LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 5/8 ts. 10-11
  • Modimo o Amogela Bodumedi Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Amogela Bodumedi Bofe?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a go Dira Seipato
  • Go ba Itse ka Maungo a Bone
  • Bodumedi jo Modimo a bo Amogelang
  • A Ditumelo tsa LefatsheDi Etelelapele Kafa Tshwanelong?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • A Ditumelo Tsotlhe di Itumedisa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Madumedi Otlhe a Obamela Modimo a le Mongwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Lebaka La go Bo Bodumedi Jwa Lefatshe bo Tlile go Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 5/8 ts. 10-11

Modimo o Amogela Bodumedi Bofe?

KA BOMADIMABE, letlhoo la bodumedi la lekgolo la bo16 la dingwaga kwa Fora ga le a ka la fela. Mo lekgolong le le latelang, go tlhaola batho ka lotso mo go feteletseng go ne ga kgaoganya Yuropa ka legare, fa Bakatoliki le Baporotesetanta ba boa ba lwa gape mo nakong ya Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo (1618-48). Mo leineng la Modimo, ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba boeletsa go bolaana mo go setlhogo.

Letlhoo le go bolaana ga bodumedi ga go a khutla. Bosheng jaana Bakatoliki le Baporotesetanta ba ne ba bolaana kwa Ireland, le batho ba madumedi a Orthodox le Katoliki ya Roma ba dirile jalo le bone mo karolong eo e e kileng ya bo e le Yugoslavia. Mme se se ka lebegang se sa dumelesege ke gore, mo Ntweng ya Lefatshe I le ya II, Bakatoliki le Baporotesetanta ka bobedi ba ne ba bolaya diketekete tsa batho ba madumedi a bone ka bobone kwa botlhabanelong. A go na le se ba ka se dirang seipato sa dipolao tseno? Modimo o leba seno jang?

Maiteko a go Dira Seipato

Buka ya 1995 Britannica Book of the Year e bolela jaana: “Ka 1994 ditlhopha dingwe tsa batho di ne tsa leka go ntsha diipato tsa go bo baruti ba dirile thubakanyo.” Dingwaga tse di fetang 1500 tse di fetileng, one mokgwa o o tshwanang o ne wa dirisiwa ke mofilosofi wa Mokatoliki e bong “Moitshepi” Augustine a leka go dira diipato tsa dipolao tse di dirilweng. Go ya ka New Catholic Encyclopedia, “ke ene motho yo o simolotseng kakanyo ya gore go na le ntwa e e siameng,” gape saetlopedia eno e bolela gore kgopolo ya gagwe ‘e ne ya tlhotlheletsa batho thata le go fitlha mo metlheng ya gompieno.’

Dikereke tsa Katoliki, Orthodox le Porotesetanta di ile tsa mpampetsa le go rotloetsa go bolaya mo leineng la Modimo. Le fa tota pego ya madumedi ano e le e e tletseng madi thata, madumedi a mangwe a magolo mo lefatsheng ga a farologana gope le one. Jalo he, o ka lemoga jang batho ba ba leng mo kobamelong ya boammaaruri?

Ga se fela go reetsa se ba ipolelang gore ba a se dumela. Jesu Keresete o ne a lemotsha jaana tebang le kgang eno: “Itiseng mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba itirile dinku mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. Lo tla ba bona ka maungo a bone. . . . Setlhare se se molemo se ungwa leungo le le molemo mme setlhare se se bodileng se ungwa leungo le le bosula. . . . Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se a rengwa mme se latlhelwe mo molelong.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Mathaio 7:15-20, The New Jerusalem Bible.

Go ba Itse ka Maungo a Bone

Dimilione tsa batho ba ba ikanyegang di a lemoga gore madumedi a lefatshe ke ‘ditlhare tse di bodileng’ tse di ungwang “[ma]ungo a a bosula,” segolobogolo ka go rotloetsa dintwa tse di tletseng tshololo ya madi. Mo Baebeleng puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka e tlhalosiwa e le seaka sa semoya se se bidiwang “Babelona o Mogolo.” Baebele ya re “go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng setlhogo mo lefatsheng.”—Tshenolo 17:3-6; 18:24.

Ka jalo, go na le gore a amogele dintwa tse di segofaditsweng ke baeteledipele ba bodumedi, Modimo gaufinyana jaana o tla diragatsa katlholo mo madumeding ao a a bolaileng batho ka leina la gagwe. O tla dira seo e le go diragatsa boporofeti jwa Baebele jo bo reng: “Babelona motse o mogolo o tla piriganyediwa kwa tlase jalo a latlhelwa ka bofefo, mme ga a kitla a tlhola a bonwa gape.” Fa tiragalo eo e e itumedisang e direga, Modimo o tla bo a “diragaditse katlholo mo seakeng se segolo” e bile a “busoloseditse madi a batlhanka ba one mo seatleng sa sone.”—Tshenolo 18:21; 19:2.

Batho ba ba lapisitsweng ke dipolao tsotlhe tse di dirilweng mo leineng la Modimo ba ka nna ba ipotsa gore a go na le Bakeresete ba totatota ba tshelang tumalanong le boporofeti jwa Baebele: “Mme [ba] tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:4) A o itse batho bao ka boammaaruri ba boifang Modimo ba ba tlogetseng ntwa gotlhelele?

Bodumedi jo Modimo a bo Amogelang

Patlisiso nngwe ya tsa loago e e nang le setlhogo se se reng “Tshedimosetso e e Oketsegileng Ka ga Go Buelela Thubakanyo,” e e gatisitsweng ke Yunibesithi ya Michigan e ne ya bolela seno: “Go tloga fa lekgolo leno la dingwaga le simolola, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tswelela go tshegetsa ‘Boitlhaodi jwa Bokeresete’ ka go sa tsenelele mo thubakanyong mo dintweng tse pedi tse di kgolo tsa lefatshe le mo dithulanong tse di neng tsa latela mo nakong ya ‘Ntwa ya Molomo.’” Fa e supa lebaka le Basupi ba nnang ba itlhaotse ka lone, patlisiso eo e ne ya bolela jaana: “Dithuto tse Basupi ba ga Jehofa ba di rutang di theilwe mo godimo ga tumelo ya bone ya gore Baebele ke lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.”

Ee, Basupi ba ga Jehofa ba tshela tumalanong le Baebele e e rutang gore: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsweleleng a dira tshiamo ga a thaege mo Modimong, lefa e le yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. . . . Re tshwanetse go nna le lorato mongwe go yo mongwe; e seng jaaka Kaine, yo o neng a . . . bolaya morwarraagwe setlhogo.”—1 Johane 3:10-12.

Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba dirile gore batho ba lemoge molato wa madi o madumedi a lefatshe a nang le one. Gape ba ile ba goeletsa tlhagiso e e potlakileng ya Baebele e e reng: “Tswang mo go ene [Babelona o Mogolo], batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe. Gonne maleo a gagwe a koame go fitlha fela kwa legodimong, mme Modimo o gakologetswe ditiro tsa gagwe tsa tshiamololo.”—Tshenolo 18:4, 5.

Bontsi jwa batho ba ba dipelo di phepa ba utlwa pitso ya gore ba tlogele mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Fa e le gore o tshositswe thata ke dipolaano tse di dirilweng mo leineng la bodumedi, re go laletsa gore o ikgolaganye le motho yo o go neileng makasine ono kana o kwalele kwa go nngwe ya diaterese tse di mo tsebeng ya 5. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa gore o ithute ka tsholofetso ya Baebele ya lefatshe le lesha la tshiamo, le mo go lone ntwa e se kitlang e tlhola e nna gone.—Dipesalema 46:8, 9; 2 Petere 3:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“ba bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba o itatola ka ditiro tsa bone.” TITO 1:16

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela