Kgopolo E e Mo Bibeleng
A Lenyalo le ka Namolwa Morago Ga go Se Ikanyege?
“Ke A Lo Raya Ka Re Lefa E Le Mang Yo O Tlhalang Mosadi Wa Gagwe, Fa E Se Ka Lebaka La Kgokafalo, Mme A Nyala Yo Mongwe O Dira Boaka.” —Mathaio 19:9.
KA MAFOKO ao Jesu Keresete o ne a letla gore Mokeresete a ka tlhala molekane yo o sa ikanyegeng.a Le fa go ntse jalo, go tweng fa molekane yo o seng molato a tlhopha go ngomaela lenyalo la bone mme banyalani bao ba dumalana go ka aga kamano ya bone sesha? Ke mathata afe a banyalani bano ba tla rakanang le one, mme ba ka a fenya jang ka katlego? Mma re bone kafa Baebele e re thusang ka teng go araba dipotso tseno.
Legae le Senyegile
Sa ntlha re tshwanetse go tlhaloganya tsela e e masisi e go se ikanyege go ka senyang dilo ka yone. Jaaka Jesu Keresete a ile a tlhalosa, Mosimolodi wa lenyalo o batla gore monna le mosadi ba se “tlhole ba le babedi, mme [e nne] nama e le nngwe.” O ne a oketsa jaana: “Jalo, se Modimo o se jokileng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” Ee, lenyalo le diretswe go bofaganya batho gore ba se kgaogane. Fa motho a tlola maikano a lenyalo ka go dira boaka, go tlhaga matswela a a botlhoko thata.—Mathaio 19:6; Bagalatia 6:7.
Bosupi jwa seno ke go ngomoga pelo go go diragalelang molekane yo o seng molato. Matswela a go dira boaka a ka tshwantshiwa le a fa legae le sentswe ke kgwanyape. Dr. Shirley P. Glass o ne a akgela jaana: “Batho ba sekae ba ke ileng ka ba alafa ba mpoleletse gore go ka bo go le botoka fa balekane ba bone ba ka bo ba sule.” Ke boammaaruri gore batho bangwe ba ba swetsweng ke balekane ba bone ba ka nna ba se dumalane le seo. Le fa go ntse jalo, go phepafetse gore boaka bo baka mahutsana a a botlhoko. Batho bangwe ga ba kgone go lebala go tsiediwa jalo.
Fa o akanya ka kutlobotlhoko e kalo, o ka nna wa botsa gore, ‘A boaka bo tshwanetse go fedisa lenyalo?’ Go ka nna ga se ka ga nna jalo. Mafoko a ga Jesu malebana le go dira boaka a bontsha gore Dikwalo di letla molekane yo o ikanyegang gore a ka tlhala, mme gone ga di mo pateletse go dira jalo. Banyalani bangwe ba swetsa ka gore ba age le go nonotsha se se neng se senyegile ka go dira diphetogo tse di tlhokegang—le fa gone go se na lebaka lepe la go mpampetsa boaka.
Ke boammaaruri gore go botoka go dira diphetogo dingwe tse di tlhokegang mo kamanong ya lenyalo fa balekane ka bobedi ba ikanyega. Le fa go ntse jalo, balekane bangwe ba ba seng molato ba tlhopha go boloka lenyalo fa go direga gore yo mongwe a se ikanyege. Go na le gore molekane yo o seng molato a thaye tshwetso e e ntseng jalo ka go eletsa gore sengwe le sengwe se tsamaye ka thelelo, o tshwanetse go akanyetsa matswela a gone. A ka nna a akanyetsa dilo tse di amang bana le go akanyetsa bomoya jwa gagwe, maikutlo, boitekanelo le tsa madi.b Gape o tla bo a le botlhale fa a sekaseka gore a lenyalo la gagwe le ka namolega.
A Lenyalo le ka Namolega?
Pele ga moagi a leka go baakanya ntlo e e sentsweng ke kgwanyape sesha, o tla leka go bona pele gore a e ka baakanyega. Banyalani—segolobogolo yo o ikanyegang—le bone ba tla batla go sekaseka mabaka pele go bona gore a go ka kgonega gore ba bowe gape ba nne le botsala jo bogolo le go ikanyana mo lenyalong la bone pele ga ba leka go aga kamano ya bone sesha e e sentsweng ke go se ikanyege.
Sengwe gape go se akanyetsa ke gore a molekane yo o molato o supa gore eleruri o ikwatlhaile kgotsa, a go na le moo, o sa ntse a dira boaka “mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:27, 28) Le fa a solofetsa gore o tla fetoga, a o okaoka go ikgaoganya le yo o dirileng boitsholo jo bo sa siamang le ene? (Ekesodo 20:14; Lefitiko 20:10; Duteronome 5:18) A o sa ntse a le matlhomatlho? A o pega mosadi wa gagwe molato wa go bo a dirile boaka? Fa go ntse jalo, maiteko a go boloka lenyalo a ka nna a se ka a atlega. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa a khutlisa botsala joo jo bo sa siamang, a dumela molato o a o dirileng e bile a bontsha gore tota o ikaeletse go aga lenyalo sesha, mosadi wa gagwe a ka nna le lebaka la go solofela gore letsatsi lengwe ba ka bowa ba tshepana gape.—Mathaio 5:29.
Gape, a molekane yo o ikanyegang a ka lwela go itshwarela? Seno ga se bolele gore ga a tshwanela go tlhalosa ka fa a hutsafaditsweng ke se se diragetseng ka teng kana go dira jaaka e ke te ga go a direga sepe. Go raya gore o tla leka gore fa nako e ntse e ya, a se ka a tswelela a mo tshwara ka pelo. Go mo itshwarela ka tsela e e ntseng jalo go tsaya nako, le fa go ntse jalo, go ka go thusa gore o nne le motheo o o nonofileng go aga lenyalo la gago.
Go Tlosa “Matlhatlharapa”
Morago ga gore molekane yo o ikanyegang a swetse ka gore o boloka lenyalo, ke dikgato dife tse di latelang tse banyalani ba ka di tsayang? Fela jaaka fa go tshwanetse ga tlosiwa matlhatlharapa mo ntlong e e sentsweng thata ke kgwanyape, “matlhatlharapa” a a aparetseng lenyalo le one a tshwanetse go tlosiwa. Seno se ka dira go ya bokgakaleng jo bo rileng fa banyalani ba bolelelana maikutlo a bone. Diane 15:22, (NW) ya re: “Kwa go se nang puisano ya mo sephiring teng maikaelelo a tle a retelelwe.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “puisano ya mo sephiring” le naya mogopolo wa go ntshana se inong mme le ranotswe e le “setlhopha se se ntshanang se inong” mo go Pesalema 89:7 (NW). Ka gone, ga se kgang ya go itlotlela fela, go na le moo, ke go buisana ka boikanyegi le go bulelana mafatlha mongwe le mongwe wa lona a senola maikutlo a gagwe a a fitlhegileng.—Diane 13:10.
Ka sekai, ka dinako tse dingwe molekane yo o ikanyegang a ka batla go botsa monna wa gagwe dipotso dingwe. Kgang ya teng e simologileng jang? E na le lobaka lo lo kae? Ke mang yo mongwe yo o itseng ka gone? Ke boammaaruri gore go tla nna botlhoko go tlotla ka dilo tseno. Le fa go ntse jalo, molekane yo o ikanyegang a ka nna a fitlhela tshedimosetso e e ntseng jalo e tlhokega gore a kgone go bowa a mo ikanya gape. Fa go le jalo, go ka nna molemo fa molekane yo o sa ikanyegang a araba dipotso ka boikanyegi le ka go akanyetsa. O tshwanetse go tlhalosa dilo ka tsela e e lorato le ya bopelonomi a sa lebale gore maikaelelo a go tlotla jalo ke go fodisa e seng go utlwisa botlhoko. (Diane 12:18; Baefeso 4:25, 26) Boobabedi ba tshwanetse go dirisa botlhale, boikgapo le go reetsa ka kutlwelobotlhoko fa ba ntse ba bolelelana se se diragetseng.c—Diane 18:13; 1 Bakorintha 9:25; 2 Petere 1:6.
Ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ka senka thuso ya bagolwane ba phuthego. Ke boammaaruri gore fa motho e le Mokeresete o tshwanetse go ipobola maleo a a masisi a a jaaka boaka ka bonako kwa bagolwaneng, ba ba kgatlhegelang thata gore banyalani le phuthego ba tshele sentle semoyeng. E ka nna ya bo e rile fa yo o dirileng boaka a kopane le bagolwane o ile a supa fa a ikwatlhaya ka mmatota mme ka jalo a letlwa go tswelela a le mo phuthegong. Mo kgannyeng e e ntseng jalo, bagolwane ba ka nna ba tswelela ba thusa banyalani boobabedi.—Jakobe 5:14, 15.
Go Aga Sesha
Fa banyalani ba sena go okobala maikutlo ka mo go kgonegang ka teng, ba ka kgona go aga dikarolo tsa botlhokwa tsa lenyalo la bone. Go tlhokega gore ba tswelele pele ba tlhagafaletse go tlotla dilo mmogo. Fa ba lemoga makoa mangwe ba tshwanetse go dira diphetogo tse di tlhokegang.
Molekane yo o molato ke ene yo go tla tlhokegang thata gore a dire diphetogo. Le fa go ntse jalo, molekane yo o ikanyegang o tshwanetse go dira seabe sa gagwe mo go nonotsheng dikarolo tse di koafetseng tsa lenyalo. Seno ga se bolele gore ke molato wa gagwe go bo go dirilwe boaka kana gore go dirwe seipato—ga go na lebaka lepe le le utlwalang le le ka dirwang seipato sa go dira boleo jo bo ntseng jalo. (Bapisa Genesise 3:12; 1 Johane 5:3.) Go kaya fela gore go ka nna ga bo go ile ga nna le mathata mo lenyalong a a batlang gore a rarabololwe. Ba tshwanetse go le aga sesha mmogo. A go tlhokega gore ba nonotshe dinonofo kana mekgele ya bone ka bobedi? A go ile ga tlhokomologiwa ditiro tsa semoya? Go ribolola makoa a a ntseng jalo le go dira diphetogo tse di tlhokegang go botlhokwa thata gore lenyalo le le ileng la senyega thata le agiwe sesha.
Go Nna o Baakanya
Tota le ntlo e e agilweng sentle e tlhoka go nna e baakanngwa. Jalo he, go botlhokwa jang ne go nna o baakanya kamano e e sa tswang go ntšhafadiwa. Banyalani ga ba a tshwanela go letla sepe go ba dira gore ba tlhokomologe maikaelelo a bone a ba sa tswang go a dira. Go na le gore ba kgobege marapo fa ba retelelwa go sekae mo dilong dingwe, tse di jaaka mekgwa e e seng molemo ya go buisana, ba tshwanetse go baakanya dilo ka bonako mme ba tswelele pele.—Diane 24:16; Bagalatia 6:9.
Mo godimo ga tseo tsotlhe, thulaganyo ya ka metlha ya dilo tsa semoya e tshwanetse go nna selo se se tlang pele mo monneng le mo mosading, le ka motlha ba se letle gore yone kana lenyalo la bone di tle morago ga dilo tse dingwe. Pesalema 127:1 ya re: “Fa Jehofa a sa age ntlo, ba ba e agang ba direla lefela.” Gape, Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a ba a sa a dire o tla tshwantshanngwa le monna wa seeleele, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo motlhabeng. Mme pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo mme ya wela, mme go gosomana ga yone go ne go le go golo.”—Mathaio 7:24-27.
Ee, fa melaometheo ya Baebele e tlhokomologiwa ka gonne e le thata go diragadiwa, lenyalo le tla aga le le mo kotsing ya go ka tlhaselwa gape ke go se ikanyege. Mme fa monna le mosadi ba kgomarela melao ya Baebele mo dilong tsotlhe, lenyalo la bone le tla segofadiwa. Gape ba tla aga ba na le selo se se ba tlhotlheletsang thata gore ba ikanyege mo lenyalong—keletso ya go batla go itumedisa Mosimolodi wa lenyalo, Jehofa Modimo.—Mathaio 22:36-40; Moreri 4:12.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go na le mabaka a a utlwalang a a dirang gore motho a tlhophe go tlhala molekane yo o dirileng boaka. Go bona tlhaloso e e tseneletseng ka kgang eno, bona “Kgopolo E E mo Bibeleng: Boaka—Ke mo Itshwarele Kgotsa Ke se Mo Itshwarele?” mo makasineng wa Tsogang! ya August 8, 1995.
b Re tla bua ka molekane yo o sa ikanyegeng e le monna. Patlisiso nngwe e fopholetsa gore go ka direga ka makgetlho a mabedi gore banna ba se ikanyege go feta basadi. Le fa go ntse jalo, melaometheo e go buiwang ka yone fano e dira ka tsela e e tshwanang le fa yo o seng molato e le monna wa Mokeresete.
c Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go reetsa ka tsela e e molemo, bona Tsogang! ya February 8, 1994, ditsebe 22-5, le ya December 8, 1994, ditsebe 10-13.