Basha ba Botsa Jaana . . .
Mofuta o Mongwe wa Roko—A o Ntshiametse?
“Ke rata dipina tse di buang ka mathata a a farologaneng le dilo tse di diragalelang rona basha.”—George wa dingwaga tse 15.a
“O tshwana le wa pop go sekae le wa heavy metal go sekae.”—Dan wa dingwaga tse 19.
“O montšha. O farologane. Ga se mmino o o gatisiwang ka bontsi.”—Maria wa dingwaga tse 17.
MOFUTA o mongwe wa roko. Basha ba le bantsi ba rata go o reetsa. Bagolo bangwe ga ba o beye sebete. Mme gongwe batsadi ba le bantsi ba itse go le go nnye fela ka one kana ga ba itse sepesepe fela ka one.
Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go tlhalosa sentle se tota mofuta ono o mongwe wa roko e leng sone. Kwa tshimologong, e ne e le mmino wa basha ba ba neng ba batla mofuta o o farologaneng wa mmino, o o sa tshwaneng le o o neng o ratiwa thata o o neng o tshamekiwa mo radiong. Batho bangwe ba re o simologile fa diteishene dingwe tsa radio tsa dikholetšhe di ne di simolola go tshameka mmino wa ditlhopha tse di sa itseweng—ditlhopha tsa mmino tse di neng di ipela ka gore ga di tlhagise mmino o di o rekisetsang dikgwebo tsa mmino. Borammino ba basha bano ba ne ba tila dikhampani tse dikgolo tse di rekotang le mekgwa ya go rekisa mmino ka bontsi e e jaaka go dira dibidio tsa mmino. Gape ba ne ba kwala dipina tsa bone ka dikgang tse di neng di se ke di umakiwa mo dipineng tsa Top 40.
Mofuta ono o mongwe wa roko ga o tshwane le mmino wa heavy metal le repe, ga se gantsi go leng motlhofo go o lemoga kana go o tlhaola go ya ka mefuta ya one. Tota le bomankge mo kgwebong ya mmino ga ba dumalane ka se totatota mofuta ono o mongwe wa roko e leng sone. Seno ke ka gonne o akaretsa mefuta e e farologaneng ya medumo, maikutlo le kamego fela jaaka leina la one le bontsha. Lekawana lengwe le ne la re: “Go bokete thata go o tlhaola go ya ka mefuta ya one. O akaretsa mefuta e le mentsi ya mmino wa segompieno.” Mosha mongwe le ene o ne a tlhalosa jaana: “Ga se gantsi o leng modumo kana o dumelang kwa tlase, e leng o o itlhaganetseng kana e le o o iketlileng, e leng wa moribo o o kwa godimo kana o o kwa tlase fela.” Mosha mongwe o ne a bo a dumela jaana: “Ga ke itse sentle gore a nka re ke rata mofuta ono o mongwe wa roko ka gonne ga ke o itse sentle.”
Lefa go ntse jalo, mofuta ono o mongwe wa roko o ratiwa thata mo e bileng bontsi jwa baopedi ba bantsi ba one ba setse ba tsewa e le bontlhabongwe jwa batlhagisi ba mmino o o ratiwang thata. E bile gape, ga se gantsi batsadi ba leng kgatlhanong le one jaaka heavy metal kgotsa mefuta e mengwe ya roko e e phatlolang ditsebe. Eleruri, ke batsadi ba sekae fela ba go bonalang ba itse gore ke ditlhopha dife kana gore ke ditlhogo dife tsa dialebamo e leng tsa mofuta ono o mongwe. Lefa go ntse jalo, go tlhokega gore o nne kelotlhoko go sekae malebana le mmino ono.
Ke Eng se se Ngokang?
Ka sekai, ela tlhoko gore ke eng fa basha ba bantsi jaana ba kgatlhiwa ke mmino ono. Mo go ba le bantsi ke kgang fela ya go ya le ditsala. Gape o dira gore ba nne le sengwe se ba tlotlang ka sone kana se ba se dirang mmogo se se jaaka go adimana ditheipi le di-CD.
Lefa go ntse jalo, mo basheng ba le bantsi modumo le molaetsa wa mofuta ono o mongwe wa roko ke tsone di dirang gore ba o kgatlhegele thata jaana. Totatota ba le bantsi ba iphitlhela ba diragalelwa ke tsone dilo tse di diragaletseng bakwadi ba dipina tseo le go ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya bone. Setlhogo sa metseletsele ya ditlhogo tse di buang ka kgang eno se se mo tsebeng ya ntlha ya makasine wa Time se tlhalosa jaana: “Lefa gone dipina tsa pop gantsi di bua ka lorato, mafoko a mofuta ono one gantsi ke a maikutlo a a masisi: go itlhoboga, go hepisega, go tobekana maikutlo. . . . Fa o sa ntse o le mo dingwageng tsa gago tsa bolesome kgotsa tsa bo20, go ka direga gore gongwe batsadi ba gago ba tlhalane. Mofuta ono o mongwe wa mmino ke mmino wa maikutlo o o buang ka tlhamalalo ka dikgang tse di sa rarabologeng tse di amanang le go latlhiwa le go direlwa dilo tse di sa siamang.” Ke sone se mogasi mongwe wa radio ya kholetšhe nngwe wa dingwaga tse 21 a reng: “Nna le ditsala tsa me re a o rata ka gonne kokomana eno ya rona e itlhobogile ka dilo tsa botshelo. Ga go na sepe se re se solofetseng fa re fetsa mo sekolong.”
Basha bangwe ba Bakeresete le bone ba rata mofuta ono o mongwe wa roko. Ke boammaaruri gore, bontsi jwa bone ba tila dipina tse di supang maikutlo a kgalefo, go tsuologa, thubakano, kgotsa tsa boitsholo jo bo sa siamang. Lefa go ntse jalo, bangwe ba bone basha bano ba Bakeresete ba ile ba bolela fa ba belaela le tsone dipina tse go tsewang gore di itshiametse fela. Dan yo mosha o ne a akgela jaana: “Bangwe ba baopedi ba teng ke basotoma ba banna le ba basadi ba ba itsegeng kgotsa batho ba ba dirisang diokobatsi, mme mafoko a dipina tsa bone a supa mokgwa wa bone wa botshelo.” Mosha yo mongwe yo leina la gagwe e leng Jack a re: “Dingwe tsa ditlhopha tsa mmino ono di akanya gore ga go ope yo o ba kgathalelang lefa e le go kgathalela mathata a bone kana isagwe ya basha ba gompieno, ka jalo, ba bua ka seno mo dipineng tsa bone. Bontsi ga ba na se se ba rotloetsang kana tsholofelo.”
Tlhagiso
Baebele e re bolelela gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Ka jalo, ga go a tshwanela ga re gakgamatsa gore mmino ke sengwe se Satane a se dirisang go raela basha. Ditlhogo tse di fetileng tsa makasine ono le tsala ya one e leng Tora ya Tebelo gangwe le gape di ile tsa supa seno.b Ditlhagiso tse di ileng tsa bolelwa tebang le mmino wa heavy metal le wa repe di santse di tshwanela fa go tliwa mo mofuteng ono o mongwe wa roko. Jaaka Baebele e bontsha, “senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.”—Diane 14:15.
Kgang ke gore, ga go botlhale go rata mmino o o rileng fela ka gonne bontsi bo o rata. Ela tlhoko molaomotheo ono wa Baebele, o o ka dirisiwang fa o tlogela ba bangwe go go direla tshwetso: “A ga lo itse fa yo lo mo ineelang jaaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwe, yo lo mo utlwang?” (Baroma 6:16) Mo mosheng wa Mokeresete, selo se se botlhokwa ke go dira “se se kgatlhang Morena” e seng go dira se se kgatlhang ditsala. (Baefeso 5:10) Kwantle ga moo, basha ba ba kgatlhiwang ke mofuta ono wa roko ke ba ba ntseng jang? A ke basha ba ba lebegang ba itumetse, ba dira dilo ka tekatekano e bile ba kgatlhegela dilo tsa semoya? Kgotsa a o reediwa thata ke basha ba ba ngongoregetseng ruri, ba ba sa itumelang kgotsa ba ba agang ba galefile?
Ke boammaaruri gore le basha ba ba agang ba itumetse ba ba nang le tsholofelo mo botshelong ba ka nna ba kgatlhiwa thata ke mofuta ono wa roko. Mme fela akanya ka seno ka kelotlhoko: Bakeresete ba bannye le ba bagolo, ba letetswe ke isagwe e e phatsimang. (2 Petere 3:13) Moaposetoloi Paulo o ne a re gakolola ka go tlhomama ga ditsholofetso tsa Modimo, a re: ‘Go retetse gore Modimo o ka aka?’ (Bahebere 6:18) Ka jalo go thusang go itetla go tlhotlhelediwa ke maikutlo a go kgobega marapo le a a sa siamang ka isagwe a go buiwang ka one mo dipineng tsa mofuta ono wa roko? A go gapiwa maikutlo thata ke mmino o o buang thata ka poifo, go itlhoboga le go tlhoka tsholofelo go ka se koafatse tumelo ya gago? Go feta moo, go nna ka gale o reetsa mmino ono go ka go ama jang mo maikutlong?
Tlhopha Sentle
Seno ga se reye gore mmino otlhe o o bidiwang “mofuta o mongwe” ga o a siama kana gore o a kgopisa. Mma re re o lemogile gore mongwe o ne a leka go go tshelela botlhole. Lefa o se kitla o tlogela go ja, o tla tlhomamisa gore o tlhatlhoba dijo tsa gago ka kelotlhoko, a ga go jalo? Go itse gore Satane o leka go senya tsela e o lebang dilo ka yone le maikutlo a gago le gone go tshwanetse ga go dira gore o nne kelotlhoko ka mmino o o o tlhophang. Go ntse fela jaaka Baebele e re, “tsebe e leka mafoko, jaaka magalapa a leka dijo.” (Jobe 34:3) Go na le go sala batho ba bangwe morago kwantle ga go akanya, tlhatlhoba mmino o o o ratang.
O ka dira seo jang? Lebokose le le reng “Kaelo Ya go Ka Tlhopha Mmino” le na le dikakantsho tse di ka thusang tse o ka di lekang. Gape, leka go botsa batsadi ba gago ba Bakeresete gore ba bona mmino wa gago jang. (Diane 4:1) O ka nna wa gakgamadiwa ke dikarabo tsa bone! Gone mme, batsadi ba gago ba bagolo mo go wena. Go a utlwala gore ba ka se rate mmino o wena o o ratang. Mme fa ba ila mmino wa gago mo ba lemogang gore o a kgopisa, ga o na boitsholo kana gore o maswe thata, a o tla itlhokomolosa se ba se buang? Baebele ya re: “Motho yo o botlhale [o a tle] a utlwe, a totafale mo go ithuteng.”—Diane 1:5.
Ela tlhoko kafa mmino o go amang ka teng. A o go dira gore o galefe, o tsuologe kana o tshwenyege thata mo maikutlong? Fa go le jalo, ao ke matshwao a temoso a o sa tshwanelang go a itlhokomolosa! Ke eng fa o sa batle mmino o o tla go lapolosang o go thoba maikutlo kana o go dira gore o itumele?
Mmino o nna o ntse o fetoga. Go ise go ye kae go tla bo go tsena mefuta e mengwe ya mmino mo fesheneng. Mme o se ka wa ya le feshene eo e e ntseng e fetofetoga. Nna kelotlhoko mme o tlhophe mmino wa gago. Tlhomamisa gore se o se reetsang se phepa e bile se a aga. (Bafilipi 4:8) Ka jalo mmino e ka nna selo se se molemo le se se itumedisang thata mo botshelong jwa gago!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Bona “Basha ba Botsa Jaana . . .” mo ditlhogong tse di tlhagelelang mo dimakasineng tsa Tsogang! tsa February 8, March 8 le April 8, 1993. Bona gape le “Itiseng mo Mminong O O Seng Phepa!” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1993.
[Mafoko a a mo go tsebe 29]
“Lefa gone dipina tsa pop gantsi di bua ka lorato, mafoko a mofuta ono one gantsi ke a maikutlo a a masisi: go itlhoboga, go hepisega, go tobekana maikutlo.”—Makasine wa Time
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Kaelo Ya Go Ka Tlhopha Mmino
◆ Sekaseka sephuthelwana sa alebamo. Gantsi se tla go bolelela go le gontsi ka mmino le baopedi ka bobone. Ela tlhoko diphuthelwana tsa alebamo tse di bontshang thubakanyo, matshwao a bodimona, kapari le go ikgabisa ka tsela e e maswemaswe kana batho ba ba sa aparang.
◆ Ela tlhoko molaetsa wa mafoko. O supa tsela ya go akanya le mokgwa wa botshelo wa baopedi. Ke dikgopolo dife tse ba batlang gore o di dumele?
◆ Modumo otlhe wa mmino o senola maikutlo le kamego tse baopedi ba ratang gore o nne le tsone—khutsafalo, boitumelo, lenyatso, keletso ya tlhakanelodikobo, thethebalo kana go itlhoboga.
◆ Sekaseka batho botlhe ba ba ratang go reetsa mmino wa setlhopha seo. A o tla rata go amanngwa le batho ba ba ntseng jalo le mekgwa ya bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Basha ba le bantsi ba ikamanya le mafoko a dipina tsa gompieno