Basha ba Botsa Jaana . .
Ke Ka Latlha Jang go Tshela Botshelo jwa Boitimokanyi?
Anna o ipolela jaana: “Ke ne ka itlhokomolosa tsotlhe tse batsadi ba me ba neng ba di mpolelela. Ke ne ke le seganana mme ke ne ka simolola go ba bolelela maaka. Ke ne ke a tle ke ba reye ke re ke ya go reka, fa tota gone ke ne ke ya go bona mosimane mongwe.”
ANN o ne a tshela botshelo jwa boitimokanyi, mme e rile go ise go ye kae ke fa a sa itlhokomolose batsadi ba gagwe fela mme gape le segakolodi sa gagwe se se rutilweng go ya ka Bibela. Yo Ann, o ne a tlhakanela dikobo le mosimane wa gagwe mo sephiring. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka leka go ntsha Jehofa mo mogopolong wa me gotlhelele.” Lefa go ntse jalo, e rile go ise go ye kae ke fa a lemoga boammaaruri jwa mafoko a a reng ‘sengwe le sengwe se motho a se jalang ke sone se a tla se robang.’ (Bagalatia 6:7) Ann o ne a ima. A re: “Ke rata ngwanake ka pelo yotlhe, mme fela ga go a tshwanela gore ope a diragalelwe ke seno. A sa nyalwa. A le nosi.”
A le wena ka tsela nngwe o tshela botshelo jwa boitimokanyi—o fitlhela batsadi le Bakeresete ka wena se o leng sone? Gongwe o itiatia le ditsala tsa kwa sekolong tse o itseng gore batsadi ba gago ga ba kake ba di rata. Gongwe o itshwara ka boitshwaro jo bo sa siamang tota, jaaka go goga, botagwa, kana go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Fa go ntse jalo, fela jaaka go ile ga diragalela Ann, e tla re nako e ntse e ya go nne le ditlamorago tse di masisi.b
Lefa go ntse jalo, basha bangwe ga ba batle gore mabaka ano a ba itse go tswelela ka tsela ya bone ya botsuolodi. Ba tshwana le monna yo o itebang mo seiponeng “me a tloge a lebale ka bonakō popègō ea gagwè.” (Yakobe 1:23, 24) Re solofela gore wena o farologane. Gongwe o setse o simolotse go itshekatsheka—mme ga o rate se o se bonang. O batla go fetoga. O bona botlhokwa jwa go fetoga. Potso ke gore, o ka dira jang gore o fetoge?
Go Ikwatlhaya—Kgato ya Ntlha
Sa ntlha o tshwanetse go ipolelela gore o batla go fetoga. Ditihō 3:19 e kgothatsa jaana: “Me ke gōna, ikwatlhaeeñ lo shokologè, gore dibe tsa lona di phimolwè, gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga [ga Jehofa].” Le gale boikwatlhao, ga se selo sa mogopolo fela. Go ikwatlhaya go raya “go swaba, go tshwenyega, ka se o se dirileng.” Mokwadi wa Bibela e bong Jakobe o ne a kgothatsa jaana: “Ipatikeñ, lo hutsahalè, lo lelè: a go tshèga ga lona go hetogè khutsahalō, le boitumèlō yoa lona bo hetogè pelo e botlhoko. Iñōtlahatseñ ha pele ga [ga Jehofa], me o tla lo goletsa.” (Yakobe 4:9, 10) O ka utlwisiwa botlhoko jang ke selo se go tla go fitlha gompieno o neng o ntse o se ja monate? Akanya kafa se leng phoso ka teng. Akanya kafa se utlwisitseng Modimo botlhoko ka teng. Akanya ka mathata a tsela ya gago ya sephiri e go a diretseng le maaka a o neng o tshwanelwa ke go a bua go e fitlha. Ikgakolole gore Modimo ga o rate ditiro tsa boferefere! (Pesalema 5:6) Go tlhatlhanya ka mabaka ano go ka go dira gore o tlogele boitshwaro jo bo phoso ka mogopolo le maikutlo.
Mme le gale, go utlwisiwa botlhoko ke se o se dirang go le gosi ga go a lekana. Lekawana lengwe le le bidiwang Robert, le le ileng la dirisa diokobatsi ka tsela e e seng yone mo sephiring, le ne la dumela jaana: “Ke ne ke tlhatlhakane maikutlo. Ke ne ke itse gore molemo ke eng bosula ke eng. Lefa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ka go tshela botshelo jwa boitimokanyi.” Ka jalo go tlhokega go tsaya kgato ka bopelokgale! Mo go 2 Ditihalō 7:14, Modimo o ne wa re fa baleofi ba ne ba ka “ikokobetsa, me ba rapèla, ba batla sehatlhōgō sa [gagwe], me ba tlogèla ditsela tsa bōnè tsa boikèpō; hoñ [o] tla utlwa [a] le mo legodimoñ, me [ene o] tla ichwarèla boleo yoa bōnè.”
‘Go batla sefatlhego sa Modimo’ go raya go mo atamela ka thapelo, o ipolela diphoso tsa gago, le go kopa maitshwarelo. Seno se ka nna sa se ka sa nna motlhofo go se dira, mme lefa go ntse jalo o tla ikutlwa o imologile fa o ka dira jalo. Mopesalema o ne a bua jaana: “E rile ke didimetse, marapō a me a ōnala ka go bōkōlèla ga me ka letsatsi yeotlhe. Gonne seatla sa gago se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo: . . . Ke ne ka gu ipolèlèla boleo yoa me, le boikèpō yoa me ga kea bo hitlha.”—Pesalema 32:3-5.
Go Bolelela Batsadi ba Gago
Go na le mongwe gape yo o tlhokang go itse ka mathata a gago. Mme ke mang? Go ipolela jaana mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Brian: “Nngwe ya diphoso tsa me tse dikgolo e ne e le go ya kwa go se go ka bong go twe ke ditsala tsa me go na le go ya kwa go mmè yo e leng Mokeresete. Mme ke ne ke tshaba go buisana le ene ka ntlha ya go akanya ka tsela e ke neng ke tsaya gore o tla ikutlwa ka yone, ka jalo ke ne ka ya kwa ditsaleng tsa me, tse di ileng tsa nkatosetsa kgakala le boammaaruri.” O se ka wa dira phoso e e ntseng jalo. Bulela batsadi ba gago ba ba boifang Modimo pelo ya gago. (Bapisa Diane 23:26.) Ba na le tshwanelo ya go itse se o ntseng o se dira. Kgaolo 2 ya buka ya Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo e na le dikakantsho tsa kafa o ka bolelelang batsadi ba gago kgang ya mofuta ono ka teng.c
Ka tlholego fela, ga o kake wa solofela gore ba itumedisiwe ke go bo o ne o ntse o ba aketsa. Mme batsadi ba rata bana ba bone fela thata. Mokwadi e bong Clayton Barbeau a re: “Ga ba kake ba go itatola fela ka go bo o dirile phoso kana ka go bo o tsene mo mathateng a a rileng. Bana ba tlile ba imile, ba tsenwe ke malwetsi a tlhakanelodikobo, ba tshwakgotswe ke bojalwa kana ke diokobatsi kana ba tsene mo mathateng mangwe mme ba akanya gore batsadi ba bone ba tlile go kgaoga pelo kana ba kgopisega fela thata, ba thuba ntlo, le go fuduga. Mme fa ba sena go bolelela batsadi ba bone, ba iphitlhela ba tlamparelwa kana ba pegwa mabogo mo magetleng, ba bo ba bolelelwa gore, ‘Gone mme o mo mathateng, mme re tla tshwanelwa ke go bona gore re ka dirang go go ntsha mo go one.’” Ee, fa letshogo le go tenega ga kwa tshimologong go kokobela, batsadi ba le bantsi ba leka go ema nokeng. A bo seno se le boammaaruri jang ne fa motsadi a boifa Modimo! Maikaelelo a bone ga se go go tlhabisa ditlhong kana go go utlwisa botlhoko, fa e se go baakanya dilo. (Bapisa Isaia 1:18.) Ba ka nna ba rulaganya gore o bue le bagolwane mo phuthegong ka seno.—Yakobe 5:14, 15.
Go boammaaruri gore batsadi ba gago ba tla go otlhaya ka kwatlhao e e tshwanetseng e o tla tshwanelwang ke go e itshokela mme gongwe le go gagamaletswa dikgole. Mme seno tota se ka go thusa gore o se ka wa wela gape mo ditseleng tsa gago tsa bogologolo. Gape, go buisana le batsadi ba gago le go bona kafa ba tshwenyegileng ka teng go ka nna ga fetola mokgwa o o ba lebang ka one. Gongwe go tla go fitlha motsing ono o ne o ntse o sa rate melao le melelwane ya bone. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Paulette o dumalana jaana: “Go thata go amogela kgakololo le kaelo e re e neelwang ke batsadi ba rona. Mme jaanong ke lemogile gore seno se solegela rona molemo le go re neela boitumelo jo bo sa khutleng.”
Go Fetola Ditsala
Ke ka sewelo mosha a ka tshelang botshelo jwa boitimokanyi go tswa mo go ene fela. Gongwe o ka nna wa bo o kile wa bokiwa ke balekane ba gago ka ntlha ya botsuolodi jwa gago! Go tila gore o se ka wa boela kwa botshelong jwa gago jwa sephiri, o tla tlhoka gore o fetole ditsala tsa gago. Mopesalema o ne a bua jaana: “Ke nntse ke sa dule le batho ba boithamakō; le gōna ga nketla ke tsèna tsèna le baitimokanyi.” (Pesalema 26:4) Go kgaogana le ditsala tsa bogologolo ga go motlhofo. Fela jaaka mopesalema go ka nna ga tlhokega gore o rapele o re: “A u ko u nkgololè mo monneñ oa tsieco le eo o senañ tshiamō.” (Pesalema 43:1) Dira go dumelana le thapelo eno ka go bolelela ditsala tsa gago tsa pele gore wena o fetogile mme e bile o ikaeletse go dira se se siameng. Go na le go nna morutwa wa ga Jesu yo o iphitlhileng, bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago. (Bapisa Yohane 19:38.) Ka tlwaelo, ditsala tse di bosula di tla batla ditsala tse disha.
Se se latelang, o tshwanetse go emisetsa ditsala tse di bosula ka tse di agang. A basha ba ba boifang Modimo ga ba bantsi? Mme akanya ka moperofeti Jeremia, yo o ileng a re: “Ga kea ka ka dula mo phuthegoñ ea bōnè ba ba dihañ mokete, ga kea ka ka duduetsa: ka dula ke le nosi ka ntlha ea seatla sa gago.” (Yeremia 15:17) Go ka nna botoka go nna o le nosi go na le gore o tsalane le basha ba ba tla go koafatsang semoyeng. Ka tlwaelo fela, o ka bona ditsala tsa boammaaruri fa o dira maiteko. Ka sekai, Tammy o ne a simolola go nna tsala le ntsalae yo e neng e le moreri wa mafoko a a molemo ka nako e e tletseng. Tammy o gakologelwa jaana: “Re ne ra nna ditsala tse di ntshanang seinong. Ka malatsi a ke neng ke se kwa sekolong ka one, ke ne ke ya le ene kwa tirong ya go rera. Seno se ne sa nthusa gore ke dire diphetogo mo botshelong jwa me.”
Mosha mongwe wa Mojeremane a re, mme “tshireletso e e di gaisang tsotlhe ke go nna le segakolodi se se siameng, se se bonwang ka go nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo.” Mosetsana mongwe yo o ileng a tshela botshelo jwa boitimokanyi o ne a ipolela jaana: “Ga ke ise ke ko ke atamalane thata le Rre e bong Jehofa.” O ne a simolola go fetola dilo ka go rapela le ka go ithuta ka namana. O bua jaana ka boipelo: “Jaanong ke na le kamano le Jehofa e go seng ope yo o ka e senyang.” Le wena o ka nna tsala e e atamalaneng le Modimo fela jalo. O tla go kaela le go go tshegetsa, lefa gongwe o ketefalelwa ke go fetola ditsela tsa gago tsa pele. Pesalema 37:24 ya motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo ya re: “Leha a wa, ga a ketla a batanyetsègèla rure; ka go bo Yehofa o mo tshegeditse ka seatla sa gagwè.” Ee, ka thuso ya ga Jehofa, o ka tlogela go tshela botshelo jwa boitimokanyi.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mangwe a maina a fetotswe.
b Bona ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . .” tse di mo tokololong ya January 8, 1994.
c E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
“Ke ne ka leka go ntsha Jehofa mo mogopolong wa me gotlhelele”
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
O tshwanetse go ipolelela gore o batla go fetoga
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bolelela ditsala tsa gago tsa pele gore o fetogile mme e bile ga o sa tlhole o batla go dira le bone dilo tse di phoso