LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 5/8 ts. 4-9
  • Dintwa Tsa Bodumedi Kwa Fora

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintwa Tsa Bodumedi Kwa Fora
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditiragalo Tsa Hisitori
  • Kgatelelo e e Setlhogo
  • Ketapele ya Ntwa
  • Dintwa Tsa Ntlha Tse Tharo
  • Kgailo ya Letsatsi la “Moitshepi” Bartholomew
  • Dintwa Tsa Bodumedi di a Tswelela
  • Ditlamorago Tsa Dintwa
  • Go Tshaba ga Ba-huguenot Gore ba Bone Kgololesego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ba-Waldo—Ba Tlogela Bokgelogi ba Nna Baporotesetanta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Metsi a Diphetogo a Simolola go Elela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tumalano ya Kagiso ya Kwa Westphalia—E Lere Diphetogo Kwa Yuropa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 5/8 ts. 4-9

Dintwa Tsa Bodumedi Kwa Fora

MO Sontageng wa March 1, 1562, kgosana ya Guise le morwarraagwe e bong Charles, mokadinale wa kwa Lorraine—bobedi jo bo simolotseng Bokatoliki mo Fora—ba ne ba tsamaya le batlhokomedi ba bone ba ba tlhometseng ka dibetsa ba ya kwa Vassy, e leng motse o o kwa botlhaba jwa Paris. Ba ne ba dira tshwetso ya go fapogela kwa kerekeng kwa Vassy go nna teng mo Mmiseng.

Ka tshoganyetso fela ba ne ba utlwa modumo wa difela. Kopelo eo e ne e le ya makgolo a le mmalwa a Baporotesetanta ba ba neng ba phuthegetse mo bobolokelong bongwe go obama. Masole ao a ne a pateletsa go tsena mo teng. Mo tlhakatlhakanong e e neng ya latela, ba ne ba tlhapatsana mme ba simolola go kolopana ka maje. Masole a ne a simolola go hula a bolaya Baporotesetanta ba le mmalwa le batho ba bangwe ba le makgolo.

Ke ditiragalo dife tse di dirileng gore go felele go ganyaotswe batho jaana? Baporotesetanta ba ne ba arabela jang?

Ditiragalo Tsa Hisitori

Mo halofong ya ntlha ya lekgolo la bo16 la dingwaga, Fora e ne e humile mme e tletse sentle ka batho. Khumo eno le katlego eno di ne di patilwe ke maiteko a go dira gore mo Bokatoliking batho ba rate dilo tsa semoya e bile ba tshele jaaka bakaulengwe. Batho ba ne ba batla kereke e e sa humang thata mme e na le dinonofo tse dintsi tsa semoya. Maloko mangwe a baruti mmogo le barutegi ba ba ganetsang ba ne ba batla gore go dirwe diphetogo tsa bodumedi go lwantsha go gatelela batho ga baruti ba bagolo le go nna botshwakga ga baruti ba ba botlana. Moruti mongwe yo o neng a lwela diphetogo e ne e le bishopo wa Katoliki e bong Guillaume Briçonnet.

Mo kgaolong ya gagwe ya boruti ya Meaux, Briçonnet o ne a tlhotlheletsa batho botlhe go bala Dikwalo. O ne a ba a duelela go ranolwa ga thanolo e ntšha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Sefora. Moragonyana ga moo, Yunibesithi ya Thutabomodimo ya Sorbonne mo Paris, e leng yone e e tlhokometseng tumelo ya Katoliki, e ne ya mo galefela mme ya kgoreletsa maiteko a gagwe. Le fa go ntse jalo, bishopo o ne a sirelediwa ke Francis I, kgosi ya Fora e e busitseng go tloga ka 1515 go ya go 1547. Ka nako eo, kgosi e ne e dumalana le gore go fetolwe dilo.

Le fa go ntse jalo, Francis I o ne a letla gore kereke e ka tshwaiwa diphoso fa seo se sa kgoreletse tolamo le kutlwano ya setšhaba. Ka 1534, batho ba ba gagamaletseng Boporotesetanta thata ba ne ba tsholetsa dipapetla tsa phasalatso mme ba kgala Mmisa wa Katoliki ba re ke kobamelo ya ditshwantsho ba bo ba kokotela papetla ya phasalatso le mo kgorong ya phaposi ya borobalo ya kgosi. Ka ntlha ya seo, Francis I o ne a fetoga mme a simolola letsholo le legolo la go ba gatelela.

Kgatelelo e e Setlhogo

Go ise go ye kae ke fa Baporotesetanta ba fisiwa mo dikoteng. Bontsi jwa baganetsi, ba ba ba utlwelang botlhoko le balatedi ba basha ba Boporotesetanta ba ne ba tswa ba tshaba mo nageng eo. Balaodi ba ne ba simolola go tlhatlhoba dibuka le go laola barutisi, baphasalatsi le bagatisi.

Ba-Waldo ba ne ba gatelelwa setlhogo thata ke puso. E ne e le setlhopha se sennye sa batho ba ba ratang Baebele ba ba neng ba nna kwa metseng e e humanegileng e e leng kwa borwabotlhaba jwa naga eo. Bangwe ba ne ba fisiwa mo dikoteng, makgolokgolo a ne a ganyaolwa mme metse e ka nna 20 ya bone e ne ya senngwa.—Bona lebokose le le mo tsebeng ya 6.

Ka ba ne ba lemogile gore go tlhokega gore go dirwe diphetogo mo kerekeng, lekgotlana la babishopo ba Katoliki le ne la kopana ka December 1545, kwa Trent, kwa Italy. Go ya ka The Cambridge Modern History, fa lekgotlana le konela ka 1563, “ditlamorago tsa lone ka kakaretso . . . e ne ya nna go nonotsha diatla tsa batho ba ba neng ba ititeile sehuba go fedisa Boporotesetanta gotlhelele.”

Ketapele ya Ntwa

Bontsi jwa maloko a mokgatlho wa diphetogo mo teng ga Kereke ya Katoliki ba ne ba nna mo letlhakoreng la Boporotesetanta ka ba ne ba lapisitswe ke go emela diphetogo. Ka ngwaga wa 1560, Bafora ba le bantsi ba maemo a a kwa godimo le balatedi ba bone ba ne ba inaakanya le Ba-Huguenot, jaaka Baporotesetanta ba ne ba bidiwa. Ba-Huguenot ba ne ba bua fela thata ba sa lobe sepe. Dipokano tsa bone tsa phatlalatsa, ka dinako dingwe, e ne e nna tse di rumolanang le tse di tsosang dikgotlhang. Ka sekai, ka 1558 ba le dikete ba bone ba ne ba kokoana kwa Paris ka malatsi a le manè a a latelanang go opela dipesalema.

Tseno tsotlhe di ne tsa galefisa dikgosi tse di maatla tsa Kereke ya Katoliki le bontsi jwa balatedi ba Katoliki. Ka tlhotlheletso ya ga Mokadinale Charles wa Lorraine, Kgosi Henry II, yo o tlhatlhameng rragwe e bong Francis I, o ne a itsise phatlalatsa ka Edict of Écouen, ka June 1559. Go ne ga bolelwa fa boikaelelo jwa yone e le go nyeletsa “Balutere ba ba sa siamang.” Seno se ne sa felela ka letsholo le le boifisang mo Paris kgatlhanong le Ba-Huguenot.

Henry II o ne a swa dibeke di le mmalwa moragonyana ka ntlha ya dintho tse a di boneng mo kgaisanong ya go lwa. Morwawe e bong Kgosi Francis II, ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke lelapa looraGuise o ne a ntšhafatsa taolo e e neng e gatelela katlholo ya loso mo Baporotesetanteng ba ba tlhogoethata. Ngwaga o o latelang Francis II o ne a tlhokafala, mme mmaagwe e bong Catherine de Médicis a tsaya puso mo boemong jwa morwarraagwe e bong Charles IX wa dingwaga tse di lesome. Mokgwa wa ga Catherine wa go buelela poelano o ne wa se ka wa itumedisa booraGuise, ba ba neng ba ititeile sehuba go fedisa Boporotesetanta gotlhelele.

Ka 1561, Catherine o ne a rulaganya seminara mo Poissy, gaufi le Paris koo baithutabomodimo ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta ba neng ba kopana teng. Mo taolong e e neng ya gololwa ka January 1562, Catherine o ne a neela Baporotesetanta kgololesego ya go kopana mo kobamelong ka kwa ntle ga metse. Bakatoliki ba ne ba shakgala thata! Seno e ne ya nna sone se se neng sa baka tiragalo e e neng ya latela dikgwedi di le pedi moragonyana—go ganyaolwa ga Baporotesetanta kwa bobolokelong bongwe mo motseng wa Vassy, jaaka go tlhalositswe pelenyana.

Dintwa Tsa Ntlha Tse Tharo

Polao ya kwa Vassy e ne ya simolola ya ntlha ya metseletsele e le robedi ya dintwa tsa bodumedi tse di neng tsa aparela Fora ka dipolaano tse di tshosang thata go tloga ka 1562 go fitlha mo magareng a bo1590. Le mororo dikgang tsa dipolotiki le tsa setšhaba le tsone di ne di amega, polao e kgolo eo e ne ya rotloetswa thata ke bodumedi.

Morago ga Ntwa ya Dreux ka December 1562, e e neng ya fetsa matshelo a le 6000, ntwa eo ya ntlha ya bodumedi e ne ya khutla. Tumalano ya Kagiso ya Amboise, e e neng ya saeniwa ka March 1563, e ne ya neela batho ba maemo a a kwa godimo ba Ba-Huguenot kgololesego e e lekanyeditsweng ya go obamela mo mafelong mangwe.

The New Encyclopædia Britannica ya re: “Ntwa ya bobedi e ne ya tlhotlhelediwa ke go boifa ga Ba-Huguenot gore Katoliki e ba direla maano a boditšhabatšhaba.” Ka nako eo, bommakaseterata ba Katoliki ba ne ba tle ba atlholele batho kgole fela ka gonne e le Ba-Huguenot. Ka 1567 maiteko a Ba-Huguenot a go tshwara Kgosi Charles IX le mmaagwe e bong Catherine a ne a dira gore go nne le ntwa ya bobedi.

Fa ba sena go bua ka ntwa e go neng ga tshololwa madi a mantsi mo go yone kwa St.-Denis ka kwa ntle ga Paris, bakwalahisitori e bong Will le Ariel Durant ba ne ba kwala jaana: “Batho ba Fora ba ne ba gakgamala gape gore ke bodumedi jo bo ntse jang jono jo bo dirang gore batho ba bolaane jaana.” Nakonyana fela morago ga moo, ka March 1568, Tumalano ya Kagiso ya Longjumeau e ne ya neela Ba-Huguenot kgololesego e e botokanyana go feta e pelenyana Tumalano ya Kagiso ya Amboise e neng e ba neela yone.

Le fa go ntse jalo, Bakatoliki ba ne ba galefile mme ba gana go diragatsa ditumalano tseo tsa kagiso. Ka jalo, ka September 1568, ntwa ya boraro ya bodumedi ya simologa. Ditumalano tsa kagiso tse di neng tsa latela morago ga foo di ne tsa neela Ba-Huguenot ditshiamelo tse di oketsegileng le go feta. Ba ne ba neelwa ditoropo tse di nonofileng go akaretsa le boemakepe jwa La Rochelle. Gape, kgosana ya maemo a a kwa godimo ya Moporotesetanta e bong Moatemirale de Coligny, o ne a tlhomiwa go nna mo lekgotleng la kgosi. Le teng foo Bakatoliki ba ne ba shakgala.

Kgailo ya Letsatsi la “Moitshepi” Bartholomew

Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, ka August 22, 1572, Coligny o ne a falola tlhaselo ya go mmolaya kwa Paris e e neng ya diragala fa a ne a le mo tseleng e e tswang kwa Louvre Palace a ya kwa ntlong ya gagwe. Baporotesetanta ba ba shakgetseng ba ne ba tshosetsa ka gore ba tla tsaya dikgato tse di gagametseng go ipusolosetsa fa tshiamiso e sa dirwe ka bonako. Mo kokoanong ya bone e e kwa thoko, Kgosi Charles IX yo mosha, mmaagwe e bong Catherine de Médicis le dikgosana dingwe ba ne ba dira tshwetso ya go bolaya Coligny. Go tila go ipusolosetsa, ba ne ba bo ba rulaganya gape gore go bolawe le Baporotesetanta botlhe ba ba neng ba tlile mo Paris mo moletlong wa lenyalo la ga Moporotesetanta Henry wa Navarre le morwadie Catherine e bong Margaret wa Valois.

Mo bosigong jwa August 24, ditshipi tsa kereke ya Saint-Germain-l’Auxerrois e e bapileng le Louvre, di ne tsa lela e le letshwao la gore kgailo e simolole. Kgosana ya Guise le banna ba gagwe ba ne ba tabogela kwa kagong e Coligny a neng a robetse mo go yone. Gone moo Coligny o ne a bolawa mme a latlhelwa kwa ntle ka fensetere, mme setopo sa gagwe sa kgaolwa dikarolwana. Kgosana ya Mokatoliki e ne ya phasalatsa lefoko la gore: “Ba bolayeng botlhe. Ke taolo ya kgosi.”

Go tloga ka August 24 go ya go 29 go ne ga tlala ditiragalo tse di boifisang mo mebileng ya Paris. Bangwe ba bolela gore noka ya Seine e ne ya elela ka bohibidu jwa madi a diketekete tsa Ba-Huguenot ba ba bolailweng. Ditoropo tse dingwe le tsone di ne tsa bona kgailo e e ntse jalo ya batho. Go fopholediwa gore palo ya dintsho e tloga go 10000 go fitlha go 100 000; le fa go ntse jalo bontsi jwa batho bo dumalana ka palo ya 30 000.

Mokwalahisitori mongwe o ne a bega jaana: “Selo sengwe se se neng se le maswe fela jaaka dipolao tseo ka botsone, e ne e le boitumelo jo bo neng bo nna teng morago ga tsone.” E rile Mopapa Gregory XIII a sena go utlwalela polao eo a laela gore go dirwe moletlo wa malebogo a bo a romelela Catherine de Médicis mafoko a go mo akgola. O ne a bo a laela gore go betliwe mentlele o o kgethegileng e le go gopola go bolawa ga Ba-Huguenot a bo a laela gore go pentiwe setshwantsho sengwe sa go ganyaolwa ga batho se se nang le mafoko ano: “Mopapa o amogetse go bolawa ga ga Coligny.”

Go begiwa gore morago ga go ganyaolwa gono, Charles IX o ne a nna le dipono tsa batho bao a ba bolaileng mme ka gale a goeletsa mooki wa gagwe a re: “A bo ke latetse kgakololo e e bosula jang ne! Ijoo intshwarele Modimo wa me!” O ne a tlhokafala ka 1574 a le dingwaga di le 23 mme o ne a tlhatlhamiwa ke morwarraagwe e bong Henry III.

Dintwa Tsa Bodumedi di a Tswelela

Ka nako yone eo, Bakatoliki ba ne ba tlhotlheleditswe thata ke baeteledipele ba bone gore ba nne kgatlhanong le Ba-Huguenot. Kwa Toulouse, baruti ba Bakatoliki ba ne ba gakolola balatedi ba bone jaana: “Bolaya botlhe o bo o gape dilo tsotlhe tsa bone; ke rona borraalona. Re tla lo sireletsa.” Kgosi, borapalamente, balaodi le bokapotene ba ne ba tlhoma sekao sa go ba gatelela ka dikgoka mme Bakatoliki botlhe ba ba sala morago.

Le fa go ntse jalo, Ba-Huguenot ba ne ba ipusolosetsa. Mo dikgweding di le pedi fela go tswa mo kgailong ya Letsatsi la “Moitshepi” Bartholomew, ba ne ba simolola ntwa ya bonè ya bodumedi. Mo mafelong a ba neng ba le bantsi go feta Bakatoliki mo go one, ba ne ba senya difikantswe, difapaano le dialetare mo dikerekeng tsa Katoliki le e leng go bolaya. John Calvin, moeteledipele wa Baporotesetanta mo Fora o ne a itsise jaana mo phamfoleteng ya gagwe ya Declaration to Maintain the True Faith: “Modimo ga a batle go sala toropo epe le fa e le motho ope.”

Dintwa tse dingwe gape tse nnè tsa bodumedi di ne tsa latela. Ntwa ya botlhano e ne ya emisa ka 1576 fa Kgosi Henry III a dira tumalano ya kagiso e e neng e naya Ba-Huguenot kgololesego ya go obamela gongwe le gongwe mo Fora. Kgabagare batho ba motse wa Bakatoliki ba ba dirang dilo ka tsela e e feteletseng ba ba nnang mo motseng wa Paris ba ne ba tsogela Henry III kgatlhanong mme ba mo koba ka ba ne ba tsaya gore o tlhokomela Ba-Huguenot go feta selekanyo. Bakatoliki ba ne ba simolola puso ya kganetso e e bidiwang Kgolagano e e Boitshepo ya Katoliki e e neng e eteletswe pele ke Henry wa Guise.

Kwa bokhutlong, ntwa ya borobedi kana Ntwa ya Bo-Henry ba Bararo e ne ya dira gore Henry III (wa Mokatoliki) a dire kgolagano le motlhatlhami wa gagwe wa mo isagweng e bong Henry wa Navarre (wa Moporotesetanta) kgatlhanong le Henry wa Guise (wa Mokatoliki). Henry III o ne a kgona go dira gore Henry wa Guise a bolawe mme le fa go ntse jalo ka August 1589, ene Henry III ka boene o ne a bolawa ke moitlami wa Mo-Dominic. Ka jalo, Henry wa Navarre, yo mo dingwageng tse 17 pele ga foo a ileng a falola loso mo kgailong ya Letsatsi la “Moitshepi” Bartholomew, o ne a nna Kgosi Henry IV.

E re ka Henry IV e ne e le Mo-Huguenot, Paris e ne ya gana go mo ikobela. Kgolagano e e Boitshepo ya Katoliki e ne ya rulaganya go nna kgatlhanong le ene ka dibetsa mo nageng yotlhe. Henry o ne a fenya dintwa di le mmalwa mme le fa go ntse jalo, fa masole a kwa Spain a fitlha go tla go thusa Bakatoliki, o ne a swetsa go tlogela Boporotesetanta mme a amogela tumelo ya Katoliki. Morago ga go tlhongwa go nna kgosi ka February 27, 1594, Henry o ne a tsena mo Paris mo a neng a fitlhela batho ba ba neng ba setse ba lapisitswe ke dintwa ba mo tlotlomatsa jaaka kgosi.

Ka jalo Dintwa Tsa Bodumedi Tsa Fora di ne tsa khutla morago ga dingwaga di ka nna 30 tse gangwe le gape Bakatoliki le Baporotesetanta ba neng ba tle ba bolaane mo go tsone. Ka April 13, 1598, Henry IV o ne a dira Edict of Nantes e e neng ya gakgamatsa batho ba le bantsi e e neng e neela Baporotesetanta kgololesego ya segakolodi le ya kobamelo. Go ya ka mopapa, taolo eo e ne e le “selo se se maswe thata se motho a neng a ka se akanya ka gonne e ne e neela kgololesego ya segakolodi go mongwe le mongwe, e leng selo se se maswe go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.”

Bakatoliki go dikologa Fora yotlhe ba ne ba ikutlwa gore taolo eo e ne e le go sa ikanyege ga ga Henry mo tsholofetsong ya gagwe ya go ema nokeng tumelo ya bone ya motheo. Kereke ga ya ka ya iketla go fitlha mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo moragonyana fa Louis XIV a ne a fedisa Edict of Nantes mme a simolola go bogisa Ba-Huguenot ka tsela e e setlhogo thata.

Ditlamorago Tsa Dintwa

Go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo16 la dingwaga, khumo ya Fora e ne e setse e nyelela. Halofo ya bogosi e ne e setse e tlhasetswe, e gapilwe, e rekolotswe kana e sentswe. Masole a ne a batla batho dilo di le dintsintsi mo go neng ga felela ka gore bahumanegi ba tsuologe. Baagi ba Baporotesetanta ba ba neng ba fokotsegile thata ka ntlha ya go atlholelwa loso, go ganyaolwa, go kobiwa mo dinageng tsa bone le go itatola tumelo, ba ne ba simolola lekgolo la bo17 la dingwaga ba le palo e kwa tlase thata.

Ka mo go neng go lebega ka teng, Bakatoliki ba ne ba fentse Dintwa Tsa Bodumedi Tsa Fora. Le fa go ntse jalo, a Modimo o ne a segofaditse phenyo eo ya bone? Ga go bonale go ntse jalo. Ka ba ne ba lapisitswe ke dipolaano tseno tse di neng di dirwa mo leineng la Modimo, bontsi jwa Bafora ba ne ba simolola go itlhokomolosa bodumedi. E ne ya nna bone ba ba leng kwa pele mo go seo se neng se bidiwa mokgwa wa go nna kgatlhanong le Bokeresete o o simolotseng mo lekgolong la bo18 la dingwaga.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Modimo ga a batle go sala toropo epe le fa e le motho ope.” Moeteledipele wa Boporotesetanta Jwa Fora o ne a rialo

Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ba-waldo Ba Ne Ba Ema Ba Nitame Ka Matswela Afe?

