LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 4 ts. 93-ts. 96 ser. 2
  • Go Bua ka Thelelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bua ka Thelelo
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Lepalepanang le go Kwakwaetsa ka Teng
    Tsogang!—2010
  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Baithuti Tsa Sekolo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 4 ts. 93-ts. 96 ser. 2

THUTO 4

Go Bua ka Thelelo

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Bala o bo o bue ka tsela e mafoko a gago le dintlha tsa gago di itlelang fela kwantle ga go kgonya. Fa o bua ka thelelo, ga o bue o tla o kgonya kgotsa ga o bue bonya ka tsela e e feteletseng e bile ga o tsamaye o kgotšwa mo mafokong mangwe kgotsa o batlana le mafoko fa o bua.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa sebui se sa kgone go bua ka thelelo, seno se ka dira gore bareetsi ba ete ka mogopolo; se ka nna sa dira gore o fetisetse megopolo e e phoso mo go bone. Se o se buang se ka nna sa se ka sa ba tlhotlheletsa go tsaya kgato epe.

FA O balela kwa godimo, a o a kgonya fa o bala mafoko mangwe? Kgotsa fa o ema fa pele ga bareetsi go neela puo, a ka metlha o fitlhela gore o tshwanelwa ke go batlana le mafoko a a siameng? Fa e le gore go ntse jalo, o ka tswa o na le bothata jwa go bua ka thelelo. Motho yo o buang ka thelelo o bala le go bua ka tsela e mafoko le dintlha tsa gagwe di itswelang fela ka thelelo, a se na mathata. Seno ga se bolele gore o buetse ruri a sa kgaotse, gore o bua ka bonako thata, kgotsa gore o bua fela a sa akanye. Motho o itumelela go mo reetsa fa a bua. Go bua ka thelelo go elwa tlhoko ka tsela e e kgethegileng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

Go na le dilo di le mmalwa tse di ka dirang gore motho a se ka a kgona go bua ka thelelo. A o tlhoka go akanyetsa dilo tse di latelang tseno ka kelotlhoko? (1) Fa o balela ba bangwe, fa go na le mafoko mangwe a o sa a tlwaelang, a ka nna a dira gore o se bale ka thelelo. (2) Go kgwa mowa gantsi thata go ka nna ga dira gore puo ya gago e se ka ya tsamaya ka thelelo. (3) Go sa baakanyetse go ka nna ga bo go baka bothata jono. (4) Fa o bua fa pele ga setlhopha, selo se gantsi se dirang gore o se ka wa kgona go bua ka thelelo ke go sa rulaganye dintlha tsa gago sentle. (5) Go sa itse mafoko a mantsi a puo e o e buang go ka nna ga dira gore motho a kgonye ka gonne a batlana le mafoko a a siameng. (6) Fa go gatelelwa mafoko a le mantsi thata, seno se ka dira gore motho a se ka a kgona go bua ka thelelo. (7) Go sa itse melao ya puo le gone go ka baka bothata jono.

Fa o sa kgone go bua ka thelelo, bareetsi ba ba mo Holong ya Bogosi ga ba na go tswa ba tsamaya ka tsela ya mmatota, mme gone ba ka nna ba eta ka mogopolo. Ka ntlha ya seo, ga ba na go solegelwa molemo ke bontsi jwa dilo tse o di buang.

Kafa letlhakoreng le lengwe, o tshwanetse go nna kelotlhoko gore e se ka ya re fa o bua ka tsela e e maatla le ka thelelo, wa utlwala o le motho yo o gatelelang ba bangwe ka se ba tshwanetseng go se dira, kgotsa gongwe o bo o dire gore ba ikutlwe ba tlhabilwe ke ditlhong. Fa, gongwe ka gonne wena le bareetsi ba gago lo le ba ditso tse di sa tshwaneng, mme ba leba mokgwa wa gago wa go bua e le o o sa rekegeleng kgotsa o sa utlwale o bua go tswa pelong, seo se tla dira gore o se ka wa fitlhelela maikaelelo a gago. Ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo, le fa a ne a le sebui se se nang le maitemogelo, o ne a bua le Bakorintha “ka bokoa le ka poifo le ka go roroma thata” gore a se ka a isa tlhokomelo e e sa tlhokegeng mo go ene ka boene.—1 Bakor. 2:3.

Mekgwa e re Tshwanetseng go Ikela Tlhoko mo go Yone. Batho ba le bantsi ba na le mokgwa wa go nna ba tsenya mafoko a a tshwanang le “eh” fa ba bua. Ba bangwe gantsi fela fa ba bua, ba tla bo ba simolola ka “ee,” kgotsa ka metlha ba tla nna ba ntse ba latlhela mafoko a a tshwanang le “ke gore” mo go sengwe le sengwe se ba se buang. Gongwe ga o lemoge gore o dirisa mafoko ano gantsi go le kana kang. Gongwe o ka nna wa leka go ikatisa mongwe a go reeditse mme a boeletse mafoko ao nako le nako fa o a bua. Seno se ka nna sa go gakgamatsa.

Batho bangwe fa ba bala le fa ba bua ba tla ba boaboela kwa morago gantsintsi. Ka mantswe a mangwe, ba simolola polelo mme fa ba le fa gare ga yone, ba bo ba ema, ba bo ba boeletsa karolo ya yone e ba setseng ba e badile.

Ba bangwe bone ba buela ka bonako thata, mme ba simolola ka go bua ntlha nngwe mme fa ba le fa gare ga yone, ba bo ba simolola ntlha e nngwe gape e sele. Le fa mafoko a itswela fela ka thelelo, go fetofetola dikgopolo jalo go sa lebelelwa go dira gore a se ka a bua ka thelelo.

Kafa o ka Tokafatsang ka Gone. Fa e le gore bothata jwa gago ke gore gantsi o batlana le mafoko a a siameng, o tshwanetse go leka ka natla go godisa kitso ya gago ya mafoko. Ela tlhoko thata mafoko a o sa a tlwaelang mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo, Tsogang!, le mo dikgatisong tse dingwe tse o ka tswang o di bala. A lebe mo dikishinaring, leba bokao jwa one le gore a bidiwa jang, mme o dirise mangwe a mafoko ano fa o bua. Fa e le gore ga o na dikishinare epe, kopa mongwe yo o buang puo sentle gore a go thuse.

Go itlwaetsa go balela kwa godimo ka metlha go tla go thusa go tokafatsa. Ela tlhoko mafoko a a thata, mme o a buele kwa godimo gangwe le gape.

Gore o kgone go bala ka thelelo, go botlhokwa gore o tlhaloganye gore mafoko a amana jang fa a le mmogo mo polelong. Gantsi mafoko a tlhoka go balwa a le setlhopha gore go fetisiwe mogopolo wa mokwadi sentle. Ela tlhoko thata ditlhopha tseno tsa mafoko. A tshwaye fa e le gore go dira jalo go tla go thusa. Mokgele wa gago ga se fela go bala mafoko sentle mme gape ke go fetisa mogopolo sentle. Fa o sena go sekaseka polelo e le nngwe, fetela kwa go e nngwe go fitlha o tla bo o ithutile serapa sotlhe. Tlwaelana le tsela e megopolo e latelanang ka yone. Morago ga moo ikatisetse go balela kwa godimo. Bala serapa gangwe le gape go fitlha o kgona go se bala o sa kgonye e bile o sa kgwe mowa mo o sa tshwanelang go dira jalo gone. Morago ga moo o bo o fetela kwa dirapeng tse dingwe.

Morago ga moo, leka go oketsa lobelo lwa gago. Fa o setse o lemogile kafa mafoko a amanang ka teng mo polelong, o tla kgona go bona mafoko a le mmalwa ka nako e le nngwe fela o bo o kgone go lebelela a a tshwanetseng go latela. Seno se tla thusa thata mo go direng gore go bala ga gago go nne le matswela.

Go itlwaetsa go bala sengwe le sengwe fela se o se bonang e ka nna thapiso e e molemo tota. Ka sekai, balela kwa godimo temana ya letsatsi le dikakgelo tsa yone o sa ikatisa pele; o dire jalo ka metlha. Tlwaela go dira gore leitlho la gago le lebe mafoko e le setlhopha se se tshwereng mogopolo o o feletseng go na le go leba lefoko le le lengwe fela ka nako.

Fa o tlotla, go bua ka thelelo go batla gore o akanye pele ga o bua. Itlwaetse go dira jalo letsatsi le letsatsi. Dira tshwetso gore ke dikgopolo dife tse o batlang go bua ka tsone le gore o tlile go di rulaganya jang; morago ga moo o bo o simolola go bua. O se ka wa itlhaganela. Leka go bua kgopolo ka botlalo o sa eme kgotsa o sa fetele kwa go e nngwe o ise o fetse e o buang ka yone. O ka nna wa fitlhela go thusa go dirisa dipolelo tse dikhutshwane tse di motlhofo.

Mafoko a tshwanetse go itlela fela fa o itse sentle se o batlang go se bua. Gantsi ga go tlhokege gore o tlhophe mafoko a o tlileng go a dirisa. Tota e bile, go botoka go tlhomamisa gore o itse sentle mo mogopolong wa gago kgopolo e o batlang go e bua mme o bo o akanya ka mafoko a o ka a dirisang fa o ntse o bua. Fa o dira jalo, e bile o boloka mogopolo wa gago mo dikgopolong go na le mo mafokong a o a buang, mafoko a tla itlela fela, mme o tla tlhalosa dintlha tsa gago jaaka fa o di utlwa. Mme fela fa o simolola go akanya ka mafoko go na le go akanya ka dikgopolo, o tla tla o kgonya fa o bua. Fa o ikatisa, o ka atlega mo go bueng ka thelelo, e leng nonofo e e botlhokwa mo go bueng le mo go baleng.

Fa Moshe a ne a abetswe gore a ye go emela Jehofa mo setšhabeng sa Iseraele le fa pele ga ga Faro wa Egepeto, o ne a ikutlwa a se na bokgoni jwa go dira jalo. Ka ntlha yang? O ne a sa kgone go bua ka thelelo; a ka tswa a ne a kwakwaetsa. (Ekes. 4:10; 6:12) Moshe o ne a ntsha diipato, mme ga go na sepe sa tsone se Modimo a neng a se amogela. Jehofa o ne a mo roma le Arone gore a nne mmueledi wa gagwe, mme gape O ne a thusa Moshe go bua. Gangwe le gape Moshe o ne a se ka a bua fela le batho le ditlhopha tse dinnye mme o ne a bua le setšhaba sotlhe le gone a bua ka tsela e e nang le matswela. (Dute. 1:1-3; 5:1; 29:2; 31:1, 2, 30; 33:1) Fa o leka bojotlhe go dira seabe sa gago mme kafa letlhakoreng le lengwe o ikantse Jehofa, le wena o ka dirisa puo ya gago go tlotla Modimo.

GO LEBANA LE BOTHATA JWA GO KWAKWAETSA

Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore motho a kwakwaetse. Dikalafi tse di thusang batho bangwe di ka nna tsa se ka tsa thusa ba bangwe ka tsela e e tshwanang. Mme gore o atlege mo go seno, go botlhokwa gore o nne o ntse o leka.

A o a tshoga fa o tshwanelwa ke go akgela kwa dipokanong? Rapela Jehofa gore a go thuse. (Bafil. 4:6, 7) Tlhoma mogopolo mo go tlotleng Jehofa le mo go thuseng batho ba bangwe. O se ka wa lebelela gore bothata jono bo tla nyelela gotlhelele, mme ela tlhoko kafa o thusiwang go lepalepana le jone ka gone. Fa Jehofa a ntse a go segofatsa e bile o kgothadiwa ke bakaulengwe ba gago, o tla tlhotlheletsega go batla go dira go le gontsi.

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se go naya sebaka sa gore o nne le maitemogelo a go bua fa pele ga setlhopha. O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore o dira sentle go le kana kang fa pele ga setlhopha se sennye se se go emeng nokeng e bile se batla gore o atlege. Seno se ka nna sa go thusa gore o nne le bopelokgale jwa go bua le fa o le mo maemong a mangwe.

Fa e le gore o tlile go neela puo, baakanyetsa sentle. Dira bojotlhe mo go e neeleng ga gago. Bua ka boikutlo jo bo tshwanetseng. Fa o simolola go kwakwaetsa fa o ntse o bua, diga lentswe la gago kafa o ka kgonang ka gone o bo o ritibale kafa o ka kgonang ka gone. Repisa mesifa ya ditlhaa tsa gago. Dirisa dipolelo tse dikhutshwane. O se ka wa dirisa mafoko a a tshwanang le “eh” thata.

Fa batho ba ba lwantshanang le bothata jwa go kwakwaetsa ba sena go bona mafoko a a neng a ba tshwarisa bothata mo nakong e e fetileng, ba dira gore ba se ka ba a dirisa gape mme go na le moo, ba dirisa mafoko a mangwe a a nang le bokao jo bo tshwanang. Ba bangwe ba rata go leba medumo ya puo e e ba tshwarisang bothata ba bo ba ikatisetsa go e bitsa gangwe le gape.

Fa e le gore o a kwakwaetsa fa o tlotla le ba bangwe, o se ka wa fela pelo mo maitekong a o a dirang a go tlotla le bone. O ka nna wa kopa motho yo mongwe gore a bue go fitlha o kgona go tswelela. Fa go tlhokega, kwala sengwe mo pampitshaneng kgotsa o bontshe motho sengwe se se gatisitsweng mo pampiring.

KAFA O KA FITLHELELANG SENO KA GONE

  • Fa o bala dimakasine le dibuka, tshwaya mafoko a masha, batlisisa gore tota a kayang mme o a dirise.

  • Ikatisetse go balela kwa godimo metsotso e le metlhano go ya go e le lesome letsatsi le letsatsi.

  • Baakanyetsa dikabelo tsa gago tsa go bala ka botlalo. Ela tlhoko thata ditlhopha tsa mafoko tse di tshwereng mogopolo. Tlwaelana le tsela e megopolo e latelanang ka yone.

  • Mo motlotlong wa gago wa letsatsi le letsatsi, ithute go akanya pele mme morago ga moo o bo o bua dipolelo ka botlalo o sa eme.

IKATISO: Bala Baatlhodi 7:1-25 ka kelotlhoko, o ithute serapa se le sengwe ka nako. Tlhomamisa gore o tlhaloganya se e se buang. Dirisa dikishinare go leba mafoko a o sa a tlwaelang. Balela leina lengwe le lengwe kwa godimo. Morago ga moo balela serapa kwa godimo; ela tlhoko gore o se bala sentle. Fa o utlwa o kgotsofetse ka serapa seo, fetela kwa go se sengwe, jalo jalo. Morago ga moo bala kgaolo yotlhe. E bale gape mme mo nakong eno o okeditse lebelo go le gonnye. E bale gape o le bonako mo dikarolong tse o tshwanetseng go nna bonako mo go tsone—mme e seng ka bonako mo o tla kgotšwang mo mafokong mangwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela