LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/15 ts. 26-30
  • A Hisitori ya Bodumedi e na le Mosola Ope mo go Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Hisitori ya Bodumedi e na le Mosola Ope mo go Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Ileng sa Senolwa ke go Duedisa go Itshwarela Dibe
  • Seo Megopolo e 95 ya ga Luther e Neng e se Senola
  • Kafa go Tlogelwa ga Tumelo ya Boammaaruri go Simologileng ka Teng
  • Diphetogo​—Eseng Tsosoloso
  • Thuto mo Hisitoring ya Bodumedi jwa Gompieno
  • A Hisitori ya Bodumedi e Na Le Mosola Mongwe?
  • Martin Luther—Botshelo Jwa Gagwe le Boswa Jo a Bo Tlogetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Diphetogo—Matsapa A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Wessel Gansfort—“Modiradiphetogo yo o Tlileng Pele ga Diphetogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Metsi a Diphetogo a Simolola go Elela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/15 ts. 26-30

A Hisitori ya Bodumedi e na le Mosola Ope mo go Wena?

“KWA SEKOLONG, ke ne ke sa rate hisitori gotlhelele,” Barbara o dumela jalo phatlalatsa Mme jaanong o anaanela kitso kaga Ntwa ya Lefatshe I, ka sekai. Gammogo le Bibela ya gagwe, boikitsiso jono bo mo thusa go tlhalosa ka mo go utlwalang gore ke ka ntlhayang fa lefatshe e sale ka 1914 le tlhokileng kagiso. (Tshenolō 6:4) Ka mo go tshwanang, hisitori ya bodumedi e ka re thusa go tlhaloganya lefatshe le re nnang mo go lone.

Ke ka ntlhayang fa merafe, batho, le eleng malapa a ile a arogana ka ditumelo tsa Bokatoliki le Boporosetanta fa e sale ka lekgolo la bo-16 la dingwaga? “Mo kgaratlhelang ya go nna le thuto e e itshekileng ya Efangele, mo ka nako eo go neng go simolotswe segolo-bogolo ke baruti ba kereke ba Majeremane, ba Switzerland, le ba Fora, Roma e ne e sa ikemisetsa go ineela,” go akgela ra-hisitori ebong Friedrich Oehninger. Seno se ne sa gogela kwa go bopiweng ga dikereke tse di farologaneng.

A mme “thuto e e itshekileng a Efangele” e ne ya tlhomiwa? Go lebelela mo hisitoring ya bodumedi go tla re thusa go lemoga se tota se ileng sa diragala.

Se se Ileng sa Senolwa ke go Duedisa go Itshwarela Dibe

“Diphetogo di ne tsa simolola ka go lwantsha ga ga Luther kgobololo ya go duedisa go itshwarela dibe, mo go lebegang jaaka selo se se nang le bokao jwa botlhokwa fela mo kerekeng,” go akgela jalo ra-hisitori Gottfried Fitzer. “Mme boammaaruri ke gore go senola gore dikgang tsa boreri di ne di golagantswe thata le madi, itsholelo, le dipolotiki.” A re eleng tlhoko thata.

Prince Albert wa Brandenburg o ne a nna le maemo a a kwa godimo mo kerekeng. O ne a tshwanetse go duela ntlo-kgolo ya ga mopapa mo e ka nnang diranta di le sephatlo sa milione, a tsere sekoloto sa banka. Mopapa o ne a tlhopha Archbishop Albert jaaka moemedi wa gagwe wa go itshwarela dibe wa Jeremane bogare mme a mo letlelela gore a tseye sephatlo sa dipoelo go duela dikoloto tsa gagwe.

Baruti ba ga Albert ba ba itshwarelang dibe ba ne ba atlega mo gogolo mo go anamiseng seno, ba tlhomamisetsa batho “go itshwarelwa dibe tsotlhe” le go gololwa ka bofefo mo pakatoring. Fa go buiwa boammaaruri tota, kereke e ne e itshwarela melato ya kereke fela, mme batho ba ne ba dumela gore makwalo a itshwarelo-dibe a ne a tla ba golola mo sebeng sotlhe. Martin Luther o ne a kgopisega mme, ka 1517, o ne a gatisa megopolo ya gagwe e 95 e e itsegeng, “ka ntlha ya lorato lwa boammaaruri,” jaaka a ile a kwala mo boikitsisong jwa gagwe.a

Ereka Luther a ne a batla go buisana le bakanoki fela, moo ene jaaka moporofesa a neng a na le tshwanelo ya gone, megopolo eno e ne e kwadilwe ka Selatine. Mme e ne ya tsosa “maikutlo a a tshosang,” go ya ka Friedrich Oehninger. “Mo malatsing a le 14 [dithanolo tse di gatisitsweng tsa Sejeremane] di ne tsa itsiwe mo Jeremane yotlhe, mo dibekeng di le 4 di ne tsa itsiwe mo go La-Bodumedi yotlhe. Bangwe ba ne ba ipelela go bo jaanong monna a le mongwe a ne a ema kgatlhanong le kgatelelo ya Roma; mo go ba bangwe, Luther o ne a nna motho yo o ilwang.” Phelelo ya megopolo eno e ne ya gakgamatsa Luther ka boene. E ne e senola eng?

Seo Megopolo e 95 ya ga Luther e Neng e se Senola

Go ya ka mogopolo wa gagwe wa ntlha, “botshelo jotlhe jwa modumedi bo tshwanetse go nna jwa go ikwatlhaela sebe.” Moleofi o ne a ka agisana le Modimo eseng ka makwalo a itshwarele-dibe mme e leng ka go ikwatlhaya ga boammaaruri le boitshwaro jwa Bokeresete. Nngwe ya megopolo ya bofelo e balega jaana: “Ka gone, tlosang baporofeti botlhe bao ba ba rerelang Bakeresete ba re: ‘Kagiso, kagiso,’ mme go sena kagiso.”​—92nd.

Efan ele e tshwanetse go nna “e e kwa godimo le “selo sa botlhokwa tota,” eseng dingwao, Luther o ne a kwala jalo. (55th, 62nd, 66th) Ke boammaaruri Jesu o ne a tlhoma sekai ka go ruta ka Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng a bolela jaana ka Lefoko la Modimo: “Lehoko la gago ke boamarure.” (Yohane 17:17; Luke 24:44) Ka go hapoga motlhala ono, baruti ba ne ba latlha Bibela jaaka molaodi yo mogolo mme ba tshwarega mo seraing sa dithuto tsa batho. Luther o ne a ba kgoba, ka gore: “Dithuto tsa batho di rutwa ke bao ba reng moya o fofa (go tswa mo pakatoring) ka bofefo fela fa madi a lela mo lebokosong.”​—27th.

Luther o ne a tlhagisa gore “dipoelo le bogagapa di oketsega” ka baka la dithuto tseo. (28th) Hisitori ya bodumedi e tlhomamisa gore baruti ba ile ba itlhokomolosa tlhagiso ya Dikwalo mme ba fekeediwa ke lorato lwa madi. (Bahebera 13:5) Buka ya hisitori ya Katoloki e dumelana jaana: “Motswedi wa se se bakang go bola mo kerekeng ya nako eo e ne e le molao wa lekgetho wa setlhopha se se tsamaisang diphuthego tsa kereke ya Roma, eo e neng e leswefaditswe ka botlalo ke go reka maemo ka madi.”

Fa Luther a ne a bua kgatlhanong le “ngwao e e ‘itshepisitsweng’” mme “a kgala a sa kgwe mathe go nwela ga kereke mo go tsa madi le bobusi,” jaaka ra-hisitori mongwe wa Porosetanta a ile a go tlhalosa, o ne a ama se tota e leng bothata: go tlogelwa ga dithuto tsa pele tsa Bakeresete ka kakaretso.

Kafa go Tlogelwa ga Tumelo ya Boammaaruri go Simologileng ka Teng

Mogopolo wa bo-11 o ne wa tlhalosa thuto e le nngwefela e e seng ya dikwalo jaaka “mohero o ka phepafalo o neng wa jalwa fa boBishop ba robetse.” Seno se re gakolola setshwantsho sa ga Jesu sa mabele le mohoka, seo mo go sone a neng a bolelela-pele go jadiwa ga Bakeresete ba eseng bone. (Mathaio 13:36-43) Morago ga loso lwa baaposetoloi, Bakeresete bano ba maaka, gammogo le baruti ba batenegi, ba ne ba tlhakanya dithuto tsa boammaaruri tsa Bibela le botlhale jwa Segerika mme ba simolola dithuto tse e seng tsa Dikwalo jaaka go sa sweng ga moya, molelo wa dihele, le Tharo-Nngwe.b​—Ditihō 20:29, 30.

