LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w22 February ts. 30
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogadi—Bakeresete ba Tshwanetse go bo Leba kung?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Kopa—Magadi a a Lekaneng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Lenyalo la Kafa Ngwaong” Kwa Ghana
    Tsogang!—1996
  • Go Ipaakanyetsa go Atlega mo Lenyalong
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
w22 February ts. 30
Monna wa Moiseraele o naya rre yo e tla nnang mogwegadiagwe kgomo e le magadi.

Magadi a ne a ka ntshiwa ka diphologolo

A O Ne O Itse?

Goreng Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ntsha magadi?

MO MOTLHENG wa fa Baebele e ne e kwalwa, ba lelapa la gaabo monna ba ne ba naya ba lelapa la gaabo mosadi magadi fa malapa ao a mabedi a ne a dumalana gore ba nyalane. Magadi a ne a ka ntshiwa ka dilo tsa botlhokwa, diphologolo kgotsa madi. Ka dinako tse dingwe, magadi a ne a ntshiwa ka go berekela ba lelapa la gaabo mosadi, fela jaaka Jakobe a ne a dumela go berekela rraagwe Ragele dingwaga di le supa gore a kgone go nyala Ragele. (Gen. 29:17, 18, 20) Goreng go ne go ntshiwa magadi?

Moithuti mongwe wa Baebele yo o bidiwang Carol Meyers a re: “Lelapa la gaabo mosadi le ne le newa magadi ka gonne morwadiabone o ne a ka se tlhole a kgona go bereka le ba lelapa la gaabo kwa masimong, e leng tiro e e neng e le botlhokwa thata mo malapeng [a a neng a lema].” Gape magadi ao a ne a ka nonotsha botsala jwa malapa ao a mabedi a a kopantsweng ke lenyalo. Botsala joo bo ne bo tla dira gore malapa ano a kgone go thusana ka dinako tsa mathata. Mo godimo ga moo, magadi e ne e le bosupi jwa gore mosadi o solofeditswe lenyalo le gore o ne a ka se tlhole a tlhokomelwa ke rraagwe mme jaanong o ne a tla tlhokomelwa ke monna wa gagwe.

Go ntsha magadi e ne e se go dira kgwebo ka basadi. Buka ya Ancient Israel—Its Life and Institutions e a re: “Go naya ba lelapa la gaabo mosadi madi a a rileng kgotsa sengwe se se lekanang le one go ne go dira gore go nne jaaka e kete manyalo a kwa Iseraele e ne e le kgwebo. Mme go lebega [magadi] a ne a newa ba lelapa la gaabo mosadi e le go ba leboga e seng go duelela ngwana wa bone.”

Gompieno mo dinageng tse dingwe, batho ba sa ntse ba ntsha magadi. Fa batsadi ba Bakeresete ba kopa magadi, ba dira gore ‘batho botlhe ba bone gore ga ba tlhogoethata’ ka go se batle madi a mantsi. (Bafil. 4:5; 1 Bakor. 10:32, 33) Fa ba dira jalo, ba bontsha gore ga ba ‘rate madi’ e bile ga ba pelotshetlha. (2 Tim. 3:2) Mo godimo ga moo, fa batsadi ba Bakeresete ba sa batle madi a mantsi a magadi, monna yo o tlileng go nyala ngwana wa bone ga a kitla a patelesega go emisa lenyalo gore a kgone go bona madi ao a magadi. E bile monna yo o tlileng go nyala ngwana wa bone ga a kitla a patelesega go tlogela bobulatsela gore a bone tiro e e tla mo thusang gore a nne le madi ao a mantsi a magadi.

Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, balaodi ke bone ba ba bayang melao ya gore magadi a ntshiwe jang. Fa go ntse jalo mo nageng e lo nnang mo go yone, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go ikobela melao eo. Goreng? Ka gonne Lefoko la Modimo le laela Bakeresete gore ba “ikobele balaodi ba bagolo” le gore ba ikobele melao e e sa thulaneng le melao ya Modimo.—Bar. 13:1; Dit. 5:29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela