Lehuma—‘Tiragalo e e Bofitlha ya Tshoganyetso’
DR. MAHBUB UL-HAQ, mogakolodi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a re: “Re utlwa go buiwa thata ka masetlapelo a tshoganyetso a go gotela ga kgolokwe le boalo jwa ozone le go kgotlelwa ga lewatle.” Mme o oketsa ka go re: “Go gotela ga kgolokwe le masetlapelo a mangwe a tshoganyetso ke gone a santseng a tla bolaya mongwe [fa] ditiragalo dingwe tsa tshoganetso tse di bofitlha tsone di baka dintsho di le dintsi letsatsi le letsatsi mo dinageng tse di tlhabologang.” Dr. Ul-Haq o ne a bua ka nngwe ya ditiragalo tseno tse di bofitlha tsa tshoganyetso. O ne a re: “Lehuma, eleruri ke mmolai yo mogolo mo go tsone.” Jang?
Mo bontsing jwa dimilione di le 1300 tsa batho ba ba tshelang ka diranta di le nnè kana kwa tlase ga foo ka letsatsi mo lefatsheng lotlhe, eleruri lehuma ke masetlapelo a a bolayang mo go bone. Makasine wa UN Chronicle o bega gore ngwaga le ngwaga dimilione di ka nna 18 tsa batho di bolawa ke “dilo tse di amanang le lehuma.” Palo eno e a tshosa! Akanya fela kafa setlhogo sa dikgang se tla “gapang kgatlhego” ka teng fa, ka sekai, batho botlhe ba kwa Australia, ba ka nna dimilione di le 18 ba swa ka ntlha ya tlala mo ngwageng o le mongwe! Lefa go ntse go jalo, go ya ka kgaso ya UN Radio, dintsho tsa dimilione tseno tsa bahumanegi “ga go buiwe thata ka tsone.” Eleruri, seno ke ‘masetlapelo a a bofitlha.’
Go bipolola seno, baemedi go tswa dinageng di le 117 ba ba neng ba tlile mo kokoanong ya ntlha go tshwarwa ya World Summit for Social Development, ba ne ba bua ka ga ditsela tsa go lwa le bothata jono jwa lehuma mo lefatsheng. Molaodimookamedi wa United Nations Development Programme e bong James Gustave Speth o ne a gakolola jaana: “Dingwaga di le 150 tse di fetileng lefatshe le ne la bolotsa letsholo kgatlhanong le bokgoba. Gompieno re tshwanetse ra bolotsa letsholo la lefatshe lotlhe kgatlhanong le lehuma leno le le tlhasetseng batho ba bantsi.” Ke ka ntlha yang go amegilwe jaana? O ne a lemosa gore lehuma “le tsala go tlalelwa le go sa tlhomamang mme [le] senya lefatshe la rona.”
Lefa go ntse jalo, lefa baemedi bano ba ne ba tlotla ka ditsela tsa go fedisa lehuma, ‘tshupanako ya lehuma,’ e e tsayang palo ya masea a a tsalelwang mo malapeng a a humanegileng letsatsi le letsatsi, e ne ya bontsha gore boemo jwa lehuma jwa lefatshe lotlhe bo ntse bo nna maswe. Tshupanako e e neng e le mo lefelong leo ka kopano eo, e ne ya supa gore mo kokoanong eo ya beke fela, masea a a sa tswang go tsholwa a a ka nnang 600 000 a ne a oketsa palo e e ntseng e golela pele ya bahumanegi. Mo bokhutlong jwa letsatsi la bofelo la kokoano, tshupanako e ne ya timiwa; mme gone boammaaruri ke gore, jaaka Speth a bontshitse, “tshupanako e ntse e tsamaya.” Jaanong potso ke gore, A bothata ka ga lehuma bo tla tsewa tsia?