Bopelotshetlha—Bo Re Dirang?
BOPELOTSHETLHA bo senya matshelo a dimilione tsa batho. Bo dira gore ba ba bo dirang ba nyatsege e bile bo leretse ba ba bo direlwang kutlobotlhoko le mahutsana. O ka nna wa bo o ikutlwela manokonoko a go direlwa bopelotshetlha mo botshelong jwa gago. Tota le e leng go utswa dilo go go tlwaelegileng mo mabenkeleng go dira gore ditlhwatlhwa tsa dilo tse o di rekang di tlhatlosiwe. Fa o amogela madi a mannye mme ditlhwatlhwa tsa dilo tse o di tlhokang letsatsi le letsatsi di le kwa godimo thata o ka nna wa bo o boga jalo ka ntlha ya bopelotshetlha jwa motho mongwe.
Ba ba Bolawang ke Tlala Le ba Ba Swang
Bopelotshetlha jwa go se akanyetse jo bo dirwang mo nageng bo dira gore puso e se ka ya kgona go thusa bahumanegi sentle. Moragorago kwa ka 1952 moitsesaense yo gape e leng mankge wa tsa dijo e bong Sir John Boyd Orr o ile a re: “Dipuso di ikemiseditse go dira batho seoposengwe le go dirisa dikhumo go lwa ntwa ya lefatshe mme Mebuso e Magolo ga e a ikemisetsa go nna seoposengwe go nyeletsa tlala le lehuma mo lefatsheng.”—Food Poverty & Power, ka Anne Buchanan.
Ke boammaaruri gore batho ba tle ba newe thusonyana. Lefa go ntse jalo, ke eng se tota se diragalelang bahumanegi, ba e leng bontsintsi jwa baagi ba lefatshe ba ba tlhokomologilweng? Pego ya bosheng jaana e ne ya bolela gore lefa mafelo mangwe a ile a nna le dijo tse di oketsegileng, “tlala le phepelotlase di santse di ganyaola bontsi jwa bahumanegi ba lefatshe . . . Nngwetlhanong [go feta dimilione di le sekete] ya batho mo lefatsheng e tlhola ka tlala letsatsi le letsatsi.” Pego eno e tswelela ka go re: “Mo godimo ga moo, dimilione di le dikete tse 2 tsa batho di boga ka ntlha ya ‘tlala e e sa itemotsheng’ ka ntlha ya . . . [dijo] tse di tlhaelang dikotla mo go dirang gore ba lwale thata.” (Developed to Death—Rethinking Third World Development) Ruri dipalopalo tseno di tshwanetse go tlhaga mo ditlhogong tse dikgolo tsa dikgang!
Ba ba Dirwang Makgoba
Baeteledipele ba ditlhopha tsa dikebekwa ba ikhumisa ka go gobatsa batho ba ba ba direlang bokebekwa le batho ka kakaretso. Dimilionemilione tsa batho ke makgoba a diokobatsi, thubakanyo, boaka le go senya dilo tsa itsholelo. Gape, Gordon Thomas o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Enslaved: “Go ya ka Anti-Slavery Society, go na le palo e e fopholediwang go dimilione di le 200 ya makgoba mo lefatsheng. Dimilione di ka nna 100 mo go one ke bana.” Ke eng se tota se bakang seno? Pego eo e tlhalosa jaana: “Go rata go dira batho makgoba e santse e le selo se se sa siamang se se aparetseng batho . . . [Bokgoba bo] bakwa ke keletso e e maatla, bopelotshetlha le go rata go laola.”
Batho ba ba nang le maatla ba gatelela ba ba bokoa le ba ba ka tlhaselwang motlhofo e bile ba bolaya bontsi jwa bone. “Gongwe gone jaanong kwa Brazil go setse fela Baindia ba le dikete tse di makgolo a mabedi mo dimilioneng tse pedi tsa bone tse di neng di nna koo pele ga makgoa a fitlha teng.” (The Naked Savage) Ka ntlha yang? Lebaka le legolo ke bopelotshetlha.
Pharologano e e Oketsegang Gareng ga Bahumi le Bahumanegi
The New York Times e ne ya bega gore James Gustave Speth yo e leng molaodimookamedi wa United Nations Development Program o ne a bolela gore “setlhopha se se ntseng se tlhagelela sa batho ba maemo mo lefatsheng lotlhe . . . se nnetse go humela pele le go nna le taolo e kgolo, fa ba ba fetang halofo ya batho botlhe bone ba phuagantswe.” Mafoko ano a gagwe a dira gore motho a lemoge pharologano eno e e ntseng e oketsega gareng ga bahumi le bahumanegi sentle: “Go santse go na le halofo ya batho ba ba mo polaneteng eno ba ba amogelang madi a a kwa tlase ga $2 [R9] ka letsatsi—batho ba ba fetang dimilione di le dikete tse 3.” O ne a oketsa ka go re: “Seemo seo se dira gore bahumanegi mo lefatsheng leno la ditlhopha tse pedi, ba se ka ba nna le tsholofelo, ba galefe, ba betwe ke pelo.”
Go tlhoka tsholofelo gono go gakadiwa ke kgang ya gore bontsi jwa bahumi bo lebega bo sa akanyetse bontsintsi jwa batho ba ba ganyaotsweng ke lehuma le ba ba bolailweng ke tlala kana go ba utlwela botlhoko ka gope.
Batho ba ba bogang ka ntlha ya bopelotshetlha ba fitlhelwa gongwe le gongwe. Ka sekai, ela tlhoko difatlhego tse di tlhontseng tsa batshabi ba ba gaeletsweng mo gare ga ntwa ya go lwela puso kwa Bosnia, Rwanda le Liberia. Ela tlhoko khutsafalo e e bonalang mo difatlhegong tsa batho ba ba bolawang ke tlala mo lefatsheng leno la letlepu. Ke eng se se bakang dilo tseno tsotlhe? Ke bopelotshetlha—ka mekgwa yotlhe ya jone!
O ka inamola jang fa o dikaganyeditswe ke dilalome tse di pelotshetlha mo tikologong e e ntseng jalo e e sa itumediseng? Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla araba potso eno.