LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 1/8 ts. 3-32
  • Botshelo jwa Boitimokanyi Ke Mang yo O Tshwanetseng go Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jwa Boitimokanyi Ke Mang yo O Tshwanetseng go Itse?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itatlha
  • Ga Go Na Se Se Fitlhegileng
  • Kafa Jehofa A Ikutlwang ka Teng
  • Batsadi Ba Ba Utlwileng Botlhoko
  • Fa o Tshela Botshelo Jwa Boitimokanyi —Ke Mang yo o Tshwanetseng go Itse?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Ka Latlha Jang go Tshela Botshelo jwa Boitimokanyi?
    Tsogang!—1994
  • Ke Eng O Sa Tshwanela go Tshela Botshelo jwa Boitimokanyi?
    Tsogang!—1994
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Batsadi ba Me Ba Sa Ntlhaloganye?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 1/8 ts. 3-32

Botshelo jwa Boitimokanyi Ke Mang yo O Tshwanetseng go Itse?

Robert o dumelana jaana: “Mmè le Rre ba ne ba aga ba tsamaya le nna kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme ke ne ke itse sentle gore bosula ke eng molemo ke eng. Lefa go ntse jalo ke ne ke batla go ratwa le go amogelwa ke bana ba bangwe kwa sekolong. Jaanong gore ke tle ke bone seo le go tuma, ke ne ka simolola go goga fa ke le mo mophatong wa borataro. Fa ke tsena mo mophatong wa bosupa, ke ne ka simolola go dirisa LSD le go goga motokwane. Fa ke tsena mo mophatong wa borobedi ke ne ka simolola go dirisa seokobatsi se sengwe se se bidiwang methamphetamine. Ke ne ke kgona go tsietsa mongwe le mongwe—lefa go ntse jalo ke ne ke sa itumele le e seng.”

BASHA ba le bantsi gompieno—go akareletsa le bangwe ba batsadi ba bone e leng Bakeresete—ba tshela matshelo a boitimokanyi. Moo le gale ga go reye gore botlhe ba felela ba dirisa diokobatsi jaaka Robert. Mme basha bangwe ba dira dilo batsadi ba bone ba sa itse, ba ntshana le ba bong bo sele ka sephiri, ba nwa bojalwa, le go apara diaparo tse di tshosang, ba reetsa mmino o o makgapha, le go ya diphathing tse di tletseng boitlhapediso, le go dira dilo tse dingwe tse dintsi tse batsadi ba bone ba sa di batleng kana ba ba thibelang go di dira. A le wena o tshela botshelo jwa mofuta oo?

Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o itse gore se o se dirang se phoso. Fela jaaka Robert, ka gongwe o mo mahutsaneng a a bakwang ke segakolodi se se tshwenyegileng. (Baroma 2:15) Go ntse go ntse jalo, mogopolo wa gore o bolelele batsadi ba gago diphoso tsa gago ga o monate. Mme fa o akanya kafa go ka nnang ga felela ka teng, mogopolo wa gore ‘Se batsadi ba sa se itseng ga se ka ke sa ba utlwisa botlhoko’ o ka nna wa lebega o utlwala. Mme lefa go ntse jalo go ka go gobatsa.

Go Itatlha

Ka sekai, o ka nna wa ikutlwa gore o na le dingongorego tse di utlwalang ka tsela e batsadi ba gago ba dirang dilo ka yone. Gongwe go ka tswa go ntse jalo. A mme go bo ka dinako tse dingwe ba gagamaditse letsogo thata, kana ba sa kgone go buisana sentle le wena, kana ba go tshwere ka sereophate, go raya gore go siame go tswelela o sa ba ikobele? E seng go ya ka Lefoko la Modimo, le le gakololang jaana: “Utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” (Bakolosa 3:20) Mme go tweng fa e le gore o ikutlwa gore tota o na le mabaka a a utlwalang a go bo o kgopisitswe ke batsadi ba gago? A go botlhale go bontsha go tenega ga gago ka go tlolela mo sephiring melao e Modimo o e beileng? Totatota fa o dira jalo, o tla bo o dira jaaka e kete o ‘[shakgaletse] Jehofa.’ (Diane 19:3) Selo se se siameng se o tshwanetseng go se dira ke gore o ye kwa batsading ba gago mme o bue le bone ka maitseo ka ngongorego epe e o nang le yone.—Diane 15:22.

Mogopolo o mongwe o o phoso ka tsela e e tshwanang ke wa go akanya gore ka go loba o sireletsa batsadi ba gago gore ba se ka ba utlwa botlhoko. Mosimane mongwe wa dingwaga tse 16 o ne a re: “Ke ne ke ka se ka ka bua ka selo se se swabisang 1[batsadi ba me].” Gape mabakanyana ao a botlhajana, ga se sepe fela fa e se go itsietsa. Jaaka Bibela e bolela, ke kgang ya motho yo o “iphora[ng] mo maitlhoñ a gagwè, a re, Boikèpō yoa gagwè ga bo ketla bo lemogwa, bo ilwa.” (Pesalema 36:2) Fa e le gore tota ka boammaaruri ga o batle go utlwisa batsadi ba gago botlhoko, o tla tila boitaodi di tloga. Gapegape, maiteko ape a go ba fitlhela a ka nna a se ka a atlega, ka gore gone tota go na le bangwe ba ba setseng ba itse ka botshelo jwa gago jwa sephiri.

Ga Go Na Se Se Fitlhegileng

Baiseraele ba bogologolo ba ile ba lemoga seno fa ba ne ba re ba leka go tila go otlhaelwa bosula jwa bone ka go bo loba. Moperofeti Isaia o ne a tlhagisa jaana: “Iya! a bo go latlhèga ba ba senkèlañ kwa teñ, gore ba shubèlè Yehofa kgakololō ea bōnè, le ba ditihō tsa bōnè dia boñ di le mo lehihiñ, me ba re, Emañ eo o re bonañ? Emañ eo o re itseñ?” (Isaia 29:15) Baiseraele ba ne ba lebala gore Modimo o bone ditiro tsa bone tsa go tlhoka boitshwaro. Ka nako e e tshwanetseng, o ne wa ba otlhaela diphoso tsa bone.

Se se tshwanang se ne sa diragalela Bakeresete bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Ipalele pego ka Ananiase le mosadi wa gagwe Safira mo go Ditihō 5:1-11. Fa go ne go tlhomiwa letlole la go tlamela Bakeresete ba ba tlhokang, Ananiase o ne a rekisa tshimo ya gagwe mme a bua phatlalatsa gore o ne a ntsha madi otlhe a yone moneelo. Lefa go ntse jalo, boammaaruri e ne e le gore Ananiase o ne a “sadisa bontlhañwe yoa madi” go bo itirisetsa. A Modimo o ne wa se ka wa lemoga bopelotshweunyana joo jwa maipateletso? O ne wa bo lemoga sentle. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Ga ua aketsa batho, u akeditse Modimo. Me Ananiase, ea re a utlwa mahoko a, a wèla ha hatshe, a shwa.” Safira, yo le ene a neng a itse, o ne a swa moragonyana. Go lebega boobabedi ba ne ba lebetse gore Modimo “o itse maōma a pelo.”—Pesalema 44:21.

Go ntse fela jalo le gompieno, le fa o ka atlega mo go fitlheleng batsadi ba gago boitshwaro jwa gago jo bo sa siamang, ga o kake wa bo fitlhela leitlho la ga Jehofa Modimo le le kelotlhoko. Bahebera 4:13 ya re: “Me ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” A tota o ka senoga go feta fa? Mme fa nako e ntse e tsamaya le wena sebe sa gago se tla itsiwe ke ba bangwe. Diane 20:11 ya re: “Le e leñ ñwanyana o tla a itshenole ka ditihō tsa gagwè, bo tihō ea gagwè e ntlè, le go re, a e siame.” Seane se sengwe sa re: “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala.”—Diane 28:13.

Lekgarejwana lengwe le le bidiwang Tammy le ne la ithuta seno fa a ne a santse e le mosha. Le mororo a godisitswe ke batsadi ba Bakeresete, o ne a simolola go goga, go nwa, le go ratana le batho ba ba sa dumeleng. Tammy o ne a leka thata go fitlha ditiro tsa gagwe tse di sokameng, mme o gakologelwa jaana: “Batsadi ba me ba ne ba lemoga diphetogo mo go nna. Ke ne ka nna seganana mme ka nna le boikutlo jwa boitaodi. Fa motho a tshela botshelo jwa boitimokanyi, bo tlile go itshupa a rata le a sa rate. Mme nna ke ne ka lemogiwa motlhofo fela. Rre o ne a ntshwara ke ile go kopana le mosimane wa tsala ya me kwa sekolong se se fa gaufi.”

Kafa Jehofa A Ikutlwang ka Teng

Ka jalo, se batsadi ba gago ba sa se itseng se ka nna sa ba utlwisa botlhoko fa nako e ntse e tsamaya. Se se bileng se le botlhokwa le go feta, a o kile wa ipotsa jaana, ‘Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba tshelang ka boitimokanyi?’ Pesalema 5:5, 6 e a araba: ‘Jehofa o ila botlhe ba ba dirang boikepo; o tla senya ba ba buang maaka. Jehofa o ila motho yo o tsietsang.’ O se ka wa itsietsa ka go akanya gore o ka itumedisa Modimo ka go itira e kete o a mmoifa ka go ya dipokanong tsa bodumedi. O a itse fa batho ba ‘mo tlotla ka dipounama fela, mme dipelo tsa bone di le kgakala le ene.’—Mareko 7:6.