Ka sekai, Bakeresete ba pele ba ne ba sena ditshwantsho, gape ba go neng go twe ke bo-fatere ba Kereke ba ne ba leba go tlotliwa ga setshwantsho jaaka “go sokamisa dilo le go tlola molao.” Lefa go ntse jalo, kwa bofelong jwa lekgolo la bone la dingwaga, dikereke di ne di setse di tletse ka ditshwantsho tsa ga Jesu, Maria, baaposetoloi, baengele, le baperofeti. Go ya ka Epiphanius wa Salamis, bao ba neng ba tshwantshitswe ba ne ba sa tlotlwe ka tshwanelo fa batho ba obama fa ba feta fa go bone. Ka bonya ka bonya, tlhagiso e e reng “ikiheñ mo medimoñ ea disètwa” e ne ya simolola go itlhokomolosiwa.​—1 Yohane 5:21; bapisa Ditihō 10:25, 26.

Batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba latlha taolo ya ga Jesu fa ba ne ba simolola go ‘laola bakaulengwe ba bone ka kgatelelo ka go rulaganya balaodi ba seruti. (Mathaio 20:25-27; 23:8-11) Moragonyana, bo-bishopo ba Roma ba ne ba bolela fa ba feta ba bangwe ka maemo. Fa “go bola ga botshelo jwa baruti kafa tlase ga bobusi jwa mopa a jwa selefatshe go tswelela go sa tlhokomelwe,” kereke e ne ya dira maiteko a “go ipo a sesha mme e ne e sa kgone go dira jalo,’ go akgela jalo ra-hisitori Oehninger.

Go ne ga nna le diphetogo di le dintsi ka ngwaga wa lekgolo la bo-16 la dingwaga. “Seemo sa nako se ne se siametse [Luther],” ga rialo Oehninger, a oketsa ka go re “baganetsi ba ne ba mo tlhasela, ba setse ba mo tshosetsa ka loso ba re o maaka, mme ba ne ba dira fela gore a dire ditlhotlhomiso tse dintsi tse disha mo motheong wa Dikwalo tse di Boitshepo, go fitlhelela tsamaiso yotlhe ya Roma, jaaka ya maitirelo a motho fela, e simolola go sugakanela fa pele ga matlho a gagwe.” A mme dikereke tse di neng di sa tswa go tlhomiwa tse disha di ne di gololesegile ka boammaaruri mo “kgobololong e e maswe le dithuto tsa maaka,” jaaka di ne di iphaka?

Diphetogo​—Eseng Tsosoloso

Pitso eno ya diphetogo mo lekgolong la dingwaga la bo-16 ga e a ka ya gogela kwa go tsosolosiweng ga kereke ya “lobopo lotlhe” kana dithuto tsa pele tsa Bokeresete mme go ne ga dira gore La-Bodumedi wa botenegi a kgaogane ka dikarolo tsa botenegi tseo di neng tsa kgaogana gape. Bo-bishopo ba gompieno, go akareletsa bajaboswa ba ga Luther, ba lebega ba santse ba “robetse,” jaaka mogopolo wa bo-11 o ne wa umaka.

Maporosetanta a ne a gana thuto ya itshwarelo ya dibe mme ba amogela dithuto tse dingwe di le dintsi tsa maaka. “Go tswa mo dithutong tsa Segerika, thuto ya bodumedi jwa Boketesete gape e ne ya amogela thuto ya go sa sweng ga moya.” Ga rialo Evangelischer Erwachsenenkatechismus (Katekesima ya Bagolo ya Protestanta). E ne ya “kopanngwa . . . le bosupi jwa Bibela kaga tsogo ya mmele.”

