Kgaolo 13
Diphetogo—Matsapa A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
1, 2. (a) Buka nngwe e e buang ka Diphetogo e tlhalosa jang Kereke ya Roma Katoliki mo dingwageng tsa bogare? (b) Go bodiwa dipotso dife malebana le seemo sa Kereke ya Roma?
“SELO se tota se neng sa diga kereke mo dingwageng tsa bogare ke gore e ne ya palelwa ke go tsamaisana le dipaka. . . . Go na le gore e gatele pele, go na le gore e etelele batho pele ka tsela ya semoya, e ne ya tswa mo tseleng ya ba ya senyega, dikarolo tsa yone tsotlhe di ne tsa bola.” Go bolela jalo buka The Story of the Reformation fa e bua kaga Kereke ya Roma Katoliki eo e neng e le maatla, eo e neng e laola karolo e kgolo ya Yuropa go simolola ka lekgolo la bo 5 la dingwaga go ya go la bo 15 la dingwaga C.E.
2 Go ne ga tla jang gore Kereke ya Roma eo e neng e le maatlamagolo jalo e nne ‘e e senyegileng le e e bodileng’? Bomopapa, bao ba neng ba iphaka fa e le batlhatlhami ba baaposetoloi, ba ne ba retelelwa le eleng ke go “etelela batho pele ka tsela ya semoya” jang? Mme go retelelwa ga bone go ne ga felela jang? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, re tlhoka go sekaseka ka bokhutshwane gore tota e ne e fetogile kereke ya mofuta ofe le gore ke seabe sefe seo e neng e na naso mo matsapeng a a tserweng ke motho go batla Modimo wa boammaaruri.
Go wa ga Kereke
3. (a) Seemo sa itsholelo sa Kereke ya Roma e ne e le sefe kwa bofelong jwa lekgolo la bo 15 la dingwaga? (b) Kereke eo e ne ya leka go tshegetsa seriti sa yone jang?
3 Kwa bofelong jwa lekgolo la bo 15 la dingwaga, Kereke ya Roma, ka batsenakereke ba yone, matlo a baitlami ba banna le ba basadi mo dikarolong tsotlhe tsa yone, e ne e na le khumo e kgolo ya dikidi tsa lefatshe go feta botlhe mo Yuropa. Go ile ga begwa gore e ne e na le sephatlo sa lefatshe la naga ya Fora le ya Jeremane le bobedi botlhanong kana go feta mo Sweden le Ennyelane. Phelelo e ne ya nna efe? “Kgalalelo ya Roma e ne ya oketsega ka bogolo jo bo senang selekanyo mo bofelong jwa dingwaga tsa 1400 le masimologo a tsa 1500, mme ka nakwana e ne ya nna ya botlhokwa thata mo dipolotiking,” go bolela jalo buka A History of Civilization. Lefa go ntse jalo, seriti sotlhe se e neng e na naso le tlotlomalo di ne di sa itlela fela, mme go di tshegetsa, bomopapa ba ne ba tshwanelwa ke go batla ditsela tse disha tsa go bona madi. Fa Will Durant a tlhalosa ditsela tse di farologaneng tseo di neng tsa dirisiwa, o ne a kwala jaana:
“Motho mongwe le mongwe yo o neng a newa maemo mo kerekeng o ne a tlhokwa gore a neele Curia ya bomopapa—eleng batsamaisi ba merero ya bomopapa—sephatlo sa madi ao a a amogelang mo ngwageng wa ntlha (“annates”), mme morago ga moo a ntshe karolo ya lesome kana sesabosome ngwaga le ngwaga. Mobishopomogolo yo o tlhomiwang o ne a tshwanetse go duela mopapa madi a mantsi a duelela pallium—se eleng moitlamo wa leloba je lesweu, oo e neng e le tlhomamiso kana lotshwao lwa maemo a gagwe. Fa mokadinala ope fela, mobishopomogolo, bishopo, kana moitlamimogolo a ne a tlhokafala, dithoto tsa gagwe di ne di neelwa bomopapa. . . . Katlholo nngwe le nngwe kana molemo ope fela oo motho a neng a di direlwa ke Curia eo go ne go lebelelwa gore di ntshediwe mpho go supa gore di amogetswe, mme fa gongwe katlholo e ne e laolwa ke mpho eo motho a e ntshitseng.”
4. Dikhumo tseo di neng di lerwe mo kerekeng di ne tsa ama bomopapa jang?
4 Kgabagare madi a mantsi ao a neng a tsena mo mabolokelong a mopapa ngwaga le ngwaga a ne a felela ka gore dilo di bo di sa diriwe sentle le ka bosula. Go na le polelo e e reng ‘mopapa le ene o ka seka a ama mosidi mme wa tlhoka go mo tshasegela mo menwaneng,’ mme ditiragalo tsa kereke tsa nako eno di ne tsa bona seo raditiragalo mongwe a neng a se bitsa “tlhatlhamano ya bomopapa bao ba neng ba tletse moya wa selefatshe fela thata.” Bano ba ne ba akaretsa Sixtus IV (mopapa wa 1471-84), yo o neng a senya madi a mantsi a aga Sistine Chapel, eo e neng e reeletswe ka ene, le go humisa ditlogolo tsa gagwe tse dintsi tsa basimane le tsa basetsana; Alexander VI (mopapa wa 1492-1503), le Rodrigo Borgia yo o neng a itsege ka bosula, yo o neng a dumela phatlalatsa fa a ne a na le bana ba dikgora a ba a ba tlotlomatsa; le Julius II (mopapa wa 1503-13), setlogolo sa ga Sixtus IV, yo o neng a ineetse thata mo dintweng, dipolotiking, le botaki go na le ditiro tsa kereke. Go ne go tshwanela ka botlalo gore mokanoki wa Mokatoliki wa Mo-Dutch ebong Erasmus a kwale jaana ka 1518: “Botlhabisa ditlhong jwa Curia ya Roma bo fitlhile kwa setlhoeng.”
5. Dipego tseo di neng tsa kwalwa ka nako eo di ne tsa bontsha eng malebana le boitsholo jwa baruti?
5 Bosula le boitsholo jo bo sa siamang di ne di sa dirwe ke bomopapa fela. Polelo eo e neng e tlwaelegile ka nako eo e ne e le: “Fa o batla go senya morwao, o mo dire moruti.” Seno se tshegediwa ke dipego tseo di neng tsa kwalwa ka nako yone eo. Go ya ka Durant, mo Ennyelane, gareng ga “ditatofatso tsa boatla [jwa tlhakanelodikobo] tseo di neng tsa begwa ka 1499, . . . balatofadiwa ba baruti ba ne ba le ba palo ya 23 lekgolong ya palo eo yotlhe, lemororo baruti gongwe ba ne ba le 2 lekgolong ya batho ba naga eo. Baruti bangwe bao go ipolelwang mo go bone ba ne ba kopa gore baipoleladibe ba basadi ba tlhakanele dikobo nabo. Diketekete tsa baruti di ne di na le dinyatsi; mo Jeremane e ne e ka nna botlhe.” (Bapisa 1 Bakorintha 6:9-11; Baefesia 5:5.) Go sa itshwareng sentle mono go ne ga dirwa le ke batho ba bangwe. Go bolelwa fa Mo-Spain mongwe wa nako eo a bile a ba a ngongorega ka gore: “Ke bona gore ga go na sepe seo re ka se bonang mo badireding ba ga Keresete kwantle ga go duela; fa re kolobediwa re a duela . . . fa re nyala re a duela, fa re ipolela dibe re a duela—nnyaa, ga go na go tlodiwa gope mo gogolo [dingwaokobamelo tsa bofelo] moo go dirwang kwantle ga go duelwa! Ga ba kake ba letsa ditloloko fa ba sa duelwe, ga ba kake ba tshwarela diphitlho kwa kerekeng fa ba sa duelwe; mo eleng gore go lebega gore batho bao ba senang madi ga ba kake ba kgona go tsena mo Paradaiseng.”—Bapisa 1 Timotheo 6:10.
