LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/1 ts. 25-29
  • Lekhubu le Legolo la Bodumedi Makgaola-kgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekhubu le Legolo la Bodumedi Makgaola-kgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe le le Kolobileng
  • Morwalela o Tla Boa
  • O Eme fa Kae?
  • Metsi a Diphetogo a Simolola go Elela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Diphetogo—Matsapa A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tumalano ya Kagiso ya Kwa Westphalia—E Lere Diphetogo Kwa Yuropa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/1 ts. 25-29

Lekhubu le Legolo la Bodumedi Makgaola-kgang

MELELO e me olo e a peperetla, ditlhase di ya godimo, dirokete di dira ore legodimo le nne lehibidu, bobududu, bosetlha le botala. Ditapole mo makapeng a tsone. etshego se segolo se se sa feleng, go goa ga boitumelo. Bosigo jwa Molelo o Mogolo mo Ennyelane.

BADIRI ba ne ba fitlhela ditopo di le 25 ka phoso. Mara o a ne a fitlhilwe ka kelotlhoko, mabogo a phuthilwe. Ka gone bo-rahisitori ba ne ba wela mo mot haleng wa masaitsiweng a dingwaga tse di ka nnang 200 tse di fetileng. Quebec, mo Canada.

Se se fa godimo ke ditiragalo tse pedi tse di sa tshwaraganang tse di nang le tshimologo e e tshwanang​—Diphetogo.

SETLHOGO sengwe mo tokololong ya rona ya October 1 se ne sa bontsha gore Yuropa e ne ya bona ditsogologo tsa bodumedi tse dikgolo mo lekgolong la bo-16 la dingwaga. Matswela a ne a anamela mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Bontsi jwa dikarolo tsa botshelo jwa gompieno ga se sepe fela fa e se melatswana e e tlogetsweng ke metsi a Diphetogo. Gongwe ebile e tlhotlheletsa botshelo jwa gago jwa letsatsi le letsatsi. Se se botlhokwa go feta, re gaufi fela le go fedisiwa ga bofelo ga bodumedi mo ruri go tla amang botshelo jwa gago. A o itse gore jang?

Latedisa metlhala ya Diphetogo mo mafatsheng a a latelang:

Jeremane: Bangwe ba re tlhotlheletso ya ga Luther mo ngwaong ya Sejeremane e ka seke e lekanngwe le epe mo lefatsheng la ba ba buang Seesemane. Thanolo ya gagwe ya Dikwalo ke nngwe ya tse di amogelwang ka bophara mo Dibibeleng tsa Sejeremane. Luther o dirile go le gontsi go baakanya puo le go rulaganya dikamano tsa magae tsa Sejeremane. O ile a dira gore Puso e lemoge tlhokafalo ya gore botlhe ba tsene sekole, e tsholetse maemo a tiro ya go ruta.

Canada: Go feta ga bokoloni go ne ga tshwaiwa ke ntwa fa gare ga Britani le Fora e e ileng ya tlogela lotshwao mo kgaolong nngwe segolo bogolo​—Quebec. Quebec; kwa pele go neng ga thibelela baagedi ba Fora ba Makatoliki, e ne ya nna kafa tlase ga Ma-Britani, mme ka gone e laolwa ke Boporosetanta ka 1763. E ne e le ka bokhutshwane fela morago ga moo fa ditopo tse di umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno di ne di fitlhiwa ka sephiri gaufi le dipota tsa motse. Ke eng di ne di fitlhiwa ka sephiri? Ka gore go lebega e ne e le tsa Maporosetanta, bao ka nako eo ba neng ba rontshiwa go bolokwa mo mabitleng a Katoliki. Quebec e santse e eme jaaka setlhaketlhake sa Bokatoliki kwa go buiwang Sefora, mme seno se tsosa mekgatlho ya segompieno e e farologaneng

Ireland: Ditlhaketlhake tsa Emerald di ne tsa emela kgakala ereka di ne di sa kgatlhwe ke Diphetogo. Fa nako e ntse e ya, tlhotlheletso ya Boporosetanta e ne ya elela go kgabaganya Lewatle la Ma-Irish go tswa kwa Ennyelane go ya mo dikgaolong tse di mo bokone. Lotshwao lwa gone gompieno ke Ireland e e lomologaneng. Dikgwanto tse di dirwang mo selemong sengwe le sengwe kwa Ulster ke segopodiso sa diphenyo tsa Boporosetanta mo metlheng ya bogologolo. Gantsi mekete eo e felela ka gore go nne le dintwa, dibomo, le marumo a dipolasetiki. Orange Day Parade ya July 1986 e ne ya felela ka bale 160 ba golafetse. E ne e le go gopodisa letsatsi le le ka nnang dingwaga di le 300 tse di fetileng fa King William wa Orange, yo o neng a nonotsha Boporosetanta mo Britani, a ne a fenya James II eleng mmusi wa bofelo wa Mokatoliki.

United States: Makoko a a sa tshwaneng a a tlholegileng mo dikarolong tse di farologaneng tsa Yuropa ke one thata-thata a a bakileng gore go nne le kgololesego ya bodumedi mo Amerika,” go kwadile jalo A. P. Stokes mo go Church and State in the United States. Malatsi a bokoloni a ne a nna gone fa United States e ne e ikgatlhile ka Boporosetanta. Megopolo ya ga Calvin e ne ya laola bodumedi, dipolotiki, le tsa papadi. Tumelo ya motheo e ne e le gore mongwe le mongwe o na le boikarabelo ka tlhamalalo mo Mmoping wa gagwe kwantle ga go emelwa ke moruti. Mogopolo ono o ne wa tsala boikutlo jwa boikaelelo jwa mongwe le mongwe go itirela tsela ya gagwe, jwa go roba maduo a tiro ya gagwe.

T. H. White o gakologelwa jaana mo bukeng ya gagwe In Search of History gore kwa bokhutlong jwa lekgolo leno la dingwaga, 13 mo lekgolong ba batho ba U.S. e ne e le Makatoliki. Palo eno e ne ya gola go feta 25 mo lekgolong ka 1960. Lefa go le jalo, Makatoliki a sekae ba ne ba nna le maemo a magolo mo dipolotiking. White o tswelela ka gore: “Mo maemong a a kwa godimo a Puso, kwa ntwa le kagiso di dirwang gone, kwa diphetso tsa ditumalano le maitlamo a tsa mafatshe a seeng di dirwang gone, kwa Ditshiamiso tsa Kgotla-tshekelo e e kwa Godimo di netefadiwang gone, Maamerika ba santse ba ikgethela gore go nne Maporosetanta a mokgwa wa bogologolo jaaka batshwara-marapo ba dikeletso tsa morafe.” Mokgwa o o ne wa senyega fela fa John F. Kennedy a ne a nna tautona wa United States wa ntlha wa Mokatoliki.

Go bona dikai tse di oketsegileng go tswa kwa mafatsheng a mangwe, tswee-tswee bona lebokoso mo tsebeng ya 29.

Lefatshe le le Kolobileng

Mo Boporosetanteng, dikganetsano tsa bodumedi di ne tsa ya godimo, mme dithanolo tsa Dibibele le dikakgelo di ne tsa ya godimo mo dikgannyeng tsa kgololesego le gore mongwe o tshwanetse go ntsha mafatlha a gagwe. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, kgololesego e ne ya tsala dikgalo tse di dirwang kgatlhanong le Bibela. Go ne ga amogelwa megopolo e mesha; dithato tsa motho e ne ya nna selo sa letsatsi le letsatsi. Botswelelo-pele e ne e sa tlhole e le mo go tshwanang le makhubu a a tsamayang ka bonya mme mo boemong jwa moo e ne e le modumo o o rorang wa makhubu a a phatlakanyang. Morwalela o o maatla wa diphetogo o ne wa gogola le eleng metheo ya dithuto tsa motheo tsa Bokeresete tse di tlwaelesegileng. Dilo tse dingwe tsa segompieno tse di tshwanang le thuto-tlhagelelo, kgololesego ya basadi, le ‘boitsholo jo bosha’ di ntse di kgokgweediwa jaaka dikgong tse di tsewang ke noka, eleng ditshupo tse di didimetseng tsa pula ya matsubutsubu. Bodumedi jwa mothoka-nosi mo mafatsheng mangwe a Boporosetanta bo ile jwa tlogela mongwe le mongwe mo paeng, a kgaphetswe kwantle mo bodutung jwa gagwe le go ikemela ka nosi mo bodumeding jwa gagwe.

