LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 10/1 ts. 22-25
  • Metsi a Diphetogo a Simolola go Elela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metsi a Diphetogo a Simolola go Elela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gola mo go Oketsegang
  • Kgaogano
  • Go Penologa ga Metsi go Anamela kwa Moseja
  • Ditiragalo tse di ka Sekeng di Thibelwe
  • Diphetogo—Matsapa A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Lekhubu le Legolo la Bodumedi Makgaola-kgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Wessel Gansfort—“Modiradiphetogo yo o Tlileng Pele ga Diphetogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Hisitori ya Bodumedi e na le Mosola Ope mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 10/1 ts. 22-25

Metsi a Diphetogo a Simolola go Elela

“KA BOFEFO ke ne ka utlwa modumo omongwe gape, jaaka tladi, o sianela ntlheng ya rona. Balelapa la rona . . . re ne ra sianela kwa thabeng e e gautshwane ka maatla. Metsi a a nang le lehulo a ne a re tshwara. Re ne ra thuma go gaisa le eleng pele. Lemotoro re ne re hupa bontsi jwa metsi a lewatle . . . , re ne ra atlega.”

Moo ke ka moo Mo-Filipino mongwe a neng a bolela boitemogelo jo bo tshosang jo bo neng jwa fetola botshelo jwa gagwe. Gongwe o ka tswa o ise o ke o amiwe ke sebetso sa tlholego​—sa metsi kana sa mofuta mongwe fela. Mme fa go tlhatlhobiwa hisitori go senoga gore dimilione tsa matshelo a ile a fetolwa ke matlhotlha-pelo a mofuta mongwe.

Bodumedi le jone bo ile jwa itemogela dikgoberego tse dikgolo di le mmalwa, di fetola matshelo a letsatsi le letsatsi a batho ba bantsi-ntsi. Tseno di ile tsa akaretsa Mahindu, Mabuda, Mamoselema, Bajuda, le Bakeresete. A botshelo jwa gago bo ile jwa amiwa ke tlhakatlhakano e e tseng jalo? Go ka nna ga tswa go ntse jalo, go sa kgathalesege koo o ka neng o nna gone. A re tshwantshetse seno ka go boela morago.ka dingwaga di le 400 mo motlheng wa lekgolo la bo-16 la dingwaga Sa ntlha re lebisa tlhokomelo ya rona mo Yuropa, koo ka nako eo go neng go tletse dipharologanyo tsa dipono, jaaka tlhakatlhakano e kgolo e e ntseng e oketsega.

Go Gola mo go Oketsegang

Ka makgolo a dingwaga, mo go neng ga gogela kwa go se re se bitsang Diphetogo, Kereke ya Roma ya Katoliki le magosana a Yuropa ba ne ba bonana molato, bangwe le bangwe ba batla bobusi mo godimo ga ba bangwe le batho. Setlhopha sa batho mo lefatsheng ba ne ba ganetsa se ba neng ba se bona jaaka go sa direng dilo ka tshwanelo ga kereke.

Ke mofuta ofe wa dilo tse ba neng ba di bona di sa tshwanela? Bogagapa, boitsholo jo bo sa siamang jo bo masisi, le go itshunya mo dipolotiking. Batho fela ba ne ba gakadiwa ke banna le basadi bao mo letlhakoreng le lengwe ba neng ba batla ditshiamelo tse di kgethegileng ka mabaka a go ikana ga bone ga khumanego le boitshepo mme ka nako e e tshwanang ba tlola molao ka go dira bosula phatlalatsa le boitsholo jo bo sa siamang. Dikgosana mo Ennyelane di ne di gakadiwa ke seemo se tota se sa tlwaelegang sa go bo ba tshwanetse go ntshetsa mopapa lekgetho yo ka nako eo a neng a nna kwa Fora, yo eleng mmaba wa Ennyelane mo ntweng, a bile a e eme-nokeng.

Go bola moteng ga Kereke ya Katoloki go ne go elela go tswa kwa tlhogong. Mma-hisitori Barbara W. Tuchman o kwala mo bukeng ya gagwe The March of Folly gore bo-mopapa ba le barataro ba ba neng ba le mo maemong ao go tloga ka 1471 go ya pele ba ne ba tseneletse mo go “rekweng ka madi mo go golo, boitsholo jo bo maswe, bogagapa, le dipolotiki tse di dirisetsang thata go dira bosula tse di bonwang ka matlho.” Barbara Tuchman o tswelela-pele ka go tlhalosa ka moo Mopapa Sixtus IV, e le gore a tle a tlotlomatse le go humisa lelapa la gagwe leo ka nako eo le neng le humanegile, a ne a tlhoma ditlogolo tsa gagwe di le tlhano le setlogolwana jaaka bathusi ba gagwe, setlogolwana se sengwe a se tlhoma go nna bishopo, mme a nyadisa ba bangwe ba masika a gagwe malapa a babusi. Alexander VI, fa a nna mopapa, o ne a itsege a na le dinyatsi di le mmalwa le bana ba supa. Mo boikaelelong jwa gagwe gore a tlhophiwe, o ne a reka bagaisanye ba gagwe ba babedi ba bagolo, mongwe wa bone a amogela “merwalo ya kolotsana e le mene ya gauta,” go kwala jalo Barbara Tuchman. Moragonyana o ne a okamela moletlo mongwe wa Yatican o o neng “wa itsege thata ka go lebelela ditshwantsho tsa batho ba ba sa tswalang ngobaga le ngwaga.” Buka yone eo e tlhalosa ka moo moseti yo o itsegeng thata ebong Michelangelo a neng a laolwa ke Mopapa Julius II go mmopela setshwantsho sa gagwe. Fa motshwantshi a ne a mmotsa gore a o ne a batla gore a bone setshwantsho sa gagwe se mmontsha a tshotse buka nngwe, mopapa wa motlhabani o ne a fetola ka go re: “O beye tšhaka. Ga ke itse sepe ka dikwalo.”

Kgaogano

Ma-Yuropa ba batho fela ba ne ba ntse ba eletsa kaelo ya semoya. Ka go elatlhoko dithulaganyo tse di mmalwa tsa mebuso eo dikgatlhego tsa yone e leng mowa wa go iitumedisa, bano ba ba kwa tlase ba ne ba fapogela kwa motsweding o mongwe wa bolaodi, oo ba neng ba o leba o le mogolo go gaisa e mengwe-ebong Bibela. Go ya ka mokwadi Joel Hurstfield, “lebaka le legolo la Diphetogo e ne e le malebana le kgang ya bolaodi.” Ka go tshosiwa ke go bola mo teng ga kereke, bareri le badumedi mo Italy bane ba bua phatlalatsa ka tlhokafalo ya phetogo. Mme go ne go sena kwa metsi a itumologo a ne a kgobokane ka bontsi jo bogolo gone go gaisa mo Jeremane.

Mo metlheng ya boheitane, ditšhaba tsa Sejeremane di ne di na le dingwao tsa gore madi a ne a ka duelwa e le gore go gololwe batho mo melatong. Ka go anamisiwa ga bodumedi jwa Roma, ngwao eo e ne ya bona bonno mo kerekeng ka boemo jwa itshwarele-dibe. Seno se ne sa letlelela mo dira-dibe go reka boleng jwa melemo ya “baitshepi” ba ba suleng mo go mopapa le go bo dirisa kgatlhanong le melato ya nama ya dibe tse di dirilweng. Ka ntlha ya go tlhoka madi, mo go neng go dirilwe ke dintwa kgatlhanong le Fora le dikago tse dintsi mo Roma, Mopapa Leo X o ne a laola gore go duelelwe go itshwarelwa dibe, mo go gololang gotlhelele dibe le melato ya nama. Martin Luther yo o neng a gaketse o ne a ntsha megopolo ya gagwe e jaanong e itsegeng e 95 kaga dithuto tsa maaka tsa kereke. Kgato e e isang kwa diphetogong, e e neng e simologile e le nnye fela makgolo a dingwaga pelenyana, e ne ya nna e kgolo thata jaaka batho ba le bantsi ba ne ba ba ema nokeng.

