Basha ba Botsa Jaana . . .
A ke Tshwanetse go Ipobola Boleo Jwa Me?
“Ke tlhabiwa ke ditlhong tota, ga ke itse gore ke dire eng. Ke batla go ya go batsadi ba me, mme ke tlhabiwa ke ditlhong thata.”—Lisa.a
GO KWADILE jalo mosadi mongwe wa moroba yo o kgobegileng marapo. O ne a ntse a ratana le mongwe yo o sa dumeleng ka dingwaga di le mmalwa fa e tla re letsatsi lengwe, a tlhotlheleditswe ke bojalwa, a tlhakanela dikobo le ene.
Go utlwisa botlhoko go bolela gore dilo tse di tshwanang le tseno nako le nako di a diragala mo gare ga basha ba Bakeresete. Go nna basha le go tlhoka maitemogelo ga rona go ka re dira gore re dire diphoso tse dintsi. Go dira phoso e nnye go farologana thata le go wela mo boleong jo bo masisi, jo bo jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (1 Bakorinthe 6:9, 10) Fa seo se direga, mosha o tlhoka thuso. Bothata e nna gore ga go motlhofo go ipobola diphoso tsa gago.
Mosetsana mongwe wa Mokeresete o ne a tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. O ne a swetsa go ipobola go bagolwane ba phuthego ya gaabo, a bo a baya letsatsi le a tla dirang seno ka lone. Lefa go ntse jalo, o ne a busetsa letsatsi leo kwa morago. Moragonyana o ne a busetsa letsatsi leo kwa morago gape. Ngwaga wa ba wa feta!
“Ga go A Fitlhega Sepe”
Fa o dirile boleo jo bo masisi, o tshwanetse go lemoga gore go didimala ka jone ga se kakanyo e e botlhale. Kgang ke gore, sephiri se tla senoga ka tsela nngwe. Mark fa e santse e le ngwana, o ne a thuba mokgabiso wa mo loboteng wa mmopa. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka leka go o momaganya ka maatlametlo ka sekgomaretsi, mme ga go a tsaya lobaka lo loleele gore batsadi ba me ba lemoge gore o phanyegile.” Ke boammaaruri gore ga o sa le ngwana. Mme gantsi batsadi ba bantsi ba kgona go lemoga fa go na le sengwe se se phoso ka ngwana wa bone.
Ann yo o dingwaga di 15 o ne a dumela jaana: “Ke ne ka leka go bipa mathata a me ka go bua maaka, mme ga felela ka gore ke dire dilo maswe thata.” Gantsi maaka a a senoga. Mme fa batsadi ba tla go lemoga gore o ne o bua maaka, ba ka nna ba galefa—ba galefa thata go feta ka moo ba neng ba tla galefa ka teng fa o ne o ipobotse go sa le gale.
Se se botlhokwa le go feta, Baebele ya re: “Gonne ga go a fitlhega sepe se se ketlang se bonatshiwa; ga go sepe se se sa itsegeng se se se ketlang se itsiwe, se tswela kwa leseding.” (Luke 8:17) Jehofa o itse se re se dirileng le seo re se dirang. O ka se mo fitlhele sepe fela jaaka Atame. (Genesise 3:8-11) Fa go ntse go ya, boleo jwa gago le jone bo ka nna jwa senolelwa ba bangwe.—1 Timotheo 5:24.
Go bo loba go ka go gobatsa ka ditsela tse dingwe gape. Mopesalema Dafite o ne a kwala jaana: “E rile ke didimetse, marapo a me a onala ka go bokolela ga me ka letsatsi lotlhe. Gonne seatla sa gago se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo.” (Pesalema 32:3, 4) Ee, go nna jalo ka sephiri go ka go tshwenya thata mo maikutlong. Go tlhobaela le go ipona molato, mmogo le go boifa gore o tla senoga go ka go lwatsa pelo. O ka nna wa simolola go ikgogona mo ditsaleng le ba lelapa. O ka nna wa bo wa ikutlwa e kete Modimo ka boene o go latlhile! Mosha yo o bidiwang Andrew o ne a kwala jaana: “Ke ne ke ntse ke lwa le segakolodi se se iponang molato wa go hutsafatsa Jehofa. Seno se ne se nnela go ntshwenya.”
Go Phunya Sekaku
A go na le tsela e ka yone o ka namolwang mo go tshwenyegeng jalo mo maikutlong? Ee, e teng! Mopesalema o ne a re: “Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. . . . Mme wa itshwarela molato wa boleo jwa me.” (Pesalema 32:5; bapisa 1 Johane 1:9.) Andrew le ene o ile a namolwa ke go bolela boleo jwa gagwe. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka atamela Jehofa mme ka tlhoafalo ka rapelela gore a intshwarele.”
Le wena o ka dira jalo. Rapela Jehofa. O a itse se o se dirileng, lefa go ntse jalo, ka boikobo dumela se o se dirileng ka go mo rapela. Kopa boitshwarelo, o sa ikgogone ka gonne o ikutlwa o dirile boikepo jo bo maswe thata mo o ka se boneng thuso. Jesu o ne a swa gore re kgone go nna le botsala jo bo molemo le Modimo le mororo re sa itekanela. (1 Johane 2:1, 2) O ka nna wa kopa le nonofo ya go dira diphetogo tse di tlhokegang. Go bala Pesalema ya 51 go ka thusa thata fa o tla go bua le Modimo.
Go Bolelela Batsadi ba Gago
Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege fela gore o ipobole mo Modimong. O santse o patelesega go bolelela le batsadi ba gago. Ba laotswe ke Modimo go go godisetsa “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Ba ka dira seo fa fela ba itse mathata a gago. Gape, go bolelela batsadi ba gago go ka se nne motlhofo kana ga itumedisa. Lefa kwa tshimologong ba ka galefa, ba ka nna ba leka go laola maikutlo a bone. Ba ka itumedisiwa gape ke gore o ba ikantse tota mo e bileng o ba boleletseng bothata jwa gago. Setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi se bolela ka lekawana le le neng la wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mme morago fa a sena go ipobola, rraagwe a mo amogela ka diatla tsoopedi! (Luke 15:11-24) Kwantle ga pelaelo batsadi ba gago le bone ba ka go thusa. Kana e bile, ba santse ba go rata.
Ke boammaaruri gore o ka nna wa boifa gore o tla utlwisa batsadi ba gago botlhoko. Mme fela ga se go ipobola boleo mo go utlwisang batsadi ba gago botlhoko; ke go dira boleo mo go ba utlwisang botlhoko! Go ipobola ke kgato ya ntlha ya go fodisa botlhoko joo. Ann, yo o umakilweng pelenyana, o ne a bolelela batsadi ba gagwe mme morago ga moo a ikutlwa a imologile.b
Lefa go ntse jalo, sekgoreletsi se sengwe gape sa go ipobola ke go tlhabiwa ke ditlhong le go swaba. Mokwadi yo o boikanyo Esera o ne a sa dira maleo ka boene, lefa go le jalo, fa a ne a bolela maleo a Bajuta ba gaabo, o ne a re: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke bile ke a itlhontsha, ke retelelwa ke go go tsholeletsa sefatlhego sa me.” (Esera 9:6) Eleruri, go siame go tlhajwa ke ditlhong fa o dirile phoso. Go supa gore segakolodi sa gago se santse se dira. Mme fa nako e ntse e feta maikutlo ao a go tlhabiwa ke ditlhong a tla ritibala. Andrew o ne a tlhalosa seo jaana: “Go bokete thata e bile go a swabisa fa o ipobola. Lefa go ntse jalo, go a nametsa go itse gore Jehofa o tla go itshwarela ka botlalo.”
Go Kopa Thuso ya Bagolwane
Fa o le Mokeresete, kgang eno ga e felele fela ka go bolelela batsadi ba gago. Andrew a re: “Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go isa bothata jwa me kwa bagolwaneng ba phuthego. A bo go ne ga nnametsa jang ne go itse gore ba foo go nthusa!” Ee, basha ba Basupi ba ga Jehofa ba ka ya kwa bagolwaneng ba phuthego e bile ba tshwanetse go dira jalo, gore ba bone thuso le kgothatso. Mme ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go rapela Jehofa fela go bo go felela foo? Ka gonne Jehofa o neetse bagolwane boikarabelo jwa go “disa mewa ya lona.” (Bahebere 13:17) Ba ka go thusa go tila go wela mo boleong gape.—Bapisa Jakobe 5:14-16.
O se ka wa iphora ka go akanya gore o ka kgona go ithusa ka bowena. Fa tota o ne o nonofile sentle go dira jalo, a o ka bo o wetse mo boleong? Go phepafatse gore, o tlhoka thuso ya ba bangwe. Andrew o ne a dira jalo ka bopelokgale. Kgakololo ya gagwe ke eng? “Ke kgothaletsa motho ope fela yo o dirileng boleo jo bo masisi kana yo o kileng a bo dira go bulela Jehofa le badisa ba gagwe pelo ya gagwe.”
Mme gone o ka simolola go bolelela mogolwane jang? Tlhopha mongwe yo o ikutlwang o phuthologile thata fa o na le ene. O ka nna wa simolola ka go re: “Ke tlhoka go bua ka sengwe se se rileng” kana o re “Ke na le bothata” kgotsa o ka re “Ke na le bothata mme ke tlhoka thuso ya gago.” Go bua boammaaruri le go bua gotlhe go tla bontsha sentle gore o a ikwatlhaya e bile o batla go fetoga.
‘Ke Tshaba go Kgaolwa’
A seo se ka diragala? Ke boammaaruri gore go dira boleo jo bo masisi go dira gore yo o bo dirileng a kgaolwe, mme ga se mo go itiragalelang fela. Go kgaolwa batho ba ba ganang go ikwatlhaya—ba ka botlhogoethata ba ganang go fetoga. Diane 28:13 ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a ketla a tlhogonolofala, mme yo o di ipolelang a ba a di bakela, o tlaa bona boutlwelobotlhoko.” Kgang fela ya gore o atametse bagolwane go bona thuso ke sesupo sa keletso e o nang le yone ya go fetoga. Tiro e kgolo e bagolwane ba e dirang ke go alafa e seng go otlhaya. Ba patelesega go tshwara batho ba Modimo ka bopelonomi le ka seriti. Ba batla go go thusa gore o ‘direle dinao tsa gago ditsela tse di siameng.’—Bahebere 12:13.
Ke boammaaruri gore fa motho a ile a fetsa nako e telele a tsieditse kana a itlwaeditse go dira boleo bongwe, a ka nna a bo a sa dire “ditiro tse di tshwanetseng boikwatlhao.” (Ditiro 26:20) Ka dinako dingwe a ka nna a kgaolwa. Tota lefa motho yo o dirileng phoso a ikwatlhaya, bagolwane ba patelesega go mo otlhaya ka tsela nngwe e e rileng. A o tla galefa kana o ba khutlogela ka ntlha ya tshwetso e ba e tsereng? Paulo o ne a kgothatsa jaana go Bahebere 12:5, 6: “Morwaaka, se nyatse kwatlhao ya Morena, o bo o se ngodiege fa o kgalemelwa ke ene; gonne yo Morena o mo ratang o a tle a mo otlhaye, a kgwathise ngwana mongwe le mongwe yo o mo amogelang.” Leba kotlhao epe fela e o e neelwang, e tseye e le sesupo sa gore Modimo o a go rata. Gakologelwa gore boikwatlhao jwa boammaaruri bo tla go isa gape kwa kamanong e e siameng le Rraarona yo o boutlwelobotlhoko, Jehofa Modimo.
Go tlhoka bopelokgale go dumela diphoso tsa gago. Mme ka go dira jalo, o ka baakanya dilo e seng fela le batsadi ba gago mme gape le Jehofa Modimo ka boene. Se letle poifo, boikgodiso kana go swaba go go itsa go bona thuso. Gakologelwa: Jehofa o tla go “itshwarela ka botlalo.”—Isaia 55:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Go bona tshedimosetso malebana le tsela ya go bolelela batsadi ba gago, bona kgaolo ya 2 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang Le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
‘Ke kgothatsa botlhe ba ba dirileng boleo go bulela Jehofa dipelo tsa bone.’—Andrew
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go ipobola go batsadi ba gago go ka dira gore o fole semoyeng