Mosha mongwe yo o bidiwang Ricardo, yo o neng a dira boitshwaro jo bo seng phepa jwa tlhakanelodikobo, o ne a ipolela jaana: “Motho o nna le maikutlo a a maswe ka go itse gore o hutsafaditse Jehofa.” A mme tota go a kgonega gore o hutsafatse Jehofa—ke gore o mo utlwise botlhoko? Ee ruri! Fa morafe wa Iseraele wa bogologolo o ne o itlhokomolosa Molao wa Modimo, ba ne ba “[hutsafatsa] Moitshepi oa Iseraela.” (Pesalema 78:41) O tshwanetse a bo a utlwa botlhoko le go feta jang gompieno fa basha ba ba godiseditsweng “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna” ba direla dilo tse di phoso mo sephiring!—Baefesia 6:4.

Batsadi Ba Ba Utlwileng Botlhoko

Jaanong, lemoga gore ga o kake wa nna o iphitlhile go ya go ile. O tshwanetse go bolelela Modimo, batsadi ba gago, le wena ka bowena se o ntseng o se dira mo sephiring. Ee gone, seno se ka nna sa tlhabisa ditlhong gongwe le gone go lere ditlamorago tse di masisi. (Bahebera 12:10, 11) Fa e le gore o ntse o tshela ka maaka le tsietso, o sentse tsela e batsadi ba gago ba ntseng ba go ikanya ka yone. Ka jalo o se ka wa gakgamala fa ba go gagamaletsa dikgole go feta pele. Tammy o gakologelwa jaana: “Fa ke sena go tshwarwa le tsala ya me ya mosimane, rre o ne a gamarega. Jaanong o ne a lemoga gore ga ke ikanyege. Go ne go raya gore a nne a mpeile leitlho.” Mme Tammy o ne a lemoga gore o roba se a se jadileng.—Bagalatia 6:7.

O ka solofela gape gore batsadi ba gago ba tla utlwa botlhoko le go tenega. Leina la bone le seriti di bidikamisitswe mo seretseng. (Bapisa Genesise 34:30.) Fa e le gore rraago ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ka nna gongwe a tshwanelwa ke go tlogela dingwe tsa ditshiamelo tsa gagwe mo phuthegong. (Tito 1:5-7) Ee, fela jaaka Diane 17:25 e bolela, mosha wa seganana o “ledisa rragwè, o bile o cosa pelo e e galakañ mo go èna eo o mmelegeñ.”

Mokwadi mongwe e bong Joy P. Gage o tlhalosa ka tsela e e amang pelo kafa batsadi ba bangwe ba ikutlwang ka teng fa ngwana a ngaloga. A re: “Ba bangwe ba lelela mo teng. Ba bangwe ba lelela kwa godimo. Ba bangwe ba lelela mo sephiring. Botlhe ba lelela malatsi a bone a a fetileng. Ba a lela ka gore jaanong ga go sa tlhole go na le bokamoso. Ba lelela se se ka bong se ile sa direga. Ba lelela se totatota se tlileng go direga. Ba a lela ka ntlha ya go tenega. Ba letswa ke go kgobega marapo.” Kwantle ga pelaelo, ga go ka ke ga nna motlhofo go itshokela go bo o baketse batho ba babedi ba ba go ratang go gaisa mongwe le mongwe mahutsana a a kalo. Tammy a re: “Fa ke akanya tse ke di dirileng o fitlhela ke eletsa e kete ke ka bo ke se ka ka hutsafatsa mmè le rre ka tsela e ke ba hutsafaditseng ka yone.”

Lefa go ntse jalo, ga o kake wa dirolola se se diragetseng. Lefa go ka nna botlhoko kana ga nna thata jang, ke maikarabelo a gago gore o tlhamalatse dilo. (Bapisa Isaia 1:18.) Seo se raya go bolelela batsadi ba gago boammaaruri, o tlhaloganya gore o ba hutsafaditse e bile o ba kgopisitse, o bo o amogela kotlhao epe e ba ka go otlhayang ka yone. Go bua boammaaruri e ka nna kgato ya ntlha ya go itumedisa batsadi ba gago, le pelo ya ga Jehofa Modimo, le go itumedisiwa ke go nna le segakolodi se se phepa ka namana.—Diane 27:11; 2 Bakorintha 4:2.

Mme o ka bolelela batsadi ba gago jang? O ka falola jang go tshela botshelo jwa boitimokanyi? Dipotso tseno di tla arabiwa mo tokololong ya rona e e tlang.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o se ka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go bua boammaaruri go ka gomotsa batsadi le ngwana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela