Kafa ke Lepalepanang ka Teng Le Go Kwakwaetsa
Jaaka go boletse Sven Sievers
KE SIMOLOTSE go kwakwaetsa ke sa ntse ke le ngwana. Fa ke leba kwa morago, ke leboga batsadi ba me thata ka tsela e ba neng ba itebaganya le bothata jono ka yone. Fa ke ne ke kwakwaetsa, ka metlha ba ne ba leka go tlhoma mogopolo mo go se ke neng ke leka go se bua e seng go baakanya tsela e ke neng ke bua ka yone. Go ya ka bomankge ba tsa puo, batsadi ba ba nnelang go gakolola bana ba bone ka bokoa jo ba nang le jone jwa puo ba ka gakatsa bokoa jono.a
Mmè o ile a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa ke sa ntse ke na le dingwaga tse tharo. Fa ke le mo dingwageng tsa bosha ke ne ka dira tshwetso ya go etsa sekao sa gagwe mme ka thusiwa go ithuta Baebele ka botlalo. Ka July 24, 1982, ke ne ka kolobediwa go nna motlhanka yo o ineetseng wa Modimo kwa kopanong ya kwa Neumünster, kwa Jeremane. Moragonyana ke ne ka fudugela mo Afrika Borwa moo ke neng ka tswelela pele ka tiro ya go rera phatlalatsa teng, tiro e Bakeresete botlhe ba laelwang go nna le seabe mo go yone. (Mathaio 28:19, 20) O ka nna wa bo o ipotsa gore ke ne ke kgona jang ka ke le motho yo o kwakwaetsang?
Maduo a go Nna le Maikutlo a a Molemo
Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go nna le maikutlo a a molemo, le fa go ntse jalo, ke lemogile gore go nna le maikutlo a a molemo ruri go a thusa. Boammaaruri ke gore ke kgona go tlotla. Fa e se ka go bua, ke tlotla ka go kwala melaetsa kana ka go bontsha motho kgatiso ya Baebele. Go nna le maikutlo a a molemo go nthusa go fenya bothata jwa go simolola motlotlo. Ke leka gore ke simolole motlotlo ka tsela e e sa raraanang. Mo tshimologong ya motlotlo ke letla mongwantlo go bua thata kafa go ka kgonegang ka teng. Batho ba rata go bua, mme seno se nnaya tshono ya go kgona go itse tsela e ba akanyang ka yone. Go tswa foo, ke tsweletsa motlotlo ka go bua ka dilo tse ba di kgatlhegelang, ke gatelela molaetsa wa Baebele. Go tlhoma mogopolo mo go se ba se buang go nthusa go lebala gore ke na le bothata jwa go bua, go dira gore ke se ka ka kwakwaetsa thata.
Go nna le maikutlo a a molemo gape go nthusa gore ke akgele mo dipokanong tsa Bokeresete. Ke lemogile gore fa ke nna le seabe thata mo metlotlong ya Baebele bareetsi le motshwari wa thuto ba tlwaela bothata jwa me mme ba bo ba reetsa se ke batlang go se bua e seng kafa ke buang ka teng.
Gore ke atlege, ke tshwanetse go tswelela pele ke iteka. Seno se nthusa gore ke se ka ka nnela go ikutlwela botlhoko le go tlhoma mogopolo mo bogoleng jwa me. Ke tshwanetse go nna ke lwa le gore ke se ka ka nnela go ikutlwela botlhoko. Ga twe fa motho a digilwe ke pitse o tshwanetse go boa a e pagama gape gore a se ka a tlogela go tlhola a itshepa. Ka jalo fa go direga gore ke palelwe ke go fetsa go bua fa ke akgela, ke leka go boa ke palama pitse gape, fa ke tshwantsha fela, ka go boa ke akgela gape fa tshono e e latelang e tlhaga.
Kafa Ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng
Fa ke tshwanelwa ke go founa kana go kopa mongwe yo ke sa mo itseng tshedimosetso nngwe, ke anaanela thata fa ke thusiwa ka tsela ya botlhale. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba feteletsa dilo fa ba leka go nthusa, ba dira jaaka e kete ke ngwana yo o sa itseng go dira ditshwetso.
Ke anaanela le thuso ya mosadi wa me yo o lorato e bong, Tracy. Pele ga a nna “molomo” wa me, re tlotla kgang ya teng ka botlalo mme o itse se ke se batlang. (Bapisa Ekesodo 4:10, 14, 15.) Ka go dira jalo o supa go ntlotla ka ke le monna wa gagwe e bile o dira gore ke ikutlwe gore ke sa ntse ke kgona go itirela dilo dingwe ka bo nna.
Sengwe gape se se nthusitseng thata ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Kwa dipokanong tseno tsa beke le beke, baithuti ba nna le seabe mo go baleng Baebele phatlalatsa le go neela dipuo tse dikhutshwane ka ditlhogo tse di tswang mo Baebeleng. Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona kafa gantsi ke kgonang go bala le go bua sentle fela ke le fa pele ga bareetsi. Fa nkabo ke sa ikwadisa mo sekolong seno, gongwe ke ne ke se kitla ke itse gore ke na le bokgoni jono.
Fa ke nnile le kabelo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ka metlha go nkgothatsa tota fa motshwari wa sone a tlhoma mogopolo mo go se ke se buileng e seng mo tseleng e ke buileng ka yone. Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimob e nthusitse thata le fa dingwe tsa dintlha tsa yone di le thatanyana mo go rona ba re kwakwaetsang go feta mo go ba ba kgonang go bua sentle. Ka sekai, ka dinako tse dingwe ga ke kgone go fetsa puo ya me mo nakong e e beilweng ka gonne ke kwakwaetsa thata. Le fa go ntse jalo, go nkgothatsa tota fa motshwari wa sone a gatelela dintlha tse nka kgonang go tokafatsa mo go tsone.
Tshiamelo e Kgolwane ya Tirelo
Mo nakong e e fetileng ke ile ka nna le tshiamelo ya go bala phatlalatsa go tswa mo kgatisong ya Bokeresete e re e ithutang kwa dipokanong. Gape ke ile ka nna le tshiamelo ya go tshwara thuto ka nako ya fa go ne go se na ope wa badiredi ba ba tshwanelegang, mme gone jaanong ke dira jalo ka metlha. Le fa kwa tshimologong ke ne ke tshoga thata, ke ile ka bona Modimo a nthusa go dira dikabelo tseno.
Le fa go ntse jalo, go ile ga feta dingwaga tse dintsi ke sa newe ditshono tse di kalo tsa go balela phuthego kana go e ruta ke le mo seraleng. Ke ne ke tlhaloganya lebaka la seo e re ka go ne go na le dinako tse ke neng ke tsaya nako e telele go itlhalosa. Ka jalo ke ne ke leka go dira ka bojotlhe mo dikabelong tse dingwe. Kwa tshimologong ke ne ke le mothusi mo go tlhokomeleng dimakasine tsa phuthego tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mme morago ga go nna motlhanka wa bodiredi ke ne ka dira tiro ya go tlhokomela Dibaebele, dibuka le dikgatiso tse dingwe. Moragonyana, ke ne ka abelwa go tlhokomela dikarata tsa tshimo tsa phuthego tse di dirisiwang mo tirong ya go rera phatlalatsa. Go tlhoma mogopolo mo dikabelong tseno le go leka go di dira ka maatlametlo go dirile gore ke nne le boipelo jo bogolo.
Nna le Tracy re feditse dingwaga tse robedi tse di fetileng re le bareri ba nako e e tletseng. Ruri Jehofa o ntshegofaditse thata le mo tirong eno. Tota e bile, ke tle ke ipotse gore a e seng gore Jehofa o dirisa bokoa jwa me jwa go kwakwaetsa. Mo bathong ba le batlhano ba ke ba thusitseng go nna Bakeresete ba ba ineetseng, ba le babedi ba bone ba a kwakwaetsa.
Ke sa ntse ke gakologelwa ka boitumelo nako ya fa ke ne ke tlhongwa go nna mogolwane mo phuthegong. Le mororo ke se na bokgoni jo bokalo jwa go ruta mo seraleng, ke sekamela thata mo go thuseng mongwe le mongwe ka namana. Go kwakwaetsa ga go kgoreletse bokgoni jwa me jwa go dira dipatlisiso mo Dikwalong go thusa maloko a phuthego a a lebaneng le mathata a a masisi.
Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, ke ile ka dirisiwa go neela dikabelo di le dintsinyana tsa dipuo. Kwantle ga go neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ke ile ka kgona go neela dipuo tse dikhutshwane tsa dikitsiso mo dipokanong tse dingwe. Ka bonya tsela e ke buang ka yone e ne ya tokafala. Mme gape ke ile ka bona e bowa e nnela maswe go ya pele. Ka ntlha ya go tlhobaela, ke ne ka akanya gore, ‘Ga ke ne ke tlhola ke newa dikabelo tse dingwe,’ le fa go ntse jalo, ke ne ka gakgamala tota fa ke bona leina la me le tlhagelela mo thulaganyong ya dipuo e e latelang! Molebedi yo o okamelang wa phuthego ya rona o ne a re fa go ka direga gore ke kwakwaetse thata mo ke sa kgoneng go tswelela ka puo, ke mo gadime fela mme o tla tla mo seraleng go tla go tswelela ka yone. Ke ile ka dirisa thuso eo e e lorato gangwe fela kana gabedi, le fa go ntse jalo, mo dikgweding tsa bosheng jaana ga go ise go direge gore ke dire jalo. E ne ya re fa puo ya me e ntse e tokafala, ke ne ka abelwa dipuo tse di telelenyana, go akaretsa le dipuo tsa phatlalatsa. Ke bosheng fela jaana ke ileng ka kgona go lemoga kafa ke gatetseng pele ka teng fa ke ne ke kopiwa go nna le seabe mo dipontshong tse pedi kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa.
Fa ke bua boammaaruri fela, ga ke itse gore ke eng se se dirileng gore puo ya me e tokafale. Mme gape, e ka nna ya tsoga e koafetse ka moso. Tota e bile, le fa puo ya me e lebega e tokafetse thata fa ke bua ke le mo seraleng, e na le go nna e koafala fa ke itlotlela fela le batho. Ga se gore ka re ke fentse go kwakwaetsa. Fa go direga gore ke bone puo ya me e koafala, ke leka go ikgopotsa gore ke tshwanetse go amogela bokoa jwa me ‘le go sepela ka boikokobetso le Modimo.’—Mika 6:8.
Le fa go ka direga eng mo isagweng, ke tla nna ke iteka thata ka ke itse gore mo lefatsheng le lesha la Modimo le le atamelang, go kwakwaetsa go tla bo go nyeletse gotlhelele. Baebele ya re: “Diteme tsa bakwakweetsi di tlaa bo di etleetsegile go bua sentle.” Ga ke na pelaelo gore ruri seno se tlile go diragala ka tsela ya mmatota le ka tsela ya semoya le gore “loleme lwa semumu lo tlaa opela.”—Isaia 32:4; 35:6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo sa “Go Tlhaloganya Poifo ya Batho ba ba Kwakwaetsang,” mo makasineng wa rona wa November 22, 1997 (ka Seesemane).
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ke na le mosadi wa me, Tracy