Ka go dirisa dithuto tsa batho le go tlhakanya bodihedi jwa bone le dilo tsa selefatshe, go akareletsa dipolotiki, baeteledipele ba La-Bodumedi, jaaka mo metlheng ya ga Luther, ba tlodisa taolo ya Bibela matlho. Ka gone, “sechwanchō hèla sa poihōmodimo” sa bone se itshupa se sena maatla ebile se ka seke sa emisa palo e e welang kwa tlase ya ba ba nnang gone mo ditirelong tsa kereke, go itlhokomolosa dilo ga maloko a kereke, go sokamisetsa dipuisano tsa kereke kwa dipolotiking, le go tlogela kereke mo go oketsegang ga maloko.​—2 Timotheo 3:5.

Fela jaaka boikitsiso jwa boemo jwa molwetsi jwa nako e e fetileng bo thusa ngaka gore e tlhatlhobe bolwetsi jwa motho yoo, hisitori ya bodumedi le yone e ka re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa La-Bodumedi e koafalela pele mo motlheng wa rona. A mme he, ga go na tsholofelo ya Bokeresete jwa boammaaruri? Ke se se farologaneng! Setshwantsho sa ga Jesu se ile sa lemotsha gore balatedi ba gagwe ba ba tshwanang le mabele, “ ana ba bogosi” ba boammaaruri, ba ne ba tla lemogiwa fa go robiwa mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Mathaio 13:38, 39; Daniele 12:4) Seno se ne se tla diragala jang?

Thuto mo Hisitoring ya Bodumedi jwa Gompieno

Ka 1891 setlhopha sa Baithuti ba Bibela ba ne ba etela legae la pele la ga Luther kwa Wittenberg. ‘Abo go ne go gakolola sentle jang ne dinako tseo tsa dikgogakgogano,” moeti mongwe o ne a bega jalo. Mongwe wa bao ba neng ba tsena mo “ntlwaneng ya boithutelo [ya ga Luther] a ba a nna mo setilong sa gagwe sa bogologolo” e ne e le Charles Taze Russell. Pego e tswelela jaana “[Re] na le lebaka le legolo la go itumela gompieno gore, lemororo basimolodi ba diphetogo tse dikgolo ba ile ba seka ba wetsa tiro mme ba nna ba simolola ditsamaiso tse dingwe tse di phoso, go sa kgathalesege seo, ka ntlha ya tlamelo ya bomodimo, go phepafadiwa ga lefelo le le boitshepo go ne ga tswelela go ya botlalong, mme dijana tsa gauta tsa boammaaruri jwa bomodimo jaanong di bewa ka tshwanelo.” Seo Luther a ileng a palelwa ke go se fitlhelela, moeti yono o ne a thusa mo go se fitlheleleng.

E ne e le tiragalo e kgolo mo hisitoring fa Russell​—gammogo le banna ba bangwe le basadi ba ba ratang boammaaruri le—​a ne a simolola thuto ya Bibela a ikemetse ka bonosi ka bo-1870. Lefa go ntse jalo, magareng a 1870 le 1875 ba ne ba “bona dintlha fela tsa Maikaelelo a Modimo le go sa ithute dilo tse di fosagetseng tse dintsi tse di ratwang, nako ya go lemoga mo go phepafetseng ga dilo tsa mmatota go ise go tle,” jaaka Russell a ne a kwala moragonyana Mme dingwaga tse di latelang e ne ya nna tse dikgolo thata mo go tsosoloseng ditekanyetso tsa ntlha tsa Bokeresete.

Ka makasine wa Zion’s Watch Tower, Baithuti ba Bibela ba ne ba anamisa gore leina la Mogodimodimo ke Jehofa, gore moya o a swa (1881), gore Tharo-Nngwe ga se ya Dikwalo (1882), le gore dihele tsa Bibela ke lebitla (1883). Fela jaaka dithuto tsa maaka di tsene ka bonya ka bonya, jaanong lesedi la boammaaruri le ne la nna la phatsima ka bonya ka bonya. (Diane 4:18, 19) Go tswa kwa tshimologong, Bakeresete bano ba ne ba utlwisisa boammaaruri jwa motheo kaga Jesu, yo o neng a neela botshelo jwa gagwe jaaka thekololo, mme ba ne ba dira go boa ga gagwe mo go sa bonaleng le Bogosi jwa Modimo moko wa tiro ya bone.​—1 Timotheo 2:6.

Gore go nne le go “jalwa ga boammaaruri jwa Bibela ka dipuo tse di farologaneng” ka tiriso ya dikgatiso, ka 1884 Baithuti ba Bibela ba ne ba kwadisa Zion’s Watch Tower Tract Society kafa molaong mo United States e e neng e setse e tlhomilwe. Go ne go setse go na le dikgatiso tsa se-Swedish mo ngwageng e e fetileng, mme he ka 1885, dibuka tsa ntlha tsa Sejeremane di ne tsa nna gone. Go ne ga akanngwa ka tiro ya borongwa mo mafatsheng a seeng ka 1892. Gompieno, Baithuti ba Bibela​—ba ba itsegeng sentle jaaka Basupi ba ga Jehofa—​ba rera “Mahoko a a molemō a, a bogosi” mo dinageng le mafatshe a le 208 ka dipuo di ka nna 200.​—Mathaio 24:14.

Bontsi jwa Basupi e ne e le maloko a dikereke tsa La-Bodumedi kana ditumelo tse dingwe mme ba dumela mo dithutong tse di tlontlololang Modimo. Morago ga go amogela kitso ya boammaaruri kaga Modimo le go nna le tumelo, ba ne ba ikotlhaela tsela ya bone e e phoso, ba sokologa, mme ba nna batlhanka ba ba ineetseng ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Go “diha ditihō tse di chwanetsen boikwatlhaō” ga bone go ile ga felela ka segakolodi se se phepa le ke go agisana le Modimo.​—Ditihō 26:20; Yohane 17:3.

A Hisitori ya Bodumedi e Na Le Mosola Mongwe?

Ruri go ntse jalo. Dikarolo tse dikgolo tsa Bibela di na le hisitori ya bodumedi e e nang le mosola. (Baroma 15:4) Efangele e bontsha ka moo Jesu a neng ruta boammaaruri ka gone kaga Modimo le boikaelelo jwa Gagwe ka lefatshe. Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go letela Bogosi jwa selegodimo jo bo neng bo tla rarabolola mathata a selefatshe. “Ke gōne disañ, gonne ga lo itse letsatsi le fa e le nako,” Jesu o ne a rialo.​—Mathaio 6:9, 10; 25:1-13.

Hisitori ya bodumedi e netefatsa go tla ga Bakeresete ba eseng ba boammaaruri ba ba boleletsweng-pele, ba ba neng be tlhoma bobusi jwa bone jwa selefatshe Phetogo e ne ya fetola seemo sa lefatshe mme ga e a ka ya tsosolosa dithuto tse Bibela tse di itshekileng. Gape hisitori e supa go nna gone ga Bakeresete be segompieno ba ba “disañ,” ba eseng ba “lehatshe,” mme ba baya Bogosi jwa Modimo kwa pele. (Yohane 17:16) Boikitsiso jono bo ile jwa thusa batho ba le bantsi go bona balatedi be boammaaruri ba ga Jesu gompieno.

Barbara, yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, ke mongwe wa Basupi be ba tlhagafetseng be lefatshe lotlhe ba be fetang 3 000 000 be ba lekang go fitlhelele batho ba ba ikanyegang ke “thuto e e itshekileng ya Efangele.” Selekenyo se se rileng sa kitso kaga hisitori ya bodumedi se solegetse le baboledi bano ba Bogosi molemo.

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Mo metlheng ya segompieno, bora-hisitori ba Kereke ya Katoliki ya Roma ba ile ba tlhomamisa gore go kokotelwa ga megopolo eno ya ga Luther mo lebating la kereke ya castle mo Wittenberg ka October 31, 1517, ke “dinaane fela tsa hisitori tse di dirwang ke dikereke tsa Porosetanta.” Lefa go ntse jalo, se se ka sekang sa ganediwe ke lebaka la gore o ile a kwalela Archbishop Albert lekwalo la tlotla mo letsatsing leo mme a tsenya mo teng sekaelo sa megopolo eno. Luther o ne a mo kopa gore a kgalemele baruti ba gagwe ba itshwarelo-dibe le go tlosa ditaelo. lekwalo leo la ntlha le santse le le teng mo Ntlong ya Ditso ya Naga ya Sweden kwa Stockholm.

b Bona “A Field Producing Wheat and Weeds” mo go The Watchtower ya August 1, 1981, ditsebe 16-20, le “Go Lere Makoko a a Senyang ka go Kukunela mo Teng,” mo go Tora ya Tebelo ya March 1, 1984, ditsebe 20-26.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Itshwarelo-dibe ke go tlosiwa ga kotlhao (ya senama) ya dibe . . . o tlosiwa mo go diragale mono kana mo pakatoring.​—Moithuti wa Mokatoliki Josef Lortz.

Le eleng gompieno, baithuti ga ba dumalane le se ltshwarelo-dlbe e leng sone le se e se rayang mo botshelong jwa Mokatoloki.​—Ra-hisitori wa Porosentanta Heinrich Bornkamm.

Itshwarelo-dibe​—Thuto e e Kgtheglleng ya Katoliki

Moruti yo go ipolelwang kwa go ene o dira gore mosokologi wa Mokatoloki a dire boikwatlhao (Jaaka ka go rapela, go itima dijo, go abela bahumanegi kana go ya kwa lefelong le le boitshepo). Mopapa a ka tlosa melato eno ka ntlha ya gore, go ya ka thuto ya Katoliki ya Roma, ke morena mo godimo ga dikatlholo tsotlhe tsa senama (go akareletsa pakatori) mme o neela itshwarelo-dibe tsa se se bidiwang letlotlo la ditshwanelo tsa ga Keresete le baitshepi Mo Dingwageng tsa Bogare, tshiamelo e e ne ya tlatseleletsa mo kgobololong e e masisi mme e ne ya tlhalosiwa jaaka “kgwebo ya madi e kgolo thata, e e dirwang go patilwe ka ditekanyetso tsa boitsholo mme o farologane le dithuto tsa Dikwalo tse di Boitshepo.”

Kereke ga e lekanye go ikotlhaya le go itshwarela dibe. Lefa go ntse jalo, le eleng mo metlheng ya bogare, batho ba ne ba santse ba tshegeditse “tumelo e e seng ya sepe ya gore maloto [wa sebe] o tlosiwa ka go duela,” mme baruti ba ba itshwarelang dibe ba ne ba ema mogopolo ono nokeng. Megopolo ya ga Luther e ne e lebagantswe le “maaka” ao mme ka gone e ne ya sobokanngwa jaana: “Go itshwarelwa dibe ke ditiro tsa batho mme ga go amane ka gopela efangele e e itshekileng.”

Mopapa Clement VI o ne a tlhoma thuto eo ka 1343 mme a seka a e tlhalosa ka phepafalo. Ka gone, Luther o ne a ka lebisa go setlamong ga mafoko a yone. Kereke e ne ya baakanya seno ka bofelo ka go ntsha tlhaloso ya semolao ya itshwarelo-dibe ka 1518. Mme puo ya bopapa e e lolea ya boikgodiso ya ga Leo X e ne ya seka ya neela “bosupi bope jwa Bibela lwa go dira tshwanelo ya ga Keresete le baitshepi go lekana le letlotlo la itshwarelo-dibe.” Seno se ne sa dira gore Luther wa Mokatoiiki a dire phetso e kgolo. Go gana ga gagwe tsamaiso ya itshwarele-dibe e e seng kafa Dikwalong go ne ga tsosa diphetogo, mme go ganwa ga go kgala ga gagwe go ne ga gogela kwa kgaoganong e kgolo ya kereke.

Mo metlheng ya segompieno. dikgalo tse di masisi mo teng ga Kereke ya Katoloki ya Roma “ga di aka tsa fetola tsamaiso mme di ne tsa gogela lela kwa go baakanngweng ga yone.” Ka 1967 Mopapa Paul VI o ne a ema nokeng mogopolo wa bogologolo wa itshwarelo-dibe. Mo Bakatoliking, potso e e tlhokang go akanyediwa e santse e le: A ke latela Lefoko la Modimo, kana ke dumela mo dithutong tsa batho?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela