Go Inamola mo Lefatsheng le le Pelotshetlha
“NKA inamola jang?” James Scott o ne a lebana le potso eo fa a ne a gaeletswe mo Dithabeng tsa Himalaya. O ne a ka nna a gwamisiwa ke serame kana a swa ka ntlha ya tlala. O ne a gakologelwa gore o kile a bona batho ba ba lwang ka karate ba “nnela go koafala, nako le nako fa ba itewa ba phutlhama go fitlha . . . ba sa tlhole ba kgona go itshireletsa gotlhelele.” O ne a re: “Ke kafa ke neng ka ikutlwa ka teng fa ke ntse ke kopela kobo e ke robalang ka yone e e keteng kgetsana mme ke ja kapokonyana, ke le bokoa. Ke ne ke hutsafetse e bile ke sa tlhole ke eletsa go tshela. Ke ne ke ise ke tsamaye ke ikutlwe ke fentswe ka tsela e e tshwanang le eo.”—Lost in the Himalayas.
Batho ba le bantsi gompieno ka tsela nngwe ba tshwana le ene—ba gaeletswe mo lefatsheng le le tletseng ka bopelotshetlha. O ka ikutlwa e kete o nnela go koafala ka iketlo le go fenngwa. Ke batho ba sekae fela ba ba kgonang go tila matswela a gone jaanong a bopelotshetlha. Mathata a o lebaneng le one a farologana fela thata, go ikaegile ka gore o nna kae mo lefatsheng leno—bopelotshetlha bo ama batho ba dinaga tse di santseng di tlhabologa ka tsela e e farologaneng thata le e bo amang batho ba dinaga tse di humileng ka yone. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalasege gore mathata ao ke afe, gongwe o ka kgona go ithuta kafa o ka inamolang ka teng gore ka selekanyo se se rileng o nne o ntse o itekanetse mo mmeleng, mo maikutlong le semoyeng go fitlha o bona thuso. Jang? Ka go latela kgakololo ya motheo ya batho ba ba itseng go inamola.
Go na le dilo tse pedi tse di lemotshegang sentle mo kgakololong ya bone. Sa ntlha ke go tila go gakatsa seemo se se setseng se le thata. The Urban Survival Handbook ya re: “O tshwanetse go tila go itsenya mo dikotsing go sa tlhokege . . . mme o leke go fokotsa tshenyo e e bakilweng ke tse o sa kgoneng go di tila.” Sa bobedi—gongwe e bile e le se se botlhokwa go gaisa—se amana le tsela e o ikutlwang ka yone. The SAS Survival Handbook ya re: “Gore o kgone go inamola, go ikaegile thata ka maikutlo a gago fela jaaka go ntse ka go itshoka mo mmeleng le go nna le kitso.”
Dira Se o Ka se Kgonang mo Maemong Ao
“Kwa United States motho o a bolawa mo metsotsong mengwe le mengwe e le 22, o a kgothodiwa mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 47 e bile o ketekwa botlhoko mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 28,” go bega jalo Staying Alive—Your Crime Prevention Guide. Mo maemong a a ntseng jalo, ke eng se o ka se dirang? Bonnye jo o ka bo dirang ke go leka go tila go itsenya mo nakeng tsa kukama kana go tlhaselwa motlhofo. Nna podimatseba o bo o nne kelotlhoko. Dira se o ka se kgonang go fokotsa kotsi eo.a
Ka sekai, se ikgakaletse seemo ka go tsietsega motlhofo. The New York Times e bega gore diperesente di le 18 tsa Baamerika di dumela gore di ile tsa tsiediwa—di tseelwa diketekete tsa didolara ke maferefere a a tsamayang a senka batho ba ba ka tsietsegang motlhofo. Gantsi batho bangwe ba ba tsiediwang ke batsofe ba ba jaaka motlholagadi mongwe wa dingwaga tse 68 yo o neng a tseelwa $40 000 (R174 000). Selo seo se se mo diragaletseng se ne sa dira gore go kwalwe setlhogo se segolo se se reng: “Fa o le Tlhogotshweu, Manweenwee a Bona Botala [ke go re, madi a matala, kana didolara].”
Lefa go ntse jalo, se letle gore o tsietsege motlhofo o se podimatseba. Staying Alive e re tlhagisa jaana: “Ikele tlhoko mo diphiring tse di ikapesitseng letlalo la nku.” Mmèmogolo mongwe wa dingwaga tse 70 o ne a tsaya kgakololo eno tsia. O ne a solofediwa inshorense e e neng e tla mo duelela madi otlhe a dikoloto tsa kalafi fa a ne a ka duela $10 (R44) fela ka kgwedi. Pego eno e bolela gore “se Mmèmogolo a neng a tlhoka go se dira fela e ne e le go naya morekisi $2 500 [R10 875] pele.” O ne a se ka a dira jalo. O ne a lemoga gore monna yoo e ne e le motsietsi fa a sena go founela khampani ya inshorense eo. “E ne ya re fa a ntse a diile morekisi yoo ka go mo tshelela kopi ya bobedi ya tee, mapodise a ne a goroga go tla go mo tshwara.”
Go dira se o ka se kgonang go itshireletsa ke kgakololo e e tswang mo Baebeleng. “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” (Diane 14:15; 27:12) Batho ba le bantsi ba nyatsa Baebele ba re e siilwe ke nako e bile ga e thuse sepe. Lefa go ntse jalo kgakololo ya yone e e molemo e ka go thusa go inamola. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Botlhale [jaaka jo bo mo Baebeleng] ke phemelo, fela jaaka madi e le phemelo; molemo o o gaisang wa kitso, ke go re botlhale bo boloka botshelo jwa yo o nang najo.”—Moreri 7:12.
Bontsi jwa babadi ba Tsogang! ba lemogile fa seno se le boammaaruri. Ka sekai, bangwe ba ile ba kgona go itshireletsa ka selekanyo se se rileng ka go goela kwa godimo fa ba ne ba betelelwa kana ba lebane le mokgwa mongwe wa thubakanyo, ba dira jalo go ya ka se se umakilweng mo go Duteronome 22:23, 24. Ba bangwe ba ile ba reetsa kgakololo ya Baebele ya gore ba tile sengwe le sengwe “se se leswafatsang mmele kana moya.” (2 Bakorinthe 7:1, The Twentieth Century New Testament) Ka go dira jalo ba ile ba itshireletsa kgatlhanong le barekisi ba motsoko le diokobatsi ba ba ikhumisang ka go rekisetsa batho dilo tse di ba koafatsang. Gape bontsi jwa babadi ba ile ba tila go raraediwa ke bareri ba thelebishine ba ba ratang madi le boradipolotiki ba ba ratang maemo. (Bona lebokoso la tsebe 7.) Bala Baebele. O tla gakgamadiwa ke go bona kafa e nang le kgakololo e e molemo ka teng.
Tila go Tshwaediwa ke Bopelotshetlha
Mme gone, go na le kotsi e nngwe gape ka bopelotshetlha—le wena o ka tloga wa nna pelotshetlha. Seo se ka dira gore o se ka wa tlhola o nna le mekgwa e mentle e e go farologanyang le dibatana. Motho mongwe yo o etseng dilo tlhoko o ne a nopolwa a bua jaana fa a ne a tlhalosa thulaganyo ya kgwebo e e gololesegileng e mo go yone borakgwebo ba neng ba gwalalela tshono nngwe le nngwe e ba e bonang ya kgwebo: “Dikolobe di ne di inontsha tota. Bopelotshetlha jwa tsone . . . bo ne bo feteletse thata.” Go ka direga gore dikolobe ga di pelotshetlha thata jalo jaaka borakgwebo ba ba bogagapa! Ruri go bonala ba itlhokomolosa kgakololo eno e e molemo e Jesu Keresete a neng a e re neela: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng.”—Luke 12:15.
Jesu Keresete o ne a re neela kgakololo eo ka gonne a itse gore o tlile go ikgobatsa go le kana kang fa bopelotshetlha bo ka go tsena. Go gwalalela go nna le dithoto—ee, le go gwalalela maemo kana go rata tlhakanelo dikobo thata—e ka nna selo se o se ratang thata mo botshelong mo go go amogang nako epe kana kgatlhego e o ka tswang o na le yone malebana le go amega ka batho ba bangwe kana dilo tsa semoya. Anthony Sampson mo bukeng ya gagwe ya The Midas Touch, o ne a bolela gore “madi a re amogile dinonofo di le dintsi tsa bodumedi.” Jang? Madi a fetoga modimo. Dilo tsotlhe di a itlhokomolosiwa ka ntlha ya bopelotshetlha le papadi. Selo se segolo se se bakang seno ke go batla go bona poelo. Motho o batla go bona e ntsintsi. Mme gone, o ka se ka wa bo wa kgotsofatsa keletso ya go rata go nna le dithoto lefa o ka tswa o dirisa nako e e kana kang. Moreri 5:10 ya re: “Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato.” Go ntse fela jalo le ka “yo o ratang” maemo, dithoto kana tlhakanelodikobo thata, ga a kitla a bo a kgotsofala go sa kgathalasege gore o di bona ka bontsi go le kae.
Se Tlhoboge Thuso
Sengwe sa dilo tse di botlhokwa tse di ka go thusang gore o inamole ke go nna o na le tsholofelo le go nna le pono e e siameng. Ka dinako tse dingwe ga go sepe se o ka se dirang go tila matswela a bopelotshetlha. Ka sekai, gantsi ga go sepe se batho ba ba bolawang ke tlala ba ka se dirang go tila matlhotlhapelo ao a bone. Lefa go ntse jalo, se itlhoboge; se latlhele seditse. The SAS Survival Handbook ya re “go motlhofo gore motho a ineele, a phutlhame a bo a nnele go ikutlwela botlhoko” fa a lebane le maemo mangwe a a sa itumediseng kana a a kotsi. Se itetle go nna le megopolo le maikutlo a a sa siamang. O ka gakgamadiwa ke kafa o ka kgonang go itshoka ka teng. Yone buka eno e bolela gore, “banna le basadi ba itshupile ba ka kgona go itshokela maemo a a maswemaswe.” Ba kgonne seo jang? E bolela gore ba thusitswe “ke go bo ba ne ba ititeile sehuba.” Ititeye sehuba gore ga o ne o letla tsamaiso eno e e pelotshetlha e go fenya.
James Scott, yo o umakilweng pelenyana, kgabagare o ne a namolwa kwa go se e ka bong e ile ya nna lebitla la gagwe kwa Himalaya. O ne a bolela gore bobotlana o ithutile thuto e le nngwe ya botlhokwa mo tseleng e a ileng a kgaratlha ka yone go inamola. Ke efe thuto eo? O ne a re: “Ga go na kgwetlho epe mo botshelong e e leng boima thata mo motho a ka se kang a e fenya.” Tim Macartney-Snape yo e leng mopalamadithaba yo o nang le maitemogelo a magolo yo o neng a gakgamadiwa ke go bo James Scott a ile a kgona go nna a tshela lobaka lo loleele jalo go fitlha a fitlhelwa a santse a tshela le ene o ne a ithuta sengwe. O ne a re: “Fa fela go santse go na le tsholofelonyana, le ka motlha o se itlhoboge.” Ka jalo, lefa dilo di ka lebega di le maswe jang, fa o itlhoboga, o a bo o gakatsa maemo fela. Se tlhoboge thuso.
Mme gone, a go na le “tsholofelonyana,” tshono ya mmatota ya gore re tla namolwa mo lefatsheng leno le le tletseng ka bopelotshetlha? A re tla tsamaya re namolwa mo bathong ba ba pelotshetlha ba ba senyakang polanete eno le go senya matshelo a dimilione di le diketekete? Tota e bile, re na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore re tla namolwa. Ela tlhoko kafa Baebele e arabang ka teng mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo sa Tsogang! ya April 22, 1989, ditsebe 7-10 (ka Seesemane) se se reng “Thubakanyo—O ka Itshireletsa.”
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Ditlhagiso Tsa Baebele Tse Di Tshwanelang
Diane 20:23 “Dibokete Tsa Selekanyo Tse Di Fapaanyeng Ke Sefedisapelo Mo Go Jehofa; Le Selekanyo Sa Pego Sa Tsietso Ga Se Molemo.”
Jeremia 5:26, 28 “Mo bathong ba me go fitlhelwa baikepi; ba lebelele jaaka bathaa dinonyane ba tle ba lalele; ba beye seru, ba tshware batho. Ba nonne, ba retefetse. Ee, ba feteletse mo ditirong tsa boikepo; ga ba sekele, ga ba sekele mafoko a masiela, gore ba tle ba tlhogonolofale; mme tshiamelo ya motlhoki ga ba e atlhole.”
Baefeso 4:17-19 “Ke gone ke bua lefoko le, ke bile ke supa mo Moreneng, ka re, lo se ka lwa tlhola lo sepela jaaka Baditšhaba ba sepela, mo boithamakong jwa dipelo tsa bone. Ka ba fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bone, ba e reng ka ba fegetswe ke maikutlo, boo ba ineela mo bopepeng, go dira maswe otlhe ka bopelotshetlha.”
Bakolosa 3:5 “Ke gone, bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa.”
2 Timotheo 3:1-5 “Itse selo se, gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.”
2 Petere 2:3 “Mo boiphetlhong jwa bone ba tlaa lo ntsha tlhwatlhwa, ka mafoko a boitimokanyo; ke ba tshekiso e e ntseng e ba sekisitse gale e sa diegeng, le tshenyego ya bone e sa robaleng.”