PIERRE VALDES kana Peter Waldo e ne e le mmapatsi yo o humileng mo lekgolong la bo-12 la dingwaga kwa Fora. Mo nakong eno ya fa Kereke ya Katoliki ya Roma e ne e tlogela batho ba sa itse sepe ka Baebele ka boomo, Waldo o ne a thusa ka madi gore go ranolelwe Diefangele le dibuka tse dingwe tsa Baebele mo puong e e buiwang ke batho botlhe kwa borwabotlhaba jwa Fora. Morago ga moo a tlogela kgwebo ya gagwe mme a ineela mo go rereng Efangele. Go ise go ye kgakala bontsi jwa mo latela mme ka 1184 ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba ntshiwa mo kerekeng ke Mopapa Lucius III.

Fa go ntse go ya, ditlhopha tseo tsa bareri ba ba tlhagafaletseng Baebele di ne tsa simolola go itsewe jaaka Ba-Waldo. Ba ne ba buelela gore go boelwe kwa ditumelong le kwa mekgweng ya Bokeresete jwa pele. Ba ne ba gana mekgwa le ditumelo tse di tlwaetsweng ke Bakatoliki tse di akaretsang go itshwarela maleo, go rapelela baswi, pakatori, go obamela Maria, go rapela “baitshepi,” go kolobetsa masea, go tlotla sefapaano le tumelo ya gore senkgwe le beine di fetogela ka kgakgamatso mo mmeleng le mo mading a ga Keresete. Ka ntlha ya seno, Ba-Waldo ba ne ba tle ba bogisiwe setlhogo ke Kereke ya Katoliki. Mokwalahisitori Will Durant o tlhalosa boemo ka nako ya fa Kgosi Francis I a simolola letsholo kgatlhanong le batho ba e seng Bakatoliki:

“Mokadinale de Tournon, ka a ne a bolela gore Ba-Waldo ba ne ba rera go epa puso, o ne a tlhotlheletsa Kgosi e e neng e lwala e bile e okaoka gore e saene molawana (January 1, 1545) wa gore Ba-Waldo botlhe ba ba tla fitlhelwang ba na le molato wa go tswa mo tseleng ya kereke ba tshwanetse go bolawa. . . . Mo bekeng e le nngwe fela (April 12-18) metse e le mmalwa e ne ya fisiwa lore ka molelo; mo go mongwe wa yone banna, basadi le bana ba le 800 ba ne ba bolawa; mo dikgweding di le pedi go ne ga bolawa ba le 3000, metse e le masomeamabedi le bobedi e ne ya fedisiwa, banna ba le 700 ba ne ba romelwa kwa mekorong. Basadi ba le 25 ba ba neng ba tshogile thata, ba ba neng ba tshabetse mo logageng, ba ne ba hupediwa ke molelo o o neng wa besiwa mo molomong wa lone.”

Durant o ne a akgela jaana ka ditiragalo tseo tsa hisitori: “Dipogiso tseno ke tsone tse di dirileng gore puso ya ga Francis e phutlhame botlhoko jaana.” Le fa go ntse jalo, seo se ne sa ama jang batho ba ba neng ba ela tlhoko go nitama ga Ba-Waldo mo nakong ya dipogiso tse di neng di rulagantswe ke kgosi? Durant o ne a kwala jaana: “Bopelokgale jwa baswelatumelo bano bo ne jwa dira gore batho ba tlotle le go rata kgato e ba e tsereng; diketekete tsa babogedi ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgatlhegile e bile ba tshwenyegile ba fa e ne e se ka dipogiso tseno tse di setlhogo, ba ka bong ba ile ba se ka ba itshwenya ka go fetola tumelo eo ba tsaletsweng mo go yone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Kgailo ya kwa Vassy e ne ya tlhotlheletsa dintwa tsa bodumedi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bibliothèque Nationale, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kgailo ya Letsatsi la “Moitshepi” Bartholomew, e mo go yone diketekete tsa Baporotesetanta di neng tsa bolawa ke Bakatoliki

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo Musée cantonal des Beaux-Arts, Lausanne

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Baporotesetanta ba ne ba bolaya Bakatoliki mme ba senya dithoto tsa kereke fa godimo le fa tlase)

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Bibliothèque Nationale, Paris

Bibliothèque Nationale, Paris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela