ba na le maatla a go thusa kana go gobatsa ba ba leng mo lefatsheng. Seo se dira gore ditlhopha tseno tsoopedi di tlotliwe thata le go obamelwa.
Go dumelwa dilo tse di tshwanang mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Batho gongwe le gongwe ba dirisa mekgwa e e farologaneng ya go buisana le masomosomo a a nang le maatla a a fetang a motho, ba batla go itse ka isagwe e bile ba batla go thusiwa le go kaelwa mo mathateng a letsatsi le letsatsi a botshelo. A gone ruri motho a ka bona thuso go tswa kwa lefelong la moya? Jesu Keresete, yo o kileng a tshela koo, o ne a supa gore go ka kgonega. O ne a re: “Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa.” (Mathaio 7:7) Mme thuso eo re ka e bona fela fa re kopa mo mothong yo o tshwanetseng, re kopa ka tsela e e tshwanetseng, e bile re kokota mo mojakong o o tshwanetseng. Fa re ka kokota mo mojakong o o phoso, go ka nna ga bula mongwe yo o tla re gobatsang, a sa re direle molemo ope.
Ka gone, go botlhokwa go itse gore ke bomang ba ba nnang mo lefelong la moya le gore ke bomang ba ba sa nneng kwa go lone. Gape, re tshwanetse go itse gore ke bomang ba ba ka re thusang le ba ba ka re gobatsang. Kwa bokhutlong, re tlhoka go itse se re tshwanetseng go se dira gore re bone thuso mo go bao ba iketleeditseng go e re naya. Ditlhogo tse di latelang di tlile go sekaseka dikgang tseno.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Photo on pages 3-4: The Star, Johannesburg, S.A.