Mafelo a a mo dikarolong tsa Boporosetanta a na le tshekamelo ya go ganetsa metheo e e tlwaelesegileng e e ntseng e le gone. Batho ba itlhomeletse mo tswelelo-peleng, kgololesego, le ditshwanelo tsa batho. Max Weber, eleng ra-dikitso tsa setho le tsa ekonomi wa Mojeremane, o ne a gatisa polelo ka 1904 ka Boporosetanta le bokapitalisiti. O ne a tlhalosa gore bokapitalisiti e ne e se matswela fela a Diphetogo. Mme o ne a bona gore dinaga tsa bokapitalisiti tse di atlegileng tsa ditlholego tsa bodumedi jo bo tswakaneng, go ne go tlhomologile Maporosetanta bao e neng e le beng ba dilo, baeteledipele, ba ba rutegileng, le ba ba katisitsweng. Go ya ka Der Fischer Weltalmanach, dimpho tsa Nobele tse 540 tse di ileng tsa abiwa go fitlha ka 1985, bobedi mo borarong bo ne jwa abelwa baagedi ba lefatshe ba ba tlholegileng mo Boporosetanteng. Baagi ba ditikologo tsa Bokatoliki ba ne ba gapa 20 mo lekgolong fela. Mo merafeng e e kwa godimo e 20 mo kgannyeng ya selekanyo sa itsholelo ya lefatshe go motho mongwe le mongwe, ba roba bongwe e ne e le Maporosetanta, ba le babedi e le Makatoliki. Mo letlhakoreng je lengwe, mo tlhatlhamanong ya dinaga di le lesome tse di tlhabologang tse di kolotang, di le tlhano e ne e le tsa Bokatoliki, mme go sena ya Boporosetanta.

Pampiri ya beke le beke ya Jeremane ebong Der Spiegel e ne ya kwala gore megopolo ya ga Calvin e ne ya tsholetsa Ma-Britani go nna mmuso o mogolo wa lefatshe. Go tswa ka lekgolo la bo-19 la dingwaga, maatla a sepolotiki a a golang a United States, Jeremane, le Britani e ne ya nna tlhotlheletso ya go ntšhafala ga setho. Teka-tekanyo ya go nna le sebaka go botlhe e ne ya gatelelwa Dipharologanyo tse di teng mo motseletseleng o mogolo wa diphetogo di lebiwa ke bangwe jaaka tse di tsetseng bojammogo jwa segompieno. Itharabologelo ya sepolotiki ya boikarabelo mo bathong e ne ya dira gore go simololwe thuso ya batlhoki. Segolo bogolo mo ditikologong tsa Boporosetanta, basimegi ba naga ka bonya ka bonya ba ne ba tsaya taolo mo dikarolong tsa semolao tsa botsalo, loso, lenyalo, tlhalo, le boswa. Go nna gone ga tlhalo le go senya mpa ga kafa molaong wa dinageng tsa Katoliki jaanong gantsi di farologane thata mo mafatsheng a Boporosetanta.

Ditlhogo tsa Boporosetanta, ebong United States le Britani, di ne tsa gola mmogo jaaka sebatana se se dinaka-pedi sa boperofeti jwa Bibela. (Tshenolō 13:11) Karolo e kgolo ya sepolotiki ya lekgolo la bo-20 la dingwaga ebong lekgotla la Merafe e e Kopaneng, le pele le neng le bidiwa Kgolagano ya Merafe, le ne la tlhongwa ke Baporosetanta.

Morwalela o Tla Boa

Makhubu a a boelang morago a tlogela lotshwao mo lotshitshing lwa lewatle go re gakolola gore a santse a tla boa gape. Ka mo go tshwanang, Diphetogo tsa lekgolo la bo-16 la dingwaga di ne tsa tlogela matshwao a a bonalang a re a bonang gompieno. Mme go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore re eme fela mo serepuding sa lekhubu le le tlang la phetogo ya bodumedi e e tla fetang ditsogologo tsotlhe tse di kileng tsa nna teng pele, e tla fedisa bodumedi jwa maaka ka bosakhutleng, mme e ame mongwe le mongwe yo o tshelang. A o tla e falola? Mo lefatsheng lotlhe ka bophara, go na le go sa kgotsofaleng mo go golo kaga bodumedi jo bo rulagantsweng, gareng ga batho ka bongwe le mebuso. Ke eng fa go na le go sa kgotsofaleng?

Gantsi bodumedi ga bo felele mo dilong tsa semoya, bo tlhakatlhakanya ditsamaiso tsa mmuso le tsa kereke, bogosi le boruti, thobane ya segosi le sefapaano. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng pampiri ya dikgang ya Sontaga e e bidiwang Observer e ne ya tsosa potso kaga gore a mapolotiki mo Ireland ba ne ba ipaakanyeditse go tsaya maemo a baruti go tsamaisa lefatshe. Helmut Schmidt yo o kileng ya bo e le tona-kgolo wa Jeremane Bophirima o ne a akgela kaga go itshunya mo dipolotiking ga bodumedi ka gore, “Ga ke dumele gore seno se tla dumelelwa go tswelela ka bosakhutleng.” Mme Le Figaro ya Paris e ne ya bona kereke molato ka “go itshunya mo dipolotiking” mo eleng gore “e mo kotsing ya go bona dipolotiki di itshunya mo bodumeding.” Go tswa kwa India go ya kwa Egepeto go ya kwa United States, go tswa kwa Poland go ya kwa Nicaragua, go tswa Malaysia go ya Chile, dikgogakgogano tse di lapisang fa gare ga dipolotiki le bodumedi di tsweletse pele.

Seno ga se gakgamatse, ga se sepe se sesha. Tshenolō 17 e tlhalosa bodumedi jotlhe jwa maaka jaaka seaka, “Babelona yo Mogolo,” yo o gokafalang le mapolotiki a lefatshe. Temana 4 gape e mo tshwantsha a “kgabisicwe ka gouda le mayana a a tlhōkègañ le diperela.” Mmuso-mogolo wa bodumedi ga o kgotsofale, o gapa dilo tsotlhe tse dintle, ebong letlepu lwa dikhumo-khumo. Mo lekgolong la bo-16 la dingwaga, matlotlo a dikhumo a mantle a kereke ya Katoliki a ne a gapa keletso ya matlho a bontsi. Go ntse fela jalo ka madi a a kgabisitsweng ka majana a a tlhokegang a bodumedi jotlhe mo lekgolong la rona la bo-20 la dingwaga.

Mebuso e setse e meletsa mathe dikhumo tsa go nna jalo. Albania e ne ya fitlhela gore e na le dikago tsa mamoselema, dikereke le dikago tse dingwe tsa bodumedi di le 2 000, mme ya di gapa kana ya di tlosa. Sunday Times e ne ya bega ka 1984 gore mmuso wa Malta “o ne wa simolola go eletsa khumo ya kereke,” wa emisa go thusa dikolo tsa kereke ka madi. Fa ba ne ba bodiwa gore kereke e ne e tla emisetsa jang tatlhegelo eo, tona ya puso e ne ya araba ka gore: “Fa go ka nna le tlhokafalo, ba tla nyerisa gauda ya difapaano tsa bone le dialetara tsa selefera.” Kereke ya Gerika ya Orthodox e ile ya nna kgatlhanong le molao o o neng o setse o amogetswe tshimologong ya ngwaga ono ke Palamente ya Gerika o o tla kgonisang puso go gapa lehatshe le legolo la kereke (le le ka nnang 10 lekgolong ya bogolo jwa naga eo).

Go dikologa lefatshe, bodumedi bo swabisa eleruri. Mo boemong jwa go kopanya, bo a aroganya. Pampiri nngwe ya dikgang ya letsatsi le letsatsi ya Jeremane e ne ya lemoga “kgaisano fa gare ga Makatoliki le Maporosetanta e e golang go nna letlhoo.” Frankfurter Allgemeine Zeitung e ne ya kwala gore le eleng mekgatlho e e emetsweng ke kereke, e e rulaganyeditsweng go thiba phatlha, e simolotse go nna mo boemong jwa “go sa ikanyaneng, bobaba jo bo ka sekeng bo fedisiwe fa gare ga Katoliki le Maporosetanta.” Elie Wiesel, mogapa Sekgele sa Kagiso sa Nobele ka 1986, o ne a tsopolwa mo pampiring e nngwe ya dikgang ya letsatsi le letsatsi ya Jeremane a re: “Ga ntsi ke akanya gore re paletswe. Fa mongwe a ka bo a re boleletse ka 1945 gore re ne re santse re tla bona gape dintwa tse dingwe tse di tlhotlhelediwang ke bodumedi di phagetse mo e ka nnang mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe . . . re ka bo -re se kile ra dumela.” Bodumedi jo bo rotloetsang mathata, jo bo godisang kana jo bo amogelang ntwa, ke bodumedi jo bo bosula. Ke jwa maaka. Mme Mmopi o sa le a dira phetso bogologolong go bo fedisa.

Kgaolo 17 ya Tshenolō ga e tlogele pelaelo epe ya isagwe ya bodumedi jotlhe wa maaka. Mo temaneng ya 16 re bala jaana: “Me dinaka tse shomè tse u di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.”

O Eme fa Kae?

Go ka nna ga lebega go gakgamatsa, bodumedi jwa maaka bo ile jwa dira tiro ya jone. Ditiro tsa jone, dingwao, mekgwa, le ditshiamelo ka bofefo di tloga di nyelela. Seo se ka nna sa lebega se ka seke se kgonege mo go wena fela jaaka go phutlhama ga Kereke ya Katoliki go ne go ntse mo bathong ka lekgolo la dingwaga la bo-16. Mme metsi a Diphetogo a ne a fenya. Khumo ya kereke e ne ya ya kwa bathong, thata ya yone e ne ya ya kwa magosaneng. Fela jaaka le mo motlheng wa rona, merafe e tla rena mo go fedisiweng ga bofelo ga bodumedi jwa maaka.

Seo se rayang mo go wena ka bowena? Tlhatlhoba mokgatlho wa bodumedi o o leng mo go one. A seo o se emetseng se dumalana le Bibela ka ditsela tsotlhe? Fa go sa nna jalo, he phuthego ya ga eno ke karolo ya “Babelona o Mogolo,” kana mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Latela taolo e e fitlhelwang mo go Tshenolō 18:4 e leng: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè.”

Gakologelwa, lekhubu le legolo le le tlisang phediso ya bofelo ya bodumedi jwa maaka le a goroga. Le bonwa le kwetoga. O tla bo o eme fa kae fa lo tlisa tshenyego e e phatlakanyang? A o tla bo o le mo mogorogorong wa go itlhokomolosa fela? Mo thabaneng nngwe ya mongwe wa babusi ba gompieno? Kana mo thabeng ya ga Jehofa? Koo ke gone eleng gone fela lefelo le le bolokesegileng go nna go lone.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Morwalela o o maatla wa diphetogo o kgokgweetsa le eleng dithuto tsa motheo tse di tlwaelesegileng. Dilo tse dingwe fa thoko jaaka thuto-tlhagelelo, kgololesego ya basadi, le ‘boitsholo jo bosha’ di ile tsa kgokgweediwa jaaka dikgong tse di tsewang ke metsi

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore re eme gaufi thata-thata le phetogo ya bodumedi ya bofelofelo. A o tla e falola?

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Fa mongwe a ka bo a re boleletse ka 1945 gore re ne re santse re tla bona gape dintwa tse di tlhotlhelediwang ke bodumedi di phagetse mo e ka nnang mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe, re ka bo re se kile ra dumela

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Afrika Borwa: Tumelo ya ga Calvin ya katlholelo-pele e neela tlhaolele motheo wa bodumedi. Frankfurter Allgemeine Zeitung eleng koranta ya letsatsi le letsatsi ya Jeremane e bitsa baruti ba Nederduitse Gereformeerde Kerk (jaaka Kereke ya Dutch Reformed kwa Afrika Borwa e ile ya itsege) “batlhami ba sepolotiki ba tlhaolele.”

Switzerland: Jaaka boitsetsepelo jwa mokgatlho wa ga Calvin, Geneva e ne ya oka dikete-kete di le dintsi tsa batshabi, ba ba ileng ba tlisa dikhumo le dikitso. Jaaka matswela, ono e santse e le motse-mogolo o go bolokiwang madi gone o o nang le madirelo a a atlegang thata a a dirang diwatšhe tsa matsogo le tse di ona.

India: Mokgatlho wa ga Jesu (Jesuits) o ne wa gola jaaka karolo ya Sekgoreletsa-Diphetogo, mokgatlho wa go tsosolosa Bokatoliki morago ga ditshenyego tse di dirilweng ke Diphetogo. Maloko a mokgatlho o a ne a tla kwa kgaolong ya Goa ka lekgolo la bo-16 la dingwaga, moragonyana lela ga go tsenngwa mo bokoloneng ke Portugal. Tlhotlheletso ya kereke e ile ya bontshiwa ke batho gompieno: Mo Goa, batho ba le 3 mo go ba le 10 ke Makatoliki, fa kwa India ka kakaretso, motho a le 1 mo go ba le 25 a ipolela e le Mokeresete.

Ennyelane: Ka ngwaga wa 1605 James I, wa Moporosetanta o ne a busa. Fa kgatelelo ya Makatoliki mo nageng eo e gola, go ne ga ribololwa segwe sa go phatlakanya Palamente, Kgosi le ba bangwe. Ba ba dirileng morero, eleng setlhopha sa Makatoliki ba ba neng ba eteletswe-pele ke Guy Fawkes, ba ne ba senolwa mme ba atlholelwa loso. November e le 5 ke letsatsi la meletlo ya Bosigo jwa Molelo o Mogolo. Malapa le ditsala ba santse ba phuthega go omosa bosigo jwa moya o o metsi ka dilo tse di tshubiwang mme ba tshuba “guy,” kana setshwantsho, sa mologa-segwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Martin Luther le John Calvin​—baeteledipele ba Diphetogo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela