Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang fa Tsala Ya me E Kgolo e Fudugile?
‘O LEBEGA o latlhegetswe ke tsala ya gago e kgolo.’ Batho ba bua seno fa mongwe a bonala a hutsafetse kana a tshwenyegile maikutlo. Mme fa tota o setse o latlhegetswe ke tsala, mafoko ao a ka nna le bokao jo bongwe.
Mme gone botsala jwa boammaaruri ke sengwe se se kgethegileng le se se botlhokwatlhokwa. Baebele ya re: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.” (Diane 17:17) Ditsala tse di molemo di re ntsha se inong e bile di re ema nokeng. Di re thusa go gola mo maikutlong le mo semoyeng. Le mororo o ka nna le batho ba bantsi ba o ka itisang le bone kana ba o ba tlwaetseng fela, batho ba o ka ba ikanyang tota le go ba bulela mafatlha a gago gantsi ba bonwa sewelo.
Ka jalo, go a utlwala gore o ka ikutlwa o tlaletswe fa tsala e kgolo ya gago e fudugile. Mosha yo leina la gagwe e leng Bryan o gakologelwa kafa a neng a ikutlwa ka teng fa tsala ya gagwe e kgolo e fuduga. O ne a re: “Ke ne ke boifa, ke jewa ke bodutu e bile ke utlwile botlhoko.” Ka gongwe o ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo.
Go Lebana le Boammaaruri
Go leba mabaka a a dirileng gore tsala ya gago e fuduge go ka thusa. Sentlentle, ga se ka ntlha ya go bo a sa anaanele botsala jwa lona. Go fuduga e setse e le karolo ya botshelo jwa sesheng jaana. Kwa United States fela, batho ba ba fetang dimilione di le 36 ba a fuduga ngwaga le ngwaga! Go ya ka Lephata la Mmalabatho la United States, Moamerika a le mongwe o fuduga makgetlho a le 12 mo botshelong jwa gagwe.
Ke ka ntlha yang ba fuduga jaana? Mabaka a a farologana. Malapa a mangwe a fuduga gore a bone ditiro le matlo a a botoka. Mo dinageng tse di tlhabologang, ntwa le lehuma di pateleditse dimilionemilione tsa malapa go fuduga. Mme le basha fa e nna bagolo, bontsi jwa bone bo itlhophela go fuduga gore ba nne ba le nosi. Bangwe ba tsamaya ka ntlha ya lenyalo. (Genesise 2:24) Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba fuduga ka ntlha ya dilo tsa semoya. (Mathaio 19:29) Gareng ga Basupi ba ga Jehofa, ba le bantsi ba tlogela dilo tse di monate tse di ba dikologileng go ya go direla kwa mafelong—gongwe le kwa dinageng di sele—a go tlhokegang badiredi ba Bakeresete thata kwa go one. Bangwe ba fudugela teng mo nageng ya gaabo go ya go direla kwa Bethele, jaaka madirelo a tiro ya Basupi ba ga Jehofa e okamelwang gone a bidiwa. Ee, lefa re rata ditsala tsa rona thata, re tshwanetse go go leba e le selo se se tleng se direge mo botshelong gore fa nako e ntse e ya ba ka nna ba fuduga.
Lefa e ka tswa e le lebaka lefe le le dirang gore tsala ya gago e fuduge, o ka nna wa ipotsa gore o tlile go fenya jang tatlhegelo eo. Lefa gone e le ga tlholego go ikutlwa o jewa ke bodutu le go tshwenyega mo maikutlong go sekae, o ka tswa o lemoga gore go tlhola o itswaletse mo ntlong ga go kitla go tokafatsa dilo le eseng. (Diane 18:1) Ka jalo, a re lebe dingwe tsa dilo tse di ka thusang.
Go Nna lo Golagana
Bryan yo mosha o ne a gakolola jaana: “Lemoga gore botsala jwa lona ga bo a fela.” Ee, go fuduga ga tsala ya gago eleruri go tla fetola botsala jwa lona, mme fela ga se gore jaanong lo se ka lwa tlhola lo nna ditsala. Mogakolodi mongwe wa basha, Dr. Rosemarie White, o rile: “Go thata go latlhegelwa ke sengwe mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo, mme selo se se thusang motho go go itshokela ke fa a go leba e le phetogo fela e seng bokhutlo.”
O ka dira eng gore lo age lo ntse lo golagana? Akanya ka pego ya Baebele ya ga Dafite le Jonathane. Le mororo ba ne ba fetana thata ka dingwaga, e ne e le ditsala tse di ratanang thata. Ka nako ya fa maemo a pateletsa Dafite go tshabela kwa botshabelo, ga ba a ka ba kgaogana ba sa bua sepe. Go na le moo, ba ne ba tiisa botsala jwa bone jo bogolo ba bo ba dira maikano kana tumalano ya gore ba tla aga e le ditsala.—1 Samuele 20:42.
Le wena o ka nna wa bua le tsala ya gago pele ga e tsamaya. Itsise tsala ya gago kafa o tsayang botsala jwa lona bo le botlhokwa ka teng le kafa o batlang go aga o golagana le ene ka teng. Patty le Melina ba e leng ditsala tse di ntshanang se inong tse gone jaanong di katogantsweng ke naga le lewatle ka dikilometara di le 8000 ba ne ba dira fela jalo. Patty o ne a tlhalosa jaana: “Re dira dithulaganyo tsa go aga re golagana.” Lefa go ntse jalo, dithulaganyo tse di ntseng jalo di ka nna tsa kgoreletsega fa lo sa dire dithulaganyo tse di tlhomameng.—Bapisa Amose 3:3.
Baebele e re bolelela gore ka nako ya fa moaposetoloi Johane a ne a sa kgone go bona tsala ya gagwe Gaio, o ne a nna a ikgolaganya le ene ka ‘go mo kwalela ka enke le pene.’ (3 Johane 13) Le lona lo ka dira tumalano ya go aga lo romelelana lokwalo kgotsa karata ka metlha, gongwe gangwe ka beke kana gangwe ka kgwedi. Mme fa batsadi ba gago ba sa tshwenyege go duelela sekoloto sa founo ya mafelo a a kgakala, gongwe lo ka nna lwa founelana ka metlha go bolelelana dilo tse disha tse di diregang mo matshelong a lona. Kana lo ka dira tumalano ya go romelelana melaetsa e e rekotilweng mo khaseteng kgotsa mo theiping ya bidio. Fa nako e ntse e ya, go ka nna ga direga gore lo rulaganye go etelana ka mafelobeke kana lwa ya boikhutsong mmogo. Ka jalo botsala bo ka tswelela bo gola.
Go Tswala Phatlha
Lefa go ntse jalo, go tsamaya ga tsala e kgolo ya gago go tla tlogela phatlha mo botshelong jwa gago. Ka ntlha ya seo, o ka fitlhela o na le nako e ntsi. Mme gone, o se senye nako eo. (Baefeso 5:16) E dirisetse sengwe se se mosola—gongwe o ka ithuta go tshameka seletswa sengwe sa mmino, wa ithuta puo nngwe e ntšha kana wa dira tiro nngwe fela ya go itlosa bodutu. Go ithaopela go direla batho ba ba tlhokang dilo dingwe e ka nna tsela nngwe ya go dirisa nako ka tsela e e mosola. Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ka nna wa oketsa seabe sa gago mo tirong ya go rera phatlalatsa. (Mathaio 24:14) Kana o ka simolola porojeke ya go ithuta Baebele ka tsela e e kgatlhang.
Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete kwa Korinthe go ‘pitlologa’—ke gore, go akaretsa ba bangwe mo lekokong la ditsala. (2 Bakorinthe 6:13) Gongwe o feditse lobaka lo loleele o na le tsala e le nosi fela moo o neng o tlhokomologa batho ba bangwe ba e neng e ka nna ditsala tsa gago. Basha ba Basupi ba ga Jehofa gantsi ba na le ditshono tse dintsi tsa go simolola botsala teng mo diphuthegong tsa gabone. Ka jalo leka go fitlha kwa dipokanong e sa le gale o bo o nna go sekae morago ga di tswa. Seno se tla go neela nako ya go ka itse batho. Dikopano tsa Bokeresete le dikokoano tse dingwe tse dinnye tsa go itisa di neelana ka ditshono tse dingwe tsa go dira ditsala tse disha.
Lefa go ntse jalo, tlhagiso eno e a tshwanela: O se ke wa itlhaganelela go dira ditsala tse disha mo o ka iphitlhelang o tlwaelane thata le basha ba mekgele le mekgwa ya bone ya semoya di sa tshwaneng gotlhelele le ya gago. Ba ba jalo ba ka go tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang mme ba ka nna kotsi go na le go nna molemo. (Diane 13:20; 1 Bakorinthe 15:33) Tlwaelana fela le basha ba ba nang le mogopolo wa semoya le ba ba itsegeng ka boitsholo jo bo siameng.
Fa o bona mongwe yo o jalo, leka go itsalanya nae ka go rulaganya go dira sengwe mmogo. Jang mmogo. Etelang musiamo. Tsamayang mmogo go itshidila dinao. Rulaganyang go dira mmogo mo bodireding jwa Bokeresete, lo fetsa letsatsi lo etela batho ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Fa nako e ntse e ya le ka go dira maiteko, botsala joo jo bosha bo ka nna jwa gola. Ka gonne lorato lwa Bokeresete lo a atologa—lo a ‘pitlologa’ go akaretsa ba bangwe—o se ka wa ikutlwa e kete ga o ikanyege mo tsaleng ya gago e e fudugileng fa o dira ditsala tse disha.
Gape o ka solegelwa tshono eo molemo ka go nna gaufi le ba ba go ratang thata—batsadi ba gago. Ba ka nna thuso e kgolo thata, lefa gone kwa tshimologong o ka ikutlwa o sa gololesega go itisa le bone. Mosha yo o bidiwang Josh o rile: “Ke ne ke ipateletsa go nna le nako le bone e re ka nako eo ke ne ke sa tlwaelana thata le mama kana papa. Mme jaanong ke ditsala tsa me tse dikgolo!”
Gape gakologelwa gore o sa ntse o na le tsala kwa legodimong. Jaaka Dan wa dingwaga di le 13 a bolela, “tota ga o nosi ka gonne o sa ntse o na le Jehofa.” Rraarona wa legodimo o sa ntse a na le rona ka thapelo. O tla go thusa go emelana le boemo jo bo thata jono fa o mo ikanya.—Pesalema 55:22.
Nna le Pono e e Siameng
Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a gakolola jaana: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang metlha ya pele e ne e gaisa eno?’” (Moreri 7:10) Ka mafoko a mangwe, se nnele go nna o akanya ka dilo tse di fetileng; solegela dilo tsa jaanong molemo le ditshono tsa teng. Bill yo jaanong a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20, o ne a dira fela jalo fa a ne a latlhegetswe ke tsala ya gagwe e kgolo. O gakologelwa jaana: “Morago ga lobaka ke ne ka simolola go dira ditsala tse disha mme ga ke a ka ka nnela go akanya thata ka dilo tsa nako e e fetileng. Ke ne ka leka go ipaakanyetsa dilo tsa isagwe le go akanya ka tsa gone jaanong.”
Dikakantsho tseno di ka nna tsa thusa, lefa go ntse jalo, go fuduga ga tsala ya gago e kgolo e sa ntse e le tiragalo e e hutsafatsang. Go ka nna ga tsaya nako pele ga o tlogela go hutsafadiwa ke go gakologelwa dilo tse di itumedisang tse lo neng lo tlhola lo di dira mmogo. Gakologelwa fela gore phetogo ke karolo ya botshelo mme e go naya tshono ya go gola mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Lefa go ka nna ga se ka ga kgonega gore o bone tsala e nngwe e e tla tsayang maemo a tsala eo ya gago e e kgethegileng, o ka nna wa kgona go nna le dinonofo tse di tla go dirang gore o “ratwe ke Jehofa, le ke batho le bone.” (1 Samuele 2:26) Fa o dira jalo, o tla nna ka gale le mongwe yo o tla mmitsang tsala ya gago!
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go kgaogana le tsala ya gago e kgolo ke tiragalo e e botlhoko