Mo lekgolong lwa dingwaga la bo-16, batho ba ba tshwanang le Luther kwa Jeremane, Zwingli le Calvin kwa Switzerland, le Knox kwa Scotland ba ne ba nna ba konokono ba bao ba bantsi ba ba neng ba bona sebaka sa go phepafatsa Bokeresete le go boela kwa boleng jwa tshimologo jwa ditekanyetso tsa Bibela. Mo Jeremane go ne ga dirwa lefoko le le neng le tlhalosa bao ba neng ba gana go dumalana le dithibelo tse di neng di beilwe mo bodumeding ke dikgosana tsa Katoliki ya Roma, mme bao ba neng ba ikanetse go ema Modimo nokeng go gaisa motho ope o sele. Tlhaloso eo moragonyana e ne ya akareletsa botlhe ba ba neng ba ema kgato ya Diphetogo nokeng. Lefoko leo e ne e le “Boporosetanta.”

Boporosetanta bo ne jwa anama mo Yuropa ka bofefo jo bo gakgamatsang, bo fetola popego ya bodumedi, bo aga melelwane e mesha e ya bodumedi Jeremane le Switzerland di ne di le kwa pele, tsa latelwa ka bofefo ke Scotland, Sweden, Norway, le Denmark. Go ne go na le mekgatlho ya Diphetogo kwa Austria, Bohemia, Poland, Transylvania, Netherlands, le Fora.

Kwa Ennyelane go sa itumeleng go ne go setse go le teng go feta dingwaga di le lekgolo, fa e sale ka motlha wa ga John Wycliffe le Balatedi ba gagwe. Mme go intsha mo Kerekeng ya Katoliki go nna gone labofelo, e ne e le ka ntlha ya mabaka a lefatshe lotlhe. Kgosi e ne ya fetsa ka gore e fetole eseng bodumedi jwa gagwe mme eleng mosadi wa gagwe. Ka 1534 Henry VIII o ne a itlhoma tlhogo ya Kereke ya Ennyelane e ntšha. Maikaelelo a gagwe a ne a farologane le a bao ba lefatshe lotlhe ba ba neng ba na le mogopolo o o farologaneng, mme kgato ya gagwe e ne ya bula dikgoro tsa metsi a mantsi a phetogo ya bodumedi go elela mo Britani. Mo Yuropa yotlhe, metsi ano a ne a nna mahibidu ka bofefo ka madi a dikete tsa bao ba neng ba gagamaletse go ganetsa ga bodumedi.

Gongwe le gongwe kwa tlhotlheletso ya diphetogo e ne e nna gone, dithoto tsa kereke le lefatshe e ne e le tsone tse di tlhokomelwang Mo dingwageng di le nne fela, Mmuso wa Ennyelane o ne wa gapa matlo a bodumedi a le 560, mangwe a ona a na le madi a mantsi. Mo mafatsheng a mangwe dikgosi gammogo le batho fela ba ne ba gapa dinaga tsa kereke. Fa Roma ka boyone e ne e wa, go ne ga nna bosetlhogo jo bogolo thata. “Bosetlhogo jo bogolo le tshololo madi ya batlhasedi ‘e ne e le e e tsitsibanyang mmele mo go golo.’” Ke ka moo Barbara Tuchman a e tlhalosang ka gone. “Go goa le selelo di ne di utlwiwa gongwe le gongwe; Noka ya Tiber e ne e kokobetse ditopo tsa batho.” Ba sekae, Makatoliki gammogo le Maporosetanta, ba ne ba bogisiwa setlhogo. Kwa Bohemia, Maprosetanta ba ne ba rontshiwa ditshwanelo tsa bone, fa kwa Ireland e ne e le sebaka sa Makatoliki. Maloko a Ditlhopha tsa Diphetogo a Maporosetanta ba Fora ba ne ba kobiwa, jaaka go ne ga dirwa ka Ma-Presbyterian ba Scotland le Ma-Puritan ba Ennyelane. Go ne go lebega jaaka ekete modikwadikwane wa polao o ne o simologile, mme bodumedi e le selogetsi se segolo sa one. A bosetlhogo jo bogolo joo bo ne bo se kitla bo ema?

Kereke e ne e sa tlhole e na le sepe se e neng e ka se dira. Mme dikgosana, di lapisitswe ke ntwa ya maragana-teng, ba ne ba dira ditumalano tse di neng di dira kafa molaong melelwane fa gare ga bodumedi jo bo ganetsanang. Kagiso ya Augsburg ka 1555 le Kagiso ya Westphalia ka 1648 di ne tsa tlisa melelwane mo kutlwanong mo bodumeding le mo morafeng, e letlelela kgosana ya lefelo leo go dira diphetso gore ke bodumedi bofe jo batho ba gagwe ba neng ba tshwanetse go bo latela. Ka gone Yuropa e ne ya tsena mo seemong se sesha, se se neng se tla nna gone ka dingwaga di le 300. Go ne ga seka ga fitlha kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II fa tlhotlheletso ya Yuropa e ne ya fetolwa ke Baema-mmogo ba ba fentseng ka nako eo.

Kgaratlhelo ya kgololesego ya bodumedi le diphetogo e ne e agile kgatelelo mo teng ga dithibelo tsa kereke. Morago ga makgolo a dingwaga go sena matswela, kwa bofelong metsi a ne a simolola go elela, a siana mo megogorong ya Yuropa, a tlogela naga e senyegile mo mothaleng wa one. Fa go gogomoga go ya tlase, kaelo mo dikgannyeng tsa bodumedi mo dinageng tsa Boporosetanta e ne e rutlilwe mo baruting mme ya pharegwa mo thateng ya babusi ba nako eo. Lefa go le jalo, Yuropa e ne e santse e le mo seemong sa go tenwa ke bodumedi, mme batshabi ba ne ba tshaba go tswa mo nageng e nngwe go ya go e nngwe. Lefatshe le ne le ka se tlhole le kgona go tshola metsi a a dutlileng. Ka bofefo a ne a tshologela ka kwantle. Lekgolo la bo-17 la dingwaga le ne la neela sebaka se se molemo sa go penologa. Lefatshe je Lesha le ne la tsenngwa mo bokoloneng.

Go Penologa ga Metsi go Anamela kwa Moseja

“Lengwe la mabaka a magolo a go fudugela kwa Amerika,” go kwala jalo A. P. Stokes mo go Church and State in the United States, “e ne e le keletso ya kgololesego ya bodumedi.” Batho ba ne ba lapisitswe ke go tshwenngwa. Ma-Baptist, Ditsala-Kobamelong, Makatoliki a Roma, Maporosetanta ba Fora, Ma-Puritan, Maporosetanta ba Holland, bangwe ba ne ba iketleeditse go itshokela mathata le loeto lo loleele le go tsenang kwa masaitsiweng Stokes o ne a tsopola mongwe a re: “Ke ne ke eletsa lefatshe le ke neng ke ka gololesega go obamela Modimo go ya ka moo Bibela e nthutileng ka teng mo go lone.” Selekanyo sa go sa kgone go itshoka ga bafudugi bano se ka bonwa ka mathata a ba neng ba iketleeleditse go a itshokela. Go ya ka rahisitori David Hawke mo go The Colonial Experience, go bothologa mo go tlhomolang-pelo go tswa mo nageng ya gaeno go ne go ka nna ga latelwa ke “dikgwedi tse pedi, tse tharo, kana tse nne go solofetswe letsatsi lengwe le lengwe go nwela mo lewatleng le go tlhaselwa ke dirukutlhi tse di setlhogo tsa lewatle.” Go tswa foo, motsamai yo o sotlilweng ke bosa o ne a tla “iphitlhela a le fa gare ga Ma-India, ba ba sa tlhabologang, ba ba sa itsegeng ka sepe fa e se bosetlhogo fela . . . [mme o ne a tla nna] a tlhoka dijo ka lobaka lo loleele.”

Batho ba ne ba bona kgololesego, mebuso ya bokolone ya bona dikhumo. Go sa kgathalesege maikaelelo a bone, bathibeledi ba ne ba tsamaya le bodumedi jwa bone. Jeremane, Holland, le Britani di ne tsa dira North America boitsetsepelo jwa Boporosetanta. Segolo bogolo mmuso wa Britani o o neng o batla “go thibela Katoliki ya Roma . . . gore e seka ya gapa North America.” Canada e ne ya laolwa ke Fora le Britani. Maikemisetso a puso ya Fora e ne e le ao a go “boloka Fora yo mosha mo bodumeding jwa Katoliki ya Roma,” le eleng go gana go letlelela baema-diphetogo nokeng go thibelela mo Quebec. Borwa jwa Afrika le dikarolo tsa West Africa di ne di tlhotlhelediwa ke Boporosetanta. Tlhotlheletso eno e ne ya gola fa nako e ntse e ya jaaka Australia, New Zealand, le ditlhaketlhake tse dintsi tsa Pacific di ne di nna karolo ya Boprosetanta.

Spain le Portugal di ne di setse di dira Borwa le Bogare jwa Amerika go nna tsa bo-Katoliki. Mafora le Mapotokisi ba ne ba tlhoma folaga ya Katoliki mo Central Africa. Kwa India, Goa e ne e laolwa ke Mapotokisi, ka gone Bokatoliki bo ne jwa itshetlela koo.

Mokgatlho wa ga Jesu (Jesuits) o ne wa simololwa ka lekgolo la bo-16 la dingwaga go tsweledisa boikaelelo jwa Katoliki. Mo bogareng jwa lekgolo la bo-18 la dingwaga, go ne go na le Ma-Jesuit ba le 22 000 ba dira go dikologa lefatshe lotlhe, ba bile ba tiisa tlhotlheletso ya Bokatoliki mo China le Japan.

Ditiragalo tse di ka Sekeng di Thibelwe

Metsi a a neng a buletswe a ne a na le maatla a magolo, jaaka mosupi yo o tsopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno a ile a bontsha. A rethefatsa lefatshe, a epa megogoro e mesha le dinokana, a phatlakanya dikgoreletsi mo tseleng ya one. Noka e e elelang ka maatla ga e na molaodi, ga e kake ya laolwa kana ya kaelwa. Go ne go ntse fela jalo ka morwalela wa Diphetogo.

“Ka gone se se neng sa diragala . . . ga se gore tota e ne e le phenyo ya makgaoganyane a masha a bodumedi,” go tlhalosa jalo G. R. Elton mo go The Reformation Crisis, “jaaka kamogelo ya kakaretso le ya ka bonyaka-bonya ya La-Bodumedi yo o kgaoganeng yo o neng a sa batlwe ke ope.” La-Bodumedi o ne a kgaoganye, a kgarakgatshwa ke phefo, a tseelwa maatla. Go ne ga engwa-nokeng dikgosana tsa lefelo le dikereke tse di potlana tsa semorafe thata. Mmuso o o sa bolong go tlhomiwa wa Roma o ne o tlogetswe. Bomorafe bo ne jwa itshetlela mo seemong se se boruma sa Boporosetanta. Britani le United States, di le mo diatleng tsa baeteledipele ba gompieno ba Maporosetanta, ka bobedi ba ne ba bopa mmuso wa lefatshe wa bosupa wa hisitori ya Bibela, o o neng wa nonofa mo lekgolong la bo-18 la dingwaga.

Lefa go ntse jalo, kgato ya Diphetogo ga e a dira se go neng go solofetswe gore e ne e tla se fitlhelela. Seo e ne e le eng? Fa nako e ntse e ya, dithuto tsa motheo tsa dikereke tsa Porosetanta, e ka tswa e le dikereke tsa semorafe kana tse dingwe di ne tsa boela tsa tshwana le tseo tsa Roma. Bora-Diphetogo ba pele ba ne ba solofetse go boela kwa ditekanyetsong tsa Bibela, kwa Bokeresete jo bo itshekileng. Jaaka boema-nokeng bo gola ka bogolo le ka bofefo, tlhakatlhakano ya timelo e ne ya tsidifatsa ditsholofelo tseo.

Go oketsega ga metsi a Diphetogo go ile ga tlogela melapo le eleng mo lekgolong la bo-20 la rona la dingwaga. A o ka supa mengwe ya yone? Se se santseng se le botlhokwa thata, ke gore re gaufi thata le kgoberego ya lefatshe lotlhe ya bodumedi. Bokhutlo jwa bodumedi bo tla le yone. A o tla kgona go falola go bona tlhabo ya letsatsi je lesha? Dipotso tseno di tla arabiwa mo tokololong ya November ya makasine ono.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela