Lefatshe le le Senang Bopelotshetlha
“FA BATHO mo lefatsheng lotlhe ba sa fetole tsela e ba akanyang ka yone ga go sepe se se ka tokafalelang rona batho mme masetlapelo a a tlogang a wela lefatshe la rona . . . ga a ne a tilwa.”—Václav Havel, yo e leng poresidente wa Czech Republic.
Batho ba le bantsi ba a lemoga gore tsamaiso ya jaanong ya lefatshe e ka se falole. Bangwe, fela jaaka Václav Havel, ba bona gore selo se le nosi fela se se ka rarabololang dilo e le fa batho mo lefatsheng lotlhe ba ka fetola tsela ya go akanya le e ba dirang dilo ka yone. Ka sekai, motho mongwe yo o etseng ditiragalo tsa gone jaanong tsa lefatshe tlhoko a re: “Mo dimilioneng di le makgolokgolo tsa batho ba ba humanegileng thata, go bonala fa ba se kitla ba bona dijo tse di botoka le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang thata mo botshelong . . . kwantle fela ga fa ditšhaba tsa lefatshe di ka tsaya kgato ya go fetola tsela e gone jaanong di dirang dilo ka yone.”—Food Poverty & Power.
Lefa go ntse jalo, a go a utlwala go tshepa gore re tla namolwa ke fa batho ba ka dira phetogo nngwe e kgolo mo tseleng e ba dirang dilo ka yone? A re ka tshepa re sa belaele gore dipuso di tla “tsaya kgato ya go fetola tsela e gone jaanong di dirang dilo ka yone”? Bangwe ba akanya jalo. Ba re, ‘Modimo o re neile gore re itlhophele se re se batlang, ka jalo ke rona ba re tshwanetseng go fetola dilo.’ Lefa go ntse jalo, dilo tse di sa itumediseng tse di diragetseng mo hisitoring di re dira gore re belaele thata keletso le bokgoni jo motho a nang le jone go fetola dilo ka tsela e e batlegang. Go leba dilo jaana ga se go re kgoba marapo, go na le moo, ke kafa tota go leng ka teng. A o ne o ka ya kwa ngakeng nngwe gore e namole botshelo jwa gago ntswa o itse gore balwetse botlhe ba yone ba pele ba ile ba swa?
Bothata Jwa Thuto?
Ted Trainer, mo bukeng ya Developed to Death—Rethinking Third World Development o ne a re: “Bothata jono bo amana le thuto.” O bolela gore fa fela batho ba sa rutiwe go lemoga gore go tlhokega gore go fetolwe dilo fela thata, “re ka se solofele gore re tla kgona go fetogela mo thulaganyong ya lefatshe e e molemo.” Ga go pelaelo gore go tlhokega gore batho ba rutiwe botlhokwa jwa go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone le e ba dirang dilo ka yone gore lefatshe le namolwe. Tota e bile, seo se botlhokwa thata e bile Baebele e bua ka thulaganyo e e ntseng jalo ya go ruta. E bolela gore lefatshe le tla bo le “tletse kitso ya go itse Jehofa.” Ka nako eo, ga go ne go nna le ope yo o tla bong a “utlwisa botlhoko le fa e le go senya” gope fela mo lefatsheng.—Isaia 11:9.
Lefa go ntse jalo, ga go na thuto epe tota le eleng thulaganyo ya Modimo ya go ruta, e ka boyone e ka dirang gore go se ka ga tlhola go na le batho ba ba pelotshetlha mo lefatsheng, ba ba utlwisang ba bangwe botlhoko thata e bile ba ba senyang dilo thata. Thuto e tla fetola fela batho ba ba batlang go fetoga, batho ba ba batlang go dira dilo go ya ka melao ya Modimo. Go ya ka Jesu Keresete, palo ya bone e potlana fela. (Mathaio 7:13, 14) Ka jalo, Baebele ga e solofetse gore letsatsi lengwe re tla bona fela batho botlhe ba iphitlhela ba lemoga bogolo jwa bothata jono ba bo ba fetola mekgwa ya bone. E bolela gore Modimo o tla tsaya kgato go nyeletsa batho ba ba pelotshetlha mo lefatsheng.
Modimo o Tsenya Letsogo
Batho ba le bantsi ba tsaya kgang ya gore Modimo o tlile go tsaya kgato e le toro kana kgang fela e e ikakanyediwang. World Hunger: Twelve Myths ya re: “Dikgatelopele tsa boramatlhale tse di dirilweng mo lekgolong la bo18 la dingwaga di dirile gore re latlhe kgopolo e e nametsang ya gore Modimo o tlile go tsenya letsogo a baakanya legae leno la motho.” A mme re tshwanetse go dumela dikgopolo tse di ganetsang tsa matlhajana le difilosofi tsa batho ba ba sa tlholeng ba dumela gore “Modimo o tlile go tsenya letsogo”? A ditharabololo tsa bone ga se dilo fela tse di ikakanyediwang ke motho?
Go botlhale go baya tsholofelo ya rona mo boporofeting jo bo sa kabakanyeng jo bo fitlhelwang mo Baebeleng jo bo bolelang gore re tla namolwa ke fa Modimo a tsenya letsogo. Ga se “kgopolo e e nametsang” fela go dumela se Modimo a se solofetsang—ke yone tsholofelo fela ya mmatota e re nang nayo ya gore re tla namolwa!
“Go Senya ba ba Senyang Lefatshe”
Tota ke eng se Modimo a se solofetsang? Ebu, o solofetsa gore o tlile go nyeletsa batho ba ba leswafatsang tikologo e bile ba e senya mo lefatsheng. Tshenolo 11:18 e bolela gore o tlhomile “lobaka” lwa “go senya ba ba senyang lefatshe.” Seo se kaya eng? Se kaya gore go tlile go nyelediwa batho botlhe ba gone jaanong ba gatelelang bahumanegi le batho ba ba bokoa. Modimo o tla “atlhola bahumanegi ba batho, bana ba batlhoki o tlaa ba boloka, mme mopatiki o tlaa mo phatlakanya.” O tla fedisa batho ba ba pelotshetlha a bo a dira gore batho ba ba ntseng ba ba direla bopelotshetlha ba atlanegelwe ke dilo. “O tlaa golola motlhoki mogang o lelang . . . O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong.”—Pesalema 72:4, 12-14.
A bo seo e tla bo e le phetogo e kgolo jang ne! Go ya ka moaposetoloi Petere, phetogo eno e tla akaretsa dilo di le dintsi jaana mo e tla dirang gore go nne le “magodimo a maša, le lefatshe le leša.” (2 Petere 3:13) Mo ‘lefatsheng leno le lesha,’ motho mongwe le mongwe o tla nna le mo go lekaneng ga dilo tse lefatshe le tla di tlhagisang. (Mika 4:4) Tota le gone jaanong go na le dijo tse dintsi tse di ka fepang mongwe le mongwe. Ke fela gore ga di abiwe sentle. Anne Buchanan o ile a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya Food Poverty & Power: “Go ilwe ga fopholediwa gore ka lefatshe le le lengwang le re nang le lone mo lefatsheng lotlhe, re ka kgona go tlhagisa dijo tse di lekaneng go ka fepa batho ba le dimilione di le dikete tse 38-48.”
Polanete eno e tla namolwa. Mmopi wa yone o ne wa se ka wa e “tlholela lefela, wa [e] bopela go [agiwa].” (Isaia 45:18, bapisa NW.) Kgato e Modimo a tla e tsayang kgatlhanong le batho ba ba pelotshetlha e tla baka gore go nne le “sepitla se segolo” ka lobakanyana. (Mathaio 24:21) Morago ga foo, bafalodi ba sepitla seo ba tla tshela mo lefatsheng le le dirilweng paradaise le batho ba lone ba tla bong ba se pelotshetlha. (Pesalema 37:10, 11; 104:5) Go tla nna fela jaaka Baebele e solofetsa: “Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe.”—Isaia 25:8.
O ka nna mongwe wa batho ba ba itumetseng ba ba tlileng go solegelwa molemo ke kgato e Modimo a tlileng go e tsaya go nyeletsa bopelotshetlha mo lefatsheng. Fa tota o batla go dira thato ya Modimo, dira gore o kgone go thusiwa ka thuso yotlhe e o e newang gore le wena o kgone go inamola gone jaanong mo lefatsheng le le pelotshetlha. Tsaya kgato gore o kgone go falola “sepitla se segolo.” Basupi ba ga Jehofa ba ikaeletse go go thusa go ithuta se o tshwanetseng go se itse. Gololesega go ikgolaganya le bone kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la lona, kana o kwalele kwa atereseng e e gaufi le wena mo go tse di mo lenaaneng le le mo go tsebe 5.