LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 5/8 ts. 26-27
  • Re Ditsala Tse di sa Kgaoganeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Ditsala Tse di sa Kgaoganeng
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Sefofu Mme ke Bona
  • Go Tlhophelwa Katiso e e Kgethegileng
  • Se Tracy a se Ntirelang
  • Go Tlhokega go Tlhaloganya
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao ya Baebele?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Kafa ke Lepalepanang ka Teng Le Go Kwakwaetsa
    Tsogang!—1998
  • A Bana ba Babalesegile mo Ntšeng ya Gago?
    Tsogang!—1997
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e e mo Baebeleng?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 5/8 ts. 26-27

Re Ditsala Tse di sa Kgaoganeng

TRACY ke ntša ya me e e nkgogang e ntsho ka mmala ya mofuta wa Labrador retriever e e dingwaga di lesome. Ka thuso ya gagwe, ke kgona go tsamaya ka mokgwa o o tlwaelegileng. Gape ke tsala ya me mme o a kgothatsa. Ka jalo ga go gakgamatse go bo ke mo rata thata jaana le gore re ditsala tse di sa kgaoganeng.

Ka dinako dingwe, batho ba go swabisa ba sa ikaelela mo dilong tse Tracy a sa ka keng a go swabisa mo go tsone. Ka sekai, letsatsi lengwe ke ne ke tlogetse Tracy kwa gae mme ke tsamaya le tsala nngwe. Re ne re ntse re tlotla ka boitumelo fa ka tshoganetso ke wela fa fatshe. Tsala ya me e ne e lebetse gore ke sefofu mme ga a ka a ntlhagisa ka lengope le le neng le le mo tseleng. Seno se ka bo se sa direga fa ke ne ke na le Tracy.

Ka nako nngwe, Tracy o ne a boloka botshelo jwa me. Ke ne ke tsamaya mo seterateng fa ka tshoganetso lori e tona e tswa mo taolong mme e tla mo go nna. Ke ne ka utlwa go duma ga enjene ya yone mme ke sa kgone go bona gore e lebile kae. Tracy o ne a bona le go tlhaloganya kotsi e ke leng mo go yone mme a nkgogela kwa go bolokesegileng teng.

Go Nna Sefofu Mme ke Bona

Ke tshotswe ka 1944 kwa borwa jwa Sweden mme ke tshotswe ke le sefofu. Ke ne ka isiwa kwa sekolong se se nang le bonno le dijo sa bana ba difofu koo ke neng ka ithuta go bala le go kwala Mokwalo wa Difofu teng. Mmino e ne ya nna karolo ya botlhokwa mo botshelong jwa me, segolobogolo go tshameka piano. Morago ga go aloga kwa sekolong se segolo, ke ne ka tswelela ke ithuta dipuo tse dingwe le mmino kwa Yunibesithing ya Göteborg.

Le fa go ntse jalo, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga gotlhelele letsatsi lengwe fa Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ne ba fitlha mo kgorong ya me mo yunibesithing. Ka bonakonyana fela ke ne ka simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi mme ka simolola go tlotlela ba bangwe se ke neng ke se ithuta. Ka 1977 ke ne ka bontsha boineelo jwa me go Jehofa Modimo ka go kolobediwa. Le fa tota mo nameng ke le sefofu, ka go ithuta Lefoko la Modimo ke ne ka bona sengwe se se gaisang tsotlhe ka botlhokwa—go bona ka tsela ya semoya.

Gompieno ke ipona ke le botoka thata go feta ba ba kgonang go bona mme e le difofu tsa semoya. (Bapisa Johane 9:39-41.) Ke itumelela go bo ke na le pono ya mogopolo ka lefatshe le lesha la Modimo koo, go ya ka tsholofetso ya gagwe, matlho a difofu a tla bong a bona—ee, ka nako ya fa malwetse otlhe a tla bong a fodisiwa le e leng baswi ba tsosiwa!—Pesalema 146:8; Isaia 35:5, 6; Ditiro 24:15.

Le fa ke sa nyalwa mme ke le sefofu, ka thuso ya ga Tracy tsala ya me e e ikanyegang, ke kgona go dira dilo kwantle ga mathata. E re ke go tlhalosetse ka moo a nthusang ka teng go dira tiro ya me ya boitshidiso le go dira bodiredi jwa me ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. (Mathaio 24:14; Ditiro 20:20; Bahebera 10:25) Mme pele ga moo e re ke bue go sekae ka Tracy ka boene.

Go Tlhophelwa Katiso e e Kgethegileng

Fa Tracy a ne a le dikgwedi di le robedi fela, go ne ga dirwa diteko tsa go bona fa a ka kgona go nna ntša e e gogang difofu. O ne a itshupa a ritibetse, a rutega ka bonako e bile a sa boifisiwe motlhofo ke medumo e megolo ya tshoganetso. Ka jalo, o ne a bewa mo lelapeng lengwe ka nakonyana gore a ithute botshelo jo bo tlwaelegileng jwa lelapa. Morago ga moo, fa a setse a godile sentle, o ne a romelwa kwa sekolong sa go katisa dintša tse di gogang difofu.

Kwa sekolong seno Tracy o ne a ithuta go dira se ntša e e gogang difofu e tlhokang go se dira, e leng go thusa mong wa gagwe wa isagwe go bona dikgoro, ditepisi, diheke le ditselana. O ne a ithuta le mekgwa ya go tsamaya mo matlhakoreng a ditsela a a tletseng batho le go feta mo makopanong a ditsela. O ne a rutiwa gape le go ema fa lengopeng, go ikobela matshwao a tsela le go tila dilo tse di kotsi. Morago ga go rutwa ka dikgwedi di le tlhano, o ne a siametse go ka simolola tiro. Ke yone nako e ke neng ka kopanngwa le Tracy ka yone.

Se Tracy a se Ntirelang

Mo mosong mongwe le mongwe Tracy o a nthusa go tloga mo bolaong e le gore ke mo neye dijo. Go tswa foo re ipaakanyetsa go ya tirong. O tsamaya metsotso e le 20 go tloga mo foleteng ya me go ya kwa ofising ya me. Gone tsela ke a e itse, mme tiro ya ga Tracy ke go nthusa go fitlha koo kwantle ga go thula dikoloi, batho, dipale tsa dipone kgotsa sengwe fela. Fa re fitlha, o nna mo tlase ga teseke ya me. Mme ka nako ya dijo tsa motshegare, gantsi re a tswa go tsamayatsamaya kwa ntle.

Maitseboa fa re boela gae morago ga tiro, karolo ya rona ya botlhokwa ya letsatsi e a simologa. Ke yone nako e Tracy a nkgogang ka yone go ya tirong ya go rera ka ntlo le ntlo le kwa magaeng a ke tshwarang dithuto tsa Baebele kwa go one. Batho ba le bantsi ba botsalano mo go ene ba rata go mo phoraphora le go mo tlamparela mme ka dinako dingwe ba nnaya dijo tse a di ratang gore ke di mo neye. Gape re ya dipokanong tsa Bokeresete beke e nngwe le e nngwe. Fa di tswa bana ba rata go dumedisa Tracy le go mo tlamparela, e leng se se mo itumedisang thata.

Ke a itse gore Tracy ke ntša le gore letsatsi lengwe o tla swa. Se se rayang gore kgabagare ke tla tshwanelwa ke go batla ntša e nngwe e e tla nkgogang. Le fa go ntse jalo gone jaanong re dira dilo mmogo e bile re a tlhokana. Fa Tracy a seyo ke a etsaetsega mme le ene ga a ritibale e bile o a tlhorega fa a sa nkgoge.

Go Tlhokega go Tlhaloganya

Se se gakgamatsang, ka dinako dingwe batho ba leka go re kgaoganya. Ba leba Tracy e le ntša fela e e tlwaelegileng kana phologolo ya mo gae mme ga ba tlhaloganye kamano ya rona e e boteng. Batho bano ba tlhoka go tlhaloganya gore Tracy mo go nna o tshwana fela le setulo sa maotwana mo mothong yo o sa kgoneng go tsamaya. Go re kgaoganya go tshwana fela le go tsaya matlho a me.

Fa ba bangwe ba tlhaloganya kamano e e leng teng gareng ga me le Tracy, ga go kitla go nna le mathata a mantsi. Ka sekai, setulo sa maotwana batho ba se tlwaela ka bonako mme ka maswabi ga se gantsi go nnang jalo kaga ntša e e gogang difofu. Batho bangwe ba boifa dintša kana ga ba di rate.

Tshedimosetso e e ka ga dintša tse di gogang difofu e e gatisitsweng ke Swedish Association for the Visually Handicapped ke ya botlhokwa thata. E bolela jaana: “Ntša e e gogang difofu ke selo se se thusang motho yo o sa boneng gore a tsamaye. Ee, tota go feta moo. Ke sethusi se se tshelang. . . . Ke tsala e e ka se go swabiseng.”

Eleruri, Tracy ke matlho a me mo lefifing, mme gone jaanong o nthusa go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng ka mo go ka kgonegang ka teng. Le fa go ntse jalo, ke na le tsholofelo ya gore gaufi mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng, ke tla kgona go bona dikgakgamatso tse di kgatlhang tsa popo. Ka jalo, gone jaanong ke ititeile sehuba go boloka pono ya me ya semoya.

Ka jalo, e re ka Tracy a beile tlhogo ya gagwe mo seropeng sa me, re setse re siametse go ka reetsa makasine wa bosheng o o rekotilweng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane).—Jaaka go boletse Anne-Marie Evaldsson.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela