LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/15 ts. 12-13
  • Boaka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boaka
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boaka ke eng?
  • A boaka bo fedisa maikano a lenyalo?
  • A boaka ke boleo jo bo ka se itshwarelweng?
  • A Lenyalo le ka Namolwa Morago Ga go Se Ikanyege?
    Tsogang!—1997
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • “A Lenyalo le Tlotlege”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 6/15 ts. 12-13
Mosadi yo o utlwileng botlhoko a lebile go sele fa monna wa gagwe a tswa a tshwere beke

BAEBELE YA RENG?

Boaka

Le fa melao ya go ikanyega mo lenyalong e tlotlomadiwa thata, boaka bo tlhakatlhakanya malapa a mantsi.

Boaka ke eng?

SE BATHO BA SE BUANG

Mo ditsong tse dingwe ga twe monna ke selepe o a adimisanwa e bile batho ga ba tseye seo se le phoso. Mme ba bangwe ga ba lebe lenyalo e le kamano e e nnelang ruri.

SE BAEBELE E SE BUANG

Gantsi Baebele ya re boaka ke fa monna kgotsa mosadi a tlhakanela dikobo le motho yo e seng molekane wa gagwe. (Jobe 24:15; Diane 30:20) Boaka ke selo se se maswe mo matlhong a Modimo. Kwa Iseraele wa bogologolo, motho o ne a bolawa fa a dirile boaka. (Lefitiko 18:20, 22, 29) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go ithiba mo boakeng.—Mathaio 5:27, 28; Luke 18:18-20.

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Batho ba ba dirang boaka ba senya maikano a ba a diretseng balekane ba bone fa ba ne ba nyalana. Gape ba “leofela Modimo.” (Genesise 39:7-9) Boaka bo ka kgaoganya bana le batsadi. Mo godimo ga moo, Baebele e tlhagisa gore “Modimo o tla atlhola . . . baakafadi.”—Bahebera 13:4.

“A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala.”—Bahebera 13:4.

A boaka bo fedisa maikano a lenyalo?

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e letla motho go tlhala fa molekane wa gagwe a tlhakanetse dikobo le motho o sele. (Mathaio 19:9) Seno se raya gore fa molekane yo mongwe a sa ikanyege, molekane yo o seng molato a ka itirela tshwetso ya gore a o a mo tlhala kgotsa nnyaa. Ga go ope yo o tshwanetseng go mo direla tshwetso eno.—Bagalatia 6:5.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, lenyalo ke kamano e e nnelang ruri mo Modimong. (1 Bakorintha 7:39) Modimo o tlhoile motho yo o tlhalang ka mabaka a a sa utlwaleng, jaaka gore ga a kgotsofadiwe ke molekane wa gagwe. Ka jalo, tlhalo ke selo se se masisi.—Malaki 2:16; Mathaio 19:3-6.

“Ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya kgokafalo, o mmaya mo boemong jwa go akafala.” —Mathaio 5:32.

A boaka ke boleo jo bo ka se itshwarelweng?

SE BAEBELE E SE BUANG

Nnyaa. Baebele ya re Modimo o pelotlhomogi mo bathong ba ba ikwatlhayang ba bo ba sokologa mo maleong a bone—a a akaretsang boaka. (Ditiro 3:19; Bagalatia 5:19-21) Tota e bile, Baebele e bua ka banna le basadi ba ba neng ba kgaotsa go dira boaka mme moragonyana ba nna ditsala tsa Modimo.—1 Bakorintha 6:9-11.

Modimo o ne a nna pelotlhomogi mo go Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo. Dafide o ne a dira boaka le mosadi wa mongwe wa balaodi ba gagwe ba masole. (2 Samuele 11:2-4) Baebele ya re “selo se Dafide a neng a se dirile [se ne] sa lebega se le bosula” mo Modimong. (2 Samuele 11:27) Fa Dafide a sena go kgalemelwa, o ne a ikwatlhaya mme Modimo a mo itshwarela. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa se a se dirileng. (2 Samuele 12:13, 14) Moragonyana Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a gatelela gore “le fa e le mang yo o dirang boaka . . . ga a botlhale.”—Diane 6:32.

SE O KA SE DIRANG

Fa o dirile boaka, o tshwanetse go kopa maitshwarelo mo Modimong le mo molekaneng wa gago. (Pesalema 51:1-5) Tlhoa boaka jaaka Modimo a bo tlhoile. (Pesalema 97:10) Ikemisetse go tila tshedimosetso ya thobalano, go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go tshameka ka maikutlo a lorato a motho yo mongwe kgotsa sepe se se ka dirang gore o eletse go tlhakanela dikobo le motho yo e seng molekane wa gago.—Mathaio 5:27, 28; Jakobe 1:14, 15.

Fa molekane wa gago a dirile boaka, tlhomamisega gore Modimo o tlhaloganya kafa o ikutlwang ka gone. (Malaki 2:13, 14) Mo kope gore a go gomotse le go go kaela mme “o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Fa o tlhopha go itshwarela molekane wa gago le go tswelela ka lenyalo la lona, lo tshwanelwa ke go dira ka natla go le nonotsha.—Baefeso 4:32.

Moporofeti Nathane o ne a raya Dafide yo o neng a ikwatlhaya fa a sena go dira boaka a re: “Jehofa le ene o tlogela boleo jwa gago bo feta.” —2 Samuele 12:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela