“Lenyalo la Kafa Ngwaong” Kwa Ghana
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA GHANA
LENYALO—dikete di le makgolokgolo tsa batho di tsena mo thulaganyong eno ngwaga le ngwaga go ralala lefatshe lotlhe. Gantsi ba dira jalo go ya kafa ngwaong ya lenyalo e e dirisiwang mo lefelong la bone.
Mofuta wa lenyalo o o tlwaelegileng thata mo Ghana ke o o bidiwang lenyalo la kafa ngwaong. Mo go lone, booramosimane ba naya booramosetsana bogadi. Lenyalo la kafa ngwaong le tlwaelegile thata mo batho ba dinaga tse dintsi tsa Afrika le kwa mafelong a a jaaka Hong Kong, Papua New Guinea le Solomon Islands le mo Baindieng ba Goajiro kwa bokonebotlhaba jwa Colombia le bokonebophirima jwa Venezuela, fa re umaka a sekae fela.
Go ntsha bogadi e ne e le ngwao e e tlwaelegileng mo metlheng ya Baebele. (Genesise 34:11, 12; 1 Samuele 18:25) Mo motlheng wa gompieno le wa bogologolo, bogadi bo tsewa e le selo se se ntshediwang go duelela batsadi ba mosetsana go bo ba tla latlhegelwa ke dilo tse a neng a ntse a di ba direla mmogo le nako, nonofo le ditshenyegelo tse di neng tsa dirisiwa go mo tsenya sekolo le go mo tlamela pele ga a nyalwa.
Maikarabelo a Batsadi
Mo metlheng ya bogologolo kwa Ghana, basha ba ne ba se ke ba intsha mmogo le go ratana. Batsadi ba ne ba rulaganyetsa manyalo a bana ba bone ba ba godileng morago ga go sekaseka ka kelotlhoko makawana le makgarejana a a mo motseng a a lekaneng go ka nyala kana go nyalwa. Batsadi bangwe mo Ghana ba santse ba dira jalo.
Batsadi ba mosimane ba akanyetsa dilo tse di jaaka botho jwa mosetsana; boitshwaro jwa gagwe le jwa ba lelapa la ga bone; bolwetse bongwe jo bo ka neng bo ruilwe mo lesikeng la bone; mme mo Basuping ba ga Jehofa, bomoya jwa gagwe. Fa ba kgotsofetse mo dilong tseno, batsadi ba ya go kopana le booramosetsana kafa tlwaelong ba bo ba ba itsise ka maikaelelo a bone a lenyalo.
Booramosetsana le bone jaanong ba tlhotlhomisa ka ga mosimane le ba lelapa la ga bone. Mo godimo ga dilo tse di umakilweng fa godimo, ba sekaseka go bona gore a mosimane o ka kgona go tlhokomela mosadi—a o a bereka kana ke motho yo o sa berekeng? Fa booramosetsana ba kgotsofetse, ba itsise booramosimane ka gone, mme batsadi boobabedi ba rulaganya gore lenyalo le tla tsamaya jang, morago ga gore mosimane le mosetsana ba dumalane ka gone.
Ke ka ntlha yang fa batsadi bangwe ba santse ba bona go tlhokega gore ba batlele bana ba bone ba ba godileng balekane ba bone? Mosadi mongwe kwa India yo batsadi ba gagwe ba neng ba mo direla dithulaganyo tsa lenyalo o ne a tlhalosa jaana: “Tota motho yo o sa leng mmotlana o ka kgona jang go dira tshwetso e e ntseng jalo e e bokete? Go nna molemo thata fa motho a ka tlogela mo go ba ba setseng ba godile e bile ba na le maitemogelo gore e nne bone ba bonang gore ke eng se se botoka thata.” Tsela e a akgelang ka yone e tshwana le tsela e Baafrika ba le bantsi ba akanyang ka yone.
Lefa go ntse jalo, dilo di a fetoga kwa Ghana. Go intsha mmogo le go ratana di ntse di tlwaelega thata. Ka nako e e tshwanetseng fa ba ntse ba ratana, mosimane le mosetsana ba bolelela batsadi ba bone ka maikaelelo a bone. Fa batsadi ba bone ba sena go buisana e bile ba tlhatswegile pelo gore ba a tshwanelana, ba malapa ba tswelela ka modiro o kafa tlwaelong o itsegeng ka dipuo tse di farologaneng tsa Se-Ghana go twe ke go kokota lebati, e leng lebati la lenyalo.
Modiro wa go Kokota Lebati
Batsadi ba mosimane le mosetsana ba itsise ba malapa a bone letsatsi le ba tla bong ba kopane ka lone le se ba tla bong ba se kopanetse. Fa re re “ba malapa,” re bua ka botlhe mo lapeng go ya ka Seafrika ba ba akaretsang bomalomaagwe mosimane le mosetsana, borakgadi, bontsalaabo, bommè le borremogolo. Mo letsatsing le le beilweng, baemedi ba ba emetseng malapa oomabedi ba phuthegela modiro. Go tswa mo monyading gore a o batla go nna teng kana nnyaa. Kgang e e latelang e tlhalosa ka bokhutshwane ka se se ileng sa direga kwa go mongwe wa mediro e e ntseng jalo ya go kokota lebati.
Moemedi wa Mosetsana: [A bua le baemedi booramosimane] Gone re a itse gore ke eng fa lo tlile fano, mme legale go ya kafa ngwaong, re tshwanetse re nne re botse gore, Ke eng fa lo tlile kwano?
Moemedi wa Mosimane: E ne ya re fa morwaarona Kwasi a feta fa ntlong ya lona a bona sethunya se sentle mme o batla gore lo mo letlelele go se kgetla.
Moemedi wa Mosetsana: [A itira e kete ga a tlhaloganye] Ga go na sethunya sepe mo ntlong e. O ka iponela ka bowena.
Moemedi wa Mosimane: Morwaarona ga a phoso. Re a itse gore sethunya se sentle seo se teng mo ntlong eno. Leina la sethunya seo ke Afi.
Moemedi wa Mosetsana: Mme he o raya motho fa o re sethunya. Ee, gone Afi o nna teng fano.
Moemedi wa Mosimane: Re batla go kokota mo lebating re bo re kopa Afi gore a re neye seatla sa gagwe gore a nyalane le morwaarona Kwasi.
Booramosimane jaanong ba ntsha dilwana dingwe, tse di jaaka dino tse di farologaneng le madi. Selekanyo sa bogolo le dilwana tse di ntshiwang ga di lekane go ya ka merafe. Modiro ono o batlile o tshwana le go beeletsana go go dirwang mo mafatsheng a Bophirima, mme ka dinako tse dingwe go a tle go ntshiwe le reng.
Moemedi wa monyadwi jaanong o botsa mosetsana fa pele ga mongwe le mongwe yo o lebeletseng gore a ke a amogele dilwana tse di tlisitsweng. Fa a ka re ee, botlhe ba ba tlileng e nna basupi ba ba iponetseng ka matlho gore o dumalane gore o batla go nyalwa. Go dumalanwa ka letlha le le siametseng malapa oomabedi le go tla dirwang modiro wa lenyalo ka lone. Modiro otlhe o wediwa ka dijo le dino tse di lapolosang.
Modiro wa Lenyalo
Palo ya batho ba ba nnang teng kwa gaabo mosetsana kana kwa lapeng la mongwe yo o tlhomilweng go nna moemedi ka nako ya fa go ntshiwa magadi, e leng tiragalo e tota e leng lenyalo gantsi e nna tona go feta ya batho ba ba neng ba le teng mo modirong wa go kokota lebati. Seno ke ka go bo ditsala di a bo di tlile ka bontsi jaanong.
Seemo e nna sa boitumelo jo bogolo. Makawana le makgarebe a a iseng a nyalwe ba nna ba tlhologeletswe go itse gore ke eng se se tliseditsweng monyadwi. Lefa go ntse jalo, boitumelo bo simolola go ngotlega fa booramosetsana ba ngongoregela gore dilo tse di ntsheditsweng bogadi di a tlhaela. Bangwe ba batho ba ba tlileng ba nna ba tshogile fa go bonala e kete booramosetsana ba a tatalala. Sebueledi sa monyadi se bua ka tsela e e botswerere se ikuela gore booramosetsana ba supe kutlwelobotlhoko. Dilo di simolola go nna botoka fa booramosetsana ba kgwabofala. Seemo jaanong se simolola go fetoga gape. Jaanong go nna namane e tona ya boitumelo, mme batho ba fiwa dijo le dinonyana tse di lapolosang.
Go simolola modiro wa lenyalo, sebueledi sa monyadwi se kopa batho ba ba phuthegileng gore ba nne ka tidimalo a bo a bua mafoko a kamogelo. O botsa baemedi booramosimane gore ke eng se ba se tletseng. Sebueledi sa booramosimane se tlhalosa gore ke eng se se ba tlisitseng, se gakolola batho ba ba phuthegileng gore lebati le setse le kokotilwe le gore ba setse ba filwe tetla ya go tsena.
Morago ga moo, sebueledi sa ba lelapa lengwe le lengwe se itsise batho ba ba phuthegileng ka ba lelapa ba ba gaufi, go akaretsa le yo o ntshang seatla sa mosetsana gore a nyalwe le yo o tshegetsang mosimane gore o ka nyala. Modiro jaanong o tswelela pele.
Moemedi wa Mosetsana: [A bua le baemedi ba monyadi] Tsweetswee ntshang dilwana tsa lenyalo tse re di kopileng.
Sebueledi sa monyadwi se bala ka go latelelana dilwana tse di ntshediwang bogadi gore batho botlhe ba tlhomamise gore tsotlhe di teng. Fa baemedi booramosimane ba ka akanya gore booramosetsana ba feteleditse dilo tse ba di batlang, ba rarabolola kgang ya bone mo sephiring pele ga letsatsi la lenyalo. Lefa go ntse jalo, booramosimane ba tla mo modirong ba ipaakanyeditse dipuisano tsa gore ba fokolediwe dingwe tsa dilwana fa e le gore bangwe mo go booramosetsana ba lebega ba padisa dilo. Lefa motho a ka tswa a nna kae, madi a bogadi—a ka ne a le kwa godimo kana kwa tlase—a tshwanetse go duelwa ka botlalo.
Malapa mangwe a batla gore go ntshiwe dilo tse di jaaka dino, diaparo, dibaga tsa molala, manyena le dilo tse dingwe fela jalo tsa sesadi. Kwa bokone jwa Ghana, bogadi bo ka nna jwa duelwa ka dilo tse di jaaka letswai, manoko a kola, dikgaka, dinku kana le e leng dikgomo. Madi ga a ke a tlhoka go nna teng mo bogading.
Fa dipuisano di ntse di tsweletse, monyadwi ene ga a nne teng, mme o nna gautshwane a ntse a beile leitlho. Monyadi ene o ka nna a nna teng fa a rata. Jalo he, motho o ka nna a laela batsadi ba gagwe gore ba mo rulaganyetse lenyalo fa e le gore o nna kgakala. Lefa go ntse jalo, mo tiragalong e e tlhalositsweng fano, monyadi o teng. Jaanong go tla nako ya gore ba lelapa la gagwe le bone ba bolele se ba se batlang.
Moemedi wa Mosimane: Re dirile sengwe le sengwe se se neng se batliwa mo go rona, mme ga re ise re bone ngwetsi ya rona.
Modiro wa lenyalo ga o nne selo se se dirwang fela go le masisi; gape ke nako ya gore batho ba itumele. Booramosetsana le bone ba dira kafa booramosimane ba kopang ka teng gore ba bone monyadwi.
Moemedi wa Mosetsana: Re eletsa e kete monyadwi o ka bo a le fano. Ka maswabi, o ile kwa dinageng di sele mme ga re na dipasepoto kana di-visa tsa go ya koo gore re mmuse.
Mongwe le mongwe o itse gore go tewa eng fa go tualo. Ka bofefo fela, booramosimane ba solofetsa go ntsha madi—madi mangwe le mangwe fela a monyadi a ka a kgonang—mme ebu! dipasepoto le di-visa tsa matshamekwane di bonwe. Mme monyadwi le ene o boile kwa loetong lwa gagwe!
Go natetsha dilo, merafe mengwe e rulaganyetsa gore go nne le ditsala dingwe tsa monyadwi tse di tla ipayang jaaka e kete ke ene. Mongwe le mongwe wa bone o ganwa ka bofefo fela ke batho ba ba phuthegileng go fitlhela fa, ka moduduetso o mogolo, monyadwi wa boammaaruri a tlhaga. Go tswa foo o kopiwa ke sebueledi sa gagwe gore a sekaseke dilwana tse di farologaneng tse a di ntsheditsweng bogadi. O bodiwa gore a gotlhe mo monyadi a tlileng ka gone go ka amogelwa. Mongwe le mongwe o nna ka tidimalo fa go ntse go emetswe karabo ya gagwe ka tlhobaelo e kgolo. Basetsana bangwe ba ditlhong mme ba bangwe ba pelokgale, lefa go ntse jalo botlhe ba felela ba arabile ka gore ee, go bo go latela namane e tona ya moduduetso.
Fa e le gore monyadi o teng, ba lelapa la booramosetsana ba batla go mmona. Dilo di nnela monate kwa pele fa go na le mongwe wa ditsala tsa gagwe yo go rulagantsweng gore a ipeye jaaka e kete ke ene. Fa tsala ya gagwe e sena go ema ka dinao e bile e tsholeditse magetla, e tla bo e setse e ganwa fela ka bofefo.
Booramosetsana ba batla go bona mogwe wa bone. Monyadi wa mmatota o tla bo jaanong a ema ka dinao, monyenyo wa gagwe wa boitumelo o le mogolo. Booramosetsana ba tla bo ba mo letlelela gore a kopane le monna wa gagwe, mme o tla bo a mo rwesa reng mo monwaneng fa e le gore reng e ne e le bontlhanngwe jwa bogadi. Reng ke selo se se tlholegileng kwa mafatsheng a Bophirima. Le ene o tla bo a mo rwesa reng mo monwaneng. Go tla bo go buiwa mafoko a kakgolo le a boitumelo. Gore ba tle ba tlhofofalelwe ke dilo le go somarela madi, bangwe jaanong ba kopanya modiro wa go kokota lebati le wa lenyalo ka letsatsi le le lengwe.
Ba malapa oomabedi ba ba nang le maitemogelo le ba bangwe jaanong ba fa banyalani bano ba basha kgakololo ya kafa ba ka dirang gore lenyalo la bone le atlege ka gone go fitlhela ba kgaoganngwa ke loso. Go feleletsa sengwe le sengwe sa letsatsi leo, go tla bo go jewa dijo le dino tse di lapolosang.
Modiro wa lenyalo o tla bo o fedile! Kwa Ghana, go tloga ka letsatsi leo go ya pele, batho ba ba mo motseng ba tla bo ba tsaya banyalani bao jaaka ba ba nyalaneng kafa molaong. Fa ka ntlha ya mabaka mangwe, bangwe ba bagolo mo go booramosetsana ba sa kgona go nna teng mo modirong, ba isediwa dingwe tsa dino go tiisetsa tota gore ba jele lenyalo. Fa e le gore monyadi le monyadwi ke Basupi ba ga Jehofa, ka dinako tse dingwe Basupi ba dira thulaganyo ya gore go nne le puo ya Baebele, mme morago go bo go jewa dijonyana le dinonyana tse di lapolosang.
Kwa Ghana, banyalani bangwe ba nna le modiro wa lenyalo wa mofuta wa mafatshe a Bophirima, o fano o bidiwang lenyalo la semmuso kana lenyalo la kafa molaong. Mo go lone, banyalani ba ka nna ba nyalana ka tumelelo kana kwantle ga tumelelo ya batsadi fa fela ba na le dingwaga tse di tshwanetseng. Mo lenyalong la kafa ngwaong, tumelelo ya batsadi ke selo sa botlhokwatlhokwa.
Mo lenyalong la semmuso, banyalani ba bolela maikano a lenyalo. Lefa go ntse jalo, ga go na maikano ape mo manyalong a kafa ngwaong. Puso e batla gore manyalo otlhe a kafa ngwaong a kwadisiwe, mme Basupi ba ga Jehofa ba dira fela jalo. (Baroma 13:1) Morago ga moo go ntshiwa setifikeiti sa ikwadiso.
Go tswa fela kwa metlheng ya bogologolo go fitlhela fa Gold Coast, e jaanong e leng Ghana, e nna kolone ya Boritane, lenyalo la kafa ngwaong e ne e le lone fela mofuta wa lenyalo mo nageng eo. Boritane e ne ya simolola mofuta wa lenyalo wa mafatshe a Bophirima mo baaging ba yone ba ba neng ba nna fano. Baagi ba ba tlholegileng koo le bone ba ne ba letlelelwa gore ba ka nyalana ka mofuta ono wa lenyalo, mme jaanong go setse go fetile dingwaga tse dintsi mofuta wa lenyalo wa dinaga tsa Bophirima le lenyalo le le kafa ngwaong e ntse e dirisiwa mmogo. Kwa Ghana manyalo ano oomabedi a a amogelwa kafa molaong mme ka tsela eno le Basupi ba ga Jehofa ba a a amogela. Go tswa mo bathong gore bone ba batla lenyalo lefe.
Mo dinageng dingwe tse di mo Afrika, manyalo a a kafa ngwaong a tshwanetse go kwadisiwa pele ga banyalani ba ka tsewa gore ba nyalane kafa molaong. Lefa go ntse jalo, kwa Ghana, lenyalo le le kafa ngwaong jaaka fa go ntse go tlhalosiwa, le amogelwa sentle kafa molaong lefa le sa kwadisiwa, banyalani ba tsewa ba nyalane kafa molaong fa lenyalo la kafa ngwaong le sena go ketekwa. Morago ga moo, lenyalo la kafa ngwaong le a kwadisiwa fela gore go bolokiwe direkoto.
Eleruri lenyalo ke mpho e Modimo a e fileng batho, ke mpho ya mofuta wa yone fela e le baengele tota ba sa e fiwang. (Luke 20:34-36) Ke kamano e e tlhwatlhwakgolo e motho a tshwanetseng go e somarela, kgalaletsong ya Mosimolodi wa yone, Jehofa Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Go tsenyanwa direng