6. Machiavelli o ne a tlhalosa Kereke ya Roma jang? (Baroma 2:21-24)
6 Go sobokanya seemo sa Kereke ya Roma kwa tshimologong ya lekgolo la bo 16 la dingwaga, re tsopola mafoko a ga Machiavelli, eleng motlhalefi wa Motadiana mongwe yo o neng a tumile ka nako eo:
“Fa bodumedi jwa Bokeresete bo ne bo tsamaisiwa ka melao ya Mosimolodi wa jone, batlotlegi le batshwaramarapo ba Labodumedi ba ka bo ba utlwana ebile ba itumetse thata go na le jaaka ba ntse gompieno. Ebile ga go na bosupi jo bogolo jwa go senyega ga jone go na le ntlha ya gore fa batho ba tsenelela thata mo Kerekeng ya Roma, eleng tlhogo ya bodumedi jwa bone, ga ba tlhole ba nna batho ba ba ratang bodumedi thata.”
Maiteko a Ntlha a go Dira Diphetogo
7. Ke maiteko afe a eseng a sepe ao a neng a dirwa ke kereke eo go lwantshana le go sa diriweng sentle ga dilo?
7 Mathata a kereke a ne a lemogiwa eseng fela ke banna ba ba tshwanang le Erasmus le Machiavelli mme gape le ke kereke ka boyone. Go ne ga tlhomiwa makgotla a kereke go baakanya dilo dingwe tseo di neng di ngongoregelwa le tseo di neng di sa dirwe ka tshwanelo, mme matswela a gone a seka a tsaya lobaka lo loleele. Bomopapa, ka go bo ba ne ba na le maatla le kgalalelo, ba ne ba kganela motho ope fela yo o neng a dira maiteko a go dira diphetogo.
8. Go nnela go repisa dilo ga kereke go ne ga felela ka eng?
8 Fa kereke e ka bo e ile ya tlhoafalela go iphepafatsa, gongwe go ka bo go se kile ga nna le Diphetogo. Mme, fela jaaka go ne ga nna, batho ba ne ba simolola go ikuela mo teng le ka kwa ntle ga kereke gore go tlhokega gore go dirwe diphetogo. Mo go Kgaolo 11 re setse re umakile Ba-Waldensis le Ba-Albigensis. Lemororo ba ne ba kgalwa go twe ke baheitane ba bo ba bolawa mo go setlhogo, ba ne ba dira gore batho ba simolole go sa itumelele go sa direng dilo ka tshwanelo ga baruti ba Katoliki gape ba ne ba ile ba dira gore batho ba nne le keletso ya go boela kwa Bibeleng. Maikutlo a go nna jalo a ne a bontshiwa ke Boradiphetogo ba le mmalwa ba bogologolo.
Baganetsi mo Teng ga Kereke ka Boyone
9. John Wycliffe e ne e le mang, mme o ne a rera kgatlhanong le eng?
9 John Wycliffe (1330?-84) yo gantsi a bidiwang “mphatlalatsane wa Diphetogo,” e ne e le moruti wa Mokatoliki le porofesa wa thutobomodimo kwa Oxford, Ennyelane. Ereka a ne a lemoga gore mo kerekeng eo dilo di ne di sa dirwe ka tshwanelo, o ne a kwala a ba a rera kgatlhanong le dilo tse di tshwanang le bosula jo bo neng bo dirwa ke baitlami, makgetho a a ntshediwang bomopapa, thuto ya motheo ya phetogo (eleng polelo ya gore senkgwe le beine tse di dirisiwang mo Mmiseng di ne di fetoga ka mmatota go nna mmele le madi a ga Jesu Keresete), boipolelo, le go tsenelela ga kereke mo mererong ya selefatshe.
10. Wycliffe o ne a bontsha jang gore o ne a dumela ka botlalo mo Bibeleng?
10 Segolobogolo Wycliffe o ne a bua a sa kgwe mathe fa go tla mo go tlhokomologeng ga kereke go ruta Bibela. O kile a ba a re: “Ke eletsa ekete, fa Modimo o rata, motsenakereke mongwe le mongwe mo lefatsheng leno o ka bo a na le Bibela e e siameng a bo a itse efangele sentle, le gore baruti ba ka bo ba di ithuta ka botlalo, mme ba ruta batho efangele le melao ya Modimo sentle!” Go dira seno, Wycliffe, mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, o ne a simolola go dira namane e tona ya tiro ya go ranolela Bibela ya Vulgate ya Selatine mo Seesemaneng. Ka thuso ya badirimmogo nae, segolobogolo Nicholas wa Hereford, o ne a kwala Bibela ya ntlha e e feletseng ka Seesemane. Seno kwantle ga pelaelo e ne e le thuso e kgolo ya ga Wycliffe mo matsapeng a a tserweng ke motho go batla Modimo.
11. (a) Balatedi ba ga Wycliffe ba ne ba kgona go fitlhelela eng? (b) Ba-Lollard ba ne ba diragalelwa ke eng?
11 Dikwalo tsa ga Wycliffe le dikarolo tsa Bibela di ne tsa gasiwa mo Ennyelane yotlhe ke setlhopha sa bareri bao gantsi ba neng ba bidiwa “Baruti ba Bahumanegi” ka gonne ba ne ba tsamaya ba apere diaparo tse di seng magasigasi, ba sa rwala ditlhako, mme ebile ba sena khumo epe. Gape ka go sotliwa ba ne ba bidiwa Bo-Lollard, go tswa lefokong la Se-Dutch sa Dingwaga tsa Bogare ebong Lollaerd, kana “motho yo o rapelang le go opela difela a ngunanguna.” (Brewer’s Dictionary of Phrase and Fable) “Mo dingwageng di sekae, palo ya bone e ne e le kgolo thata,” go bolela jalo buka The Lollards. “Go ne ga fopholediwa gore mo e ka nnang bongweboneng jwa morafe oo ba ne ba dumalana tota le maikutlo ao kana baa emanokeng fela.” Legale, seno sotlhe se ne sa lemogiwa ke kereke. Ka baka la tlotlomalo ya gagwe gareng ga babusi le barutegi, Wycliffe o ne a tlogelwa gore a swe mo letsatsing la bofelo la 1384. Balatedi ba gagwe ba ne ba seka ba segofala. Mo pusong ya ga Henry IV wa Ennyelane, ba ne ba tsewa jaaka baikeodi, mme bontsi jwa bone ba ne ba latlhelwa mo dikgolegelong, ba bogisiwa, kana ba jewa ka molelo ba ntse ba tshela go fitlhela ba swa.
12. Jan Hus e ne e le mang, mme o ne a rera kgatlhanong le eng?
12 Motho yo o neng a nna le maikutlo a a tshwanang thata le a ga John Wycliffe e ne e le Jan Hus (1369?-1415) wa Bohemia (Czechoslovakia), yo gape e neng e le moruti wa Katoliki le mookamedi wa University of Prague. Fela jaaka Wycliffe, Hus o ne a rera kgatlhanong le bosula jwa Kereke ya Roma Katoliki mme a gatelela botlhokwa jwa go bala Bibela. Seno ka bofefo se ne sa dira gore baruti ba mo galefele. Ka 1403 balaodi ba ne ba laola gore a lese go rera dikgopolo tsa ga Wycliffe tse di kgatlhanong le kereke ya Roma Katoliki, yo dibuka tsa gagwe le tsone ba neng ba di ja ka molelo phatlalatsa. Lefa go ntse jalo, Hus o ne a tswelela pele a ba a kwala dingwe tsa ditatofatso tse di lomang eletota kgatlhanong le ditiro tsa kereke eo, go akaretsa le go rekisiwa ga makwalo a boitshwarelo.a O ne a kgalwa a ba a kgaolwa ka 1410.
13. (a) Hus o ne a ruta gore kereke ya boammaaruri e ne e le eng? (b) Go tlhomama ga ga Hus go ne ga felela ka eng?
13 Hus o ne a sa ineele mo go emeng ga gagwe Bibela nokeng. “Go tsuologela mopapa yo o phoso ke go utlwa Keresete,” a kwala jalo. Gape o ne a ruta gore kereke ya boammaaruri, go na le gore ke eo e tlhomilweng ke mopapa le Baroma, “ke palo ya batlhophiwa botlhe le mmele wa semoya wa ga Keresete, bao tlhogo ya bone eleng Keresete; ebile e le monyadiwa wa ga Keresete, bao ka lorato lwa gagwe lo logolo a ileng a ba golola ka madi a eleng a gagwe.” (Bapisa Baefesia 1:22, 23; 5:25-27.) Ka baka la seno sotlhe, o ne a sekisiwa ke Lekgotla la Constance mme a atlholwa jaaka moikeodi. Fa a sena go bolela gore “go botoka go swa o siame go na le go tshela o le bosula,” o ne a gana go itatola mme o ne a jewa ka molelo a le mo koteng ka 1415. Lone lekgotla leo gape le ne la laola gore marapo a ga Wycliffe otlhe a epololwe a bo a jewe ka molelo lemororo a ne a na le dingwaga tse di fetang 30 a ntse a tlhokafetse!
14. (a) Girolamo Savonarola e ne e le mang? (b) Savonarola o ne a leka go dira eng, mme ga felela jang?
14 Radiphetogo yo mongwe wa bogologolo e ne e le moitlami wa Mo-Dominic ebong Girolamo Savonarola (1452-98) wa ntlo ya baitlami ya San Marcos mo Florence, Italy. Ereka a ne a tsenwa ke moya wa Tsosoloso ya Italy, Savonarola o ne a bua kgatlhanong le bosula jo bo neng bo dirwa mo Kerekeng le mo Pusong. Ereka a ne a iphaka fa a dira jalo ka baka la Dikwalo, diponatshegelo, le ditshenolo tseo a neng a bolela fa a ne a ile a di bona, o ne a batla go tlhoma puso ya Bokeresete, kana thulaganyo ya bomodimo. Ka 1497 mopapa o ne a mo kgaola. Ngwaga o o latelang, o ne a tshwarwa, a bogisiwa, a ba a kalediwa. Mafoko a gagwe a bofelo e ne e le: “Morena wa me o ne a swela dibe tsa me; a nna nka se itumelele go mo neela botshelonyana jono jwa me?” Mmele wa gagwe o ne wa jewa ka molelo mme melora ya gagwe ya latlhelwa mo nokeng ya Arno. Ka mo go tshwanelang, Savonarola o ne a ipitsa “mmulatsela le setlhabelo.” Dingwaga di sekaenyana fela moragonyana, Diphetogo di ne tsa diragala ka makatlanamane mo Yuropa yotlhe.
Ntlo e e Kgaoganeng
15. Labodumedi e ne ya kgaoganngwa jang ke mokgatlho wa Diphetogo mo Yuropa Bophirima?
15 Fa labofelo setsuatsue sa Diphetogo se simolola, se ne sa thubakanya ntlo ya bodumedi ya Labodumedi mo Yuropa Bophirima. Fa le setse le laolwa ka botlalo ke Kereke ya Roma Katoliki, jaanong e ne ya nna ntlo e e kgaoganeng. Yuropa Borwa—Italy, Spain, Austria, le dikarolo tsa Fora—di ne tsa sala e ntse e le tsa Bokatoliki. Karolo e e setseng e ne ya kgaogana ka makgamu a mararo a magolo eleng: Balutere mo Jeremane le mo Scandinavia; Ba-Calvin (Ba Ba Fetogileng) mo Switzerland, mo Netherlands, mo Scotland, le dikarolo tsa Fora le Ba-Anglican mo Ennyelane. Mo dinageng tseno go ne go gasame ditlhopha tse dipotlana mme e le tsa diingaodi, santlha e ne ya nna Ba-Anabaptist mme moragonyana Ba-Menno, Ba-Hutter, le Baitsheki, bao morago ga nako ba neng ba isa ditumelo tsa bone kwa Amerika Bokone.
16. Kgabagare, ke eng seo se neng sa diragalela ntlo ya Labodumedi? (Mareko 3:25)
16 Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, ditlhopha tse dikgolo tseno di ne tsa boa tsa kgaogana gape ya nna makgolokgolo a dikereke tsa gompieno—tsa Presbyterian, Episcopal, Methodist, Baptist, Congregational, fa go umakiwa di sekae fela. Eleruri Labodumedi e ne ya fetoga ntlo e e kgaoganeng. Go ne ga diragala jang gore e kgaogane jaana?
Luther le Dikakanyotheo tsa Gagwe
17. Ke ngwaga ofe o totatota go ka bolelwang gore ke one o Diphetogo tsa Boporotesetanta di simologileng ka one?
17 Fa e le gore go ne go tshwanela gore go bolelwe gore Diphetogo tsa Boporotesetanta tse dikgolo di simologile leng, go ne go ka twe ke ka October 31, 1517, fa moitlami mongwe wa Mo-Augustine ebong Martin Luther (1483-1546) a ne a kokotela dikakanyotheo tsa gagwe tse 95 mo setswalong sa kereke e kgolo kwa Wittenberg mo kgaolong ya Jeremane ya Saxony. Lefa go ntse jalo, ke eng seo se neng sa baka tiragalo eno e kgolo? Martin Luther e ne e le mang? Mme ke eng seo a neng a ganetsana naso?
18. (a) Martin Luther e ne e le mang? (b) Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Luther go kwala dikakanyotheo tsa gagwe?
18 Fela jaaka Wycliffe le Hus yo o neng a le teng pele ga gagwe, Martin Luther e ne e le mokanoki wa moitlami. Gape e ne e le morutegi yo mogolo wa thutobomodimo le moporofesa wa dithuto tsa Bibela wa University of Wittenberg. Luther o ne a itirela leina le legolo ka go tlhaloganya ga gagwe Bibela. Lemororo a ne a sa dumalane gotlhelele le dikgang tse di tshwanang le gore motho o ne a bona poloko, kana a siamisiwa, ka tumelo go na le ka ditiro kana boikotlhao, o ne a sena lefa e le kakanyo ya go tswa mo Kerekeng ya Roma. Ebile tota, o ne a kwala dipono tsa gagwe a arabela tiragalo nngwe eo e neng e diragetse mme le ka motlha o ne a sa loge leano la go tsuologa. O ne a ganetsana le go duedisetsa batho makwalo a boitshwarelo.
19. Mo nakong ya ga Luther, makwalo a boitshwarelo a ne a sa dirisiwe ka tshwanelo jang?
19 Ka nako ya ga Luther, makwalo a boitshwarelo a a neng a ntshiwa ke bomopapa a ne a rekisediwa eseng batshedi fela mme gape le baswi phatlalatsa. Polelo e e tlwaelegileng e ne e le gore “fela fa ledi la tshipi le wela mo mabolokelong a madi, moya le one o tlolela kwa godimo o tswa mo Pakatoring.” Mo bathong ba ba tlwaelegileng, lekwalo la boitshwarelo le ne le tshwana fela le tsela ya go itshireletsa mo go otlhaelweng sebe sepe fela, mme batho ba ne ba seke ba ikotlhaya. “Gongwe le gongwe,” Erasmus a kwala jalo, “batho ba ne ba duelela gore ba seka ba tlhokofadiwa mo pakatoring; le gone ba ne ba sa duele fela, mme bao ba neng ba gana go duela ba ne ba patelediwa go dira jalo.”
20. (a) Ke ka ntlhayang fa John Tetzel a ne a ya kwa Jüterbog? (b) Luther o ne a ikutlwa jang ka go rekisa makwalo a boitshwarelo ga ga Tetzel?
20 Ka 1517 John Tetzel, mokaulengwe mongwe wa moitlami wa Mo-Dominic, o ne a ya kwa Jüterbog, gaufi le Wittenberg go ya go rekisa makwalo a boitshwarelo. Madi ao a neng a a bona a ne a dirisiwa bontlhanngwe jwa one go aga St. Peter’s Basilica mo Roma. Gape a ne a dirisediwa go thusa Albert wa Brandenburg go duela madi ao a neng a a adimile go duelela Curia ya Roma maemo a go nna mobishopomogolo kwa Mainz. Tetzel o ne a dirisa botswerere jotlhe jwa gagwe jwa morekisi, mme batho ba ne ba tshologela kwa go ene. Luther o ne a kgopisiwa ke seno fela thata, mme a dirisa ditsela tse di bofefo tse a neng a di kgona go ntsha pono ya gagwe phatlalatsa kgatlhanong le segakgamalelo seno—ka go kokotela dintlha tse 95 tsa mabaka a gagwe mo setswalong sa kereke.
21. Ke mabaka afe ao Luther a neng a a ntsha fa a ne a bua kgatlhanong le go rekisa makwalo a boitshwarelo?
21 Luther o ne a bitsa dikakanyotheo tsa gagwe tse 95 a re Kemokgatlhanong E E Tlhokang Gore go Sedimosetswe Batho Malebana le Taolo ya Go Itshwarelwa Maleo. Boikaelelo jwa gagwe tota e ne e se go gwetlha bolaodi jwa kereke mme e ne e le go bua kgatlhanong le go feteletsa dilo le go dira kafa go sa tshwanelang malebana le go rekisetsa batho makwalo a boitshwarelo ga bomopapa. Seno se ka bonwa mo dikakanyotheong tse di latelang:
“5. Mopapa ga a na thata lefa e le maatla a go itshwarela melato, kwantle ga e a e pegang batho ka taolo ya gagwe. . . .
20. Ka jalo he mopapa, fa a bua ka go itshwarelwa melato yotlhe ka botlalo, gaa reye melato yotlhe tota, fa e se fela e ene a e pegileng batho. . . .
36. Mokeresete mongwe le mongwe yo ka boammaaruri a ikutlwang fa a le molato o na le tshwanelo ya go sa otlhaiwe le go itshwarelwa molato lefa a sa newa dikwalo tsa boitshwarelo.”
22. (a) Go ne ga tsoga eng fa molaetsa wa ga Luther o ntse o anama? (b) Ke eng seo se neng sa diragala ka 1520 seo se neng se kopanyeletsa Luther, mme phelelo e ne ya nna efe?
22 Ka baka la metšhine e e gatisang e e neng e sa tswa go dirwa, dikgopolo tseno tse di tsosang kgang di ne tsa seka tsa tsaya lobaka go fitlha kwa dikarolong tse dingwe tsa Jeremane—le Roma. Seo se neng sa simologa jaaka kganetsano ya thuto ya motheo ya go rekisetsa batho makwalo a boitshwarelo e ne ya tloga ya nna kgang ya moruthutha malebana le dikgang tse di tshwanang le tumelo le bolaodi jwa bomopapa. Kwa tshimologong, Kereke ya Roma e ne ya tshwara kganetsano le Luther mme ya mo laolela gore a ipone phoso. Fa Luther a ne a gana, barutimmogo le babusi ba sepolotiki ba ne ba mo gatelela. Ka 1520 mopapa o ne a ntsha molao, kana taolo, oo o neng o thibela Luther go rera mme o laola gore dibuka tsa gagwe di jewe ka molelo. Fa Luther a ne a ganana le seo o ne a fisa molao oo wa mopapa phatlalatsa. Mopapa o ne a mo kgaola ka 1521.
23. (a) Kopano ya Worms e ne e le eng? (b) Luther o ne a tlhalosa seemo sa gagwe jang kwa Worms, mme phelelo e ne ya nna efe?
23 Moragonyana mo ngwageng oo, Luther o ne a bilediwa kwa kopanong ya Worms. O ne a sekisiwa ke mmusimogolo wa Mmuso O O Boitshepo wa Roma, ebong Charles V, Mokatoliki wa popota, le ke maloko a le marataro a dikgaolo tsa Jeremane, le baeteledipele ba bangwe le batlotlegi, ba bodumedi le baselefatshe. Fa a ne a gatelelwa go ipona phoso gape, Luther o ne a bua mafoko a gagwe a a itsegeng thata a a reng: “Kwantle ga fa ke bonwe phoso go ya kafa Dikwalong mme ebile go na le lebaka le le utlwalang . . . , ga ke kake ka ipona phoso ya sepe, ka gonne go dira selo kgatlhanong le segakolodi sa motho ga go a siama ebile ga go neye pabalesego. Modimo o nthuse. Amen.” Ka baka leo, o ne a tsewa e le seganana ke mmusimogolo yoo. Lefa go ntse jalo, mmusi wa kgaolo ya Jeremane eo a neng a le mo go yone, ebong Kgosana Frederick wa Saxony, o ne a mo thusa mme a mo fa botshabelo mo kagong ya phemelo nngwe ya kwa Wartburg.
24. Luther o ne a fitlhelela eng fa a ne a le mo kagong ya phemelo kwa Wartburg?
24 Lefa go ntse jalo, go ne ga seka ga kgonega gore dikgato tseno di thibele go anama ga dikgopolo tsa ga Luther. Mo dikgweding di le lesome, tseo a neng a sireletsegile kwa Wartburg, Luther o ne a senya nako ya gagwe a kwala le go ranola Bibela. O ne a ranolela Dikwalo tsa Segerika mo Sejeremaneng go tswa mo mokwalong wa Segerika wa Erasmus. O ne a ranola Dikwalo tsa Sehebera moragonyana. Go ne ga felela Bibela ya ga Luther e le yone eo batho ba ba senang maemo ba neng ba e tlhoka. Go ne ga bolelwa gore “dikaelo di le dikete tse tlhano di ne tsa rekisiwa mo dikgweding tse pedi, di le makgolo a mabedi di ne tsa rekisiwa mo dingwageng tse di lesome le bobedi.” Tlhotlheletso ya yone mo puong le mo botshelong jwa Sejeremane gantsi e bapisiwa le ya King James Version mo Seesemaneng.
25. (a) Leina Boporotesetanta le ne la tlhamiwa jang? (b) Boipolelo jwa kwa Augsburg e ne e le eng?
25 Dingwaga tseo di neng tsa latela morago ga Kopano ya kwa Worms, mokgatlho wa Diphetogo o ne wa emiwa nokeng ke batho ba le bantsi thata mo eleng gore ka 1526 mmusimogolo o ne a letlelela kgaolo nngwe le nngwe ya Jeremane go ka ikgethela bodumedi jo eleng jwa yone, Bolutere kana Boroma Katoliki. Lefa go ntse jalo, ka 1529, fa mmusi a ne a fetola phetso eo ya gagwe, dikgosana dingwe tsa Jeremane di ne tsa ganetsana [protest ka Seesemane] le seo; ka gone leina Boporotesetanta le ne la dirisiwa go na le mokgatlho wa Diphetogo. Ngwaga o o latelang, wa 1530, kwa Kopanong ya Augsburg, go ne ga dirwa boiteko ke mmusimogolo go baakanya dikgotlhang gareng ga makgamu a mabedi ao. Balutere ba ne ba kwala ditumelo tsa bone, eleng Boipolelo jwa Augsburg, tseo di neng di kwadilwe ke Philipp Melanchthon mme di thailwe mo dithutong tsa ga Luther. Lemororo ditumelo tseo di ne di utlwala sentle fa di letlanya, Kereke ya Roma e ne ya di gana, mme go ne ga seka ga kgonega gore Baporotesetanta le Bakatoliki ba letlane. Dikgaolo tse dintsi tsa Jeremane di ne tsa ema le Luther, mme dikgaolo tsa Scandinavia di ne tsa tloga tsa latela morago.
A e ne e le Diphetogo Kana Botsuolodi?
26. Go ya ka Luther, dintlha tsa motheo tseo di neng tsa kgaoganya Boporotesetanta le Bokatoliki e ne e le dife?
26 Dintlha tsa konokono tseo di neng tsa kgaoganya Boporotesetanta le Baroma Katoliki e ne e le dife? Go ya ka Luther, di ne di le tharo. Ya ntlha, Luther o ne a dumela gore poloko e ne e bonwa ka baka la “go siamisiwa ka tumelo fela” (Selatine, sola fide)b mme eseng go itshwarelwa ke moruti kana ditiro tsa boikotlhao. Ya bobedi, o ne a ruta gore motho o ka bona boitshwarelo fela ka baka la kutlwelobotlhoko ya Modimo (sola gratia) mme eseng ka taolo ya baruti kana bomopapa. Ya bofelo, Luther o ne a gatelela gore dithuto tsotlhe tsa motheo di ne di tshwanetse go tlhomamisiwa ka Dikwalo fela (sola scriptura) mme eseng ke bomopapa kana makgotla a dikereke.
27. (a) Ke dithuto dife tse di sa dumalaneng le Dikwalo tsa Bokatoliki le ditlwaelo tseo Boporotesetanta bo neng jwa sala ka tsone? (b) Ke diphetogo dife tseo Baporotesetanta ba neng ba batla gore di dirwe?
27 Go sa kgathalesege seno, The Catholic Encyclopedia e bolela gore, Luther “o ne a boloka ditumelo tse dintsi tsa bogologolo le dingwaokobamelo tseo a neng a kgona go di tsamaisanya le dipono tsa gagwe tse di sa tlwaelegang tsa boleo le go siamisiwa.” Boipolelo jwa Augsburg bo bolela jaana malebana le tumelo ya Selutere gore “ga go na sepe se se phoso mo Dikwalong, kana mo Kerekeng ya Katoliki, kana le eleng mo Kerekeng ya Roma, fela jaaka go itsiwe ga Kereke eo go ya ka se bakwadi ba se kwadileng.” Ebile tota, tumelo ya Selutere, jaaka e kwadilwe mo Boipolelong jwa Augsburg, e ne ya akaretsa dithuto tsa motheo tse eseng tsa Dikwalo tse di tshwanang le Tharonngwe, go sa sweng ga moya, le go tlhokofadiwa ka bosakhutleng, mmogo le ditiro tse di tshwanang le go kolobediwa ga masea le malatsi a boikhutso a kereke le mekete. Mo letlhakoreng le lengwe, Balutere ba ne ba batla gore go dirwe diphetogo dingwe, tse di tshwanang le gore batho ba letlelelwe go nwa bojalwa jwa mofine le go ja senkgwe ka nako ya Mmisa le gore go sa tsenelele mo lenyalong, maikano a baitlami, le go patelediwa go ipolela dibe go fedisiwe.c
28. Diphetogo di ne tsa atlega mo go eng, mme di ne tsa retelelwa mo go eng?
28 Ka kakaretso, Diphetogo, jaaka di ne tsa buelelwa ke Luther le balatedi ba gagwe, di ne tsa atlega mo go robeng jokwe ya bomopapa. Lefa go le jalo, fela jaaka Jesu a ile a tlhalosa mo go Yohane 4:24, “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” Go ka bolelwa gore ka Martin Luther, matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo wa boammaaruri a ne a fetogela sebopegong se sesha fela; tsela e tshesane ya boammaaruri e ne e santse e le kgakala thata.—Mathaio 7:13, 14; Yohane 8:31, 32.
Diphetogo tsa ga Zwingli mo Switzerland
29. (a) Ulrich Zwingli e ne e le mang, mme o ne a rera kgatlhanong le eng? (b) Diphetogo tsa ga Zwingli di ne di farologana jang le tsa ga Luther?
29 Fa Luther a ne a tshwere ka thata a lwantshana le baemedi ba bomopapa le balaodi ba selefatshe mo Jeremane, moruti wa Mokatoliki ebong Ulrich Zwingli (1484-1531) o ne a simolola mokgatlho wa gagwe wa diphetogo mo Zurich, Switzerland. Ereka kgaolo eo e ne e le eo go buiwang Sejeremane mo go yone, batho ba ne ba setse ba amilwe ke lekhubu la diphetogo leo le neng le tswa kwa bokone. Mo e ka nnang ka 1519, Zwingli o ne a simolola go bua kgatlhanong le go rekisiwa ga makwalo a boitshwarelo, go obamela Maria ka mo go feteletseng, go sa nyaleng ga baruti, le dithuto tse dingwe tsa motheo tsa Kereke ya Katoliki. Lemororo Zwingli a ne a bolela fa a se mophato le Luther, o ne a dumalana le Luther mo dintlheng di le dintsi a ba a gasa dipampitshana tsa ga Luther mo nageng eo yotlhe. Lefa go ntse jalo, ka go sa tshwane le Luther yo o neng a tshwareletse mo segologolong, Zwingli o ne a buelela gore go nyelediwe masalela otlhe a ditlwaelo tsa Kereke ya Roma—ditshwantsho, dipapolelo, diaparo tsa seruti, le eleng mmino wa ngwaokobamelo.
30. Kgangkgolo eo Zwingli le Luther ba neng ba kgaoganngwa ke yone e ne e le efe?
30 Lefa go ntse jalo, kganetsano eo e neng e le masisi thata gareng ga Boradiphetogo ba babedi bao e ne e le kganetsano kaga Mmisa (Selalelo). Luther, a gatelela gore mafoko a ga Jesu a a reng, ‘Seno ke mmele wa me’ a tshwanetse go tlhalosiwa jaaka a ntse, o ne a dumela gore mmele le madi a ga Keresete di ne di abiwa ka dikgakgamatso mo senkgweng le beine tseo di neng di abiwa ka nako ya Selalelo. Mo letlhakoreng le lengwe, Zwingli o ne a ganetsana le seo, mo polelong ya gagwe e e reng Ka Sejo sa Morena sa Mantsiboa gore mafoko a ga Jesu a a reng ‘seno ke mmele wa me’ “a tshwanetse go tsewa e le a tshwantshetso kana e le sekapuo; ‘Seno ke mmele wa me,’ go raya gore ‘Senkgwe seno se tshwantshetsa mmele wa me,’ kana ‘ke setshwantsho sa mmele wa me.’” Ka baka la go sa utlwaneng mono, Boradiphetogo ba babedi bao ba ne ba kgaogana.
31. Phelelo ya tiro ya ga Zwingli kwa Switzerland e ne ya nna efe?
31 Zwingli o ne a tswelela go rera dithuto tsa gagwe tsa motheo tsa diphetogo mo Zurich mme o ne a kgona go dira diphetogo tse dintsi koo. Metse e mengwe le yone e ne ya mo sala morago, mme bontsi jwa batho ba ba mo dikgaolong tseo tsa selegae, ereka ba ne ba tshwareletse thata mo segologolong, ba ne ba ngaparela Bokatoliki. Go sa utlwaneng ga makgamu a mabedi ano go ne ga nna gogolo mo eleng gore go ne ga tsoga ntwa ya selegae gareng ga Baporotesetanta ba Switzerland le Bakatoliki ba Roma. Zwingli, yo o neng a direla jaaka moruti wa masole, o ne a bolaelwa kwa ntweng ya kwa Kappel, gaufi le Letsha la Zug, ka 1531. Fa kgabagare go ne go nna le kagiso, kgaolo nngwe le nngwe e ne ya neelwa tshwanelo ya go ikgethela gore ke bodumedi jwa mofuta ofe joo e bo batlang, a ba batla go nna Baporotesetanta kana Bakatoliki.
Ba-Anabaptist, Ba-Menno, le Ba-Hutter
32. Ba-Anabaptist e ne e le bomang, mme ke ka ntlhayang fa ba ne ba rewa leina leo?
32 Lefa go ntse jalo, Baporotesetanta bangwe ba ne ba ikutlwa gore Boradiphetogo bao ba ne ba seka ba dira ka botlalo go bua kgatlhanong le diphoso tsa Kereke ya Katoliki ya bomopapa. Ba ne ba dumela gore kereke ya Bokeresete e tshwanetse go tsenwa fela ke bao ba dirang ka boikanyegi ebile ba kolobeditswe, go na le gore e nne selo sa batho botlhe mo motseng kana morafe. Ka jalo he, ba ne ba ganana le go kolobediwa ga masea mme ba gatelela gore Kereke e kgaogane le Puso. Ka bokhutshwane ba ne ba kolobetsa badumedikabone sesha mme ka gone ba bidiwa ka leina la Ba-Anabaptist (ana go raya “gape” ka Segerika). Ereka ba ne ba gana go ya ntweng, go ikana, kana maemo a bodirelapuso, ba ne ba tsewa jaaka matshosetsi mo bathong mme ebile ba ne ba bogisiwa ke Bakatoliki le Baporotesetanta ka go tshwana.
33. (a) Ke eng seo se neng sa dira gore go tsewe kgato ya go lwantshana le Ba-Anabaptist? (b) Tlhotlheletso ya Ba-Anabaptist e ne ya anama jang?
33 Kwa tshimologong Ba-Anabaptist ba ne ba nna ka ditlhophanyana tse di neng di gasame mo dikarolong tsa Switzerland, Jeremane, le Netherlands. Jaaka ba ne ba ntse ba rera seo ba se dumelang gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, palo ya bone e ne ya oketsega ka bofefo. Segopa sa Ba-Anabaptist, seo se neng se tsenwe ke moya wa bodumedi jwa bone, ba ne ba tlogela molao wa bone wa go sa tlhabane mme ba gapa motse wa Münster ka 1534 ba ba ba leka go tlhoma Jerusalema o Mosha wa batho ba ba tlhakaneng, oo go nyalwang lefufa mo go one. Mokgatlho oo o ne wa nyelediwa mo nakong e khutshwane ka ntwa e kgolo. O ne wa direla Ba-Anabaptist leina le le maswe, mme ba ne ba nyelediwa eleruri. Tota, bontsi jwa Ba-Anabaptist e ne e le batho ba bodumedi jo bo sa raraanang bao ba neng ba leka go tshela botshelo jo bo farologaneng le jwa ba bangwe ebile ba tshela ka tidimalo. Gareng ga ditlhopha tse di neng di rulagantswe botoka tseo di duleng go Ba-Anabaptist e ne e le Ba-Menno, bao e neng e le balatedi ba Radiphetogo wa Mo-Dutch Menno Simons, le Ba-Hutter, ba ba neng ba eteletswe pele ke Jacob Hutter wa Mo-Tyrol. Go tila go bogisiwa, bangwe ba bone ba ne ba fudugela kwa Yuropa Botlhaba—Poland, Hungary, le eleng Russia—ba bangwe ba ne ba ya kwa Amerika Bokone, koo kgabagare ba neng ba nna merafe ya Ba-Hutter le Ba-Amman.
Go Tlhaga ga Ba-Calvin
34. (a) John Calvin e ne e le mang? (b) Ke buka efe ya botlhokwa eo a neng a e kwala?
34 Tiro ya diphetogo mo Switzerland e ne ya tswelelapele kafa tlase ga boeteledipele jwa monna mongwe wa Mofora yo o neng a bidiwa Jean Cauvin, kana John Calvin (1509-64), yo o neng a kopana le dithuto tsa Boporotesetanta mo nakong nngwe ya fa a ne a le moithuti kwa Fora. Ka 1534 Calvin o ne a tswa kwa Paris ka baka la go bogisiwa ga badumedi mme a thibelela mo Basel, kwa Switzerland. Fa a ne a femela Baporotesetanta, o ne a gatisa Institutes of the Christian Religion, eo mo go yone a neng a sobokanya dikgopolo tsa borara ba ntlha ba kereke le baithutabomodimo ba dingwaga tsa bogare, mmogo le tsa ga Luther le Zwingli. Buka eo e ne ya tloga ya tsewa jaaka motheo wa dithuto tsa motheo tsa dikereke tsotlhe tsa Diphetogo tseo di neng tsa thaiwa moragonyana mo Yuropa le mo Amerika.
35. (a) Tlhaloso ya ga Calvin ya thuto ya gagwe ya motheo ya taolelogale e ne e le efe? (b) Bomasisi jwa thuto eno ya motheo bo ne jwa bonala jang mo dikarolong tse dingwe tsa thuto ya ga Calvin?
35 Mo go Institutes, o ne a kwala thutobomodimo ya gagwe. Go ya ka Calvin, Modimo e ne e le molaodimogolo, yo thato ya gagwe e neng e atlhola le go laola sengwe le sengwe. Phapaanong le seo, motho yo o leofileng o boleo mme ebile ga a tshwanelwe ke sepe. Ka jalo, motho ga a bone poloko ka go dira ditiro tse di molemo mme e tswa go Modimo—ka gone, ke ka ntlha eo go nang le thuto ya motheo ya ga Calvin ya taolelogale, eo a neng a kwala ka yone a re:
“Re bolela gore, ka kgakololo ya bosafeleng le e e sa kakeng ya fetoga, Modimo o rulaganyeditse ruri, batho bao A tla ba nayang poloko, le bao A tla ba senyang. Re tlhomamisa gore kgakololo eno, go ya kafa e amang bakgethiwa ka gone, e thailwe mo kutlwelobotlhokong ya Gagwe e e sa tshwanelang, e e sa yeng ka gore motho ke wa maemo afe; mme e leng gore bao A ba senyang, ba tswaletswe kgoro ya botshelo ka katlholo e e siameng le e e sa tlhaeleng gope, mme e le e e tlhaloganyesegang.”
Bomasisi jwa thuto eno bo bonala gape le mo dikarolong tse dingwe. Calvin o ne a gatelela gore Bakeresete ba tshwanetse go tshela matshelo a a boitshepo le a a itshekileng, ba ithiba eseng fela mo boleong mme gape le mo maitlhapedisong le mo go direng dilo tse eseng tsa botlhokwa. Mo godimo ga moo, o ne a tatalalela gore kereke, eo e bopilweng ka bakgethiwa, e tshwanetse go imololwa melawana yotlhe ya selefatshe le gore kereke ke yone fela e ka bopang batho bao ruri ba nang le poifomodimo.
36. (a) Calvin le Farel ba ne ba leka go dira eng mo Geneva? (b) Go ne ga tlhongwa melawana efe e e gagametseng? (c) Phelelo nngwe e e maswe ya dikgato tse di gagametseng tsa ga Calvin e ne ya nna efe, mme o ne a buelela ditiro tsa gagwe jang?
36 Ka bokhutshwane fela morago ga go gatisa Institutes, Calvin o ne a tlhotlhelediwa ke William Farel, eleng Radiphetogo yo mongwe yo o neng a tswa kwa Fora, go ya go thibelela mo Geneva. Boobabedi ba ne ba dira mmogo go dira gore Bo-Calvin bo dirisiwe. Boitlhomo jwa bone e ne e le go fetolela Geneva go nna motse wa Modimo, puso ya bolegodimo eo mo go yone Modimo o laolang ditiro tsa Kereke le tsa Puso. Ba ne ba tlhoma melawana e e gagametseng, mmogo le melao ya kereke, eo e neng e akaretsa sengwe le sengwe go simolola ka molawana wa bodumedi le ditirelo tsa kereke go ya go boitsholo jwa batho le eleng dilo tse di tshwanang le thulaganyo ya go olela matlakala le go thibela molelo. Buka nngwe ya hisitori e bega ka gore, “ka sekai, mokgabisamoriri o ne a latlhelwa mo kgolegelong malatsi a le mabedi ka baka la go kgabisa moriri wa monyadiwa mongwe ka tsela eo go neng go tsewa gore e ne e sa tshwanela mme mmaagwe, le ditsala tsa gagwe tse pedi tsa basadi, bao ba neng ba ile ba mo thusa mo tirong eno, le bone ba ne ba atlholwa ka tsela e e tshwanang. Gape batho ba ne ba atlholelwa go bina le go tshameka dikarata ke molaodi.” Batho bao ba neng ba sa tsamaisane le thutobomodimo ya ga Calvin ba ne ba tshwarwa makgwakgwa, kgang e e maswemaswe ya seno e ne ya nna go jewa ka molelo ga ga Miguel Serveto, kana Michael Servetus wa Mo-Spain.—Bona lebokoso, tsebe 322.
37. Tlhotlheletso ya ga Calvin e ne ya anamela le kwa ntle ga Switzerland jang?
37 Calvin o ne a tswelela a dirisa mofuta wa gagwe wa diphetogo mo Geneva go fitlhela ka nako ya loso lwa gagwe ka 1564, mme kereke ya Diphetogo e ne ya tlhomama fela thata. Boradiphetogo ba Baporotesetanta, bao ba neng ba tshaba pogiso go tswa kwa mafatsheng a mangwe, ba ne ba tshologela kwa Geneva, ba tsaya dikgopolo tsa ga Calvin, mme ba di goga kwa pele mo go simololeng mekgatlho ya diphetogo mo dinagagaeng tsa bone ka go farologana. Bo-Calvin bo ne jwa tloga jwa anamela kwa Fora, koo Ba-Huguenot (jaaka Baporotesetanta ba Fora ba Ba-Calvin ba ne ba bidiwa) ba neng ba bogisiwa mo go setlhogo ke Bakatoliki. Mo Netherlands, Ba-Calvin ba ne ba thusa go tlhoma Kereke ya Dutch Reformed. Mo Scotland, tlase ga moeteledipele yo o tlhaga ebong John Knox yo pele e neng e le moruti wa Mokatoliki, go ne ga tlhongwa Kereke ya Presbyterian ya Scotland ya mofuta wa ga Calvin. Bo-Calvin gape bo ne jwa nna le seabe mo Diphetogong mo Ennyelane, mme go tswa koo bo ne jwa isiwa kwa Amerika Bokone ke Baitsheki. Ka mabaka ano, lemororo Luther a ne a simolola Diphetogo tsa Boporotesetanta, Calvin ke ene yo o neng a nna le tlhotlheletso e kgolo mo go bo anamiseng.
Diphetogo mo Ennyelane
38. Moya wa Boporotesetanta mo Ennyelane o ne wa tlhotlhelediwa jang ke tiro ya ga John Wycliffe?
38 Phapaanong le mekgatlho ya diphetogo mo Jeremane le Switzerland, Diphetogo tsa Ennyelane di simologile bogologolo mo metlheng ya ga John Wycliffe, yo go rera ga gagwe kgatlhanong le baruti le go gatelela Bibela ga gagwe go neng ga tlhotlheletsa moya wa Boporotesetanta mo Ennyelane. Ba bangwe le bone ba ne ba mo sala morago mo boitekong jwa gagwe jwa go ranolela Bibela mo Seesemaneng. William Tyndale, yo o neng a tshwanela go tshaba kwa Ennyelane, o ne a kwala Tesetamente e Ntšha ya gagwe ka 1526. Moragonyana o ne a okiwa kwa Antwerp mme a kalediwa mo koteng, mme mmele wa gagwe o ne wa jewa ka molelo. Miles Coverdale o ne a digela tiro ya ga Tyndale ya go ranola, mme Bibela yotlhe e ne ya nna gone ka 1535. Go gatisiwa ga Bibela ka puo ya batho kwantle ga pelaelo ke lone lebaka le le maatla go a feta otlhe la go bo go ile ga nna le Diphetogo mo Ennyelane.
39. Henry VIII o ne a na le seabe sefe mo Diphetogong mo Ennyelane?
39 Go kgaogana le Boroma Katoliki ga semolao go ne ga diragala fa Henry VIII (1491-1547), yo o neng a bidiwa Mofemela Tumelo ke mopapa, a ne a itsise Molao wa Bolaodi ka 1534, a itlhoma jaaka tlhogo ya Kereke ya Ennyelane. Gape Henry o ne a tswala dikago tsa baitlami mme a kgaoganya dithoto tsa bone gareng ga batlotlegi. Mo godimo ga moo, o ne a laola gore mo kerekeng nngwe le nngwe go beiwe sekaelo sa Bibela ka Seesemane. Lefa go ntse jalo, tiro ya ga Henry e ne e le ya sepolotiki go na le ya bodumedi. O ne a batla go kgaogana le go laolwa ke bomopapa, segolobogolo mo mererong ya gagwe ya lenyalo.d Lemororo a ne a sa ipitse Mokatoliki gone mme o ne a ntse a le ene ka ditiro.
40. (a) Ke diphetogo dife tseo di neng tsa diragala mo Kerekeng ya Ennyelane fa go ne go busa Elizabeth I? (b) Ke ditlhopha dife tsa batho bao ba neng ba ngaloga tseo kgabagare di ileng tsa simologa mo Ennyelane, Netherlands, le Amerika Bokone?
40 Kereke ya Ennyelane e ne ya dira ditiro tsa Boporotesetanta lemororo tsamaiso ya yone e ne ya nna e ntse e le ya Sekatoliki ka nako ya puso e e neng ya tsaya lobaka lo loleele (1558-1603) ya ga Elizabeth I. E ne ya fedisa go obamelwa ga mopapa, go sa nyaleng ga baruti, go ipolela dibe, le ditiro tse dingwe tsa Bokatoliki, lefa go le jalo e ne ya nna kereke ya sebishopo ka puso ya yone ya baruti ya bobishopobagolo le bobishopo mmogo le mephato ya baitlami ba banna le baitlami ba basadi.e Go tshwarelela mo dilong tsa bogologolo mono go ne ga baka go sa itumeleng ga batho ba le bantsi, mme go ne ga tsoga ditlhopha tse di farologaneng tsa batho ba ba neng ba ngaloga. Baitsheki ba ne ba batla gore go nne le diphetogo tse di bonalang go ntsha ditlwaelo tsotlhe tsa Boroma Katoliki mo kerekeng; Baitomolodi le Baipusi ba ne ba gatelela gore merero ya kereke e tshwanetse go tsamaisiwa ke bagolwane ba lefelo leo (presbyters, ka Seesemane). Diingaodi ka bontsi di ne tsa siela kwa Netherlands kana kwa Amerika Bokone, koo ba neng ba simolola dikereke tsa bone tsa Congregational le Baptist gape. Gape mo Ennyelane go ne ga tsoga Mokgatlho wa Ditsala (Ba-Quaker) bao ba neng ba eteletswepele ke George Fox (1624-91), le Ba-Methodist bao ba neng ba eteletswepele ke John Wesley (1703-91).—Bona tšhate e e fa tlase.
Matswela E ne ya Nna Afe?
41. (a) Go ya ka pono ya bakanoki bangwe, Diphetogo di ne tsa nna le phelelo efe mo ditiragalong tsa batho? (b) Ke dipotso dife tseo di tlhokang go akanyediwa ka bomasisi?
41 Ereka re sekasekile ditlhopha tse tharo tse dikgolo tsa Diphetogo—ebong Bolutere, Bo-Calvin, le Bo-Anglican—re tshwanetse go ema mme re akanyetse seo Diphetogo di ileng tsa se fitlhela. Kwantle ga pelaelo, di ile tsa fetola tsela e ditiragalo di neng di tsamaya ka yone mo lefatsheng la Bophirima. “Diphetogo di ne di tshwanetse go felela di tlhotlheletsa batho gore ba nyorelwe kgololesego le go nna batho ba maemo a a kwa godimo le ba ba itshekileng. Gongwe le gongwe ko Boporotesetanta bo neng bo anamela gone, bo ne jwa dira gore batho ka kakaretso ba ikutlwe ba na le nonofo,” go ne ga kwala jalo John F. Hurst mo bukeng ya gagwe Short History of the Reformation. Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore tlhabologo ya Bophirima jaaka re e itse gompieno e ka bo e se kile ya nna gone fa e ne e se ka Diphetogo. Mme le fa go ka tswa go ntse jalo, re tshwanetse go botsa ka gore: Diphetogo di ile tsa fitlhela eng mo bodumeding? Di ile tsa direla batho eng malebana le matsapa a ba ileng ba a tsaya go batla Modimo wa boammaaruri?
42. (a) Kwantle ga pelaelo ke molemo ofe o mogolo oo Diphetogo di ileng tsa o dira? (b) Ke potso efe malebana le dilo tseo ka boammaaruri di fitlheletsweng ke Diphetogo eo e tshwanetseng go bodiwa?
42 Kwantle ga pelaelo, molemo o mogolo oo Diphetogo di o fitlheletseng e ne e le gore di dirile gore batho ba ba senang maemo ba kgone go nna le Bibela ka puo ya bone. Ba ne ba kgona go bala Lefoko la Modimo e le lantlha, moo ba neng ba kgona go nonofa semoyeng. Mme legale, go tlhokega mo go oketsegileng go na le go bala Bibela fela. A Diphetogo di ne tsa golola batho eseng fela mo go laolweng ke bomopapa mme gape le mo dithutong tsa motheo tse di phoso le mo ditumelong tseo ba neng ba ntse ba dumela mo go tsone ka makgolokgolo a dingwaga?—Yohane 8:32.
43. (a) Bontsi jwa dikereke tsa gompieno tsa Boporotesetanta di dumela mo melawaneng efe, ba bolela fa ba dumela mo go eng? (b) Moya wa kgololesego le ditsela tse di farologaneng tse di bakilweng ke Diphetogo di dirile eng mo matsapeng a a tserweng ke batho go batla Modimo wa boammaaruri?
43 Mo e batlileng e nna dikereke tsotlhe tsa Baporotesetanta di dumela mo ditumelomotheong tse di tshwanang—ditumelomotheo tsa Nicaea, Athanasius, le tsa Baaposetoloi—mme tseno di bua ka tsone dithuto tsa motheo tseo Bokatoliki bo neng bo ntse bo di ruta ka makgolokgolo a dingwaga ebong Tharonngwe, go sa sweng ga moya, le molelo wa dihele. Dithuto tsa go nna jalo tse eseng tsa Dikwalo di ne tsa dira gore batho ba nne le pono e e sa siamang kaga Modimo le maikaelelo a gagwe. Go na le go ba thusa mo matsapeng a bone a go batla Modimo wa boammaaruri, makoko a mantsi le dikereke tseo di neng tsa nna gone ka baka la kgololesego ya Diphetogo tsa Boporotesetanta di ile tsa dira gore batho ba tseye ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Ebile tota, go farologana moo le tlhakatlhakano di dirile gore batho ba le bantsi ba belaele gore a Modimo o gone. Phelelo e ile ya nna efe? Mo lekgolong la bo 19 la dingwaga go ile ga tsoga lekhubu la bolatolamodimo le bosaitsiweng jwa Modimo. Seo ke sone setlhogo sa kgaolo e e latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dikwalo tsa boitshwarelo jwa dibe tseo di ntshiwang ke mopapa.
b Luther o ne a gatelela thata kgopolo ya gore “motho o siamisiwa ka tumelo fela” mo eleng gore mo thanolong ya gagwe ya Bibela, o ne a tsenya lefoko “fela” mo go Baroma 3:28. Gape o ne a belaela mafoko a buka ya Yakobe a a reng “tumèlō, ha e sena ditihō, e be e shule ka eosi.” (Yakobe 2:17, 26) O ne a seka a lemoga gore mo go Baroma, Paulo o ne a bua ka ditiro tsa Molao wa Bajuda.—Baroma 3:19, 20, 28.
c Martin Luther o ne a nyala Katharina von Bora ka 1525, mosadi yo pele e neng e le moitlami yo o neng a tshaba botshwaro jwa boitlami jwa Cistercian. Ba ne ba na le bana ba le borataro. O ne a tlhalosa gore go ne go na le mabaka a le mararo ao a neng a dirile gore a nyale: eleng go itumedisa rraagwe, go swabisa mopapa le Diabolo, le go konela bosupi jwa gagwe pele ga a swa loso lwa boswelatumelo.
d Henry VIII o ne a na le basadi ba le borataro. Phapaanong le dikeletso tsa mopapa, o ne a latlha mosadi wa gagwe wa ntlha, mme o ne a tlhala wa bobedi. O ne a laola gore basadi ba gagwe ba babedi ba kgaolwe ditlhogo, mme ba bangwe ba babedi ba ne ba swa loso lwa tlholego fela.
e Lefoko la Segerika e·piʹsko·pos le ranolwa go twe “bishopo” mo Dibibeleng tsa Seesemane tse di tshwanang le King James Version.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 322]
“Diphoso tsa Tharonngwe”
Fa Michael Servetus (1511-53), Mo-Spain yo o neng a ithutile molao le kalafi a ne a na le dingwaga di le 20, o ne a kwala De Trinitatis erroribus (Diphoso tsa Tharonngwe), eo mo go yone a neng a tlhalosa gore “ga a na go dirisa lefoko Tharonngwe, leo le sa fitlhelweng mo Dikwalong, leo ebileng le lebega le tsweledisa phoso ya botlhajana.” O ne a latofatsa thuto ya motheo ya Tharonngwe “e e sa kakeng ya tlhaloganngwa, selo seo se sa kakeng sa diragala go ya kafa dilo di ntseng ka gone ka tlholego, ebile e le eo e ka nnang ya lebiwa jaaka tlhapatsomodimo!”
Ka baka la go bua a sa kgwe mathe ga gagwe, Servetus o ne a atlholelwa loso ke Kereke ya Katoliki. Mme Ba-Calvin ke bone bao ba neng ba dira gore a tshwarwe, a sekisiwe, a bo a bolawe ka go jewa ka molelo ka iketlo. Calvin o ne a buelela ditiro tsa gagwe ka go bua mafoko ano: “Fa Baroma Katoliki ba le bogale ebile ba lwela go femela ditumelobotlhodi tsa bone mo ba bileng ba gakaletse go tsholola madi a a senang molato ka bosetlhogo, a boagente ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong fa ba sa gakale ka mo go tshwanang go femela boammaaruri jo bo tlhomamisegang?” Go feteletsa dilo tsa bodumedi ga ga Calvin le kilo ya gagwe go ne ga dira gore a seka a atlhola dilo sentle ga ba ga bipa melaometheo ya Bokeresete.—Bapisa Mathaio 5:44.
[Ditshwantsho]
John Calvin, kafa molemeng, o ne a dira gore Michael Servetus, yo o kafa mojeng, a jewe ka molelo a ntse a tshela jaaka moikeodi
[Tšhate mo go tsebe 327]
(For fully formatted text, see publication)
Tlhatlhamano e e Tlhofofaditsweng ya Ditumelo tse Dikgolo tsa Labodumedi
Tshimologo ya Botenegi - Lekgolo la Bobedi la Dingwaga
Kereke ya Roma Katoliki
Lekgolo la Bonè la Dingwaga (Constantine)
Lekgolo la Botlhano la Dingwaga Mo-Jacob wa Mo-Copt
1054 C.E. Eastern Orthodox
Ya Russia
Ya Gerika
Ya Romania le tse dingwe
Lekgolo la bo 16 la Dingwaga Diphetogo
Bolutere
Bojeremane
Bo-Sweden
Bo-Amerika le tse dingwe
Anglican
ya Sebishopo
Bo-Methodist
Mophato wa Poloko
Bo-Baptist
Bo-Pentecostal
Bo-Congregational
Bo-Calvin
Bo-Presbyterian
Dikereke tsa Diphetogo
[Ditshwantsho mo go tsebe 307]
Ditshwantsho tseno tsa logong tsa lekgolo la bo 16 la dingwaga di bontsha kafa go leleka ga ga Keresete baananyi ba madi go farologanang ka gone le go rekisa makwalo a boitshwarelo ga ga mopapa
[Ditshwantsho mo go tsebe 311]
Jan Hus a golegeletswe mo koteng
Radiphetogo wa Moesemane le moranodi wa Bibela John Wycliffe
[Ditshwantsho mo go tsebe 314]
Martin Luther kafa mojeng, o ne a ganana le go rekisiwa ga makwalo a boitshwarelo ke mokaulengwe wa moitlami John Tetzel